Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

e ka ntlha yang fa Isaia 30:21 e bua gore lefoko la ga Jehofa le tswa “kwa morago ga lona,” ntswa temana e e tlang pele ga yone e baya Jehofa kwa pele fa e re, “Matlho a lona a tla nna matlho a a bonang Motlhatlheledi wa lona yo Mogolo”?

Isaia 30:20, 21 e balega jaana: “Motlhatlheledi yo Mogolo wa lona ga a kitla a tlhola a iphitlha, mme matlho a lona a tla nna matlho a a bonang Motlhatlheledi wa lona yo Mogolo. Mme ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone,’ fa go direga gore lo ye kafa mojeng kgotsa go direga gore lo ye kafa molemeng.”

Fa re tsaya temana eno jaaka e ntse, mmadi o bona Jehofa, Motlhatlheledi yo Mogolo, fa pele ga gagwe mme o utlwa lentswe la gagwe (la ga Jehofa) go tswa kwa morago. Le fa go ntse jalo, mafoko ao a dirisitswe ka tsela ya tshwantshetso mme a tshwanetse go tlhaloganngwa ka yone tsela eo.

Tsela e temana ya bo20 e tlhalosang dilo ka yone e dira gore o akanye ka motlhanka yo o direlang mong wa gagwe, a siametse go dira sengwe le sengwe se mong wa gagwe a mo laelang sone. Fela jaaka motlhanka yo o etseng seatla sa mong wa gagwe tlhoko gore a lemoge se mong wa gagwe a se batlang, batho ba ga Jehofa gompieno ba tlhomile matlho a bone ka kelotlhoko mo dithutong tse di ntseng di gatela pele tsa Baebele tse Jehofa a re nayang tsone ka phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng. (Pesalema 123:1, 2) Ee, ba dira se a ba kaelang sone, ba tlhokometse sengwe le sengwe se Jehofa a se bontshang ka “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”—Mathaio 24:45-47.

Go tweng jaanong ka lefoko le batlhanka ba gagwe ba le utlwang go tswa kwa morago? Go a utlwala go konela ka gore lentswe le le tswang kwa morago ke lentswe la Modimo le a neng a le bua mo nakong e e fetileng, le le fitlhelwang mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng mme e le le “molebedi yo o boikanyego” a re thusang go le tlhaloganya. (Luke 12:42) Batlhanka ba Modimo gompieno ba utlwa lentswe la gagwe ka go ithuta Baebele ka tlhoafalo le ka go dirisa melaometheo ya yone mo botshelong jwa bone ba thusiwa ke dikgatiso tse di rulagantsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” “molebedi yo o boikanyego.” Batlhanka ba Motlhatlheledi yo Mogolo ba mmona ka tsela ya tshwantshetso fa pele ga bone ka go ela tlhoko kaelo e e mo nakong e a ba nayang yone, e bile ba utlwa lentswe la gagwe go tswa kwa morago ka go ithuta Lefoko la Modimo le le kwadilweng makgolokgolo a dingwaga a a fetileng.—Baroma 15:4.