Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa—Modimo yo re Tshwanetseng go mo Itse

Jehofa—Modimo yo re Tshwanetseng go mo Itse

Jehofa—Modimo yo re Tshwanetseng go mo Itse

A GO ka direga gore o fetwa ke sengwe sa botlhokwa mo botshelong? Ee go ntse jalo fa o sa itse go le kalo ka Modimo. Ka ntlha yang? Ka gonne, jaaka batho ba le dimilione ba lemogile, go itse Modimo wa Baebele go re solegela molemo thata mo botshelong. O simolola go bona melemo eno ka bonako mme e nnela ruri.

Jehofa Modimo, Mokwadi wa Baebele, o batla gore re mo itse. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Modimo o itse gore go mo itse go tla re solegela molemo. “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo.” Re solegelwa molemo jang ke go itse Jehofa Modimo, Mogodimodimo?—Pesalema 83:18; Isaia 48:17.

Tsela e nngwe e re solegelwang molemo ka yone ke gore re kgona go bona tsela ya go rarabolola mathata a re kopanang le one letsatsi le letsatsi, re nna le tsholofelo e e tlhomameng ya isagwe, le kagiso ya mogopolo. Mo godimo ga moo, go itse Jehofa sentle go dira gore re akanye ka tsela e e farologaneng ka dipotso tsa botlhokwa tse batho ba lebaneng le tsone mo lefatsheng lotlhe gompieno. Dipotso tseo ke dife?

A Botshelo Jwa Gago Bo na Le Bokao?

Le fa batho ba gatetse pele mo go tsa botegeniki, le gompieno ba sa ntse ba botsa dipotso tseno tsa botlhokwa: ‘Ke ka ntlha yang fa ke tshela? Ke ya kae? Bokao jwa botshelo ke eng?’ Fa motho a sa bone dikarabo tse di kgotsofatsang, botshelo jwa gagwe ga bo na go nna le bokao jwa mmatota. A batho ba bantsi ba lemoga go tlhoka bokao mo go ntseng jalo mo botshelong? Patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Jeremane kwa bofelong jwa bo1990 e ne ya tlhalosa gore gantsi batho ba ba bodiwang potso eo ba na le maikutlo a gore go lebega botshelo bo se na bokao. Gongwe go ka tswa go ntse jalo kwa o nnang teng.

Fa botshelo jwa motho bo se na bokao, ga a na motheo o a ka tlhomang mekgele ya gagwe mo go one. Batho ba bantsi ba leka go dira gore go se ka ga bonala gore botshelo jwa bone ga bo na bokao ka go tshwarega thata mo tirong e e atlegileng kgotsa ka go kokoanya dikhumo. Le fa go ntse jalo, go tlhoka bokao mo botshelong go a ba tshwenya. Go tlhoka bokao mo botshelong go tshwenya batho ba bangwe thata mo e leng gore ga ba tlhole ba batla go tshela. Go ya ka International Herald Tribune, seno ke se se ileng sa diragalela lekgarebe lengwe le le ntle, le le neng le godiseditswe “mo letlepung la khumo e bile le sa tlhoke sepe.” Le fa a ne a tshelela mo manobonobong, o ne a jewa ke bodutu mme a bona botshelo jwa gagwe bo se na bokao. O ne a nwa dipilisi tse di robatsang mme a fitlhelwa a sule. O ka tswa o itse batho ba bangwe ba ba neng ba jewa ke bodutu ba ba ileng ba swa botlhoko jalo.

A o kile wa utlwa batho ba re saense e ka re bolelela sengwe le sengwe ka botshelo? Lokwalodikgang lwa Jeremane lwa Die Woche lo lo tswang beke le beke lwa re: “Le fa saense e ka tswa e le boammaaruri, e a tlhaela fa go tliwa mo dikgannyeng tsa bodumedi. Thutotlhagelelo e lebega e sa kgotsofatse, le thuto ya saense e e amanang le diatomo e e nang le dilo tse di thata go di tlhalosa, ga di gomotse batho e bile ga di dire gore ba ikutlwe ba babalesegile.” Dilo tse di lemogilweng mo go tsa saense di thusitse thata go tlhalosa mefuta e e farologaneng ya ditshedi le go tlhalosa medikologo ya tlholego tse di dirang gore botshelo bo tswelele bo le teng. Le fa go ntse jalo, saense ga e kgone go re bolelela gore ke eng fa re tshela le gore re ya kae. Fa re ikaega fela ka saense, re ka se ka ra bona dikarabo tsa dipotso tsa rona tse di amanang le bokao jwa botshelo. Go ya ka se se begilweng ke lokwalodikgang lwa Süddeutsche Zeitung go tla felela ka gore “batho ba bantsi ba tlhoke se se ba kaelang.”

A ga se Mmopi fela yo o ka re nayang kaelo e e ntseng jalo? E re ka e le ene kwa tshimologong a beileng batho mo lefatsheng, o tshwanetse a bo a itse gore ke ka ntlha yang fa ba tshela. Baebele e tlhalosa gore Jehofa o ile a bopa batho gore ba tlatse lefatshe le gore ba le tlhokomele. Batho ba ne ba tshwanetse go bontsha dinonofo tsa gagwe, tse di jaaka tshiamiso, botlhale le lorato mo dilong tsotlhe tse ba di dirang. Fa re setse re tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a re bopile, re tla itse gore ke ka ntlha yang fa re tshela.—Genesise 1:26-28.

Ke Eng Se o Ka se Dirang?

Go tweng fa e le gore mo nakong e e fetileng ga o a ka wa bona dikarabo tse di go kgotsofatsang tsa dipotso tseno: ‘Ke eng fa ke tshela? Ke ya kae? Bokao jwa botshelo ke eng?’ Baebele e rotloetsa gore o itse Jehofa botoka. Tota e bile Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” Gape o rotloediwa gore o nne le dinonofo tsa bomodimo, segolobogolo lorato, mme o go dire mokgele wa gago go tshela mo Bogosing Jwa Modimo Jwa ga Mesia jo bo tlang. Fa o dirile jalo botshelo jwa gago bo tla nna le bokao mme o tla nna le tsholofelo e e molemo, e e tlhomameng ya isagwe. Gongwe dipotso tse di botlhokwa tse di ntseng di go tshwenya go fitlha jaanong di tla arabiwa.—Johane 17:3; Moreri 12:13.

A go bona dikarabo tsa dipotso tseno go ka dira gore o ikutlwe ka tsela e e farologaneng? Hans ke ene a ka itseng. * Hans o kile a bo a dumela mo Modimong, mme tumelo ya gagwe e ne e sa fetole botshelo jwa gagwe ka tsela epe. Hans o ne a dirisa diokobatsi, a rata basadi ba ba se nang boitsholo, a tlola molao mo dilong tse dinnye, e bile a rata dikuta. A re: “Mme botshelo jwa me bo ne bo se na bokao, bo sa kgotsofatse le e seng.” Fa Hans a ne a na le dingwaga di ka nna 25, o ne a dira tshwetso ya go batla go itse Modimo ka go bala Baebele ka kelotlhoko. Fa Hans a sena go itse Jehofa botoka e bile a tlhaloganya bokao jwa botshelo, o ne a fetola mokgwa wa gagwe wa botshelo mme a kolobediwa a nna Mosupi wa ga Jehofa. O na le dingwaga di le lesome a le mo tirelong ya nako e e tletseng. O bua jaana a sa belaele: “Ga go na sepe se se gaisang go direla Jehofa mo botshelong. Ga go na sepe se go ka bapisiwang le sone. Go itse Jehofa go dirile gore botshelo jwa me bo nne le bokao.”

Mme gone, batho ba bantsi ga ba tshwenngwe fela ke kgang ya gore bokao jwa botshelo ke eng. Jaaka maemo a lefatshe a ntse a senyegela pele, batho ba bantsi ba tshwenngwa ke kgang e nngwe gape ya botlhokwa.

Ke ka Ntlha Yang fa Seno se Diragetse?

Fa motho a welwa ke mathata, gantsi o ipotsa potso eno: Ke ka ntlha yang fa seno se diragetse? Gore motho a kgone go itshokela mathata go ikaegile thata ka gore a bone karabo e e tshwanetseng ya potso eo. Fa motho a sa bone karabo e e kgotsofatsang, o ka nna a tshwenyega go ya pele e bile o ka nna a galefa. Ka sekai, a re sekaseke se se diragaletseng Bruni.

Bruni yo jaanong e leng mmè yo o mo dingwageng tsa bogare, o tlhalosa jaana: “Mo dingwageng tse di fetileng lesea la me la mosetsanyana le ne la tlhokafala. Ke ne ke dumela mo Modimong, ka jalo ke ne ka ya go kopa thuso kwa moruting. O ne a mpolelela gore Modimo o ne a tseetse Susanne kwa legodimong, kwa jaanong a tshelang e le moengele. Fa a ne a tlhokafala ke ne ka aparelwa ke bohutsana jo bogolo thata mme gape ke ne ka tlhoa Modimo ka gonne a mo tsere.” Bruni o ne a utlwa botlhoko mme a tshwenyega ka dingwaga di le mmalwa. “Go tswa foo mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a mpontsha mo Baebeleng gore go ne go sa tlhokege gore ke tlhoe Modimo. Jehofa o ne a sa tseela Susanne kwa legodimong, e bile ga se moengele. O ne a lwala ka gonne a sa itekanela jaaka batho botlhe. Susanne o robetse mo losong, o letetse gore Jehofa a mo tsose. Gape ke ne ka ithuta gore o diretse batho gore ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise, le gore seno se gaufi le go direga. Fa ke sena go tlhaloganya gore tota Jehofa ke motho wa mofuta mang, ke ne ka atamalana le ene mme kutlobotlhoko ya me ya simolola go kokobela.”—Pesalema 37:29; Ditiro 24:15; Baroma 5:12.

Dimilione tsa batho di na le mathata a a farologaneng: bomadimabe jo bo welang batho, ntwa, leuba kgotsa masetlapelo a tlholego. Bruni o ne a wela makgwafo fa a ne a bona mo Baebeleng gore Jehofa ga se ene a bakang mathata, gore o ne a sa ikaelela gore batho ba boge, le gore go ise go ye kae o tla fedisa bosula. Go oketsega ga bosula fela ka bogone ke sesupo sa gore gone jaanong re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo. Phetogo e kgolo e e tla tokafatsang dilo e rotlhe re e tlhoafaletseng e gaufi.—2 Timotheo 3:1-5; Mathaio 24:7, 8.

Go Ithuta ka Modimo

Hans le Bruni ba ne ba itse go se kae fela ka Modimo. Ba ne ba dumela mo go ene le fa ba ne ba sa itse go le kalo ka ene. Fa ba ne ba ipha nako ya go itse Jehofa sentle, ba ne ba solegelwa molemo. Ba ne ba bona dikarabo tse di tshwanetseng tsa bontsi jwa dipotso tse di botlhokwa tse batho ba di ipotsang mo motlheng wa rona. Seno se ne sa dira gore ba nne le kagiso ya mogopolo le tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe. Batlhanka ba ga Jehofa ba le dimilionemilione ba ile ba diragalelwa ke se se tshwanang.

Gore motho a itse Jehofa o tshwanetse a simolola ka go ithuta Baebele ka kelotlhoko, e e leng yone e re bolelelang ka ga gagwe le gore o batla re dirang. Ke se bangwe ba neng ba se dira mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Luke yo e neng e le mokwalahisitori e bile e le ngaka o bega gore maloko a phuthego ya Bajuda kwa Berea, e e neng e le kwa Gerika “ba ne ba amogela lefoko [mo go Paulo le Silase] ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.”—Ditiro 17:10, 11.

Gape Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba kopana mmogo mo diphuthegong. (Ditiro 2:41, 42, 46; 1 Bakorintha 1:1, 2; Bagalatia 1:1, 2; 2 Bathesalonika 1:1) Go ntse jalo le gompieno. Diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di kopana mmogo mo dipokanong tse di diretsweng segolobogolo go thusa batho go atamalana gaufi le Jehofa le go ipelela go mo direla. Go kopanela le Basupi ba lefelo la lona go ka go solegela molemo ka tsela e nngwe gape. E re ka batho ka bonya ka bonya ba simolola go nna jaaka Modimo yo ba mo obamelang, Basupi ba ga Jehofa ba bontsha dinonofo tse Jehofa ka boene a nang le tsone—le fa gone ba di bontsha ka tsela e e lekanyeditsweng. Ka jalo, go kopanela le Basupi go re thusa go itse Jehofa ka tsela e e botoka le go feta.—Bahebera 10:24, 25.

A seo se utlwala e le go tsaya matsapa a magolo go itse Motho a le esi fela? Ee, go tlhokega go tsaya matsapa. A mme ga o tlhoke go tseela dilo di le dintsi tse o di batlang mo botshelong matsapa? Akanya ka matsapa a magolo a go ikatisa a a tsewang ke moatleletiki wa maemo a a kwa godimo. Ka sekai, Jean-Claude Killy, yo o gapileng metlele wa gouta kwa Diolimpiking tsa Fora mo motshamekong wa go itheledisa mo aeseng, o bolela jaana malebana le se se tlhokegang gore motho a kgone go atlega mo dikgaisanong tsa ditšhabatšhaba: “O tshwanetse wa simolola go sa ntse go setse dingwaga di le 10 mme o rulaganyetse dikgaisano tseo ka dingwaga di le dintsi, o akanya ka tsone letsatsi le letsatsi . . . Ke tiro e e amang mogopolo le mmele e e tsayang malatsi a le 365 mo ngwageng.” O tlhoka nako eo yotlhe le boiteko go ipaakanyetsa go gaisana mo lobelong lo lo ka tsayang metsotso e le lesome fela! Mme go itse Jehofa go ka leretse motho se se fetang seo—e bile e le se se nnelang ruri go feta seo.

Kamano e e Tswelelang e Gola

Ke mang yo o ka batlang go fetwa ke sengwe sa botlhokwa mo botshelong? Ga a yo. Ka gone, fa e le gore o akanya gore botshelo jwa gago ga bo na bokao bope jwa mmatota, kgotsa fa e le gore o rata go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa go na le mathata, ikemisetse ka pelo yotlhe gore o itse Jehofa, Modimo wa Baebele. Go ithuta ka ga gagwe go ka tokafatsa botshelo jwa gago, ka bosakhutleng.

A re tla tsamaya re fetsa go ithuta ka ga Jehofa? Batho ba ba sa bolong go mo direla ka dingwaga di le dintsi ba sa ntse ba kgatlhiwa ke se ba se ithutileng ka ga gagwe le ke dilo tse disha tse ba ntseng ba di ithuta ka ga gagwe. Go ithuta dilo tse di ntseng jalo go a re itumedisa e bile go dira gore re atamalane le ene go feta pele. E kete re ka dumalana le mafoko a ga moaposetoloi Paulo fa a ne a re: “A boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso! A bo dikatlholo tsa gagwe di ka se ka tsa hukutsega jang ne le ditsela tsa gagwe e le tse di sa ka keng tsa latedisiwa! Gonne ‘ke mang yo o itseng mogopolo wa ga Jehofa, kgotsa ke mang yo jaanong a leng mogakolodi wa gagwe?’”—Baroma 11:33, 34.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 12 Maina a fetotswe.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Batho gompieno ba sa ntse ba botsa dipotso tseno tsa botlhokwa: ‘Ke ka ntlha yang fa ke tshela? Ke ya kae? Bokao jwa botshelo ke eng?’

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Fa ke sena go tlhaloganya gore tota Jehofa ke motho wa mofuta mang, ke ne ka atamalana le ene”

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“Ga go na sepe se se gaisang go direla Jehofa mo botshelong. Ga go ka ke ga bapisiwa le sepe. Go direla Jehofa go dirile gore botshelo jwa me bo nne le bokao”