Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dirisa go Fetoga ga Maemo a Gago ka Botlhale

Dirisa go Fetoga ga Maemo a Gago ka Botlhale

Dirisa go Fetoga ga Maemo a Gago ka Botlhale

Pum, Jan, Dries, le Otto, bagolwane ba banè ba Bakeresete ba ba nnang kwa Netherlands, ba na le ditsela tse dintsi tse ba tshwanang ka tsone. Ka bonè jwa bone ba nyetse e bile ba na le bana. Mo godimo ga moo, dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, botlhe ba ne ba na le tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng e bile ba na le magae a mantle. Le fa go ntse jalo, botlhe ba ne ba tlogela tiro ya bone ya boitshediso mme ba simolola go dirisa nako yotlhe ya bone le maatla a bone go tsweletsa pele dikgatlhego tsa Bogosi. Ke eng se se neng sa dira gore ba dire diphetogo tseno? Botlhe ka bonè jwa bone ba ne ba dirisa go fetoga ga maemo a bone ka botlhale.

KA DINAKO tse dingwe maemo a ba le bantsi ba rona a a fetoga. Diphetogo tse dintsi, tse di tshwanang le go tsena mo lenyalong, go nna le bana kgotsa go tlhokomela batsadi ba ba godileng, di re tlisetsa maikarabelo a a oketsegileng. Le fa go ntse jalo, diphetogo dingwe di re tlisetsa kgololesego e ntsi ya gore re atolose bodiredi jwa rona jwa Bokeresete. (Mathaio 9:37, 38) Ka sekai, bana ba rona ba ba godileng ba ka nna ba tswa mo lelapeng kgotsa go ka direga gore re tlogele tiro.

Mo godimo ga moo, le fa gone go le boammaaruri gore maemo a rona a ka fetoga, re rata kgotsa re sa rate, Bakeresete bangwe ba ile ba atlega mo go direng diphetogo mo maemong a bone tse di ileng tsa ba letla go oketsa seabe sa bone mo bodireding. Ke seo tota se neng sa dirwa ke Pum, Jan, Dries, le Otto. Ba ne ba dira seno jang?

Fa Bana ba Tswa mo Lelapeng

Pum e ne e le mmolokadipego tsa matlotlo mo femeng ya melemo. Gantsi ene le mosadi wa gagwe e bong Anny, mmogo le barwadiabone ba babedi ba ne ba tsaya bobulatsela jo bo thusang. Gape Pum le Anny ba ne ba rulaganyetsa nako ya go itapolosa mmogo le ba bangwe ba ba leng mo tirelong ya bobulatsela. Ba bolela jaana: “Seno se ne sa re sireletsa mo mathateng a re neng re ka wela mo go one fa re ne re itsalantse le mofuta o mongwe wa batho.” Barwadiabone ka bobedi ba ne ba nna babulatsela ba ka metlha ka bonako fela fa ba sena go fetsa mo sekolong se segolo ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke sekao sa batsadi ba bone.

Fa bana ba bone ba sena go tswa mo lelapeng, Pum le Anny ba ne ba lemoga gore maemo ano a bone a a fetogileng a ne a ba naya nako e ntsi le madi tse ba neng ba ka di dirisetsa go ya kwa mafelong a a kgatlhang kgotsa go itumelela mofuta mongwe wa go iketla. Le fa go ntse jalo, go na le moo, banyalani bano ba ne ba swetsa ka gore ba dirise maemo ano a bone a a fetogileng go atolosa bodiredi jwa bone jwa Bokeresete. Ka jalo Pum o ne a kopa mothapi wa gagwe gore a fokotse malatsi a gagwe a go bereka mo bekeng ka letsatsi le le lengwe. Moragonyana Pum o ne a dira dithulaganyo tse di neng di tla dira gore a kgone go simolola tiro ka 7:00 a.m. mme a e wetse ka 2:00 p.m. Gone mme, o ne a tla tshwanelwa ke go tshela ka lotseno lo lonnye ka gonne a fokoditse nako ya gagwe ya go bereka. Le go ntse jalo, ba ne ba atlega, mme ka 1991 Pum o ne a pata mosadi wa gagwe ka go nna mmulatsela wa ka metlha.

Morago ga moo, Pum o ne a kopiwa gore e nne mothusamotlhokomedi wa Holo ya Kopano ya Basupi ba ga Jehofa. Kopo eo e ne e raya gore banyalani bano ba ne ba tshwanetse go tlogela legae la bone le ba neng ba dutse kwa go lone ka dingwaga di le 30, mme ba fudugele kwa foleteng e e kwa lefelong la Holo ya Kopano. Ba ne ba fudugela gone. A go ne go le motlhofo gore ba fuduge? Anny o bolela gore fa a ne a nna le maikutlo a go tlhologelelwa kwa gae, o ne a ipotsa jaana, ‘A ke tshwana le mosadi wa ga Lote?’ O ne a gana go ‘gadima kwa morago.’—Genesise 19:26; Luke 17:32.

Pum le Anny ba na le maikutlo a gore tshwetso ya bone e ba tliseditse masego a mantsi. Gareng ga dilo tse dingwe tse dintsi, ba itumelela tiro e ba e dirang kwa Holong ya Kopano, go baakanyetsa dikopano tsa kgaolo le go itumelela go kopana le balebedi ba potologo (badiredi ba ba etang) ba ba neelang dipuo kwa holong eo. Nako le nako ba etela diphuthego tse di farologaneng fa Pum a thusa molebedi wa potologo.

Ke eng se se dirileng gore banyalani bano ba atlege mo go atoloseng tirelo ya bone? Pum a re: “Fa go nna le phetogo e kgolo mo botshelong jwa gago, o tshwanetse wa bo o ikemiseditse go dirisa maemo a gago a masha ka botlalo.”

Go Dira Gore Botshelo Jwa Gago bo se Raraane

Jan le mosadi wa gagwe e bong Woth, ba na le bana ba le bararo. Fela jaaka Pum le lelapa la gagwe, Jan o ne a dirisa go fetoga ga maemo a gagwe ka botlhale. Ka dingwaga di le dintsi, Jan o ne a na le tiro e e duelang madi a mantsi kwa bankeng mme o ne a tshela botshelo jo bo monate le ba lelapa la gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a na le keletso e kgolo ya go atolosa bodiredi jwa gagwe. O tlhalosa jaana: “Mo botshelong jwa me, ke ne ka anaanela boammaaruri thata mme lorato lwa me mo go Jehofa lo ne lwa gola.” Ka jalo ka 1986, Jan o ne a fetola maemo a gagwe. O bolela jaana: “Ke ne ka dirisa tshono ya fa go dirwa diphetogo tse disha kwa tirong mme ka simolola go bereka diura di le mmalwa. Tuelo ya me e ne ya fokotsega ka diperesente di le 40. Ke ne ka rekisa ntlo ya rona mme ka reka mokoro o re kgonang go nna mo go one gore re kgone go direla kwa go neng go na le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi gone. Morago ga moo, ke ne ka tlogela tiro pele ga nako; mme lotseno lwa me lo ne lwa fokotsega gape ka diperesente di le 20, mme ka 1993 ke ne ka kgona go nna mmulatsela wa ka metlha.”

Gompieno, Jan ke leloko la Komiti ya Puisano le Dikokelo mme ka metlha o tlhomiwa go nna molebedi wa kopano. Le fa Woth a lwala, nako le nako o tsaya bobulatsela jo bo thusang. Gone jaanong bana botlhe ka boraro jwa bone ba nyetse ba bangwe ba nyetswe mme bone le balekane ba bone ke badiredi ba ba tlhagafetseng ba Bogosi.

Jan le Woth ba kgonne jang go tshela ka madi a mannye? Jan o araba jaana: “Ka nako ya fa re ne re na le madi a le mantsi, re ne ra tlhomamisa gore ga re rate dilo tse di bonalang thata. Gone jaanong ga go motlhofo go leta nakonyana pele ga re ka kgona go reka sengwe, mme masego a semoya le ditshiamelo tse re di amogetseng di emisetsa seno fela thata.”

Fela jaaka Jan le Woth, Dries le mosadi wa gagwe e bong Jenny, le bone ba ne ba dira tshwetso ya go boloka botshelo jwa bone bo sa raraana gore ba kgone go dirisa nako e ntsi mo dilong tse di direlwang Bogosi. Dries le Jenny e ne e le babulatsela go fitlha ba nna le ngwana. Ka ntlha ya moo, Dries o ne a nna mookamedi mo femeng e kgolo gore a tlamele lelapa la gagwe. Bathapi ba gagwe ba ne ba anaanela tiro ya gagwe mme ba batla go tlhatlosa maemo a gagwe mo tirong. Le fa go ntse jalo, Dries o ne a se ka a amogela maemo ao ka gonne fa a ne a ka dira jalo go ne go tla raya gore o ne a tla nna le nako e nnye ya go dira ditiro tsa Bokeresete.

Go godisa bana—le go tlhokomela mmè wa ga Jenny yo o neng a lwala—go ne go tlhoka gore banyalani bano ba dirise nako e ntsi le maatla. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tswelela ba rata go bula tsela. Ke eng se se neng sa ba thusa go dira seno? Jenny o tlhalosa jaana: “Babulatsela ba ne ba dula le rona, re ne re laletsa babulatsela e bile re ne re naya balebedi ba potologo marobalo.” Dries o oketsa jaana: “Re ne re tshela botshelo jo bo sa raraanang e bile re sa nne le dikoloto. Re ne ra swetsa ka gore re se ka ra nna le kgwebo e kgolo kgotsa ra reka ntlo gore mo isagweng dilo tseo di se ka tsa re kgoreletsa.”

Tshwetso e Dries le Jenny ba neng ba e dira gore ba nne le maemo a a neng a tla ba naya nako e ntsi ya go dira dilo tse di direlwang Bogosi e ile ya nna le diphelelo tse di itumedisang. Jaanong barwaabone ka bobedi ke bagolwane e bile a le mongwe o bula tsela mmogo le mosadi wa gagwe. Dries le Jenny e ne e le babulatsela ba ba kgethegileng, mme kgabagare Jenny o ne a pata Dries mo tirong ya go potologa. Gone jaanong ke baithaopi kwa Bethele, koo Dries e leng leloko la Komiti ya Lekala gone.

Go Tlogela Tiro Pele ga Nako

Ka tsela e e tshwanang le ya ga Dries le Jenny, Otto le mosadi wa gagwe e bong Judy, ba ne ba bula tsela pele ga ba nna le barwadi ba le babedi. Fa Judy a ne a lebeletse go tshola ngwana wa bone wa ntlha, Otto o ne a bona tiro ya go nna morutabana.

Fa bana ba ntse ba gola, gantsi Otto le Judy ba ne ba laletsa babulatsela mo legaeng la bone gore bomorwadiabone ba kgone go bona tsela e badiri ba nako e tletseng ba Bakeresete ba itumetseng ka yone. Fa nako e ntse e ya, morwadiabone yo mogolo o ne a tsenela tirelo ya bobulatsela. Morago ga moo, o ne a ya kwa Sekolong sa Gileade le monna wa gagwe, mme gone jaanong ke barongwa kwa nageng nngwe ya Afrika. Morwadiabone yo monnye o ne a simolola go bula tsela ka 1987 mme Judy le ene o ne a simolola go bula tsela gape.

Fa maemo a a neng a fetogile a ne a letlelela Otto go bereka diura di le mmalwa kwa sekolong, o ne a dirisa nako eo e e oketsegileng go bula tsela. Kgabagare, o ne a tlogela tiro gotlhelele. Gompieno, Otto o dirisa bokgoni jo a nang le jone jaaka morutabana mo tirong ya go etela diphuthego gore a di nonotshe semoyeng.

Kgakololo ya ga Otto ke efe ka ba ba tlogelang tiro ya bone ya boitshediso pele ga nako? “Fa o tlogela tiro, o se ka wa ipolelela gore o tla iketla ka sebaka sa ngwaga kgotsa go feta. Ga go thata go tlwaela ‘go iketla.’ Go ise go ye kae, o tla lebala ka go bula tsela. Go na le moo, simolola go dira ditiro tse di oketsegileng mo bodireding le mo phuthegong di tloga fela.”

Go Dirisa Maitemogelo a Gago mo Botshelong ka Botlhale

Gone ke boammaaruri gore bakaulengwe ba ba tshwanang le Pum, Jan, Dries le Otto ga ba tlhole ba na le maatla a ba neng ba na le one fa ba ne ba le basha. Mme le fa go ntse jalo ba godile semoyeng, ba na le maitemogelo le botlhale. (Diane 20:29) Ba itse gore go ntse jang go nna rre, e bile ba itse gore ke tiro e e kana kang go nna mmè ka ntlha ya go bo ba ne ba dirisana le basadi ba bone. Bone le basadi ba bone, ba rarabolotse mathata a lelapa ba bo ba tlhomela bana ba bone mekgele ya semoya. Otto o bolela jaana: “Fa ke gakolola jaaka molebedi wa potologo ka dikgang tse di amanang le lelapa, kgakololo ya me e nna e e mosola ka gonne le nna ke ile ka nna le lelapa.” Ka tsela e e tshwanang, boitemogelo jo Dries a nang le jone jaaka rre bo dira gore a nne botlhokwa thata mo lelapeng la Bethele, le le nang le badiri ba le bantsi ba basha.

Ee, kitso e bakaulengwe bano ba nang le yone e ba thusa go tlhokomela dilo di le dintsi tse phuthego e di tlhokang. Maitemogelo a ba nang le one a dirile gore ba nne le bokgoni jwa go thusa ba bangwe ka tsela e e mosola. (Moreri 10:10) Tota e bile, mo nakong e e rileng, gantsi ba ka kgona go fitlhelela go le gontsi go gaisa ba ba nonofileng mme ba se na maitemogelo.

Bakaulengwe ba ba ntseng jalo mmogo le basadi ba bone, ke dikao tse di molemo mo basheng ba ba leng mo gare ga batho ba ga Jehofa. Basha ba lemoga gore banyalani ba ba tshwanang le bano ba ile ba nna le mathata a le mantsi le ditshegofatso tse dintsi tse di begilweng mo dikgatisong tsa rona tsa Bokeresete. Go a kgothatsa go bona banna le basadi ba ba bontshang moya wa go ikentsha setlhabelo go tshwana le Kalebe, yo le fa a ne a godile, a ileng a kopa tiro e e boima.—Joshua 14:10-12.

Etsa Tumelo ya Bone

A gongwe o ka etsa tumelo le se banyalani ba ba umakilweng mo setlhogong seno ba ileng ba se dira? Gakologelwa gore ba ne ba dira boammaaruri tsela ya bone ya botshelo. Ba ne ba dira gore bana ba bone ba nne le keletso ya go bula tsela. Jan o tlhalosa gore ba ne ba dira jalo, “ka go nna sekao ka tsela e ba neng ba rata Jehofa le phuthego ya gagwe ka yone, ka go rulaganyetsa botsalano jo bo molemo le ka go ruta bana ba bone gore ba kgone go itlamela.” Gape ba ne ba bereka e bile ba tshameka mmogo e le lelapa. Pum o gakologelwa jaana: “Ka malatsi a boikhutso, lelapa lotlhe le ne le tlwaetse go ya tirelong ya tshimo mo mosong mme ba bo ba itumelela go itapolosa mmogo motshegare.”

Mo godimo ga moo, Bakeresete bano ba ne ba rulaganyetsa dilo kwa pele e le gore fa maemo a bone a fetoga ba bo ba iketleeleditse go a dirisa. Ba ne ba ipeela mekgele mme ba bo ba dira ditshwetso tse di neng di dira gore ba fitlhelele mekgele eo ka bonako. Ba ne ba batla ditsela tse ba neng ba ka fokotsa ka tsone nako ya bone ya tiro ya boitshediso mme ba ne ba ikemiseditse go tshela ka lotseno lo lonnye. (Bafilipi 1:10) Basadi ba ne ba ema banna ba bone nokeng ka botlalo. Botlhe ba ne ba na le keletso e kgolo ya go tsena ka “kgoro e kgolo e e isang kwa tirong” mme ka go dira jalo ba ne ba itumelela ditshegofatso tse dintsi tse di tswang kwa go Jehofa.—1 Bakorintha 16:9; Diane 10:22.

A le wena o eletsa go atolosa seabe sa gago mo bodireding? Fa go le jalo, go dirisa go fetoga ga maemo a gago ka botlhale go ka go thusa go dira jalo.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Pum le Anny ba tlhokometse Holo ya Kopano

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Jan le Woth ba le mo tirong ya go rera

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Dries le Jenny ba bereka kwa Bethele

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Otto le Judy ba ipaakanyetsa go etela phuthego e e latelang