Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Nna le Pono e e Lekalekaneng ka Tiro

Tsela ya go Nna le Pono e e Lekalekaneng ka Tiro

Tsela ya go Nna le Pono e e Lekalekaneng ka Tiro

MO LEFATSHENG leno le le nang le mathata a magolo mo go tsa kgwebo, le le tletseng kgaisano le la madirelo a magolo a a dirang dilo ka bontsi, batho ba le bantsi ga ba itumelele go ya tirong letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go itumelela tiro ya rona. Ka ntlha yang? Ka gonne re bopilwe mo setshwanong sa Modimo—mme Modimo o itumelela tiro ya gagwe. Ka sekai, fa Modimo a ne a sekaseka dilo tse a neng a di dirile kwa bokhutlong jwa “malatsi” a le marataro a popo, a tota e neng e le lobaka lo loleele, Genesise 1:31 ya re: “Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.”

Ga go pelaelo gore sengwe sa dilo tse di dirang gore Jehofa a bidiwe “Modimo yo o itumetseng,” ke ka go bo a rata tiro. (1 Timotheo 1:11) Ka gone, a ga go boammaaruri gore re tla bona boitumelo jo bogolo fa re nna re mo etsa? Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo, yo e neng e le moagi le morulaganyi yo o setswerere o ne a kwala jaana malebana le seno: “Motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.”—Moreri 3:13.

E re ka maemo kwa ditirong a ntse a fetoga ka bofefo, seo se dira gore go nne thata gore motho a nne le pono e e lekalekaneng le e e siameng ka tiro. Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o segofatsa batho ba ba tsayang kaelo ya gagwe e e lorato tsia. (Pesalema 119:99, 100) Batho ba ba ntseng jalo ba nna bathapiwa ba ba botlhokwa le ba ba ka ikanngwang mme ga se gantsi go diregang gore ba latlhegelwe ke tiro. Gape ba dira gore botshelo jwa bone le tiro ya bone di se ka tsa ikaega fela ka dikhumo mme di ikaega le ka dilo tsa semoya. Seno se ba thusa go dira ditshwetso tse di siameng mo botshelong le go lemoga gore boitumelo jwa bone le tshireletsego ga di a ikaega ka tiro e gantsi e sa tlhomamang. (Mathaio 6:31-33; 1 Bakorintha 2:14, 15) Se ba thusa go nna le mekgwa e e molemo tota ya go bereka.

Nna le Mekgwa ya go Bereka e e Itumedisang Modimo

Batho bangwe ba bereketse ruri, ba tsaya tiro e le botlhokwa go feta dilo tse dingwe tsotlhe. Ba bangwe bone ba eletsa go bona fela e setse e le nako ya go ya gae. Motho o tshwanetse go nna le pono efe e e lekalekaneng? Baebele e araba jaana: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:6) Tota e bile, go ipolaisa tiro kgotsa go tlhola o bereketse ruri ga go solegele motho molemo—ke go “kgaratlhela phefo” fela. Ka ntlha yang? Ka gonne re ka latlhegelwa ke dilo tse tota di dirang gore re itumele: kamano ya rona le ba lelapa le ditsala, bomoya jwa rona le botsogo jo bontle. (1 Timotheo 6:9, 10) Go nna le pono e e lekalekaneng ke go kgotsofalela bonnyane jo re nang le jone re ntse re itumelela selekanyo se se rileng sa go ritibala maikutlo go na le go ikimetsa ka mmereko o montsi, mathata le ditlhobaelo.

Le fa Baebele e re kgothaletsa go nna le pono e e ntseng jalo e e lekalekaneng, ga e rotloetse botshwakga. (Diane 20:4) Botshwakga bo dira gore motho a se ka a itlotla le gore a se ka a tlotlwa ke batho ba bangwe. Mme se se maswe le go feta, bo senya kamano ya rona le Modimo. Baebele e tlhalosa ka tlhamalalo gore motho yo o ganang go dira ga a tshwanela go ja dijo tse batho ba bangwe ba di bereketseng. (2 Bathesalonika 3:10) Go na le moo, o tshwanetse go fetola mokgwa wa gagwe a bo a dire ka natla, gore a kgone go itlamela le go tlamela ba lelapa la gagwe. E bile fa a dira ka natla a ka kgona go thusa le batho ba tota ba tlhokang—mokgwa o Lefoko la Modimo le o kgothaletsang.—Diane 21:25, 26; Baefeso 4:28.

Go Thapisediwa go Rata Tiro go Tswa Bongwaneng

Ga go itiragalele fela gore motho a nne le mekgwa e e molemo ya go bereka; motho o e ithuta a sa le monnye. Ke gone ka moo Baebele e kgothatsang batsadi jaana: “Thapisa mosimane [kgotsa mosetsana] ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.” (Diane 22:6) Batsadi ba ba botlhale ga ba tlhomele bana ba bone sekao se se molemo fela ka go rata tiro, mme gape ba simolola go thapisa bana ba bone ba sa le bannye ka go ba abela ditiro mo gae go ya ka dingwaga tsa bone. Tota le fa bana ba ka nna ba se ka ba rata ditiro dingwe, ba tla ikutlwa ba le botlhokwa mo lelapeng—segolo jang fa Rre le Mmè ba ba akgolela tiro e ba e dirileng sentle. Ka maswabi, batsadi bangwe ba direla bana ba bone mo e ka nnang sengwe le sengwe, gongwe ba dira jalo ka gonne ba re ba ba direla bopelonomi. Batsadi ba ba ntseng jalo ba tshwanetse go akanya ka Diane 29:21, e e reng: “Fa motho a tlekeetsa motlhanka [kgotsa ngwana] wa gagwe go simolola mo bosheng go ya pele, moragonyana mo botshelong jwa gagwe o tla nna yo o sa lebogeng.”

Gape batsadi ba ba kelotlhoko ba kgatlhegela tiro ya sekolo ya bana ba bone, ba ba kgothaletsa go ithuta le go dira ka natla kwa sekolong. Seno se ka solegela bana molemo fa moragonyana ba tshwanelwa ke go bereka.

Tlhopha Tiro e e Siameng

Le mororo Baebele e sa re bolelele gore re batle mofuta ofe wa tiro, e re naya kaelo e e molemo e e tla dirang gore go se nne le sepe se se ka dirang gore re se ka ra gatela pele semoyeng, re se ka ra direla Modimo le go dira maikarabelo a mangwe a a botlhokwa. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: ‘Nako e e setseng e khutshwafetse. Go tloga jaanong a ba ba dirisang lefatshe ba nne jaaka ba ba sa le diriseng ka botlalo; gonne seemo sa lefatshe leno se a fetoga.’ (1 Bakorintha 7:29-31) Ga go na sepe se se nnelang ruri kgotsa se se tlhomameng mo tsamaisong eno ya dilo. Fa re dirisa nako le maatla otlhe a rona mo go yone, go tla bo go tshwana le go dirisa madi otlhe a rona go aga ntlo mo lefelong la merwalela. A boeleele ruri!

Dithanolo tse dingwe tsa Baebele di ranola mafoko a a reng ‘ka go se le dirise ka botlalo’ ka go re “go se tshwarege thata mo go lone.” (The Jerusalem Bible) Batho ba ba kelotlhoko ga ba ke ba tlhokomologa kgang ya gore nako ya tsamaiso eno ya dilo “e khutshwafetse” le gore go “tshwarega thata” mo go yone ruri go tla felela ka maswabi le go ikwatlhaya.—1 Johane 2:15-17.

‘Ruri Modimo Ga a Na go Go Latlha ka Gope’

Jehofa o itse dilo tse re di tlhokang go feta kafa rona re di itseng ka teng. Gape o itse gore nako e re tshelang mo go yone e bokgakala jo bo kae gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe. Ka gone, o re gakolola jaana: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong. Gonne [Modimo] o rile: ‘Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.’” (Bahebera 13:5) A mafoko a a gomotsang eleruri! Jesu o ne a etsa tsela e e lorato e Modimo a amegang ka batho ba gagwe ka yone ka go dirisa nako e ntsi mo Therong ya gagwe e e itsegeng thata ya kwa Thabeng a ruta barutwa ba gagwe go nna le pono e e siameng ka tiro le dikhumo.—Mathaio 6:19-33.

Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go tsaya dithuto tseo tsia. Ka sekai, fa mothapi mongwe a ne a kopa Mosupi mongwe yo e leng rametlakase gore ka metlha a bereke nako e e fetang e e tlwaelegileng, Mosupi yono o ne a gana. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a sa batle gore tiro ya gagwe ya boitshediso e tseye nako e a e dirisetsang dilo tsa semoya le go nna le ba lelapa la gagwe. E re ka e ne e le modiri yo o setswerere le yo o ka ikanngwang, mothapi wa gagwe o ne a amogela tshwetso ya gagwe. Ke boammaaruri gore ga se ka metlha dilo di felelang jalo, mme motho a ka tshwanelwa ke go batla tiro e nngwe gore a kgone go tshela ka tsela e e lekalekaneng. Le fa go ntse jalo, batho ba ba ikanyang Jehofa ka botlalo gantsi ba fitlhela gore boitshwaro le mekgwa ya bone e e molemo ya go bereka di dira gore bathapi ba bone ba ba rate.—Diane 3:5, 6.

Nako ya fa Ditiro Tsotlhe di Tla bo di Itumedisa

Mo tsamaisong eno ya dilo e e tletseng mathata, go tla aga go na le mathata kwa ditirong le maemo a sa tlhomama. Tota e bile, dilo di tla nna di senyegela pele fa lefatshe le ntse le sa tlhomama le maemo a ikonomi a fetofetoga kgotsa le e leng go phutlhama. Mme gone, maemo ano ga a kitla a nnela ruri. Go ise go ye kae, batho botlhe ba tla nna le ditiro. Mo godimo ga moo, ditiro tsotlhe di tla bo di kgatlha e bile di itumedisa. Seo se ka direga jang? Ke eng se se tla tlisang diphetogo tse di ntseng jalo?

Jehofa o ne a dirisa moporofeti Isaia go bolelela pele nako eo. Jehofa o ne a re: “Ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isaia 65:17) O ne a bua ka puso ya gagwe e ntšha e mo go yone go tla bong go na le setšhaba se sesha se se sa tshwaneng le sa gompieno.—Daniele 2:44.

Boporofeti jono bo tswelela pele jaana fa bo bua ka tsela e batho ba tla bong ba tshela le go bereka ka yone ka nako eo: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. Gonne fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo. Ga ba kitla ba direla ka natla lefela, le fa e le go tsholela pheretlhego; ka gonne ke bana ba ba bopilweng ka basegofadiwa ba ga Jehofa, mmogo le ditlogolwana tsa bone.”—Isaia 65:21-23.

Ruri lefatshe leo le lesha la Modimo le tla tlisa phetogo e kgolo! A ga o batle go tshela mo lefatsheng le le ntseng jalo, le mo go lone ‘o se kitlang o direla ka natla lefela’ mme go na le moo o tla ipelelang “maungo” a tiro ya gago ka botlalo? Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore ke bomang ba ba tla segofadiwang jalo: “Ke bana ba ba bopilweng ka basegofadiwa ba ga Jehofa.” O ka nna mongwe wa “basegofadiwa” bao ka go ithuta ka Jehofa le go dira dilo tse a di batlang mo go rona. Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go nna le kitso eo e e nayang botshelo ka go ithuta Lefoko la Modimo, Baebele le wena.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

“BA BATLWA KE BATHAPI BA LE BANTSI”

Baebele ya re: “Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa mme e seng batho.” (Bakolosa 3:23) Ga go pelaelo gore motho yo mekgwa ya gagwe ya go bereka e laolwang ke molaomotheo ono o o molemo, o tla batlwa ke bathapi ba le bantsi. Ke gone ka moo J. J. Luna mo bukeng ya gagwe ya How to Be Invisible, a gakololang bathapi gore fa ba batla bathapiwa ba ba senke mo malokong a a tlhagafetseng a madumedi a a rileng, mme o oketsa jaana: “Boammaaruri ke gore, gantsi re feleletsa re thapile Basupi [ba ga Jehofa].” O tlhalosa gore lengwe la mabaka a seo ke gore ba itsewe gongwe le gongwe e le batho ba ba ikanyegang, mme seo se dira gore “ba batliwe ke bathapi ba le bantsi” mo ditirong tse di farologaneng.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Go lekalekanya tiro le dilo tsa semoya le boitapoloso go dira gore motho a kgotsofale