“Lo Nne lo Ungwe Maungo a Mantsi”
“Lo Nne lo Ungwe Maungo a Mantsi”
“Lo nne lo ungwe maungo a mantsi lo bo lo itshupe lo le barutwa ba me.”—JOHANE 15:8.
1. (a) Jesu o ne a umaka selo sefe se baaposetoloi ba gagwe ba neng ba tshwanetse go se dira gore e nne barutwa? (b) Ke potso efe e re tshwanetseng go ipotsa yone?
E NE e le maitseboa a pele ga loso lwa ga Jesu. O ne a iphile nako e ntsi a kgothatsa baaposetoloi ba gagwe ka tlhoafalo. Jaanong nako e ne e ka tswa e setse e fetile bosigogare, mme Jesu o ne a tswelela a bua le ditsala tseno tsa gagwe tse a di ratang thata. Fa a ntse a bua le bone, o ne a ba gakolola selo se sengwe gape se ba neng ba tshwanetse go se dira gore ba tswelele e le barutwa ba gagwe. O ne a re: “Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi lo bo lo itshupe lo le barutwa ba me.” (Johane 15:8) A gompieno le rona re dira selo seno se se batlegang gore re nne barutwa? Go ‘ungwa maungo a mantsi’ go kaya eng? Go bona karabo, a re sekasekeng motlotlo oo wa maitseboa ao.
2. Ke setshwantsho sefe se se kaga maungo se Jesu a ileng a se bua mo maitseboeng a pele ga loso lwa gagwe?
2 Kgakololo ya gore ba ungwe maungo ke bontlhanngwe jwa setshwantsho se Jesu a neng a se bolelela baaposetoloi ba gagwe. O ne a re: “Ke nna mofine wa boammaaruri, mme Rre ke modiri wa mo tshimong. Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng maungo o a e tlosa, mme nngwe le nngwe e e ungwang maungo o a e phepafatsa, gore e tle e ungwe maungo a a oketsegileng. Johane 15:1-10.
Lo setse lo le phepa ka ntlha ya lefoko le ke le buileng le lona. Nnelang ruri seoposengwe le nna, le nna ke le seoposengwe le lona. Fela jaaka kala e ka se ka ya ungwa maungo ka boyone fa e sa nnele ruri mo mofineng, ka yone tsela eo le lona lo ka se ka, fa lo sa nnele ruri seoposengwe le nna. Nna ke mofine, lona lo dikala. . . . Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi lo bo lo itshupe lo le barutwa ba me. Fela jaaka Rara a nthatile le nna ke lo ratile, nnelang ruri mo loratong lwa me. Fa lo boloka ditaelo tsa me, lo tla nnela ruri mo loratong lwa me.”—3. Balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go dira eng gore ba ungwe maungo?
3 Mo setshwantshong seno, Jehofa ke Modiri wa mo tshimong, Jesu ke mofine, mme baaposetoloi ba Jesu a neng a bua le bone ke dikala. Baaposetoloi ba ne ba tla ungwa maungo fa fela ba ne ba ka lwela go ‘nnela ruri seoposengwe’ le Jesu. Go tswa foo Jesu o ne a tlhalosa se se neng se ka thusa baaposetoloi go nna ba le seoposengwe jalo le ene: “Fa lo boloka ditaelo tsa me, lo tla nnela ruri mo loratong lwa me.” Moragonyana moaposetoloi Johane o ne a ka kwalela Bakeresetekaene mafoko ano a a tshwanang le ao: “Yo o bolokang ditaelo tsa [ga Keresete] o nna a le seoposengwe le ene.” * (1 Johane 2:24; 3:24) Ka gone, balatedi ba ga Keresete ba nnela ruri seoposengwe le ene ka go boloka ditaelo tsa gagwe, mme go nna seoposengwe jalo go ba thusa go ungwa maungo. Maungo ao a re tshwanetseng go a ungwa ke a mofuta ofe?
Tshono ya go Gola
4. Re ka ithuta eng mo kgannyeng ya gore Jehofa o “tlosa” kala nngwe le nngwe e e sa ungweng?
4 Mo setshwantshong sa mofine, Jehofa o “tlosa,” kala e e sa ungweng kana o a e kgaola. Seno se re lemotsha eng? Se re lemotsha gore barutwa botlhe ba tshwanetse go ungwa maungo le gore ba ka kgona go dira jalo le fa maemo a bone e ka tswa e le afe kana ba ka tswa ba na le ditlhaelo dife. Tota e bile, go ne go se kitla go tsamaelana le lorato lwa ga Jehofa gore a ‘tlose’ kana a dire gore morutwa wa ga Keresete a se ka a tlhola a tshwanelega ka gonne a palelwa ke go dira sengwe se a neng a ka se ka a se kgona.—Pesalema 103:14; Bakolosa 3:23; 1 Johane 5:3.
5. (a) Setshwantsho sa ga Jesu se bontsha jang gore re ka kgona go gatela pele gore re ungwe maungo? (b) Re tlile go sekaseka mefuta efe e mebedi ya maungo?
5 Setshwantsho sa ga Jesu sa mofine gape se re bontsha gore barutwa ba tshwanetse go senka ditsela tse ba ka gatelang pele ka tsone mo tirong ya bone go ikaegile ka maemo a bone. Ela tlhoko tsela e Jesu a tlhalosang kgang eno ka yone: “Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng maungo o a e tlosa, mme nngwe le nngwe e e ungwang maungo o a e phepafatsa, gore e tle e ungwe maungo a a oketsegileng.” (Johane 15:2) Fa Jesu a tloga a konela setshwantsho sa gagwe o ne a rotloetsa balatedi ba gagwe gore ba ungwe “maungo a mantsi.” (Temana 8) Seno se re lemotsha eng? Le ka motlha ga re a tshwanela go dira tiro ya rona ka go latlhelela fela. (Tshenolo 3:14, 15, 19) Go na le moo, re tshwanetse go senka ditsela tse ka tsone re ka gatelang pele gore re ungwe maungo. Ke maungo afe a re tshwanetseng go lwela go a ungwa ka bontsi? Go na le mefuta e mebedi ya one, (1) “maungo a moya” le (2) maungo a Bogosi.—Bagalatia 5:22, 23; Mathaio 24:14.
Maungo a Dinonofo Tsa Bokeresete
6. Jesu Keresete o ne a gatelela jang botlhokwa jwa leungo la ntlha mo maungong a moya?
6 Lorato ke leungo la ntlha mo ‘maungong a moya.’ Moya o o boitshepo wa Modimo o dira gore Bakeresete ba nne le lorato, ka gonne ba ikobela taelo e Jesu a neng a e umaka pele ga a bua setshwantsho sa mofine o o ungwang maungo. O ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane.” (Johane 13:34) Tota e bile, Jesu o ne a gakolola baaposetoloi ba gagwe gangwe le gape fa a ntse a tlotla le bone mo bosigong joo jwa gagwe jwa bofelo mo lefatsheng gore go botlhokwa thata gore ba nne le lorato.—Johane 14:15, 21, 23, 24; 15:12, 13, 17.
7. Moaposetoloi Petere o ne a bontsha jang gore go ungwa maungo go amana le go nna le dinonofo tsa Bokeresete?
7 Petere, yo o neng a le gone mo bosigong joo, o 2 Petere 1:5-8) Re ka kgona go nna le maungo a moya le fa maemo a rona e ka tswa e le afe. Ka gone, a re direng ka natla gore re nne le lorato, bopelonomi, bonolo le dinonofo tse dingwe tsa Bokeresete ka botlalo, ka gonne “ga go na molao ope o o kgatlhanong le dilo tse di ntseng jalo.” (Bagalatia 5:22, 23) Ee ruri, a re ungweng “maungo a mantsi.”
ne a tlhaloganya gore barutwa ba boammaaruri ba ga Keresete ba tshwanetse go nna le lorato lwa Bokeresete le dinonofo tse dingwe tse di amanang le lone. Dingwaga moragonyana, Petere o ne a kgothaletsa Bakeresete go nna le dinonofo tse di jaaka lorato, boikgapo le lorato lwa bokaulengwe. O ne a oketsa ka go bolela gore go dira jalo go tla re itsa “go nna ba ba sa direng kgotsa ba ba sa ungweng.” (Go Ungwa Maungo a Bogosi
8. (a) Go nna le maungo a moya go amana jang le go nna le maungo a Bogosi? (b) Ke potso efe e re tshwanetseng go e sekaseka?
8 Maungo a a nang le mmala o montle le a a buduleng sentle a kgabisa setlhare. Le fa go ntse jalo, botlhokwa jwa maungo ao ga bo felele fela ka bontle jwa one. Maungo gape a botlhokwa ka gonne setlhare se kgona go ikoketsa ka dipeo tsa one. Maungo a moya le one ga a felele fela ka gore a kgabise botho jwa rona jwa Bokeresete. Dinonofo tse di jaaka lorato le tumelo gape di re tlhotlheletsa go anamisa molaetsa wa Bogosi o o tshwanang le peo o o mo Lefokong la Modimo. Ela tlhoko gore moaposetoloi Paulo o gatelela seno jang. A re: “Le rona re supa tumelo [e e leng leungo la moya] mme re a bua.” (2 Bakorintha 4:13) Paulo o tswelela pele go tlhalosa gore, ka go dira jalo, re ‘isetsa Modimo setlhabelo sa pako, ke gore, leungo la dipounama’—mofuta wa bobedi wa maungo a re tshwanetseng go nna le one. (Bahebera 13:15) A go na le ditshono tse re ka di dirisang mo botshelong jwa rona gore re ungwe “maungo a mantsi” mo tirong ya rona ya go bolela ka Bogosi Jwa Modimo?
9. A go ungwa maungo go tshwana fela le go dira barutwa? Tlhalosa.
9 Selo sa ntlha se se ka re thusang go bona karabo e e siameng ke go itse gore maungo a Bogosi a akaretsa eng. A re tla bo re nepile fa re akanya gore go nna le maungo go bolela go dira barutwa? (Mathaio 28:19) A maungo a re ka nnang le one a kaya fela batho ba re ba thusang go nna baobamedi ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa? Nnyaa. Fa go ka bo go ntse jalo, seo se ne se tla dira gore Basupi ba ba sa bolong go bolela molaetsa wa Bogosi ka dingwagangwaga mo ditshimong tse di se nang matswela go le kalo ba kgobege marapo tota. Ee, fa e le gore maungo a Bogosi a re a ungwang a emela fela barutwa ba basha, Basupi bao ba ba dirang ka natla ba ne ba tla tshwana fela le dikala tse di sa ungweng tsa setshwantsho sa ga Jesu! Mme gone, ga go a nna jalo. Jalo he, maungo a Bogosi a konokono a bodiredi jwa rona ke eng?
Go Ungwa Maungo ka go Anamisa Peo ya Bogosi
10. Setshwantsho sa ga Jesu sa mojadi le mefuta e e farologaneng ya mmu se bontsha jang se maungo a Bogosi e leng sone le se e seng sone?
10 Karabo re e bona mo setshwantshong sa ga Jesu sa mojadi yo o jalang peo mo mefuteng e e farologaneng ya mmu—karabo e e nametsang ba ba rerang mo ditshimong tse di se nang matswela go Luke 8:8) Maungo afe? Aitsane, fa lotlhaka lwa korong lo tlhoga lo bo lo gola, ga lo ungwe matlhaka a mannye a korong, go na le moo, lo ungwa peo e ntšha. Go ntse jalo le ka Mokeresete, ga se gore leungo le a le ungwang ke barutwa ba basha, go na le moo, o ungwa peo ya Bogosi.
le kalo. Jesu o ile a re peo ke molaetsa wa Bogosi o o mo Lefokong la Modimo mme mmu o emela dipelo tsa batho tsa tshwantshetso. Peo nngwe e ne “ya wela mo mmung o o molemo, mme, fa e sena go tlhoga, ya ungwa maungo.” (11. Go ungwa maungo a Bogosi go ka bolela eng?
11 Ka jalo, fano maungo ga se barutwa ba basha e bile ga se dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete. E re ka peo e e jetsweng e le lefoko la bogosi, maungo e tshwanetse ya bo e le dipeo tse dintsintsi tsa lefoko leo la Bogosi. Mo kgannyeng eno go ungwa maungo go kaya go bua le batho ka Bogosi. (Mathaio 24:14) A go ungwa maungo ao a Bogosi—go itsise batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi—ke selo se re ka kgonang go se dira le fa maemo a rona e ka tswa e le afe? Ee, go ntse jalo! Jesu o tlhalosa lebaka mo go sone setshwantsho seo.
Go Galaletsa Modimo ka go Dira ka Bojotlhe
12. A go ungwa maungo a Bogosi ke selo se Bakeresete botlhe ba ka kgonang go se dira? Tlhalosa.
12 Jesu o ne a re: ‘E e jetsweng mo mmung o o molemo e ungwa go menagane ga lekgolo, e nngwe ga masome a marataro mme e nngwe ga masome a mararo.’ (Mathaio 13:23) Peo e e jalwang mo tshimong e ka tlhagisa dijo ka selekanyo se se sa tshwaneng go ikaegile ka maemo a yone. Le rona selekanyo se re ka se kgonang mo tirong ya rona ya go bua ka dikgang tse di molemo se ka farologana go ya ka maemo a rona, mme Jesu o ne a bontsha gore o lemoga seo. Bangwe ba ka tswa ba na le ditshono tse dintsi; ba bangwe botsogo jo bontle le maatla. Ka gone, re ka nna ra se ka ra kgona go dira ka selekanyo se se tshwanang, mme gone Jehofa o itumelela seo, fa fela re se dira ka bojotlhe. (Bagalatia 6:4) Ga go pelaelo gore Rraarona yo o kutlwelobotlhoko Jehofa, o re tsaya re le ba ba ‘nnang ba ungwa maungo a mantsi’ tota le fa botsofe kana bokoa bo kgoreletsa seabe sa rona mo tirong ya go rera. Ka ntlha yang? Ka gonne re mo naya ‘gotlhe mo re nang le gone’—tirelo ya moya otlhe. *—Mareko 12:43, 44; Luke 10:27.
13. (a) Lebaka la konokono la go bo re tshwanetse go ‘tswelela’ re ungwa maungo a Bogosi ke lefe? (b) Ke eng se se tla re thusang go tswelela re ungwa maungo mo ditshimong tse di se nang matswela go le kalo? (Bona lebokoso le le mo go tsebe 21.)
13 Le fa re ka kgona go ungwa maungo a Bogosi ka selekanyo se se kana kang, re tla tlhotlheletsega go ‘tswelela re ungwa maungo’ fa re sa lebale lebaka la go bo re dira jalo. (Johane 15:16) Jesu o ne a umaka lebaka leno la konokono: “Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi.” (Johane 15:8) Ee, tiro ya rona ya go rera e dira gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe mo bathong botlhe. (Pesalema 109:30) Mosupi mongwe yo o ikanyegang e bong Honor yo o mo dingwageng tsa bo70, a re: “Ke tshiamelo go nna moemedi wa Mogodimodimo tota le mo ditshimong tse di se nang matswela go le kalo.” Fa Claudio, yo o sa leng e le Mosupi yo o tlhagafetseng go tloga ka 1974 a bodiwa gore ke eng fa a tsweletse ka tiro ya go rera le mororo e le batho ba sekae fela ba ba amogelang molaetsa mo tshimong ya bone, o ne a nopola Johane 4:34, e re balang mafoko ano a ga Jesu mo go yone: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” Claudio o ne a oketsa jaana: “Fela jaaka Jesu, ga ke batle fela go simolola tiro ya go nna mmoledi wa Bogosi mme gape ke batla go e wetsa.” (Johane 17:4) Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe le bone ba na le boikutlo jo bo ntseng jalo.—Bona lebokoso la “Tsela ya go ‘Ungwa Maungo ka Boitshoko,’” mo go tsebe 21.
Go Rera le go Ruta
14. (a) Tiro ya ga Jesu le ya ga Johane Mokolobetsi e ne e na le boikaelelo bofe jo bo gabedi? (b) O ka tlhalosa jang tiro e Bakeresete ba e dirang gompieno?
14 Mmoledi wa ntlha wa Bogosi yo o umakiwang mo Diefangeleng ke Johane Mokolobetsi. (Mathaio 3:1, 2; Luke 3:18) Boikaelelo jwa gagwe jo bogolo e ne e le go ‘naya bosupi,’ mme o ne a dira jalo ka tumelo e kgolo le ka tsholofelo ya ‘gore batho ba mefuta yotlhe ba tla dumela.’ (Johane 1:6, 7) Ee, ruri bangwe ba batho ba Johane a ileng a ba rerela ba ile ba nna barutwa ba ga Keresete. (Johane 1:35-37) Ka gone, Johane o ne a rera e bile a dira batho barutwa. Jesu le ene o ne a dira tiro ya go rera le go ruta. (Mathaio 4:23; 11:1) Ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a se ka a laela balatedi ba gagwe go rera molaetsa wa Bogosi fela mme o ne a ba laela le gore ba thuse batho ba ba o amogelang gore ba nne barutwa ba gagwe. (Mathaio 28:19, 20) Ka jalo, tiro ya rona gompieno e akaretsa go rera le go ruta.
15. Tsela e batho ba neng ba tsibogela tiro ya go rera ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ka yone, e tshwana jang le e batho ba tsibogelang tiro e e dirwang gompieno ka yone?
15 Bangwe ba batho ba ba neng ba utlwa Paulo a rera le go ruta mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., ‘ba ne ba simolola go dumela dilo tse di buiwang mme ba bangwe ba ne ba se ka ba dumela.’ (Ditiro 28:24) Le gompieno batho ba itshwara ka tsela e e tshwanang. Ka maswabi, bontsi jwa peo ya Bogosi bo wela mo mmung o o kgwaraletseng. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele, dipeo dingwe di wela mo mmung o o molemo, di a mela di bo di tlhoga. Tota e bile palogare ya batho ba ba fetang 5 000 mo lefatsheng lotlhe ba nna barutwa ba boammaaruri ba ga Keresete beke nngwe le nngwe! Barutwa bano ba basha ba “dumela dilo tse di buiwang,” le fa bontsi jwa batho ba bangwe bo sa dumele. Ke eng se se ba thusitseng go nna le dipelo tse di amogelang molaetsa wa Bogosi? Gantsi selo se se ba thusitseng ke go bo Basupi ba ile ba tsaya matsapa a go ba kgatlhegela—ba nosetsa peo e ba sa tswang go e jala. (1 Bakorintha 3:6) Akanya ka dikai di le pedi fela mo go tse dintsi tse di leng gone.
Go Kgatlhegela Batho go a Thusa
16, 17. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re bontshe batho ba re kopanang le bone mo bodireding gore re a ba kgatlhegela?
16 Mosupi mongwe yo mosha kwa Belgium e bong Karolien, o ne a etela mosadimogolo mongwe yo o neng a sa kgatlhegele molaetsa wa Bogosi. E re ka mosadimogolo yono a ne a ipofile seatla, Karolien le mmoledi yo a neng a na le ene ba ne ba leka go mo thusa, mme mosadimogolo yono o ne a gana. Malatsi a le mabedi moragonyana Basupi bano ba ne ba boela kwa ntlong ya mosadimogolo yono ba bo ba mmotsa botsogo. Karolien a re: “Seno se ne sa thusa thata. O ne a gakgamadiwa ke go bona gore ruri re ne re mo kgatlhegela. O ne a re re tsene mo ntlong, mme re ne ra simolola go ithuta Baebele le ene.”
17 Mosupi mongwe kwa United States e bong Sandi, le ene o bontsha batho ba a ba rerelang gore o a ba kgatlhegela. O leba dikitsiso tsa matsalo mo lokwalodikgannyeng lwa motse wa bone go tswa foo a bo a etela batsadi ba ba sa tswang go nna le ngwana a tshotse Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. * Gantsi o kgona go simolola motlotlo le mmè ka e le ene yo o tlholang mo gae e bile a itumelela go bontsha baeng ngwana. Sandi o tlhalosa jaana: “Ke tlotla le batsadi ke ba bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba nne le kamano le lesea la bone ka go le balela buka nngwe. Moragonyana ke tlotla le bone ka mathata a go godisa ngwana mo lefatsheng gompieno.” Bosheng jaana mmè mongwe le bana ba gagwe ba barataro ba ile ba simolola go direla Jehofa ka ntlha ya go thusiwa ke maeto ao. Go tsaya matsapa jalo le go bontsha batho gore re a ba kgatlhegela go ka dira gore le rona re nne le matswela a a itumedisang jalo mo bodireding.
18. (a) Ke ka ntlha yang fa rotlhe re ka kgona go ‘ungwa maungo a mantsi’? (b) O iketleeleditse go dira dilo dife tse tharo tse di batlegang gore motho e nne morutwa, tse di umakilweng mo Efangeleng ya ga Johane?
18 A bo go kgothatsa jang go itse gore re ka kgona go ‘tswelela re ungwa maungo a mantsi’! Le fa re ka tswa re le basha kana re godile, re na le botsogo jo bontle kana jo bo bokoa, re rera mo ditshimong tse di nang le matswela kana tse di se nang matswela, rotlhe re ka kgona go ungwa maungo a mantsi. Jang? Ka go nna le maungo a moya ka botlalo le ka go anamisa molaetsa wa Bogosi Jwa Modimo ka bojotlhe jo re ka bo kgonang. Ka fa letlhakoreng le lengwe, re lwela go ‘nnela ruri mo lefokong la ga Jesu’ le go ‘ratana.’ Ee, fa re dira dilo tseno tse tharo tsa botlhokwa tse di batlegang gore motho e nne morutwa, tse di umakilweng mo Efangeleng ya ga Johane, re bontsha gore ‘ruri re barutwa ba ga Keresete.’—Johane 8:31; 13:35.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 Le fa dikala tsa mofine tsa setshwantsho seno di emela baaposetoloi ba ga Jesu le Bakeresete ba bangwe ba ba nang le tsholofelo ya go busa mo Bogosing Jwa Modimo kwa legodimong, setshwantsho seno se na le dithuto tsa boammaaruri tse gompieno di ka solegelang balatedi botlhe ba ga Keresete molemo.—Johane 3:16; 10:16.
^ ser. 12 Batho ba botsofe kana bolwetse bo dirileng gore ba nne fela mo gae ba ka nna ba neela bosupi ka makwalo kana ka founo fa go kgonega, gongwe ba ka nna ba bolelela batho ba ba ba etetseng dikgang tse di molemo.
^ ser. 17 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
Dipotso Tsa Poeletso
• Ke maungo afe a re tshwanetseng go a ungwa ka bontsi?
• Ke ka ntlha yang fa re ka kgona go ‘ungwa maungo a mantsi’?
• Re sekasekile dilo dife tse tharo tsa botlhokwa tse di batlegang gore motho e nne morutwa, tse di umakilweng mo Efangeleng ya ga Johane?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 21]
TSELA YA GO ‘UNGWA MAUNGO KA BOITSHOKO’
KE ENG se se go thusang go tswelela o rera molaetsa wa Bogosi ka metlha mo ditshimong tse di se nang matswela go le kalo? Dingwe tsa dikarabo tse di molemo tsa potso eno ke tseno.
“Go itse gore Jesu o re ema nokeng ka botlalo go nthusa gore ke nne le tsholofelo le boitshoko, le fa batho ba ka tswa ba itshwara jang mo tshimong.”—Harry wa dingwaga tse 72; o kolobeditswe ka 1946.
“Ka metlha ke kgothadiwa ke lekwalo la 2 Bakorintha 2:17. Le bolela gore re dira bodiredi jwa rona ‘mo ponong ya Modimo, re patilwe ke Keresete.’ Fa ke le mo bodireding, ke itumelela go dira le ditsala tseno tsa me tse dikgolo.”—Claudio wa dingwaga tse 43; o kolobeditswe ka 1974.
“Go bua boammaaruri, tiro ya go rera ga e motlhofo mo go nna. Le fa go ntse jalo, ke lemoga boammaaruri jwa mafoko ano a Pesalema 18:29: ‘Ka Modimo wa me nka palama lobota.’”—Gerard wa dingwaga tse 79; o kolobeditswe ka 1955.
“Le fa nka bala temana e le nngwe fela mo bodireding, ke itumelela gore mongwe o tlhatlhobilwe pelo ke Baebele.”—Eleanor wa dingwaga tse 26; yo o kolobeditsweng ka 1989.
“Ke nna ke leka ditsela tse di farologaneng tsa go simolola motlotlo. Go na le ditsela di le dintsi thata jaana mo nka se kang ka kgona go di dirisa tsotlhe mo dingwageng tse di setseng tsa botshelo jwa me.”—Paul wa dingwaga tse 79; o kolobeditswe ka 1940.
“Ga ke kgopisiwe ke batho ba ba ganang molaetsa. Ke leka go nna ke le botsalano, ke tlotla le batho le go reetsa maikutlo a bone.”—Daniel wa dingwaga tse 75; o kolobeditswe ka 1946.
“Ke kopane le batho ba ba sa tswang go kolobediwa ba ba ileng ba mpolelela gore tiro ya me ya go rera e nnile le seabe mo go ba thuseng go nna Basupi. Mongwe o sele o ne a ithuta Baebele le bone mme a ba thusa go gatela pele morago ga gore ke kgaogane le bone. Go a itumedisa go itse gore bodiredi jwa rona ke tiro e re e kopanetseng.”—Joan wa dingwaga tse 66; yo o kolobeditsweng ka 1954.
Ke eng se se go thusang gore o “ungwe maungo ka boitshoko”?—Luke 8:15.
[Ditshwantsho mo go tsebe 20]
Re ungwa maungo a mantsi ka go nna le maungo a moya le ka go bolela molaetsa wa Bogosi
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Jesu o ne a kaya eng fa a ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: ‘Nnang lo ungwe maungo a mantsi’?