Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dumela mo Modimong Yo re Ka Tswang Re sa Mo Itse

Go Dumela mo Modimong Yo re Ka Tswang Re sa Mo Itse

Go Dumela mo Modimong Yo re Ka Tswang Re sa Mo Itse

BATHO ba le babedi mo go ba le bararo kwa Jeremane ba dumela mo Modimong. Le fa go ntse jalo, fa batho ba feta sekete ba kopiwa gore ba tlhalose Modimo yo ba dumelang mo go ene, mo e ka nnang botlhe ba ne ba araba ka tsela e e farologaneng. Makasine wa dikgang wa FOCUS wa re: “Fela jaaka batho ba kwa Jeremane ba farologane thata, dikgopolo tsa bone ka Modimo le tsone di farologane fela jalo.” Le fa gone go siame go dumela mo Modimong, a ga go utlwise botlhoko go dumela mo go ene o sa itse gore ke Modimo wa mofuta mang?

Boikutlo jono jwa go sa tlhomamisege gore Modimo ke motho wa mofuta mang ga bo fitlhelwe fela kwa Jeremane; bo fitlhelwa le kwa mafelong a mangwe kwa Yuropa. Patlisiso e e neng ya dirwa kwa Austria, Boritane le kwa Netherlands e ne ya bontsha gore batho ba le bantsi ba dumela gore Modimo ke “maatla a a kwa godimo kgotsa sephiri se se thata go se tlhalosa.” Modimo ke masaitseweng segolobogolo mo basheng, tota le mo go ba ba dumelang mo go ene.

A o Itse Modimo ka Namana?

Go na le pharologanyo e kgolo thata magareng ga go itse ka motho le go mo itse ka namana. Go itse ka motho—e ka tswa e le kgosi nngwe e e kwa kgakala, moatleletiki yo o tumileng thata kgotsa mmampodi wa difilimi—ke go dumela fela gore motho yoo o teng. Le fa go ntse jalo, go itse motho ka namana, go akaretsa dilo di le dintsi. Go akaretsa go itse botho jwa motho yoo, boitshwaro jwa gagwe, tsela e a ikutlwang ka yone, dilo tse a di ratang le tse a sa di rateng, le dilo tse a rulaganyetsang go di dira mo isagweng. Go itse motho ka namana go naya motho sebaka sa go nna le kamano e e gaufi le ene.

Batho ba le dikete di le makgolokgolo ba lemogile gore go itse go le gonnye fela ka Modimo—kgotsa go itse fela ka ene—ga go a lekana. Ba tsere matsapa a go itse Modimo botoka. A seno se ba solegetse molemo? Monna mongwe yo o bidiwang Paul, yo o nnang kwa bokone jwa Jeremane, yo o kileng a bo a dumela mo Modimong, o ne a dira tshwetso ya go Mo itse botoka. Paul a re: “Go itse Modimo botoka go tsaya nako e bile go tlhoka gore motho a dire maiteko, mme go na le matswela a a molemo tota. Go nna le kamano e e gaufi le Mmopi wa rona go dira gore tsela e re tshelang ka yone letsatsi le letsatsi e tokafale thata.”

A go tsaya matsapa a go batla go itse Modimo botoka go ka re solegela molemo? Tsweetswee bala setlhogo se se latelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

Go na le pharologanyo e kgolo thata magareng ga go itse ka motho le go mo itse ka namana