Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete ba Bogologolo le Molao wa ga Moshe

Bakeresete ba Bogologolo le Molao wa ga Moshe

Bakeresete ba Bogologolo le Molao wa ga Moshe

“Molao o fetogile mogogi wa rona yo o isang kwa go Keresete.”—BAGALATIA 3:24.

1, 2. Baiseraele ba ba neng ba ikobela Molao wa ga Moshe ka kelotlhoko ba ne ba solegelwa molemo ka ditsela dife?

KA 1513 B.C.E., Jehofa o ne a naya Baiseraele thulaganyo ya melao. O ne a bolelela batho gore fa ba ne ba ka utlwa lentswe la gagwe, o ne a tla ba segofatsa mme ba ne ba tla tshela botshelo jo bo itumetseng le jo bo kgotsofatsang.—Ekesodo 19:5, 6.

2 Thulaganyo eo ya Molao, e e neng e bidiwa Molao wa ga Moshe, kgotsa “Molao” fela, e ne e le ‘boitshepo, e siame e bile e le molemo.’ (Baroma 7:12) E ne e rotloetsa batho go nna le dinonofo tse di molemo tse di jaaka bopelonomi, boikanyegi, boitsholo jo bo siameng le botsalano. (Ekesodo 23:4, 5; Lefitiko 19:14; Duteronome 15:13-15; 22:10, 22) Gape Molao o ne o kgothaletsa Bajuda gore ba ratane. (Lefitiko 19:18) Mo godimo ga moo, ba ne ba sa tshwanela go tsalana le Baditšhaba ba ba neng ba se kafa tlase ga Molao kgotsa go tsaya basadi mo go bone. (Duteronome 7:3, 4) Molao wa ga Moshe, o o neng o ntse jaaka “lobota” lo lo neng lo kgaoganya Bajuda le Baditšhaba, o ne o thusa batho ba Modimo gore ba se ka ba tshwaediwa ke tsela ya baheitane ya go akanya le mekgwa ya bone.—Baefeso 2:14, 15; Johane 18:28.

3. E re ka go ne go se na ope yo o neng a ka kgona go ikobela Molao ka botlalo, tiro ya one e ne e le eng?

3 Le fa go ntse jalo, tota le Bajuda ba ba neng ba le kelotlhoko thata ba ne ba sa kgone go ikobela Molao wa Modimo ka botlalo. A Jehofa o ne a lebeletse gore ba dire dilo tse ba neng ba ka se ka ba di kgona? Nnyaa. Lengwe la mabaka a go bo Baiseraele ba ne ba newa Molao e ne e le “go dira gore ditlolo di bonatshege.” (Bagalatia 3:19) Molao o ne o dira gore Bajuda ba ba tlhoafetseng ba lemoge gore ba tlhoka Morekolodi thata. Fa a fitlha, Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba itumela. Ba ne ba tla tloga ba gololwa mo phutsong ya boleo le loso!—Johane 1:29.

4. Molao e ne e le ‘mogogi yo o isang kwa go Keresete’ ka tsela efe?

4 Molao wa ga Moshe e ne e tshwanetse go nna thulaganyo ya nakwana. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ka ene o ne a o bitsa ‘mogogi yo o isang kwa go Keresete.’ (Bagalatia 3:24) Mo metlheng ya bogologolo mogogi o ne a tsamaya le bana fa ba ya sekolong le fa ba boa. Gantsi e ne e se morutabana; ene o ne a isa bana fela kwa go morutabana. Ka tsela e e tshwanang, Molao wa ga Moshe o ne o diretswe go gogela Bajuda ba ba boifang Modimo kwa go Keresete. Jesu o ne a solofetsa gore o ne a tla nna le balatedi ba gagwe “malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:20) Ka jalo fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa, “mogogi”—Molao—o ne wa felelwa ke tiro. (Baroma 10:4; Bagalatia 3:25) Mme Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ile ba nna bonya go tlhaloganya boammaaruri jono jwa botlhokwa. Ka jalo, ba ne ba tswelela ba dira dilo dingwe tse di mo Molaong tota le morago ga tsogo ya ga Jesu. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ne ba fetola tsela e ba dirang dilo ka yone. Ka go dira jalo, ba ne ba tlhomela rona ba re leng teng gompieno sekao se se molemo. A re boneng gore ba ne ba dira seo jang.

Diphetogo Tse di Kgatlhang mo Thutong ya Bokeresete

5. Petere o ne a newa ditaelo dife mo ponatshegelong, mme ke ka ntlha yang fa a ne a gamaregile?

5 Ka 36 C.E., moaposetoloi Petere wa Mokeresete o ne a bona ponatshegelo e e gakgamatsang. Ka nako eo lentswe le le tswang kwa legodimong le ne la mo laela gore a bolaye a bo a je dinonyane le diphologolo tse kafa Molaong di neng di se phepa. Petere o ne a gamaregile! O ne a ise a ko a “je sepe se se leswafetseng e bile se se phepa.” Mme lentswe le ne la mo raya la re: “Tlogela go bitsa dilo tse Modimo a di ntlafaditseng o re di leswafetse.” (Ditiro 10:9-15) Mo boemong jwa gore Petere a ngaparele Molao a sa fetoge, o ne a fetola tsela e a akanyang ka yone. Seno se ne sa felela ka gore a lemoge sengwe se se gakgamatsang malebana le maikaelelo a Modimo.

6, 7. Ke eng se se neng sa dira gore Petere a swetse gore jaanong a ka kgona go rerela Baditšhaba, mme ke ditshwetso dife tse dingwe tse a ka tswang a ile a di fitlhelela?

6 Go ne ga diragala jaana. Banna ba bararo ba ne ba ya kwa ntlong e Petere a neng a nna kwa go yone mme ba mo kopa gore a tsamaye le bone go ya kwa lelapeng la Moditšhaba mongwe yo o tlhoafetseng yo o sa rupisiwang yo o bidiwang Korenelio. Petere o ne a laletsa banna bano go tsena mo ntlong mme a ba tshola jaaka baeng. E re ka Petere a ne a tlhalogantse se se kaiwang ke ponatshegelo eno, o ne a tsamaya le banna bano letsatsi le le latelang go ya kwa lelapeng la ga Korenelio. Fa Petere a le koo, o ne a neela bosupi ka botlalo malebana le Jesu Keresete. Ka nako eo, Petere o ne a re: “Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” E seng fela Korenelio mme le ba losika lwa gagwe le ditsala tsa gagwe tse dikgolo ba ne ba bontsha tumelo mo go Jesu mme “moya o o boitshepo wa wela mo go botlhe ba ba utlwang lefoko.” E re ka Petere a ne a lemoga gore Jehofa o na le seabe mo kgannyeng eno, “a laela gore ba kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete.”—Ditiro 10:17-48.

7 Ke eng se se neng sa dira gore Petere a swetse ka gore Baditšhaba ba ba neng ba sa ikobela Molao wa ga Moshe jaanong ba ne ba ka kgona go nna balatedi ba ga Jesu Keresete? Ke go nna le temogo ya semoya. E re ka Modimo a ne a bontshitse gore o amogela Baditšhaba ba ba neng ba sa rupa ka go ba tshololela moya wa gagwe, Petere o ne a lemoga gore ba ne ba tla dumelelwa go kolobediwa. Gape, go bonala Petere a ne a lemoga gore Modimo o ne a sa lebelela gore Bakeresete ba Baditšhaba ba latele Molao wa ga Moshe gore ba tshwanelegele go kolobediwa. Fa o ka bo o ne o tshela ka nako eo, a o ne o ka bo o iketleeditse jaaka Petere go fetola tsela e o lebang dilo ka yone?

Bangwe Ba ne Ba Nnela go Latela “Mogogi”

8. Ke pono efe e e malebana le go rupa e e neng e farologane le ya ga Petere e Bakeresete bangwe ba ba neng ba nna kwa Jerusalema ba neng ba na le yone, mme ka ntlha yang?

8 Fa Petere a sena go tswa kwa lelapeng la ga Korenelio, o ne a ya Jerusalema. Dikgang tsa gore Baditšhaba ba ba sa rupang ba ne ba “amogetse lefoko la Modimo” di ne di fitlhile kwa phuthegong ya koo, mme barutwa bangwe ba Bajuda ba ne ba tshwenngwa ke kgang eno. (Ditiro 11:1-3) Le fa gone “batshegetsi ba go rupa” ba ne ba dumela gore Baditšhaba ba ka nna balatedi ba ga Jesu, ba ne ba gatelela gore batho bano ba e seng ba setšhaba sa Bajuda ba tshwanetse go ikobela Molao gore ba tle ba bolokwe. Ka fa letlhakoreng le lengwe, mo mafelong a go neng go na le Baditšhaba ba le bantsi, mme Bakeresete ba Bajuda ba le mmalwa, go ne go sa ganetsanwe ka kgang ya go rupa. Megopolo e mebedi eno e ne ya rena ka dingwaga tse di ka nnang 13. (1 Bakorintha 1:10) A bo seo e tshwanetse ya bo e ne e le teko e kgolo jang ne mo Bakereseteng bao ba bogologolo—segolobogolo mo go Baditšhaba ba ba neng ba nna mo mafelong a Sejuda!

9. Ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa gore kgang eno ya go rupa e rarabololwe?

9 Kgabagare kgang eno e ne ya fitlha kwa setlhoeng sa yone ka 49 C.E. fa Bakeresete ba kwa Jerusalema ba ne ba tla kwa Antioka ya kwa Siria kwa Paulo a neng a rera gone. Ba ne ba simolola go ruta gore Baditšhaba ba ba sokologileng ba ne ba tshwanetse go rupa go ya ka Molao. Mme go ne ga nna le kganetsano e kgolo gare ga bone le Paulo le Barenabase! Fa kgang eno e ne e sa rarabololwe, Bakeresete bangwe, e ka tswa e le ba Bajuda kgotsa ba Baditšhaba, ba ne ba tla kgopisega. Ka jalo, go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore Paulo le ba bangwe ba le mmalwa ba ye Jerusalema mme ba kope setlhopha se se laolang sa Bakeresete go rarabololela kgang eno ruri.—Ditiro 15:1, 2, 24.

Go sa Dumalane ka Mogopolo go Latelwa ke Kutlwano!

10. Dingwe tsa dintlha tse setlhopha se se laolang se neng sa di sekaseka ke dife pele se dira tshwetso malebana le seemo sa Baditšhaba?

10 Kwa pokanong nngwe e e neng ya tshwarwa, go bonala fa bangwe ba ne ba buelela kgang ya go rupa fa ba bangwe bone ba ne ba sa dumalane le kgang eo. Mme go ne go sa latelwe maikutlo a batho. Fa go sena go ganetsanwa thata, moaposetoloi Petere le moaposetoloi Paulo ba ne ba tlhalosa ditshupo tse Jehofa a neng a di dirile mo bathong ba ba sa rupang. Ba ne ba tlhalosa gore Modimo o ne a tshololetse moya o o boitshepo mo go Baditšhaba ba ba sa rupang. Tota ba ne ba botsa gore, ‘A go tshwanetse gore phuthego ya Bokeresete e bo e ka gana batho ba Modimo a ba amogetseng?’ Go tswa foo morutwa Jakobe o ne a bala mo Dikwalong temana nngwe e e neng ya thusa botlhe ba ba neng ba le teng go lemoga gore go rata ga ga Jehofa ke eng mo kgannyeng eo.—Ditiro 15:4-17.

11. Ke lebaka lefe le le sa kang la tlhotlheletsa go dirwa ga tshwetso e e malebana le go rupa mme ke eng se se bontshang gore Jehofa o ne a segofatsa tshwetso eno?

11 Batho botlhe jaanong ba ne ba batla go utlwa gore setlhopha se se laolang se tla reng. A lebaka la go bo e le Bajuda le ne le tla dira gore ba buelele kgang ya go rupa? Nnyaa. Banna bano ba ba ikanyegang ba ne ba ititeile sehuba gore ba latele Dikwalo le kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo. Fa setlhopha se se laolang se sena go utlwa bosupi jotlhe jo bo amanang le kgang eno, se ne sa dira tshwetso ba dumelana botlhe gore go ne go sa tlhokege gore Bakeresete ba Baditšhaba ba rupisiwe ba bo ba latele Molao wa ga Moshe. Fa bakaulengwe ba utlwa ka tshwetso eno, ba ne ba itumela mme diphuthego di ne tsa simolola go “oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.” Bakeresete ba ba ileng ba ikobela kaelo e e utlwalang sentle ya puso ya Modimo ba ne ba segofadiwa ka karabo e e theilweng mo Dikwalong. (Ditiro 15:19-23, 28, 29; 16:1-5) Le fa go ntse jalo, go ne go na le potso e e botlhokwa e e neng e sa ntse e tshwanetse go arabiwa.

Go Tweng ka Bakeresete ba Bajuda?

12. Ke potso efe e e neng e sa arabiwa?

12 Setlhopha se se laolang se ne se bontshitse sentle gore Bakeresete ba Baditšhaba ba ne ba sa tlhoke go rupisiwa. Mme go tweng ka Bakeresete ba Bajuda? Tshwetso ya setlhopha se se laolang e ne e sa araba potso eo ka tlhamalalo.

13. Ke ka ntlha yang fa go ne go le phoso go gatelela gore batho ba ne ba tshwanetse go boloka Molao wa ga Moshe gore ba bolokwe?

13 Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ba neng ba “tlhoafetse mo Molaong” ba ne ba tswelela pele ba rupisa bana ba bone e bile ba ikobela dikarolo dingwe tsa Molao. (Ditiro 21:20) Ba bangwe ba ne ba dira le se se fetang seo, ba bile ba gatelela gore Bakeresete ba Bajuda ba ne ba tshwanetse go ikobela Molao gore ba bolokwe. Ba ne ba le phoso mo kgannyeng eno. Ka sekai, Mokeresete o ne a ka ntsha jang setlhabelo sa phologolo gore a itshwarelwe maleo? Setlhabelo sa ga Keresete se ne fedisitse ditlhabelo tse di ntseng jalo. Go tweng ka karolo ya Molao e e neng e bolela gore Bajuda ba tile go itsalanya le Baditšhaba? Go ka bo go nnile bokete thata gore bareri ba ba tlhoafetseng ba Bakeresete ba latele melao eno mme gape ba diragatse thomo ya gore ba rute Baditšhaba dilo tsotlhe tse Jesu a neng a di ba rutile. (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 1:8; 10:28) * Ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore kgang eno e ne ya tlhalosiwa kwa pokanong nngwe ya setlhopha se se laolang. Le fa go ntse jalo, ga se gore phuthego e ne ya tlogelwa fela e sa thusiwe.

14. Dikwalo tsa ga Paulo tse di tlhotlheleditsweng di ne tsa naya kaelo efe malebana le Molao?

14 Ba ne fiwa kaelo ka dikwalo tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng tse di tswang kwa baaposetoloing, e seng ka go kwalelwa lekwalo ke setlhopha se se laolang. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a romela molaetsa o o utlwalang sentle kwa Bajudeng le kwa go Baditšhaba ba ba neng ba nna kwa Roma. Mo lekwalong le a neng a le ba kwalela, o ne a tlhalosa gore Mojuda tota “ke yo e leng ene mo teng, mme go rupa ga gagwe ke ga pelo ka moya.” (Baroma 2:28, 29) Mo go lone lekwalo leo, Paulo o ne a dirisa setshwantsho go supa gore Bakeresete ba ne ba sa tlhole ba le kafa tlase ga Molao. O ne a bolela gore mosadi a ka se ka a nyalwa ke banna ba le babedi ka nako e le nngwe fela. Mme fa monna wa gagwe a swa, o ne a gololesegile gore a ka nyalwa gape. Go tswa foo Paulo o ne a tlhalosa kafa setshwantsho seo se dirang ka teng ka go bontsha gore Bakeresete ba ba tloditsweng ba ka se ka ba ikobela Molao wa ga Moshe mme gape e le ba ga Keresete. Ba ne ba tshwanetse go nna “ba ba suleng malebana le Molao” gore ba tle ba kopanngwe le Keresete.—Baroma 7:1-5.

Ba Bonya go Tlhaloganya

15, 16. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba sa tlhaloganye gore ga ba tlhole ba le ka fa tlase ga Molao, mme seno se bontsha eng malebana le kafa go tlhokegang ka teng gore motho a nne a thantse semoyeng?

15 Se Paulo a neng a se tlhalosa ka Molao se ne se ka se ka sa ganediwa. Mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete bangwe ba Bajuda ba ne ba sa tlhaloganye gore ga ba tlhole ba le ka fa tlase ga Molao? Lengwe la mabaka ke gore ba ne ba se na temogo ya semoya. Ka sekai, ba ne ba sa ikotle ka dijo tse di loileng tsa semoya. (Bahebera 5:11-14) Gape ba ne ba sa nne gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete. (Bahebera 10:23-25) Lebaka le lengwe la go bo bangwe ba ne ba sa tlhaloganye le ka tswa le ne le amana le kafa Molao ka boone o neng o ntse ka teng. O ne o remeletse thata mo dilong tse di neng di ka bonwa le go tshwarwa, tse di jaaka tempele le baperesiti. Go ne go le motlhofo gore motho yo o neng a sa tlwaelana le dilo tsa semoya a amogele Molao go na le gore a amogele melaometheo e e boteng ya Bokeresete, e e neng e remeletse mo dilong tsa mmatota tse di sa bonweng.—2 Bakorintha 4:18.

16 Lebaka le lengwe gape la go bo batho ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba tlhoafaletse go ikobela Molao le ne la tlhalosiwa ke Paulo mo lokwalong lo a neng a lo kwalela Bagalatia. O ne a tlhalosa gore banna bano ba ne ba batla go tsewa e le batho ba ba tlotlegang, e le maloko a bodumedi jo bo latelwang ke bontsi jwa batho. Mo boemong jwa gore ba tlhomologe mo setšhabeng, ba ne ba iketleeditse go dira sengwe le sengwe fela gore ba amogelwe. Ba ne ba rata go amogelwa ke batho bogolo go go amogelwa ke Modimo.—Bagalatia 6:12.

17. Molao o ne wa simolola leng go lebiwa ka tsela e e tshwanetseng?

17 Bakeresete ba ba nang le temogo ba ba neng ba ithuta dikwalo tsa ga Paulo le tsa ba bangwe tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo, ba ne ba kgona go dira ditshwetso tse di siameng malebana le Molao. Le fa go ntse jalo, Bakeresete botlhe ba Bajuda ba ne ba simolola go leba Molao wa ga Moshe ka tsela e e tshwanetseng ka ngwaga wa 70 C.E. Seo se diragetse fa Modimo a ne a letla Jerusalema, tempele ya yone le direkoto tsa baperesiti ba yone gore di senngwe. Mme seno se ne se dira gore go se ka ga kgonega gore ope a ikobele dikarolo tsotlhe tsa Molao.

Kafa re ka Dirisang Thuto eo ka Teng Gompieno

18, 19. (a) Re tshwanetse go nna le maikutlo afe mme re tshwanetse ra tila maikutlo afe gore re nne re itekanetse semoyeng? (b) Sekai sa ga Paulo se re ruta eng ka go latela kaelo e re e newang ke bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo? (Bona lebokose le le mo tsebeng 24.)

18 Morago ga go bala ka ditiragalo tseno tsa bogologolo, gongwe o ipotsa jaana: ‘Fa nkabo ke ne ke tshela mo metlheng eo, nkabo ke ile ka itshwara jang fa thato ya Modimo e ne e ntse e senolwa kgato ka kgato? A nkabo ke ile ka ngangatlela megopolo e ke neng ke ntse ke na le yone? Kgotsa a nkabo ke ile ka nna pelotelele go fitlha dilo di tlhaloganngwa sentle? Mme fa di setse di tlhaloganngwa sentle, a nkabo ke ile ka di amogela ka pelo yotlhe?’

19 Gone ke boammaaruri gore re ka se ka ra tlhomamisega gore re ka bo re ile ra itshwara jang fa re ne re tshela mo metlheng eo ya bogologolo. Mme gone re ka ipotsa jaana: ‘Ke itshwara jang fa go tokafadiwa tsela e re tlhaloganyang Baebele ka yone gompieno? (Mathaio 24:45) Fa ke newa kaelo e e tswang mo Dikwalong, a ke leka go e dirisa, ke latela melaometheo ya yone go na le go ngangatlela melao e e kwadilweng fela? (1 Bakorintha 14:20) A ke letela Jehofa ka bopelotelele fa go lebega dipotso dingwe di sa arabiwe ka bonako?’ Go botlhokwa gore re dirise dijo tsa semoya tse di leng teng gompieno, gore “le ka motlha re se ka ra katogela go sele ka bonya.” (Bahebera 2:1) Fa Jehofa a re kaela ka Lefoko la gagwe, ka moya wa gagwe le ka phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng, a re reetseng ka kelotlhoko. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re segofatsa ka botshelo jo bo sa khutleng jo bo itumedisang, le jo bo kgotsofatsang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 13 Fa Petere a ne a etela Antioka ya kwa Siria, o ne a nna le botsalano jo bo molemo le badumedi ba Baditšhaba. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Bakeresete ba Bajuda ba goroga ba tswa kwa Jerusalema, Petere “a simolola go ikgoga a ba a itomolola, a boifa ba setlhopha sa ba ba rupileng.” Re ka akanya fela gore basokologi bao ba Baditšhaba ba tshwanetse ba bo ba ile ba utlwa botlhoko jang fa moaposetoloi yo o ikanyegang a ne a gana go ja le bone.—Bagalatia 2:11-13.

O ka Araba Jang?

• Molao wa ga Moshe o ne o ntse jaaka ‘mogogi yo o isang kwa go Keresete’ ka tsela efe?

• O ka tlhalosa jang lebaka la go bo Petere le “batshegetsi ba go rupa” ba ile ba arabela ka ditsela tse di sa tshwaneng fa go ne go fetolwa tsela e boammaaruri bo tlhaloganngwang ka yone?

• O ithutile eng malebana le tsela e Jehofa a senolang boammaaruri ka yone gompieno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

Paulo o Lebana le Teko ka Boikokobetso

Paulo o ne a goroga mo Jerusalema ka 56 C.E. fa a sena go fetsa loeto lwa gagwe lwa borongwa ka katlego. Fa a tsena koo o ne a lebana le teko. Phuthego e ne e utlwaletse gore o ne a ntse a ruta gore Molao o ne o sa tlhole o dira. Banna ba bagolwane ba ne ba boifa gore Bakeresete ba Bajuda ba ba neng ba sa tswa go sokologa ba ne ba tla kgopisiwa ke tsela e Paulo a neng a bua ka tlhamalalo ka yone malebana le Molao le gore ba ka nna ba swetsa ka gore Bakeresete ga ba tlotle dithulaganyo tsa ga Jehofa. Go ne go na le Bakeresete ba Bajuda ba le banè mo phuthegong ba ba neng ba dirile maikano, gongwe e le maikano a Bonasirite. Ba ne ba tshwanetse go ya tempeleng ba ya go feleletsa dilo tse di tshwanetseng go dirwa go ya ka maikano ao.

Banna ba bagolwane ba ne ba kopa Paulo gore a tsamaye le banna ba banè bao go ya kwa tempeleng le go duelela ditshenyegelo tsa bone. Paulo o ne a kwadile dikwalo di ka nna pedi tse di tlhotlheleditsweng tse mo go tsone a neng a tlhalosa gore motho o ne a sa tlhoke go ikobela Molao gore a bolokwe. Le fa go ntse jalo, o ne a akanyetsa digakolodi tsa ba bangwe. Pelenyana ga foo o ne a kwadile jaana: “Mo go ba ba kafa tlase ga molao ke ne ka nna jaaka yo o kafa tlase ga molao . . . gore ke gape ba ba leng kafa tlase ga molao.” (1 Bakorintha 9:20-23) Le fa a ne a sa tlole melaometheo e e botlhokwa ya Dikwalo, Paulo o ne a ikutlwa a gololesegile go amogela kakantsho ya banna ba bagolwane. (Ditiro 21:15-26) Go ne go se phoso gore a dire jalo. Go ne go se na sepe se se seng kafa Dikwalong ka thulaganyo ya maikano, mme tempele e ne e dirisediwa kobamelo e e itshekileng, e seng kobamelo ya medingwana. Ka jalo, e re ka Paulo a ne a sa batle go kgopisa ope, o ne a dira jaaka a kopilwe. (1 Bakorintha 8:13) Kwantle ga pelaelo seno se ne se tlhoka gore Paulo a ikokobetse tota, mme seno se dira gore re mo anaanele thata.

[Setshwantsho mo go tsebe 22, 23]

Go ne ga feta dingwaga di le mmalwa Bakeresete ba na le maikutlo a a farologaneng ka Molao wa ga Moshe