Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga go Motlhofo go Nna le Tiro e e Sireletsegileng Le e E Kgotsofatsang

Ga go Motlhofo go Nna le Tiro e e Sireletsegileng Le e E Kgotsofatsang

Ga go Motlhofo go Nna le Tiro e e Sireletsegileng Le e E Kgotsofatsang

GO YA ka Maiphako a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, batho botlhe ba na le “tshwanelo ya go bereka.” Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha go nnang jalo. Go na le dilo di le dintsi tse di ka dirang gore batho ba latlhegelwe ke ditiro—dilo tse di jaaka maemo a ikonomi ya dinaga tsa bone kana ikonomi ya lefatshe lotlhe. Mme gone, fa batho ba latlhegelwa ke ditiro kana go nna le matshosetsi a gore di tla fela, gantsi seno se dira gore go nne le megwanto, dikhuduego le diteraeke. Ke dinaga di le mmalwa fela tse di sa amiweng ke seno. Mokwadi mongwe o ile a re, tota le lefoko “tiro ga le bolo go dira gore batho ba tseege maikutlo.”

Tiro e re solegela molemo ka ditsela di le dintsi. Kwantle ga gore e re thusa go nna le madi, e dira gore re se ka ra tshwenyega thata mo mogopolong le mo maikutlong. Tiro e dira gore motho a ikutlwe a le botlhokwa mo setšhabeng le go nna le se a se tshelelang. Gape e dira gore re itlotle. Ke gone ka moo le batho ba ba nang le madi a a lekaneng go ka itlhokomela kana ba ba setseng ba fitlhile mo dingwageng tsa go tlogela tiro, ba tlhophang go tswelela ba bereka. Ee, tiro e botlhokwa thata jaana mo e leng gore go tlhoka tiro gantsi go baka mathata a a masisi mo setšhabeng.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, go na le batho ba ba nang le ditiro mme ba lebana le mathata a mantsi kwa tirong mo e leng gore ga ba tlhole ba e itumelela. Ka sekai, ka ntlha ya kgaisano e kgolo e e leng teng gompieno mo go tsa kgwebo, dikhampani di le dintsi di fokoditse badiri ba tsone go fokotsa ditshenyegelo. Seno se ka imetsa badiri ba ba setseng e re ka ba ka tshwanelwa ke go dira tiro e e fetang e ba ntseng ba e dira.

Boranyane jwa segompieno jo go tweng bo tshwanetse go dira tiro motlhofo le ka bonako, tota bo okeleditse badiri mathata. Ka sekai, dikhomputara, metšhine ya fax le Internet, di dira gore batho ba kgone go tseela tiro kwa gae morago ga nako ya tiro, e leng se se dirang gore tiro e tseye nako ya dilo tsa mo gae. Modiri mongwe o ile a ikutlwa gore pager le founo ya selula tsa khampani di dira gore mookamedi wa gagwe a mo laole gongwe le gongwe kwa a leng teng.

Batho ba le bantsi ba ba godileng ba boifa gore fa maemo a ikonomi le a tiro a ntse a fetoga ka bofefo, ba tlile go tsewa ba se na mosola mo tirong le fa dingwaga tsa bone di sa ntse di ba letla. Chris Sidoti, yo e kileng ya bo e le Mokomishinara wa Ditshwanelo Tsa Batho, o ile a bua jaana ka seno: “Go bonala go na le maikutlo a gore fa motho a fetile dingwaga tse 40 a ka se kgone go bereka ka dikhomputara le dilo tsa boranyane jwa segompieno.” Ka gone, badiri ba le bantsi ba ba molemo ba pele ba neng ba tsewa ba le matlhagatlhaga jaanong ba tsewa ba tsofetse mme ba se na mosola. A selo se se swabisang!

Seno se dirile gore bosheng jaana batho ba se ka ba tlhola ba nna le maikutlo a go dira ka natla le go direla dikhampani ka boikanyegi. Makasine wa Fora wa Libération wa re: “Fa dikhampani di fokotsa badiri fela ka ntlha ya go se tlhomame go sekae ga mebaraka ya tsa madi, seno se dira gore batho ba se ka ba tlhola ba di direla ka boikanyegi. Motho o feleletsa a berekela khampani fela gore a solegelwe molemo ka boene.”

Le fa go na le mathata ano a mantsi, batho ba sa ntse ba tshwanelwa ke go bereka. Ka jalo, motho a ka nna le pono e e lekalekaneng jang ka tiro ya boitshediso mo dinakong tseno tse di ntseng di fetoga ka bofefo, mme ka fa letlhakoreng le lengwe a ikutlwa a na le tiro e e sireletsegileng le e e kgotsofatsang?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Boranyane jwa segompieno bo ka tswa bo ile jwa okeletsa badiri mathata