Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O se Ka wa Tlogelela Pelo ya Ngwana wa Gago Fela!

O se Ka wa Tlogelela Pelo ya Ngwana wa Gago Fela!

O se Ka wa Tlogelela Pelo ya Ngwana wa Gago Fela!

MMOPI yo o setswerere wa letsopa o kgona go dirisa letsopa le le sa reng sepe go dira sejana se sentlentle. Ke batho ba le mmalwa fela ba ba itseng tiro eno ya go bopa ba ba kgonang go dira dilo di le dintsi tse dintle jaana ka selo se sennye jaana. Batho ga ba bolo go nna ba lebeletse mo mmoping wa letsopa go bona dilo tse di jaaka dikopi, dijana, dipitsa tsa go apaya, dikurwana tsa letsopa le dijana tse di kgabisang.

Batsadi le bone ba thusa thata mo setšhabeng fa ba bopa botho jwa bana ba bone. Baebele e tshwantsha mongwe le mongwe wa rona le letsopa, mme Modimo o abetse batsadi tiro e e botlhokwa thata ya go bopa “letsopa,” e leng bana ba bone. (Jobe 33:6; Genesise 18:19) Fela jaaka fa go ntse ka go dira pitsa e ntle ya letsopa, go godisa ngwana gore e nne mogolo yo o nang le maikarabelo le yo o akanyang sentle ga se kgetsi e potlana. Go godisa ngwana ka tsela e e ntseng jalo ga go itiragalele fela.

Go na le dilo di le dintsi thata tse di tlhotlheletsang dipelo tsa bana ba rona. Sebe sa phiri ke gore dingwe tsa dilo tseno ke tse di senyang. Ka jalo, go na le gore a tlogelele pelo ya ngwana wa gagwe fela, motsadi yo o botlhale o tla mo thapisa “ka tsela e e mo tshwanetseng,” ka tsholofelo ya gore “le fa a tsofala ga a na go e fapoga.”—Diane 22:6.

Batsadi ba ba botlhale ba Bakeresete ba tshwanetse go ipha nako ya go tlosa dilo le fa e le dife tse di ka tlhotlheletsang dipelo tsa bana ba bone ka tsela e e sa siamang fa ba ntse ba dira tiro eno e e botlhokwa thata le e e tsayang lobaka ya go godisa bana. Go tla bonala sentle gore ba rata bana ba bone go le kana kang fa ka bopelotelele ba ntse “ba ba ruta le go ba siamisa ka kgodiso ya Bokeresete.” (Baefeso 6:4, The New English Bible) Gone mme tiro ya batsadi e tla nna motlhofo thata fa ba ba simolola ba sa ntse ba le bannye.

Go Simolola Ba sa Le Bannye

Batho ba ba bopang letsopa ba rata go dira ka letsopa fa le sa ntse le le metsi mo o ka kgonang go bopa ka lone mme gone le tiile sentle mo le ka kgonang go tshwarelela tsela e le bopilweng ka yone. Fa ba sena go fefera letsopa leno, ba rata go le dirisa mo lobakeng lwa dikgwedi di le thataro. Ka tsela e e tshwanang, nako e e molemo thata e batsadi ba ka simololang ka yone go bopa dipelo tsa bana ba bone ke fa di sa ntse di kgona go utlwa le go rutega motlhofo.

Baitse ba bana ba bolela gore fa ngwana a le dikgwedi di le robedi o a bo a setse a kgona go lemoga medumo ya puo ya gaabo, a setse a kgona go nna le kamano e e gaufi thata le batsadi ba gagwe, a kgona go lemoga dilo e bile a setse a simolola go bona se se diregang go mo dikologa. Nako e e siameng ya gore o simolole go bopa pelo ya gagwe ke fa a sa ntse a le monnye. A bo ngwana wa gago a tla solegelwa molemo jang ne ke go ‘itse mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng,’ fela jaaka Timotheo!—2 Timotheo 3:15. *

Gantsi masea a etsa batsadi ba one. Mo godimo ga go etsa medumo, tsela e ba bangwe ba itshwarang ka yone le e ba buang ka yone, ba ithuta gape go rata, go nna bonolo le go nna kutlwelobotlhoko fa ba bona batsadi ba bone ba bontsha dinonofo tseno. Fa re batla go thapisa ngwana wa rona ka melao ya ga Jehofa, melao ya Modimo e tshwanetse go nna mo dipelong tsa rona pele. Go anaanela melao ya Modimo go tswa pelong ka tsela eno go tla tlhotlheletsa batsadi go bua le bana ba bone ka Jehofa le Lefoko la gagwe ka metlha. Baebele e gakolola jaana: “O bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.” (Duteronome 6:6, 7) Francisco le Rosa ba tlhalosa kafa ba dirang seno ka gone mo baneng ba bone ba babedi ba babotlana. *

“Kwantle ga metlotlo e re nnang le yone ka metlha yotlhe, re leka go bua le mongwe le mongwe wa bana ba rona ka metsotso e le 15 letsatsi le letsatsi. Fa re lemoga gore ba na le bothata bongwe, re bua le bone nako e e oketsegileng—mme go a direga gore re kopane le mathata ao. Ka sekai, bosheng jaana fa morwa wa rona wa dingwaga tse tlhano a ne a bowa go tswa kwa sekolong o ne a re bolelela gore ga a dumele mo go Jehofa. Go bonala mongwe wa bana ba ba mo phaposing e le nngwe le ene a ne a mo tshega a re ga go na Modimo.”

Batsadi bano ba ne ba lemoga gore bana ba tshwanetse go nna le tumelo mo Mmoping wa bone. Go ka dirisiwa lorato lo ka tlholego ba ratang popo ya Modimo ka lone go aga tumelo eo. A bo bana ba rata jang ne go tshwara phologolo, go kgetlha malomo kana go tshamekela mo moshaweng o o fa lotshitshing lwa lewatle! Batsadi ba ka ba thusa go lemoga kafa popo e golaganang ka gone le Mmopi. (Pesalema 100:3; 104:24, 25) Tsela e ba sisimogang le go tlotla popo ya ga Jehofa ka yone e ka nnela ruri. (Pesalema 111:2, 10) Mo godimo ga kanaanelo e ngwana a nang le yone, a ka nna le keletso ya go itumedisa Modimo le go tshaba go mo kgopisa. Seno se tla mo tlhotlheletsa gore ‘a fapoge bosula.’—Diane 16:6.

Le fa bana ba le bantsi ba bannye ba rata go itse e bile ba le bonako go ithuta, ga go motlhofo gore ba utlwe. (Pesalema 51:5) Ka dinako tse dingwe ba ka nna ba batla go dira dilo ka tsela ya bone kana go nna le sengwe le sengwe se ba se batlang. Batsadi ba tshwanetse gore ba nitame, ba nne pelotelele ba bo ba latele melao e ba e tlhomileng gore boikutlo jono bo se ka jwa nwelelela mo baneng ba bone. (Baefeso 6:4) Seno ke se Phyllis le Paul, ba ba neng ba atlega go godisa bana ba le batlhano, ba ileng ba se lemoga.

Phyllis o gakologelwa jaana: “Mo godimo ga gore botho jwa ngwana mongwe le mongwe bo ne bo farologane le jwa yo mongwe, mongwe le mongwe wa bone o ne a batla go dira dilo ka tsela ya gagwe. Go ne go se motlhofo, le fa go ntse jalo kgabagare ba ne ba ithuta se lefoko ‘nnyaa’ le se bolelang.” Monna wa gagwe e bong Paul, o ne a bolela jaana: “Gantsi re ne re ba bolelela mabaka a ditshwetso tsa rona fa ba ne ba godile sentle gore ba ka a tlhaloganya. Le fa re ne re leka ka dinako tsotlhe go nna pelonomi, re ne ra ba ruta go tlotla taolo e re e filweng ke Modimo.”

Le fa dingwaga tse di simololang tsa ngwana di ka mmakela mathata, batsadi ba le bantsi ba fitlhela gore bothata jo bogolo bo nna gone fa ba le mo dingwageng tsa bolesome fa dipelonyana tsa bone tse di iseng di gole sentle di lebana le diteko tse dintsi tse disha.

Go Fitlhelela Pelo ya Ngwana wa Dingwaga Tsa Bolesome

Mmopi wa letsopa o tshwanetse go simolola go bopa letsopa la gagwe pele ga le omelela. Gore a nne le nako e e oketsegileng ya go bopa, a ka nna a kolobetsa letsopa go se kae gore le nne le ntse le le metsi. Batsadi le bone ka tsela e e tshwanang ba tshwanetse go dira ka natla gore ba thibele dipelo tsa bana ba bone ba ba sa leng basha gore di se ka tsa kgwaralala. Mme sedirisiwa sa bone sa konokono ke Baebele, e ka yone ba ka kgonang ‘go kgalemela, go tlhamalatsa dilo le go tlhomelela bana ba bone ka botlalo gore ba dire tiro nngwe le nngwe e e molemo.’—2 Timotheo 3:15-17.

Le fa go ntse jalo, mosha a ka nna a se ka a amogela kgakololo ya batsadi ka bonako jaaka fa a ne a sa ntse a le monnye. Basha ba ka nna ba simolola go reetsa dithaka tsa bone, mme seo se ka dira gore ba okaoke go bulela batsadi ba bone mafatlha a bone. Mo maemong a a ntseng jalo, batsadi ba tshwanetse go nna pelotelele le go dirisa botswerere jo bogolwanyane jaaka fa maemo a bone le a bana ba bone a fetoga. Mosha yono o tshwanetse go amogela diphetogo tse a nnang le tsone mo mmeleng le mo maikutlong. O tshwanetse go simolola go itirela ditshwetso le go itlhomela mekgele e e tla mo amang mo botshelong. (2 Timotheo 2:22) Mo nakong eno yotlhe e e thata, o tshwanetse go lebana le selo se se ka nnang sa senya pelo ya gagwe—go gatelelwa ke balekane.

Ga se gantsi kgatelelo eno e tlang ka tsela e o tla kgonang go e lemoga motlhofo. Go na le moo, gantsi e tla e le dipuo kgotsa maemo a a sa kgaotseng a a ka nnang a mo koafatsa. Dilo tseno di tlhasela ba le bantsi mo ba leng bokoa thata teng, e leng mo maikutlong a bone a a nweleletseng a go batla go amogelwa ke basha ba bangwe. E re ka mosha a na le go itshoga e bile a batla go amogelwa ke ba bangwe, a ka nna a simolola go tshegetsa “dilo tse di mo lefatsheng” tse basha ba bangwe ba di buelelang.—1 Johane 2:15-17; Baroma 12:2.

Selo se sengwe se se dirang dilo maswe le go feta ke gore dikeletso tsa tlholego tsa pelo e e sa itekanelang di ka dira gore dilo tse dithaka tsa bone di di buang di utlwale di le boammaaruri. Dipuo tse di tshwanang le “Ijese monate” le “Dira maratwaepelo” di ka utlwala di gogela thata. María o gakologelwa se se mo diragaletseng: “Ke ne ka reetsa basha ba bangwe ba e neng e le dithaka tsa me ba ba neng ba dumela gore basha ba tshwanetse go ijesa monate ka botlalo, ba se na sepe le gore go ka diregang morago ga moo. E re ka ke ne ke batla go dira se ditsala tsa me tsa kwa sekolong di neng di se dira, ke ne ka batla ke tsena mo mathateng a a magolo.” Wena motsadi o batla go thusa ngwana wa gago yo o sa leng mosha gore a kgone go atlega fa a lebane le kgatelelo eno, mme o ka dira seno jang?

Mo tlhomamisetse ka mafoko a gago le ka ditiro tsa gago gore o amegile ka ene. Leka go bona gore o ikutlwa jang ka dilo, mme o leke go tlhaloganya mathata a gagwe, a a ka nnang a bo a le boima go feta mathata a wena o neng wa lebana le one fa o ne o tsena sekolo. Nako eno ke yone e tota ngwana wa gago a tlhokang go go tsaya jaaka motho yo a ka mo tshololelang maikutlo a gagwe. (Diane 20:5) O ka kgona go lemoga ka tsela e a itshwarang ka yone kgotsa e a lebegang ka yone gore o tlaletswe kgotsa o tlhakane tlhogo. Tsibogela dilo tseno tse o di bonang mo go ene, mme o ‘gomotse pelo ya gagwe.’—Bakolosa 2:2.

Mme gone, go botlhokwa gore o nitame mo go se se siameng. Batsadi ba le bantsi ba iphitlhela nako le nako ba nna le dikgotlhang le bana ba bone, mme batsadi ga ba a tshwanela go ineela fa e le gore tshwetso ya bone e theilwe mo go se se siameng. Kafa letlhakoreng le lengwe, tlhomamisa gore o tlhaloganya boemo sentle pele ga o swetsa gore a o tshwanetse go otlhaya ka lorato le gore o tla go dira jang fa e le gore go a tlhokega.—Diane 18:13.

Tota le mo Phuthegong

Sejana sa letsopa se ka nna sa lebega se siame, mme fa se ise se fete mo molelong, se ka nna sa senngwa ke tsone diedi tse se diretsweng gore se di tshole. Baebele e bontsha gore diteko le mathata di tshwana le go feta mo molelong, e re ka di bontsha gore tota re batho ba mofuta ofe. Gone mme Baebele e bua segolobogolo ka go lekwa ga tumelo ya rona, mme ka kakaretso, go ntse jalo le ka diteko tse dingwe. (Jakobe 1:2-4) Se se gakgamatsang ke gore dingwe tsa diteko tse di boima tse basha ba lebanang le tsone di ka tswa mo phuthegong.

Le fa ngwana wa gago yo o sa leng mosha a ka bonala a siame semoyeng, mo teng ga gagwe a ka nna a bo a lwantshana le maikutlo a go nna pelopedi. (1 Dikgosi 18:21) Ka sekai, Megan o ne a lebana le dikgopolo tsa lefatshe tse di neng di tswa mo basheng ba bangwe ba ba neng ba tlhola ba tla kwa Holong ya Bogosi:

“Ke ne ka tlhotlhelediwa ke setlhopha sengwe sa basha ba ba neng ba tsaya gore go nna Mokeresete go a lapisa e bile go ba kgoreletsa go ijesa monate. Ba ne ba tle ba bue dilo tse di tshwanang le: ‘Fela fa ke nna le dingwaga di le 18, ke tlile go tlogela boammaaruri’ kana ‘Fa nka ipona fela ke dule mo boammaaruring.’ Ba ne ba sa ikopanye le basha ba ba neng ba sa dumalane le bone, e bile ba ne ba ba bitsa gore ke baitshepi.”

Go tlhokega fela mosha a le mongwe kana ba le babedi ba ba nang le mokgwa o o sa siamang go tlhotlheletsa ba bangwe botlhe. Gantsi ba ba mo setlhopheng ba dira se bontsi bo se dirang. Boeleele le go ipelafatsa di ka dira gore ba itlhokomolose botlhale le maitseo. Ka maswabi, mo dinageng di le dintsi, go ile ga direga gore basha ba Bakeresete ba tsene mo mathateng ka ntlha ya go ya le mogoso.

Ke boammaaruri gore basha ba tlhoka selekanyo se se rileng sa go itumelela botsalano. Wena jaaka motsadi o ka dira seno jang? Akanyetsa boitlosobodutu jwa bone sentle, o bo o rulaganyetse go dira ditiro tse di kgatlhang lo le lelapa kana le basha le bagolo ba kopane. Itse ditsala tsa ngwana wa gago. Ba laletse go tla go ja le lona, kana o iphe nako le bone maitseboa mangwe. (Baroma 12:13) Kgothaletsa ngwana wa gago go dira tiro nngwe e e mosola, e e jaaka go ithuta go tshameka sedirisiwa sengwe sa mmino kana go ithuta puo e sele kana tiro ya diatla. Go ya bokgakaleng jo bo rileng, a ka nna a kgona go dira seno a le mo lefelong le le babalesegileng la mo gae.

Go Tsena Sekolo go ka Sireletsa

Fa mosha a tsena sekolo seo se ka mo thusa gore a beye boitlosobodutu mo maemong a jone. Loli, yo e nnileng mookamedi wa sekolo se segolo ka dingwaga di le 20, a re: “Ke ile ka bona basha ba le bantsi ba Basupi ba tsena ba bo ba tswa mo sekolong. Ba le bantsi ba ne ba na le boitshwaro jo bontle thata, mme bangwe o ne o ka se kgone go ba farologanya le baithuti ba bangwe. Ba e neng e le dikao tse di molemo ka metlha e ne e le bone ba ba kgatlhegelang dithuto tsa bone. Ke gakolola batsadi thata gore ba kgatlhegele thata thutego ya bana ba bone, ba itse barutabana ba bana ba bone le gore ba thuse bana ba bone go bona gore go botlhokwa go nna le maduo a a molemo. Bangwe ba tla gaisa ba bangwe, mme gone botlhe ba ka kgona go fitlhelela maemo a a kgotsofatsang le go tlotliwa ke barutabana ba bone.”

Go ithuta ka tsela e e ntseng jalo gape go ka thusa basha go gatela pele semoyeng. Go ka ba ruta mekgwa e e siameng ya go ithuta, ga laola megopolo ya bone le go ba thusa gore e nne batho ba ba nang le boikarabelo. Bokgoni jwa bone jwa go bala sentle le jwa go tlhaloganya kwantle ga pelaelo bo tla ba kgothatsa gore e nne baithuti ba ba botoka le barutisi ba Lefoko la Modimo. (Nehemia 8:8) Dilo tse di tlhokegang mo tirong ya bone ya sekolo le mo go ithuteng dilo tsa semoya di ka ba thusa gore ba beye boitlosobodutu mo bo tshwanetseng.

Go Leretse Batsadi le Jehofa Tlotlo

Kwa Gerika wa bogologolo dijana di le dintsi di ne di nna le mosaeno wa mmopi wa letsopa mmogo le yo o neng a le kgabisa. Ka mo go tshwanang, gantsi mo lelapeng go na le ba le babedi ba ba nnang le seabe mo go bopeng bana. Mmè le rre ka bobedi jwa bone ba nna le seabe mo go bopeng pelo ya ngwana wa bone, mme ka tsela ya tshwantshetso ngwana wa lona o nna le “mosaeno” wa lona ka bobedi. Fela jaaka mmopi wa letsopa yo o atlegileng mmogo le yo o le kgabisitseng, lo ka ikutlwa lo le motlotlo ka tiro ya lona ya go bopa mosha yo o molemo le yo montle.—Diane 23:24, 25.

Lo tla atlega mo maitekong ano a magolo go ikaegile ka gore lo dirile go le kana kang go bopa pelo ya ngwana wa lona. Re solofela gore lo tla kgona go bolela lo re: “Molao wa Modimo wa gagwe o mo pelong ya gagwe; dikgato tsa gagwe ga di na go kgwetlha.” (Pesalema 37:31) Pelo ya ngwana e botlhokwa thata mo e sa tshwanelang go tlogelelwa fela.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Batsadi bangwe ba balela bana ba bone ba ba sa tswang go tsholwa Baebele. Lentswe leno le le monate le tiragalo eno e e itumedisang di ka dira gore ngwana a itumelele go bala mo botshelong.

^ ser. 9 Maina mangwe a fetotswe.