Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lekwa mo Leubelong le le Tukang la Tlhokofatso

Go Lekwa mo Leubelong le le Tukang la Tlhokofatso

Kgang ya Botshelo

Go Lekwa mo Leubelong le le Tukang la Tlhokofatso

JAAKA GO BOLETSE PERICLES YANNOURIS

Bongola jwa sele e e nang le mouta bo ne bo gatsetsa marapo a me. Fa ke ntse dutse foo ke le esi, ke apere fela kobonyana e e seng bothitho, ke ne ke sa ntse ke kgona go bona sefatlhego se se tlhontseng sa mosadi wa me yo mmotlana fa masole a ne a nkgogagoga go tswa mo ntlong ya me malatsi a le mabedi pele ga moo, ke mo tlogela kwa morago le masea a rona a mabedi a a lwalang. Moragonyana, mosadi wa me yo e neng e se Mosupi, o ne a nthomelela sephuthelwana le lekwalo le le reng: “Ke go romelela dikuku tseno mme ke solofela gore o tla lwala fela jaaka bana ba gago.” A ke ne ke tla tsamaya ke boa ke tshela go bona ba lelapa la me?

EO E ne e le nngwe ya ditiragalo tse dintsi tsa go lwa ntwa e e matlho mahibidu, ke lwela tumelo ya Bokeresete, ntwa e e neng e akaretsa go ganediwa ke ba lelapa, go se amogelwe mo setšhabeng, dintwa tsa semolao le pogiso e e setlhogo. Mme gone go tlile jang, e bile ke ka ntlha yang fa motho yo o tshwanang le nna jaana, yo o didimetseng le yo o boifang Modimo jaana, a ka feleletsa a le mo lefelong le le maswe jaana? E re ke tlhalose tsweetswee.

Mosimane yo o Humanegileng Mme a Ipeetse Mekgele e e Kwa Godimo Thata

Fa ke ne ke tsholwa ka 1909 kwa Stavromeno, Kereta, naga eo e ne e aparetswe ke ntwa, khumanego le leuba. Moragonyana, nna le bonnake ba le banè re ne ra batla re bolawa ke foluu ya Sepanishe. Ke gakologelwa gore batsadi ba rona ba ne ba re tswalela dibeke di le dintsi mo ntlong ya rona gore re se ka ra tsenwa ke foluu eo.

Rre, yo e neng e le molemirui yo o humanegileng, e ne e le motho yo o ratang bodumedi thata mme a rata go ithuta dilo tse disha. E re ka a ne a kile a nna kwa Fora le kwa Madagascar, o ne a na le kitso e ntsi ka bodumedi. Le fa go ntse jalo, lelapa la rona ga le a ka la tlogela Kereke ya Greek Orthodox, re ne re ya kwa Mmiseng Sontaga sengwe le sengwe e bile re ne re amogela mobishopo mo legaeng la rona ngwaga le ngwaga fa a etile. Ke ne ke opela mo khwaereng mme e bile ke ne ke ipoleletse gore ke batla go nna moruti.

Ka 1929, ke ne ka tsenela bopodise. Fa Rre a tlhokafala, ke ne ke bereka kwa Thesalonika, kwa bokone jwa Gerika. Ka ke ne ke batla go gomotsega le go bona kitso ka dilo tsa semoya ke ne ka kopa go fudusediwa kwa sepodiseng sa kwa Thabeng ya Athos, e leng lefelo la baitlami le le neng le le gaufi le rona, le Bakeresete ba Orthodox ba neng ba le tlotla thata ba re ke “thaba e e boitshepo.” * Ke ne ka bereka dingwaga di le nnè gone mme ke etse tlhoko tsela e baitlami ba tshelang ka yone. Go na le gore ke atamalane le Modimo, ke ne ka swabisiwa ke boitsholo jo bo sa siamang le jo bo makgapha jwa baitlami le boferefere jwa bone. Ke ne ka tenega tota fa moruti yo ke neng ke mo tlotla thata a ne a batla go robala le nna. Le mororo ke ne ke swabisitswe ke seo, ke ne ke sa ntse ke batla go direla Modimo le go nna moruti. Ke ne ka ba ka apara le purapura ya moruti mongwe mme ka itsaya senepe gore ke nne ke ipone mo go sone. La bofelo, ke ne ka boela gape kwa Kereta.

“Ke Diabolo!”

Ka 1942, ke ne ka nyala mosetsana yo montle e bong Frosini, yo o neng a tswa mo lelapeng le le tlotlegang. Lenyalo le ne la dira gore tshwetso ya me ya gore ke nne moruti e gole, e re ka bagwagadiake ba ne ba rata bodumedi thata. * Ke ne ke ikemiseditse go ya go ithuta kwa sekolong sa boruti kwa Athena. Kwa bofelong jwa 1943, ke ne ka goroga kwa boemakepeng jwa Iráklion, kwa Kereta, mme ka se ka ka ya Athena. Seo e ka nna ya bo e ne e le ka gonne ka nako eo, ke ne ke bone sengwe se se lapolosang semoyeng go tswa go sele. Go ne go diregile eng?

Go ne go fetile dingwaga di le mmalwa Emmanuel Lionoudakis a ruta dithuto tsa Baebele tse di sedimosang mo Kereta yotlhe. * Emmanuel e ne e le moreri yo monnye yo o matlhagatlhaga yo a neng a kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Batho bangwe ba ne ba ngokwa ke tsela e Basupi ba neng ba tlhalosa Lefoko la Modimo ka tsela e e phepafetseng ka yone mme ba ne ba tlogela bodumedi jwa maaka. Mo motseng o o gaufi wa Sitía, go ne ga rulaganngwa setlhopha sa Basupi ba ba tlhagafetseng. Seno se ne sa tshwenya moruti wa lefelo leo, yo—ka a kile a nna kwa United States—a neng a itse sentle kafa Basupi ba ga Jehofa ba nnang le matswela ka gone fa ba rera. O ne a ikemiseditse go fedisa “bokgelogi” jono mo motseng wa gagwe. Mapodise a ne a tlhola a gogagogana le Basupi ka metlha a ba isa kwa kgolegelong le kwa dikgotlatshekelong ka ditatofatso tse di farologaneng tsa maaka ka ntlha ya go bo ba ne ba tlhotlhelediwa ke ene.

Mongwe wa Basupi bano o ne a leka go ntlhalosetsa boammaaruri jwa Baebele, mme a bona e kete ga ke kgatlhege. Ka jalo, o ne a nthomelela modiredi mongwe yo o nang le maitemogelo go mo feta gore a bue le nna. Go bonala tsela e ke neng ka araba ka yone ka go tlhoka maitseo e ne ya dira gore Mosupi wa bobedi a boele kwa setlhotshwaneng sele go ba begela jaana: “Pericles ga a ka ke a nna Mosupi. Ke diabolo!”

Kganetso ya Ntlha

Ke itumelela go bo Modimo a ile a se ka a nteba ka tsela eo. Ka February 1945, nkgonne Demosthenes, yo o neng a tlhatswegile pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta boammaaruri, o ne a nnaya bukana ya Comfort All That Mourn. * Ke ne ka kgatlhiwa ke se se kwadilweng mo go yone. Re ne ra emisa ka bonako go tlhola re ya kwa Kerekeng ya Orthodox, ra kopanela le setlhotswana sa Sitía, mme ra rerela bana ba kwa gae ka bodumedi jwa rona jo bosha. Botlhe ba ne ba amogela boammaaruri jwa Baebele. Jaaka go ne go ka lebelelwa, tshwetso ya me ya go tlogela bodumedi jwa maaka e ne ya dira gore ke latlhwe ke mosadi wa me le ba lelapa la gaabo ba bo ba ntwantshe. Mogwagadiake o ne a ba a gana go mpuisa ka lobakanyana. Kwa gae re ne re ganetsana ka dilo di le dintsi e bile re tlhola re lwetse ruri. Go ntse go le jalo, ka May 21, 1945, nna le Demosthenes re ne ra kolobediwa ke Mokaulengwe Minos Kokkinakis. *

Kgabagare ke ne ka kgona go fitlhelela mokgele wa me mme ka nna modiredi wa mmatota wa Modimo! Ke sa ntse ke gakologelwa letsatsi la me la ntlha ke le mo bodireding jwa ntlo le ntlo. Ke ne ka tsamaya ke le esi ka bese go ya kwa motseng mongwe ke tshwere beke e e nang le dibukana di le 35. Ke ne ka simolola go tsena ntlo le ntlo ke tshogile. Fa ke ntse ke tsweletse, ke ne ke nna pelokgale thata. Fa moruti mongwe yo o neng a galefile a goroga, ke ne ka kgona go bua le ene ka bopelokgale, ke mo itlhokomolosa fa a ntse a ntaela gore ke tsamaye le ene go ya seteisheneng sa mapodise. Ke ne ka mmolelela gore ke ne ke tla tsamaya fela fa ke se na go etela motse otlhe, mme ke seo ke neng ka se dira. Ke ne ka itumelela gore ga ke a ka ka emela bese gore e tle mme ke ne ka tsamaya sekgala sa dikilometara di le 15 go boela gae.

Go Sotliwa ke Setlhopha sa Digongwana Tse di Setlhogo

Ka September 1945, ke ne ka fiwa maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong e ntšha e e neng e sa tswa go tlhongwa mo Sitía. Go ise go ye kae, go ne ga runya ntwa ya maraganateng a bana ba mpa kwa Gerika. Go ne go na le makoko mangwe a a neng a itaana ka noga e utlwa. Bishopo mongwe o ne a dirisa boemo joo gore a tlhotlheletse segongwana sengwe sa dirukhutlhi go tlosa Basupi ka mokgwa le fa e le ofe fela o ba ka bonang o tshwanela. (Johane 16:2) Fa segongwana seno sa dirukhutlhi se le mo tseleng se ya kwa motseng wa rona ka bese, mosadi mongwe yo o botsalano o ne a utlwa ka maano a bone a go dira tiro ya bone e go tweng e “laetswe ke Modimo,” mme o ne a re tlhagisa. Re ne ra iphitlha mme mongwe wa losika lwa rona o ne a re namola. Re ne ra se ka ra bolawa.

Seno e ne ya nna masimologo fela a ditlhokofatso tse dingwe tse dintsi tse di neng di sa ntse di larile kwa pele. Re ne re tshela fela ka go itewa le go tshosediwa. Baganetsi ba rona ba ne ba leka go re pateletsa go boela kwa kerekeng, go kolobetsa bana ba rona le go dira letshwao la sefapaano. Ka nako nngwe, ba ne ba itaya nkgonne go fitlha ba ithaya ba re o sule. Go ne ga nkutlwisa botlhoko go bona bokgaitsadiake ba babedi ba gagolelwa diaparo ba bo ba itewa. Ka nako eo, kereke e ne ya kolobetsa bana ba le robedi ba Basupi ba ga Jehofa ka dikgoka.

Ka 1949, mmè o ne a tlhokafala. Moruti o ne a nna a re salasala morago gape, a re latofatsa ka gore ga re ikobele dipatlafalo tsa semolao tsa gore re nne le lekwalotetla la phitlho. Ke ne ka sekisiwa mme ka se ka ka bonwa molato. Seno se ne sa neela bosupi jo bogolo, e re ka go ne ga utlwiwa leina la ga Jehofa le umakiwa mo dikakgelong tse di simololang tsa kgetsi eo. Tsela e le nosi e e neng e setse gore baba ba rona ba e dirise gore re “itharabologelwe” e ne e le go re tsaya ba re isa botshwarwa. Ba ne ba dira seno ka April 1949.

Mo Leubelong le le Tukang

Ke ne ke le mongwe wa bakaulengwe ba bararo ba ba neng ba tshwarwa. Mosadi wa me o ne a se ka a bo a tla go mpona kwa seteisheneng sa mapodise. Re ne ra ema la ntlha kwa kgolegelong ya Iráklion. Jaaka go tlhalositswe kwa tshimologong, ke ne ke jewa ke bodutu e bile ke hutsafetse thata. Ke ne ke tlogetse mosadi yo mmotlana kwa morago yo e neng e se Mosupi le masea a le mabedi. Ke ne ka rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a nthuse. Ke ne ka gakologelwa mafoko a Modimo a a kwadilweng mo go Bahebera 13:5 a a reng: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” Ke ne ka lemoga botlhale jwa go ikanya Jehofa ka pelo yotlhe.—Diane 3:5.

Re ne ra utlwa gore re tlile go isiwa botshwarwa kwa Makrónisos, e leng setlhaketlhake se se omeletseng se se gaufi le lotshitshi lwa Attica, kwa Gerika. E ne e re fa re umaka leina Makrónisos fela go ne go lekane go tshosa mongwe le mongwe ka gonne kampa ya kgolegelo eo e ne e itsiwe ka go tlhokofatsa batho le go ba dirisa tiro ya bokgoba. Fa re le mo tseleng go ya kwa kgolegelong, re ne ra ema kwa Piraeus. Le fa re ne re sa ntse re bofilwe ka dihakaboye, re ne ra kgothadiwa ke fa bangwe ba badumedi ka rona ba ne ba tsena mo mokorong mme ba re tlamparela.—Ditiro 28:14,15.

Botshelo jwa kwa Makrónisos bo ne bo le botlhoko tota. Masole a ne a tshwara magolegwa makgwakgwa go simolola mo mosong go fitlha maitseboa. Magolegwa a le mantsi a e neng e se Basupi a ne a ba a simolola go tsenwa, ba bangwe ba ne ba swa mme ba le bantsi ba ne ba sala ba golafetse. Bosigo re ne re utlwa batho ba lela e bile ba bokolela ka ntlha ya go tlhokofadiwa. Kobonyana ya me e tshesanyane e ne e sa nthutafatse go le kalo mo masigong a go neng go le tsididi ka one.

Fa nako e ntse e ya, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege mo kampeng ka gonne leina leo le ne le umakiwa ka nako ya fa maina a rona a ne a bidiwa moso le moso go bona gore a re gone. Ka gone, re ne ra nna le ditshono di le dintsi tsa go neela bosupi. Ke ne ka ba ka nna le tshiamelo ya go kolobetsa motshwarwa mongwe wa sepolotiki yo o neng a gatetse pele go ya bokgakaleng jwa gore a neele botshelo jwa gagwe mo go Jehofa.

Ka nako ya fa ke ne ke ile botshwarwa, ke ne ke ntse ke kwalela mosadi wa me yo o rategang le fa ke ne ke sa amogele karabo go tswa kwa go ene. Seno ga se a ka sa nthibela gore ke mo kwalele ka lorato, ke mo gomotsa, ke mo tlhomamisetsa gore seno e ne e le bothatanyana jwa nakwana fela le gore re ne re tla boa re itumela gape.

Go ntse go le jalo, palo ya rona e ne ya oketsega jaaka fa bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba goroga. Ke ne ka dira botsala le mokolonele wa kampa e re ka ke ne ke bereka mo ofising. E re ka a ne a tlotla Basupi, ke ne ka nna pelokgale go mmotsa gore a re ne re ka romelelwa dibuka dingwe tsa Baebele go tswa kwa ofising ya rona kwa Athena. “Seno ga se kgonege,” o ne a rialo, “mme ke ka ntlha yang fa batho ba lona ba kwa Athena ba sa romele dibuka di le mo teng ga dithoto tsa lona, ba kwale leina la me mo go tsone ba bo ba di nthomelela?” Ke ne ka sala ke gakgametse! Morago ga malatsi a le mmalwa, fa re ne re pakolola mokoro o o neng o sa tswa go goroga, lepodise lengwe le ne la dumedisa mokolonele mme la mo itsise jaana: “Rra, dithoto tsa gago di gorogile.” O ne a araba jaana: “Dithoto dife?” Go ne ga direga gore ke bo ke le gaufi mme ka utlwa puisano eo, ka jalo ke ne ka mo sebela jaana: “E tshwanetse ya bo e le tsa rona, tse di neng tsa romelwa ka leina la gago jaaka o laetse.” Ke e nngwe ya ditsela tse Jehofa a neng a tlhomamisa ka tsone gore re ne re fepiwa semoyeng.

Tshegofatso E e Sa Lebelelwang—Go Tswa Foo ga Latela Ditlhokofatso Tse Dintsi

Ke ne ka gololwa mo bofelong jwa 1950. Ke ne ka boela gae—ke lwala, ke le bokoa, ke le mosesane e bile ke sa tlhomamisege gore ke tlile go amogelwa jang kwa gae. A bo ke ne ka itumela jang ne fa ke bona mosadi wa me le bana ba me gape! Se se itumedisang le go feta, ke ne ka gakgamatswa ke go bona gore Frosini o ne a sa tlhole a ntwantsha jaaka pele. Makwalo ale a ke neng ke mo kwalela one fa ke le kwa kgolegelong a thusitse thata. Frosini o ne a amilwe ke boitshoko jwa me le bopelotelele. Moragonyana fela ga foo, ke ne ka tshwara motlotlo o moleele le ene go dira gore re boe re baakanye dilo gape. O ne a amogela thuto ya Baebele mme a nna le tumelo mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe. Lengwe la malatsi a a itumedisang thata mo botshelong jwa me e ne e le ka 1952 fa ke ne ke mo kolobetsa jaaka motlhanka wa ga Jehofa yo o ineetseng!

Ka 1955 re ne ra simolola letsholo la go abela moruti mongwe le mongwe bukana ya Christendom or Christianity—Which One Is “the Light of the World”? Ke ne ka tshwarwa mme ka sekisiwa, ke na le Basupi ka nna ba le mmalwa. Go ne go na le dikgetsi di le dintsi kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa mo e leng gore kgotlatshekelo e ne ya tshwanelwa ke gore e di beele nako kwa thoko gore e kgone go di utlwa tsotlhe. Ka letsatsi leo, baemedi botlhe ba semolao ba kgaolo eo ba ne ba le gone, mme kgotlatshekelo e ne e tletse ka baruti. Bishopo o ne a ntse a ya kwa pele le kwa morago mo gare ga ditulo. Mongwe wa baruti o ne a tsentse ngongorego ya gore ke ne ke leka go sokololela batho mo bodumeding jwa me. Moatlhodi o ne a mmotsa jaana: “A tumelo ya gago e bokoa mo e leng gore o ka sokololwa ke go bala bukana fela?” Seno se ne sa dira gore moruti a palelwe ke go araba. Ke ne ka gololwa mme bakaulengwe bangwe ba ne ba atlholelwa dikgwedi di le thataro mo kgolegelong.

Mo dingwageng tse di neng tsa latela, re ne ra tshwarwa gangwe le gape mme dikgetsi tsa kgotlatshekelo di ne tsa oketsega. Babueledi ba rona ba ne ba tshwaregile ka dinako tsotlhe ka ntlha ya go rarabolola dikgetsi tseo. Ke ne ka isiwa kwa kgotlatshekelong ka makgetlho a le 17. Le fa re ne re ganediwa, re ne re rera ka metlha. Re ne ra amogela maemo ano a a gwetlhang ka boitumelo, mme ditlhokofatso tse di botlhoko di ne tsa itshepisa tumelo ya rona.—Jakobe 1:2, 3.

Ditshiamelo Tse Disha Tsa Tirelo le Mathata

Re ne ra fudugela kwa Athena ka 1957. Go ise go ye kae, ke ne ka tlhomiwa gore ke ye go direla kwa phuthegong e e neng e sa tswa go tlhomiwa. Ka ntlha ya thuso ya mosadi wa me, re ne ra kgona go boloka botshelo jwa rona bo sa raraana le megopolo ya rona re e tlhomile mo ditirong tsa semoya. Ka jalo, re ne ra kgona go dirisa nako e ntsi ya rona mo tirong ya go rera. Mo dingwageng di le dintsi, re ne ra kopiwa gore re ye kwa diphuthegong tse di farologaneng kwa go neng go na le tlhokego gone.

Ka 1963, morwaake o ne a tshwara dingwaga di le 21 mme o ne a tshwanetse go ikwadisetsa bosole. Ka ntlha ya go bo Basupi ba sa tseye letlhakore, botlhe ba ba neng ba tshwanetse go ikwadisetsa bosole ba ne ba itewa, ba sotliwa ba bo ba tlontlololwa. Morwaake le ene o ne a diragalelwa ke sone seo. Ka jalo, ke ne ka mo neela kobo ya me e e tswang kwa Makrónisos, ke mo kgothaletsa ka tsela ya tshwantshetso gore a latele sekao sa baboloka bothokgami ba nako e e fetileng. Bakaulengwe ba ba neng ba bidiwa ba ne ba sekisiwa ke kgotlatshekelo ya sesole mme gantsi ba ne ba atlholelwa dingwaga di le pedi go ya go le di le nnè. Fa ba se na go gololwa, ba ne ba bidiwa gape mme ba atlholwa gape. E re ka ke ne ke le modiredi wa bodumedi, ke ne ke kgona go etela dikgolegelo di le mmalwa mme ka kgona go bona morwaake go sekaenyana fela le Basupi ba bangwe ba ba ikanyegang. Morwaake o ne a tshwarwa dingwaga tse di fetang di le thataro.

Jehofa O ne A re Tshegetsa

Fa kgololesego ya bodumedi e sena go nna gone gape kwa Gerika, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng wa nakwana kwa setlhaketlhakeng sa Rhodes. Go tswa foo ka 1986, go ne ga nna le tlhokego kwa Sitía, Kereta, ko ke neng ke simolotse tiro ya me ya Bokeresete gone. Ke ne ka itumelela go amogela kabelo eno ya go bereka gape le badumedi ka nna ba ba rategang ba ke sa bolong go ba itse fa ke sa ntse ke le mosha.

Jaaka ke le yo mogolo mo lelapeng la gaetsho, ke itumelela go bona palo ya ba losika ba ba ka nnang 70 ba direla Jehofa ka boikanyegi. Palo eno e tswelela pele e gola. Bangwe e nnile bagolwane, batlhanka ba bodiredi, babulatsela, maloko a Bethele le balebedi ba ba etang. Tumelo ya me e ile ya lekwa mo leubelong la molelo la ditlhokofatso ka dingwaga tse di fetang 58. Gone jaanong ke na le dingwaga di le 93, mme fa ke lebelela kwa morago, ga ke ikotlhaele go direla Modimo. O nneile nonofo ya go arabela taletso ya gagwe e e lorato: “Morwaaka, nnaya pelo ya gago, mme e kete matlho ao a gago a ka ipelela ditsela tsa me.”—Diane 23:26.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Bona Tora ya Tebelo ya December 1, 1999, ditsebe 30-1.

^ ser. 11 Baruti ba Kereke ya Greek Orthodox ba letleletswe go nyala.

^ ser. 12 Go bona kgang ya botshelo jwa ga Emmanuel Lionoudakis, bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1999, ditsebe 25-9.

^ ser. 15 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme gone jaanong ga e tlhole e gatisiwa.

^ ser. 15 Go utlwa ka phenyo ya semolao ya ga Minos Kokkinakis, bona Tora ya Tebelo ya September 1, 1993, ditsebe 27-31.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

Makrónisos—Setlhaketlhake se se Boifisang

Ka dingwaga di le lesome, go tloga ka 1947 go ya go 1957, setlhaketlhake se se omeletseng le se se swafetseng sa Makrónisos se ne sa nna legae la magolegwa a a fetang 100 000. Gareng ga one go ne go na le Basupi ba le bantsi thata ba ba ikanyegang ba ba neng ba romelwa koo ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete. Gantsi batho ba ba neng ba tlhotlheletsa gore ba romelwe koo, e ne e le baruti ba Greek Orthodox ba ba neng ba latofatsa Basupi ka ditatofatso tsa maaka tsa gore ke Makomonise.

Malebana le “diphetogo” tse di neng tsa dirwa kwa Makrónisos, saetlopedia ya Segerika e bong Papyros Larousse Britannica e bolela jaana: “Ditsela tse di setlhogo tsa go bogisiwa, . . . maemo a go neng go tshelwa mo go one a a neng a sa tshwanela batho ba ba tlhabologileng le tsela e e sa siamang e badisa ba neng ba tshwara magolegwa ka yone . . . ke matlhabisa ditlhong mo hisitoring ya Gerika.”

Basupi bangwe ba ne ba bolelelwa gore ga ba kitla ba gololwa fa ba ne ba sa itatole tumelo ya bone. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ne ba nna ba ntse ba bolokile boikanyego jwa bone. Mo godimo ga moo, magolegwa mangwe a sepolotiki a ne a amogela boammaaruri jwa Baebele ka ntlha ya go kopana le Basupi.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Minos Kokkinakis, (wa boraro go tswa kafa mojeng) le nna ke le (wa bonè go tswa kafa molemeng) kwa setlhaketlhakeng sa Makrónisos sa katlholelo

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke bereka le Mosupi ka nna kwa Sitía, Kereta kwa ke neng ke direla teng fa ke sa le mosha