Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batla Pele Bogosi—Botshelo Jo bo Se Nang Matshwenyego Le jo Bo Itumedisang

Batla Pele Bogosi—Botshelo Jo bo Se Nang Matshwenyego Le jo Bo Itumedisang

Kgang ya Botshelo

Batla Pele Bogosi—Botshelo Jo bo Se Nang Matshwenyego Le jo Bo Itumedisang

JAAKA GO BOLETSE JETHA SUNAL

Morago ga dijo tsa sefitlholo re ne ra utlwa kitsiso eno mo radiong: “Basupi ba ga Jehofa ga ba letlelelwa semolao, mme tiro ya bone e thibetswe.”

E NE e le ka ngwaga wa 1950, mme rona basadi ba banè ba ba mo dingwageng tsa bo20 re ne re le barongwa ba Basupi ba ga Jehofa kwa Dominican Republic. Re fitlhile teng ngwaga pele ga moo.

Tirelo ya borongwa e ne e se mokgele o ke neng ke na le one ka metlha mo botshelong. Ee, gone ke ne ke tle ke ye kerekeng fa ke sa le ngwana. Le fa go ntse jalo, rre o ne a tlogela go tlhola a ya kerekeng ka Ntwa ya Lefatshe I. Ka letsatsi le ke neng ke tlhomamisiwa ka lone mo Kerekeng ya Episcopal ka 1933, bishopo o ne a bala temana e le nngwe fela mo Baebeleng, go tswa foo a bo a simolola go bua dipolotiki. Mmè o ne a galefile tota mo e leng gore ga a ise a ke a tlhole a le baya gape mo kerekeng.

Botshelo Jwa Rona bo ne Jwa Fetoga

Batsadi ba me, e bong William Karl le Mary Adams, ba ne ba nna le bana ba le batlhano. Ba basimane e ne e le Don, Joel, le Karl. Nnake wa mosetsana, e bong Joy, e ne e le gofejane, mme nna ke ne ke le leitibolo. Ke akanya gore ke ne ke na le dingwaga di le 13 fa ka letsatsi lengwe ke ne ke fitlhela Mmè a bala bukana nngwe e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa fa ke tswa kwa sekolong. E ne e na le setlhogo se se reng The Kingdom, the Hope of the World. O ne a nthaya a re: “Selo seno ke boammaaruri wa itse.”

Mmè o ne a bua le rona rotlhe ka dilo tse a neng a di ithuta mo Baebeleng. Ka tsela e a neng a bua ka yone le e a neng a dira dilo ka yone, o ne a gatelela mo go rona botlhokwa jwa kgakololo ya ga Jesu e e reng: “Lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe.”—Mathaio 6:33.

Ga se ka metlha ke neng ke kgatlhegela go reetsa se a neng a se bua. Nako nngwe ke ne ka mo raya ka re, “Mma, tlogela go ntherela, e seng jalo ga ke ye go tlhola ke go phimolela dijana.” Le fa go ntse jalo, ka botlhale o ne a nna a tswelela a bua le rona. Ka metlha o ne a tsamaya le rona rotlhe bana kwa dithutong tsa Baebele tse di neng di tshwarelwa kwa ntlong ya ga Clara Ryan, yo o neng a sa nne kgakala thata le kwa gae kwa Elmhurst, Illinois, kwa U.S.A.

Gape Clara e ne e le morutisi wa piano. E ne e re fa baithuti ba gagwe ba opela kwa dikonsarateng, o ne a dirisa sebaka seo go bua ka Bogosi Jwa Modimo le ka tsholofelo ya tsogo. Ke ne ka reetsa se Clara a neng a se bua ka gonne ke ne ke rata mmino, mme e bile ke ithutile go tshameka baeyolene fa e sale ke le dingwaga di le supa.

Go ise go ye kae ke fa rona bana re simolola go tsamaya le Mmè go ya dipokanong tsa phuthego kwa bophirima jwa Chicago. E ne e le loeto lo loleele thata ka bese le thekisi, mme e ne e le tsela e nngwe e re neng re thapisiwa ka yone re sa le bannye gore go raya eng go batla pele Bogosi. Ka 1938, dingwaga di le tharo morago ga gore Mmè a kolobediwe, ke ne ka ya le ene kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Chicago. Ono e ne e le mongwe wa metse e le 50 e re neng re kgona go reetsa thulaganyo mo go yone ka mogala. Se ke neng ke se utlwa se ne sa nkama pelo.

Le fa go ntse jalo, gape ke ne ke rata mmino thata. Ke ne ka aloga kwa sekolong se segolo ka 1938, mme Rre o ne a rulagantse gore ke ye go ithuta kwa American Conservatory of Music kwa Chicago. Ka jalo mo dingwageng di le pedi tse di latelang, ke ne ka ithutela mmino, ka opela mo ditlhopheng tse pedi tsa okhestra, ka ba ka akanyetsa go bona tiro mo go tsa mmino.

Herbert Butler, yo o neng a nthuta go tshameka baeyolene, o ne a fudugile kwa Yuropa go tla go nna mo United States. Ka jalo ke ne ka mo naya bukana e e reng Refugees, * ke akanya gore a ka nna a e bala. O ne a e bala, mme morago ga dithuto tsa me mo bekeng e e latelang, o ne a re: “Jetha, o tshameka mmino bontle tota, mme fa o ka tswelela ka dithuto tseno tsa gago, o ka bona tiro mo seteisheneng sa radio sa okhestra kgotsa wa ruta mmino.” Mme o ne a tswelela jaana a ntse a supa bukana e ke mo neileng yone: “Le fa go ntse jalo, ke akanya gore pelo ya gago e fano. Ke eng fa o sa dire gore seno e nne yone tiro ya gago ya botshelo jotlhe?”

Ke ne ka akanyetsa ntlha eo thata. Go na le go tswelela ka dithuto tsa me kwa sekolong sa mmino, Mmè o ne a nkopa gore ke ye le ene kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Detroit, Michigan, ka July 1940, mme ka ya. Re ne re nna mo kampeng ya ditente. Ga ke a ka ka tlogela baeyolene ya me. Ka jalo ke ne ka tshameka mo setlhopheng sa okhestra sa kwa kopanong. Mme fa ke le kwa kampeng eo, ke ne ka kopana le babulatsela ba le bantsi (baefangele ba nako e e tletseng). Botlhe e ne e le batho ba ba itumetseng thata. Ke ne ka dira tshwetso ya gore ke kolobediwe le go tsenya kopo ya tirelo ya bobulatsela. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse gore ke tswelele ke le mo tirelong ya nako e e tletseng botshelo jotlhe jwa me.

Ke ne ka simolola go bula tsela mo toropong ya gaetsho. Moragonyana ke ne ka ya go direla kwa Chicago. Ka 1943, ke ne ka fudugela kwa Kentucky. Ka selemo sa one ngwaga oo, pele fela ga kopano ya kgaolo, ke ne ka amogela taletso ya gore ke ye setlhopheng sa bobedi sa Sekolo sa Gileade, koo ke neng ke tla thapisediwa tiro ya borongwa gone. Sekolo seno se ne se tlile go simolola ka September 1943.

Fa ke le kwa kopanong mo go one ngwaga oo, ke ne ke nna le Mosupi mongwe yo o neng a mpha diaparo tse ke neng ke di tlhoka tsa ga morwadie. Morwadie o ne a ile bosoleng, mme o ne a boleletse mmaagwe gore a abe dilo tsotlhe tsa gagwe. Mo go nna dilo tseno e ne e le fa go diragadiwa tsholofetso eno ya ga Jesu: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:33) Dikgwedi di le tlhano tsa kwa Gileade di ne tsa feta ka bonako, mme fa ke sena go aloga ka January 31, 1944, ke ne ke gakaletse go ya go simolola ka tiro ya borongwa.

Le Bone Ba ne Ba Tlhopha Tirelo ya Nako e e Tletseng

Mmè o ne a ikwadiseditse go nna mmulatsela ka 1942. Ka nako eo bonnake botlhe ba ne ba sa ntse ba tsena sekolo. Gantsi e ne e tle e re morago ga sekolo Mmè a ye go ba tsaya a bo a ya le bone kwa tirelong ya tshimo. Gape o ne a ba rutile go thusa mo ditirong tsa mo gae. Go ne go direga gantsi gore ene a robale bosigo thata, a sidila diaparo le go dira ditiro tse dingwe tse di tlhokang go dirwa, e le gore a kgone go ya tshimong motshegare.

Ka January 1943, fa ke ntse ke bula tsela kwa Kentucky, kgaitsadiake e bong Don le ene o ne a simolola go bulatsela. Seno se ne sa swabisa Rre, yo o neng a solofetse gore bana botlhe ba gagwe ba ne ba tla ya kholetšheng, jaaka ene le Mmè. Fa Don a sena go bula tsela mo e ka nnang ka dingwaga di le pedi o ne a lalediwa go ya go tswelela ka tirelo ya nako e e tletseng e le mongwe wa badiredi ba ba kwa ntlongkgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York.

Joel o ne a simolola go bula tsela ka June 1943 fa a sa ntse a le kwa gae. Ka nako eo o ne a leka go kgona Rre gore a ye kopanong mme a se ka a atlega. Le fa go ntse jalo, fa Joel a sena go nna a leka go simolola go tshwara thuto ya legae ya Baebele mo tshimong mme a sa atlege, Rre o ne a dumela gore a mo tshwarele thuto ka buka ya “The Truth Shall Make You Free.” O ne a araba dipotso motlhofo fela, mme o ne a gatelela gore Joel a mo neye mabaka a Dikwalo a se buka eno e neng e se bua. Seno se ne sa thusa Joel go dira gore boammaaruri jwa Baebele bo nwelelele mo go ene.

Joel o ne a lebeletse gore Lekgotla la Sesole le le neng la bontsha gore go siame gore Don a se ka a ya bosoleng ka gonne e le moruti, le ene le ne le tla mo direla jalo. Mme e ne ya re fa lekgotla leno le bona kafa Joel a neng a bonala a le mmotlana ka teng, le ne la gana go mo tsaya e le moruti mme la mo romelela lekwalo la gore a ye bosoleng. E ne ya re fa a gana go ya bosoleng, go ne ga ntshiwa lekwalo la gore a tshwarwe. Fa FBI e sena go mo tshwara o ne a ya go fetsa malatsi a le mararo kwa kgolegelong ya Cook County.

Rre o ne a dirisa ntlo ya rona go mo golola ka beile. Morago ga moo, o ne a dira se se tshwanang ka Basupi ba bangwe ba babotlana ba ba neng ba lebana le boemo jo bo tshwanang. Rre o ne a galefisiwa thata ke tsela e kgang eno e neng e gobelela ka teng, mme o ne a ya le Joel kwa Washington, D.C., go ya go bona gore a a ka kgona go ikuela. Kgabagare Joel o ne a tsewa e le moruti mme kgetsi ya tshololwa. Rre o ne a nkwalela jaana kwa kabelong ya me ya borongwa, “Ke akanya gore Jehofa ke ene a dirileng gore re fenye kgetsi eno!” Mo bofelong jwa August 1946, Joel le ene o ne a lalediwa go ya go direla kwa ntlongkgolo kwa Brooklyn.

Karl o ne a tle a bule tsela makgetlo a le mmalwa fa dikolo di tswetswe pele ga a fetsa kwa sekolong se segolo mo masimologong a 1947 mme a simolola tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha. Ka nako eo Rre o ne a lwala, ka jalo Karl o ne a mo thusa mo kgwebong ya gagwe ka nakwana pele ga a ya go simolola kabelo ya gagwe ya bobulatsela go sele. Fa ngwaga wa 1947 o ela go fela, Karl o ne a simolola go direla le Don le Joel kwa ntlongkgolo ya Brooklyn e le leloko la lelapa la Bethele.

Fa Joy a fetsa mo sekolong se segolo, o ne a simolola go bula tsela. Mme ka 1951 o ne a ya go direla le bomogoloe kwa Bethele. O ne a bereka mo go phepafatseng le mo Lephateng la Dipeeletso. Ka 1955 o ne a nyalwa ke Roger Morgan, yo e neng e le leloko la lelapa la Bethele. Morago ga dingwaga di ka nna supa, ba ne ba tlogela Bethele, ka ba ne ba batla go ya go nna le bana. Fa nako e ile ba ne ba nna le bana ba babedi, ba le bone ba direlang Jehofa.

Fa bana botlhe ba le mo tirelong ya nako e e tletseng, Mmè o ne a kgothatsa Rre, mme Rre le ene a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa a ba a kolobediwa ka 1952. Ka dingwaga di le 15, go fitlhelela rre a tlhokafala, o ne a itshupa a na le bokgoni tota mo go boneng ditsela tsa go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Bogosi, le fa gone bolwetse jwa gagwe bo ne bo mo kgoreletsa go dira jaaka a batla.

Fa Mmè a sena go emisa go bula tsela ka nakwana ka ntlha ya bolwetse jwa ga Rre, o ne a tswelela pele gape ka bobulatsela go fitlhelela ene mmè a tlhokafala. Ga a ise a ke a nne le koloi; e bile o ne a ise a ke a pagame baesekele. E ne e le motho yo mokhutshwane, mme o ne a ya gongwe le gongwe ka dinao, gantsi a ya kgakala kwa metseselegaeng, go ya go tshwara dithuto tsa Baebele.

Mo Tshimong ya Borongwa

Fa re sena go aloga kwa Sekolong sa Gileade, setlhopha sa rona se ne sa bula tsela kwa bokone jwa New York City sebaka sa ngwaga go fitlhela re nna le dipampiri tse di tlhokegang tsa mosepele. Kgabagare, ka 1945 re ne ra ya kwa kabelong ya rona, kwa Cuba, kwa ka iketlo re neng ra itlwaetsa tsela e ntšha ya go tshela. Batho ba ne ba amogela molaetsa o re neng re o rera, mme go ise go ye kae ke fa rotlhe re tshwara dithuto di le dintsi tsa Baebele. Re ne ra direla koo ka dingwaga di le mmalwa. Go tswa foo re ne ra abelwa go ya Dominican Republic. Letsatsi lengwe ke ne ka kopana le mosadi mongwe yo o neng a nkopa gore ke ye go bona mosadi mongwe yo o neng a dirisana le ene, yo o neng a tswa kwa Fora e leng Suzanne Enfroy, yo o neng a batla go thusiwa go tlhaloganya Baebele.

Suzanne e ne e le Mojuda, mme e ne ya re fa Hitler a tlhasela Fora, monna wa gagwe o ne a mo fudusetsa kwa nageng e nngwe le bana ba gagwe ba babedi. Suzanne o ne a simolola ka bonako go bolelela ba bangwe dilo tse a neng a di ithuta. O ne a bua pele le mosadi yo o neng a nkopa gore ke etele ene Suzanne, morago ga moo a bua le Blanche, tsala ya gagwe e e neng e tswa kwa Fora. Ka bobedi jwa bone ba ne ba gatela pele go fitlha ba kolobediwa.

Suzanne o ne a mpotsa a re: “Ke direng go thusa banake?” Morwawe o ne a ithutela bongaka, mme morwadie ene o ne a ithuta tanse ya ballet, a solofetse go tansa kwa Radio City Music Hall kwa New York. Suzanne o ne a ba romelela dipeeletso tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Ka ntlha ya moo, morwa wa ga Suzanne, mosadi wa gagwe, le lewelana la mosadi wa morwawe ba ne ba nna Basupi. Monna wa ga Suzanne, e bong Louis, o ne a tshwenngwa ke tsela e mosadi wa gagwe a neng a kgatlhegela Basupi ba ga Jehofa ka yone ka gonne ka nako eo puso ya Dominican Republic e ne e thibetse tiro ya rona. Mme e ne ya re fa lelapa lotlhe le sena go fudugela kwa United States, le ene kgabagare a nna Mosupi.

Re Thibetswe Mme re sa Ntse re Direla

Le fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya thibelwa kwa Dominican Republic ka bonakonyana fela fa re sena go abelwa go ya koo ka 1949, re ne re ikemiseditse gore re tla utlwa Modimo jaaka Mmusi go na le batho. (Ditiro 5:29) Re ne ra tswelela go batla pele Bogosi Jwa Modimo ka go itsise dikgang tse di molemo ka jone, jaaka Jesu a laetse balatedi ba gagwe. (Mathaio 24:14) Le fa go ntse jalo, re ne ra ithuta go nna “botlhajana jaaka dinoga mme le fa go ntse jalo [re] le ba ba se nang molato jaaka maphoi” fa re ntse re dira tiro ya rona ya go rera. (Mathaio 10:16) Ka sekai, baeyolene ya me e ne ya nthusa thata. Ke ne ke tsamaya ka yone fa ke ya go tshwara dithuto tsa Baebele. Batho ba ke neng ke ithuta le bone ga ba ka ba nna ditshameki tsa baeyolene, mme malapa a le mmalwa a ne a nna batlhanka ba ga Jehofa!

Fa re sena go thibelwa, ka bonè jwa rona—Mary Aniol, Sophia Soviak, Edith Morgan le nna—re ne ra fudusiwa kwa legaeng la barongwa le le kwa San Francisco de Macorís mme ra isiwa kwa go le le kwa lekaleng kwa Santo Domingo, e leng moshate. Mme kgwedi le kgwedi ke ne ke tsaya loeto go ya kwa kabelong ya rona ya pele go ya go ruta mmino. Seno se ne sa dira gore ke kgone go tsenya dijo tsa semoya mo kgetsaneng ya me ya baeyolene go di isetsa bakaulengwe ba rona ba Bakeresete mme ke boe ka dipego tsa tiro ya bone ya go rera.

Fa bakaulengwe ba ba kwa San Francisco de Macorís ba tshwarwa kwa Santiago ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete, ke ne ka kopiwa gore ke ba tseele madi le Dibaebele fa go kgonega, le go ba tseela melaetsa e e yang kwa malapeng a bone. Kwa kgolegelong ya Santiago, fa badisa ba bona kgetsana ya me ya baeyolene e ke neng ke e tsentse kafa legwafeng, ba ne ba mpotsa ba re, “O dirang ka kgetsana eo?” Ke ne ke araba ka gore, “Ke ile go ba tshamekela dipina.”

Nngwe ya dipina tse ke neng ke di tshameka e ne e le e e tlhamilweng ke Mosupi fa a ne a le kwa kampeng ya pogisetso ya Banasi. Pina eo gone jaanong ke pina 29 mo bukeng ya dipina ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka e tshameka gore bakaulengwe ba rona ba ba mo kgolegelong ba ithute go e opela.

Ke ne ka utlwalela gore Basupi ba le bantsi ba ne ba fuduseditswe kwa polasing ya ga Trujillo, yo o neng a okametse puso. Ke ne ka bolelelwa gore e ne e le gaufi thata le fa bese e fetang gone. Ka jalo mo e ka nnang ka sethoboloko, ke ne ka pagologa bese mme ka botsa tsela e e yang polasing eo. Mong wa lebenkele lengwe o ne a nkaela gore ke ka ko morago ga dithaba mme a nnaya pitse ya gagwe le mosimanyana gore a nkaele a re ke tlogele baeyolene ya me go tlhomamisa gore ke tla busa pitse ya gagwe.

Ka kwa ga dithaba tseo re ne ra tshwanelwa ke go tshela noka, roobabedi re pagame pitse fa e ntse e gobua metsi. Fa re le ka koo re ne ra bona segopa sa dipapalagae, ka diphuka tsa tsone tse di mmala o motala le bobududu o o phatsimang mo letsatsing. Di ne di le dintle tota! Ke ne ka rapela ka re: “Ke a go leboga, Jehofa, gore o bo o di dirile dintle jaana.” Kgabagare ka ura ya bonè thapama re ne ra goroga kwa polasing eno. Lesole le le okametseng le ne la nna pelonomi mme la ntetla gore ke bue le bakaulengwe, la ba la ntetla go ba naya dilo tsotlhe tse ke neng ke ba tshwaretse tsone, tota le Baebele e nnye.

Fa re boa ke ne ke ntse ke rapela tsela yotlhe, ka gonne go ne go setse go le bosigo jaanong. Re ne ra goroga kwa lebenkeleng, re kolobeditswe tota ke pula. E re ka bese ya bofelo e ne e setse e tsamaile, ke ne ka kopa mong wa lebenkele gore a nkemisetse lori e e neng e feta. A ke ne ke sa tshabe go tsamaya le banna ba babedi mo loring? Mongwe wa bone o ne a mpotsa jaana: “A o itse Sophie? O ne a ithuta le kgaitsadiake.” Ke ne ka tsaya gore go raya gore ke tsela e Jehofa a neng a araba thapelo ya me ka yone! Ke ne ka goroga ke babalesegile kwa Santo Domingo.

Ka 1953, ke ne ke le mongwe wa ba ba tswang kwa Dominican Republic yo o neng a ile kopanong ya boditšhabatšhaba ya Basupi ba ga Jehofa kwa Yankee Stadium kwa New York. Lelapa lotlhe la gaetsho, go akaretsa le rre, ba ne ba le teng. Morago ga pego ya kafa tiro ya go rera e neng e tsweletse ka teng kwa Dominican Republic, nna le Mary Aniol, tsala ya me ya morongwa, re ne ra nna le seabe se sennye mo thulaganyong, re bontsha kafa re neng re rera ka gone fa re ntse re thibetswe.

Boipelo jo bo Kgethegileng mo Tirong ya go Eta

Mo selemong sa ngwaga oo ke ne ka kopana le Rudolph Sunal, yo o neng a nna monna wa me mo ngwageng o o latelang. Ba lelapa la gaabo ba ne ba nna Basupi ka bonakonyana fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I kwa Allegheny, kwa Pennsylvania. Fa a sena go wetsa nako e a e atlholetsweng kwa kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa Bokeresete ka Ntwa ya Lefatshe II, o ne a ya go direla kwa Bethele kwa Brooklyn, New York. Ka bonako fela fa re sena go nyalana, o ne a lalediwa go ya go etela diphuthego e le molebedi yo o etang. Mo dingwageng di le 18 tse di neng tsa latela, ke ne ke ntse ke tsamaya le ene mo tirong eno ya go potologa.

Mangwe a mafelo a tiro ya rona e neng e re isa kwa go one e ne e le Pennsylvania, West Virginia, New Hampshire, le Massachusetts. Gantsi re ne re nna le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete mo magaeng a bone. Go ne go itumedisa tota go ba itse le go direla Jehofa mmogo le bone. Ka metlha ba ne ba re bontsha lorato e bile ba re amogela mo magaeng a bone ka pelo yotlhe. Fa Joel a sena go nyala Mary Aniol, kgaitsadi yo ke neng ke dira le ene mo tirong ya borongwa, ba ne ba fetsa dingwaga di le tharo mo tirong ya go eta, ba etela diphuthego tse di kwa Pennsylvania le Michigan. Morago ga moo, ka 1958, Joel o ne a lalediwa gape gore e nne leloko la lelapa la Bethele, mo lekgetlhong leno a na le Mary.

Karl o ne a le kwa Bethele dingwaga di ka nna supa fa a tla abelwa go ya go dira tiro ya potologo ka dikgwedi di le mmalwa gore a nne le maitemogelo a magolwanyane. Morago ga moo o ne a nna motlhatlheledi kwa Sekolong sa Gileade. Ka 1963 o ne a nyala Bobbie, yo o neng a direla kwa Bethele ka boikanyegi go fitlha a tlhokafala ka October 2002.

Don, mo dingwageng tse dintsintsi tse a diretseng kwa Bethele ka tsone, nako le nako o ne a etela kwa dinageng tse dingwe go ya go kgothatsa ba ba berekang mo diofising tsa makala le mo tshimong ya borongwa. Dikabelo tsa gagwe di ile tsa mo isa kwa dinageng tsa Botlhaba, tsa Afrika, tsa Yuropa, le dikarolo tse di farologaneng tsa dinaga tsa Amerika. Gantsi mosadi yo o ikanyegang wa ga Don, e bong Dolores o tsamaya le ene.

Maemo a Rona a Fetogile

Rre o ne a tlhokafala morago ga go lwala lobaka lo loleele thata, mme pele ga a tlhokafala o ne a mpolelela gore o itumeletse go bo re tlhophile go direla Jehofa Modimo. O ne a re re amogetse masego a le mantsi thata go feta a re neng re tla a bona fa re ne re ile kwa kholetšheng jaaka fa a ne a batlile. Fa ke sena go thusa Mmè go paka dilwana tsa gagwe gore a ye go nna gaufi le nnake, e bong Joy, nna le monna wa me re ne ra amogela kabelo ya go nna babulatsela kwa New England gore re nne gaufi le mmaagwe, yo ka nako eo a neng a tlhoka thuso ya rona. Fa mmaagwe a sena go tlhokafala, mmè o ne a nna le rona ka dingwaga di le 13. Go tswa foo, ka January 18, 1987, o ne a wetsa kabelo ya gagwe ya mo lefatsheng a na le dingwaga di le 93.

Gantsi e ne e re fa ditsala di akgolela Mmè go godisa bana botlhe gore ba rate Jehofa ba bo ba mo direle, o ne a araba jaana ka boikokobetso: “Ke fela gore ke ne ke na le ‘mmu’ o o molemo.” (Mathaio 13:23) A bo re le lesego jang ne go nna le batsadi ba ba boifang Modimo ba ba neng ba re tlhomela sekao se se molemo sa go tlhoafala le go nna boikokobetso!

Bogosi bo sa Ntse bo Tla Pele

Re ntse re tsweletse ka go baya Bogosi Jwa Modimo kwa pele mo matshelong a rona mme gape re lekile go dirisa kgakololo ya ga Jesu ya go abelana dilo le ba bangwe. (Luke 6:38; 14:12-14) Mme Jehofa le ene o nnile pelotshweu mo go rona ka go re naya se re se tlhokang. Re nnile le botshelo jo bo se nang matshwenyego le jo bo itumedisang.

Nna le Rudy re sa ntse re rata mmino. Go itumedisa tota fa ba bangwe ba le bone ba ratang mmino jalo ba re etela mo legaeng la rona maitseboa mme re bo re tshameka diletswa tsa rona mmogo. Mme mmino ga se tiro e ke e dirang. Ke sengwe sa dilo tse di oketsang boipelo mo botshelong jwa me. Gone jaanong nna le monna wa me re itumelela go bona matswela a bodiredi jwa rona jwa bobulatsela, e bong batho ba re ba thusitseng mo dingwageng tse di fetileng.

Kwantle ga mathatanyana a botsogo a ke nang le one gone jaanong, nka bua ka re botshelo jwa rona e nnile jo bo itumedisang tota le jo bo se nang matshwenyego mo dingwageng tseno tse di fetang 60 mo tirelong ya nako e e tletseng. Moso mongwe le mongwe fa ke tsoga, ke leboga Jehofa gore a bo a ile a araba thapelo ya me fa ke ne ke tsenela tirelo ya nako e e tletseng dingwaga di le dintsintsi tse di fetileng, mme ke bo ke akanya ke re, ‘Jaanong, nka batla jang Bogosi pele gompieno?’

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa mme ga e tlhole e gatisiwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Lelapa laetsho ka 1948 (go tswa kafa molemeng go ya mojeng): Joy, Don, Mmè, Joel, Karl, nna, le Rre

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Mmè o ne a tlhoma sekao sa go tlhoafala mo bodireding

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Karl, Don, Joel, Joy, le nna gompieno, morago ga dingwaga tse di fetang 50

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Go tswa molemeng go ya mojeng:

Nna, Mary Aniol, Sophia Soviak, le Edith Morgan re le barongwa kwa Dominican Republic

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke na le Mary (kafa molemeng) kwa Yankee Stadium, 1953

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le monna wa me fa a ne a le mo tirong ya go potologa