Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pono e e Lekalekaneng ya Baebele ka Botlhogo

Pono e e Lekalekaneng ya Baebele ka Botlhogo

Pono e e Lekalekaneng ya Baebele ka Botlhogo

MOLAOMOTHEO wa botlhogo o simolotse fa batho ba ntlha ba sena go bopiwa. Motho o ne a dirwa mo setshwanong sa Modimo, mme o ne a bopiwa a na le tshwanelo ya go itlhophela. O ne a na le kgololesego ya go itlhophela go dira se se molemo kana se se bosula. O ne a ka dira gore Modimo a tlotlwe le go galalediwa ka go ikobela Mmopi ka go rata. O ne a ka dirisa botlhale jwa gagwe go galaletsa Modimo ka ntlha ya dinonofo tse di molemo tsa Modimo e bile o ne a ka ema bolaodi jwa gagwe nokeng.

Le fa go ntse jalo, Adame o ne a na le kgololesego e e lekanyeditsweng. O ne a ka tswelela a tshela ka boitumelo fa fela a ne a ka ikobela bolaodi jwa ga Jehofa. Seno se ne sa bonala ka setlhare sa kitso ya molemo le bosula se Adame a neng a ileditswe go se ja. Fa a ne a ka se ja, o ne a tla bo a sa ikobele bolaodi jwa Modimo, a bo tsuologela.—Genesise 2:9, 16, 17.

Le gompieno go sa ntse go le botlhokwa fela jalo gore baobamedi ba Modimo ba lebe botlhogo ka tsela e a bo lebang ka yone. Molaomotheo wa konokono wa botlhogo o tlhalosiwa mo go 1 Bakorintha 11:3: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.”

Maemo a ga Jesu Keresete

E re ka Jesu Keresete e le tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, o na le tshwanelo ya go dira ditshwetso tse di amanang le yone le go laola dilo mo go yone. (Baefeso 5:23) Mme gone, botlhogo jwa gagwe bo mo tlhoka gore a dire boikarabelo jwa gagwe jwa go tlhokomela phuthego le go rwala maikarabelo a ditshwetso tse a di dirang.

Ka metlha Jesu Keresete o dira dilo go dumalana le molaomotheo ono wa botlhogo, a bontsha ka mafoko le ka ditiro gore o ikobela botlhogo jwa ga Rraagwe ka botlalo. Tota le morago ga puso ya gagwe ya dingwaga tse di sekete o tla ikobela botlhogo jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe ka go busetsa Bogosi kwa go Jehofa, a “ipaya mo taolong ya Ene yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe, gore Modimo a nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.”—1 Bakorintha 15:24-28; Bafilipi 2:5-8.

Maemo a Monna

Le fa gone monna e le tlhogo ya lelapa, ga a tshwanela go lebala gore le ene o na le “tlhogo.” O tshwanetse go ikobela ditaelo le go etsa sekao sa tlhogo ya gagwe, e bong Keresete. (1 Johane 2:6) O tshwanetse go dira jalo e seng fela mo ditirong tsa bodumedi, mme gape le mo dilong tsotlhe.

Ka sekai, fa a na le lelapa, o tshwanetse go bontsha gore o tlotla Keresete tlhogo ya gagwe, ka go ikobela kgakololo ya gore a tshedisane le mosadi wa gagwe kafa kitsong, ‘a mo naya tlotlo jaaka sejana se se bokoa.’ Gape o tshwanetse go leka ka natla go godisa bana ba gagwe sentle.—1 Petere 3:7; Baefeso 6:4.

E re ka monna a ile a bopiwa pele, o neilwe maemo a taolo mo mosading. (1 Timotheo 2:12, 13) Mosadi o ne a dirwa ka kgopo e e tserweng mo monneng. (Genesise 2:22, 23) O ne a bopiwa ka ntlha ya monna e seng gore monna o ne a bopiwa ka ntlha ya mosadi. (1 Bakorintha 11:9) Ka gone, mo thulaganyong ya Modimo ya lelapa, ka metlha mosadi o ne a tshwanetse go ikobela monna wa gagwe mme o ne a sa tshwanela go amoga monna taolo. (Baefeso 5:22, 23) Gape, mosadi ga a tshwanela go ruta banna ba ba ineetseng mo phuthegong ya Bokeresete kana go ba laola.—1 Timotheo 2:12.

Bahebera ba bogologolo ba ne ba tsaya tsia maemo a a kwa godimo a monna a neng a na le one mo lelapeng le mo morafeng. Sara o ne a ikokobeletsa Aborahame, a mmitsa “morena,” mme go buiwa molemo ka ene ka ntlha ya tsela eno e a neng a ikobela botlhogo ka yone.—Genesise 18:12; 1 Petere 3:5, 6.

Maemo a Mosadi

Mo metlheng ya bogologolo go ne go na le maemo a mo go one mosadi a neng a rwala mo tlhogong go supa boikobo. (Genesise 24:65) Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua ka thulaganyo ya botlhogo mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a tlhalosa gore fa mosadi a rapela kgotsa a porofeta mo phuthegong, o tshwanetse go rwala mo tlhogong ka gonne o tla bo a dira tiro e Modimo a e abetseng monna.

Fa mosadi a dira ditiro tseno ka go bo go se na monna yo o ineetseng wa Mokeresete yo o ka di dirang, ga a tshwanela go akanya gore moriri wa gagwe o moleele o lekane go bontsha boikobo jwa gagwe. Go na le moo, o tshwanetse a bontsha boikobo jwa gagwe ka ditiro le ka go ikobela botlhogo jwa monna. Mosadi wa Mokeresete o dira seno ka go rwala sengwe mo tlhogong e le “sesupo sa taolo.”—1 Bakorintha 11:5-16.

Mosadi o tshwanetse go dira jalo “ka ntlha ya baengele,” ba ba etseng tlhoko dilo tse Bakeresete ba di dirang le ba ba amegileng ka phuthego ya Bokeresete e re ka ba e direla. Fa mosadi wa Mokeresete a rwala mo tlhogong fa go tlhokega ka ntlha ya mabaka a semoya, o bontsha gore o ikobela thulaganyo ya Modimo ya botlhogo.—Bahebera 1:14.

Thulaganyo eno e e siameng ya mo phuthegong le ya mo lelapeng ga e kgoreletse mosadi go direla Modimo, e bile ga e kgoreletse maiteko a gagwe a go dira ditiro le maikarabelo a lelapa. E mo thusa go nna le kgololesego e e feletseng ya Dikwalo ya go dira seabe sa gagwe, mme a ntse a itumedisa Modimo ka go dira dilo go ya ka molaomotheo ono: “Modimo o tlhomile ditokololo mo mmeleng, nngwe le nngwe ya tsone, kafa a neng a rata ka gone.”—1 Bakorintha 12:18.

Basadi ba le bantsi ba bogologolo ba ile ba nna le ditshiamelo tse di itumedisang tse ba neng ba di dira ba ntse ba ikobela botlhogo jwa monna, mme seo se ne sa dira gore ba tshele botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang. Bangwe ba bone ke Sara, Rebeka, Abigaile, le basadi ba Bakeresete ba ba jaaka Perisila le Febe.

Melemo ya Botlhogo

Go dirisa taolo ya botlhogo go naya motho ditshwanelo dingwe, mme gape go akaretsa maikarabelo mangwe. Ka sekai, fa monna a dirisa botlhogo jwa gagwe, o na le tshwanelo ya go dira ditshwetso tsa makgaolakgang le go etelela dilo pele. Mme gone, mo godimo ga seno, o na le boikarabelo jwa go tlhokomela lelapa la gagwe. O na le boikarabelo jo bogolo jwa go tlamela lelapa la gagwe ka dilo tsa nama le tsa semoya.—1 Timotheo 5:8.

Monna wa Mokeresete o tshwanetse go dirisa botlhogo jwa gagwe sentle, a rate mosadi wa gagwe jaaka a ithata. (Baefeso 5:33) Jesu Keresete o dirisa botlhogo jwa gagwe mo phuthegong ya Bokeresete ka tsela eo. (Baefeso 5:28, 29) E re ka rre e le tlhogo ya bana ba gagwe, ga a tshwanela go ba tshwenya, go na le moo o tshwanetse go ba godisetsa “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

E re ka “banna ba bagolwane” e le badisa ba letsomane la Modimo mo phuthegong ya Bokeresete, ga ba a tshwanela go rena mo “letsomaneng” la Modimo, go na le moo, ba tshwanetse go gopola gore le bone ba tshwanetse go ikobela Jesu Keresete le Jehofa Modimo. (1 Petere 5:1-4) Gape Bakeresete, ke go re, balatedi ba ga Jesu Keresete, ba ikobela botlhogo jwa maemo a a kwa godimo jwa ga Jehofa ka go lebisa dithapelo tsa bone kwa go ene le go mo tsaya e le Rre le Modimo Mothatayotlhe.—Mathaio 6:9; Tshenolo 1:8.

Ga go pelaelo gore go dirisa ka tsela e e siameng botlhogo jo bo tlhalosiwang mo Dikwalong, go solegela batho molemo. Go dira gore go nne le kagiso le kutlwano tse di dirang gore Mmopi a galalediwe.