Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Bogisediwa Bodumedi Jwa Bone?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Bogisediwa Bodumedi Jwa Bone?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Bogisediwa Bodumedi Jwa Bone?

A O AKANYA gore batho ba tshwanetse go bogisediwa bodumedi jwa bone? Gongwe ga ba a tshwanela—fa fela ba tlotla ditshwanelo tsa batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, batho ga ba bolo go bogisediwa bodumedi jwa bone e bile ba sa ntse ba bogisiwa. Ka sekai, go ralala lekgolo la bo20 la dingwaga, Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe ba ile ba tshwarwa makgwakgwa le go amogiwa kgololesego ya bone ya bodumedi gangwe le gape.

Ka nako eo, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bogisiwa setlhogo, ka pogiso e e rulagantsweng le e e tsereng lobaka lo loleele mo dipusong tse pedi tse dikgolo tsa bobusaesi kwa Yuropa. Dilo tse di neng tsa ba diragalela di re ruta eng malebana le kgang ya go bogisiwa ga batho ba bogisediwa bodumedi jwa bone? Mme re ka ithuta eng mo tseleng e ba neng ba itshwara ka yone fa ba ne ba bogisiwa?

“Ga ba Karolo ya Lefatshe”

Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go nna batho ba ba ikobelang molao, ba ba kagiso le ba ba nang le boitsholo jo bo siameng. Ga ba ganetse dipuso kgotsa go nna le dikgotlhang le tsone, le gone ga ba dire gore ba bogisiwe e le ka gonne ba batla go nna baswelatumelo. Bakeresete bano ga ba tseye letlhakore mo go tsa dipolotiki. Ba latela mafoko ano a ga Jesu: “[Balatedi ba me] ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:16) Dipuso di le dintsi di amogela gore Basupi ga ba tseye letlhakore. Le fa go ntse jalo, balaodi ba dipuso tsa bobusaesi ga ba tseye tsia taelo ya Baebele ya gore Bakeresete ga ba a tshwanela go nna karolo ya lefatshe.

Lebaka la go bo ba dira jalo le ile la tlhalosiwa mo pokanong nngwe e e neng e tshwaretswe kwa Yunibesithing ya Heidelberg, kwa Jeremane ka November 2000. Pokano eno e ne e na le setlhogo se se reng “Go Gatelelwa le go Lwela Ditshwanelo Tsa Botho: Basupi ba ga Jehofa mo Pusong ya Bonasi le ya Bokomonisi.” Dr. Clemens Vollnhals wa Setheo sa Hannah-Arendt sa go Batlisisa ka Dipuso Tsa Bobusaesi o ne a re: “Dipuso tsa bobusaesi ga di laole dikgang tsa dipolotiki fela. Di batla gore batho ba ineele gotlhelele mo go tsone.”

Bakeresete ba boammaaruri ba ka se ineele gotlhelele mo dipusong tsa batho, ka gonne ba dirile maikano a gore ba tla ineela gotlhelele mo go Jehofa Modimo fela. Basupi ba ba nnang mo dinageng tse di laolwang ke babusaesi ba ile ba lemoga gore ka dinako tse dingwe dilo tse Puso e batlang gore ba di dire ga di tsamaisane le dilo tse ba di dumelang. Ke eng se ba ileng ba se dira fa ba lebane le maemo a a ntseng jalo? Gantsi Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dirisa molaomotheo ono o o neng wa buiwa ke barutwa ba ga Jesu Keresete: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.

Basupi ba le diketekete ba ile ba nna ba ikanyega mo go se ba se dumelang mme ba nna ba sa tseye letlhakore mo go tsa dipolotiki, le fa ba ne ba bogisiwa setlhogo tota. Ke eng se se neng sa ba thusa go itshoka? Mma bone ka bobone ba arabe. Mme a re boneng gore batho botlhe, e ka ne e le Basupi kgotsa e se Basupi, ba ka ithuta eng go tswa mo go se se neng sa ba diragalela.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane ba ile ba bogisiwa setlhogo ka lobaka lo loleele mo dipusong tsoopedi tsa bobusaesi tsa lekgolo la bo20 la dingwaga

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Dipuso tsa bobusaesi ga di laole dikgang tsa dipolotiki fela. Di batla gore batho ba ineele gotlhelele mo go tsone.”—Dr. Clemens Vollnhals

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Ba lelapa looraKusserow ba ile ba amogiwa kgololesego ya bone ka gonne ba ne ba gana go itatola tumelo ya bone

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Johannes Harms o ne a bolaelwa mo kgolegelong ya Bonasi ka ntlha ya dilo tse a neng a di dumela