Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Nnang Pelokgale! Ke Fentse Lefatshe”

“Nnang Pelokgale! Ke Fentse Lefatshe”

“Nnang Pelokgale! Ke Fentse Lefatshe”

LETSATSI la loso lwa ga Jesu—letsatsi la bo14 la kgwedi ya Sejuda ya Nisane—le ne la simologa fa letsatsi le sena go phirima ka Labone, March 31, 33 C.E. Mo maitseboeng ao, Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba kopana mmogo mo kamoreng e e kwa godimo mo ntlong nngwe kwa Jerusalema go keteka Tlolaganyo. Fa Jesu a ntse a ipaakanyetsa “gore a fuduge mo lefatsheng leno a ye kwa go Rara,” o ne a bontsha gore o rata baaposetoloi ba gagwe go fitlha kwa bokhutlong. (Johane 13:1) Jang? Ka go ba ruta dithuto tse di molemolemo, a dira jalo gore a ba baakanyetse se se tla diragalang.

Fa bosigo bo ntse bo feta, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.” (Johane 16:33) O ne a kaya eng ka mafoko ao a bopelokgale? Ka tsela nngwe a ne a kaya seno: ‘Bosula jo bo mo lefatsheng ga bo a dira gore ke galefe kgotsa gore ke ipusolosetse. Ga ke a letla lefatshe go dira gore ke bopege jaaka lone. Le lona lo ka dira jalo.’ Se Jesu a neng a se ruta baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang mo diureng tseo tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, se ne se tla ba thusa gore le bone ba fenye lefatshe.

Bosula bo tletse mo lefatsheng gompieno. Re itshwara jang fa re bona go se na tshiamiso e bile go na le ditiro tsa thubakanyo tsa go tlhoka tlhaloganyo? A dilo tseno di dira gore re nne le letlhoo kgotsa re raelesege go ipusolosetsa? Re amiwa jang ke boitsholo jo bo ntseng bo senyegela pele jwa batho ba re tshelang le bone? Mo godimo ga moo, ga re a itekanela e bile re sekametse go dira boleo, mme ka ntlha ya seo re lebanwe ke dintwa tse pedi: e nngwe kgatlhanong le lefatshe le le bosula mme e nngwe kgatlhanong le dilo tse di bosula tse re sekametseng go di dira. A mme tota re ka lebelela go fenya fa re sa thusiwe ke Modimo? Re ka bona jang thuso ya gagwe? Ke dinonofo dife tse re tshwanetseng go di tlhagolela tse di ka re thusang gore re se ka ra sekamela go dira boleo? Go bona dikarabo, a re sekasekeng se Jesu a neng a se ruta barutwa ba gagwe ba ba rategang mo letsatsing la bofelo la botshelo jwa gagwe mo lefatsheng.

Fenya Boikgogomoso ka Boikokobetso

Ka sekai, sekaseka bothata jwa boikgogomoso kgotsa mabela. Fa Baebele e bua ka jone ya re: “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.” (Diane 16:18) Gape Dikwalo di re gakolola jaana: “Fa mongwe a akanya gore o sengwe fa a se sepe, o tsietsa mogopolo wa gagwe.” (Bagalatia 6:3) Ee, boikgogomoso bo kotsi e bile bo a tsietsa. Re tla bo re dira ka botlhale fa re tlhoa “boikgodiso le boikgogomoso.”—Diane 8:13.

A baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba na le bothata jwa boikgodiso le boikgogomoso? Mo lekgetlhong lengwe ba kile ba ganetsana ka gore ke mang yo mogolo mo go bone. (Mareko 9:33-37) Mo lekgetlhong le lengwe, Jakobe le Johane ba ne ba kopa gore ba nne le maemo a a kwa godimo mo Bogosing. (Mareko 10:35-45) Jesu o ne a batla go thusa barutwa ba gagwe gore ba tlogele mokgwa ono. Ka jalo, e ne ya re go ntse go jewa sejo sa Tlolaganyo, a ema, a ikgatlha ka seiphimolo, mme a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao. Go ne go bonala sentle gore o batla go ba ruta eng. Jesu o ne a re: “Fa nna, le mororo ke le Morena le Moruti, ke ne ka tlhapisa dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse lwa tlhapisana dinao.” (Johane 13:14) Boikgogomoso bo tshwanetse go emisediwa ka nonofo e e farologaneng thata le jone, e leng boikokobetso.

Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo go fenya boikgogomoso. Moragonyana mo maitseboeng ao, fa Jesu a sena go koba Judase Isekariota, yo o neng a tla tloga a mo oka, baaposetoloi ba ba 11 ba ga Jesu ba ne ba ganetsana mo go botlhoko. Ba ne ba ganetsana ka eng? Gore ke mang yo go neng go lebega a le mogolo go ba feta botlhe! Go na le gore Jesu a ba omanye, o ne a boa gape a gatelela ka bopelotelele botlhokwa jwa go direla ba bangwe. O ne a re: “Dikgosi tsa ditšhaba di rena mo go bone, le ba ba nang le taolo mo go bone ba bidiwa bao ba ba direlang molemo. Le fa go ntse jalo, lona ga lo a tshwanela go nna ka tsela eo. Mme a yo o leng mogolo mo gare ga lona a nne jaaka yo mmotlana, le yo o dirang jaaka kgosi jaaka yo o direlang.” O ne a oketsa jaana fa a ne a ba gakolola sekao sa gagwe: “Ke mo gare ga lona ke le yo o direlang.”—Luke 22:24-27.

A baaposetoloi ba ne ba tlhaloganya thuto eo? Go bonala jalo. Dingwaga moragonyana moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko, lo na le lorato lwa bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo le boikokobetso mo mogopolong.” (1 Petere 3:8) A bo go le botlhokwa thata jang ne gore le rona re fenye boikgogomoso ka boikokobetso! Re tla bo re dira ka botlhale fa re tila go batla go nna le botumo, maatla, kgotsa maemo. Baebele ya re: “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang.” (Jakobe 4:6) Fela jalo, seane se se tshwanetseng sa bogologolo sa re: “Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.”—Diane 22:4.

Re ka Fenya Letlhoo Jang?

Akanya ka mokgwa o mongwe o o tlwaelegileng mo lefatsheng—letlhoo. Le fa letlhoo le ka tswa le bakwa ke poifo, botlhokakitso, go tlhaola batho ka ntlha ya dilo tse di rileng, kgatelelo, go tlhoka tshiamiso, bosetšhaba, go tlhaola batho ka lotso, kgotsa bomorafe, go bonala letlhoo le le gongwe le gongwe mo re leng teng. (2 Timotheo 3:1-4) Letlhoo le ne le tletse le mo motlheng wa ga Jesu. Bakgethisi e ne e le batho ba ba sa ratiweng mo setšhabeng sa Bajuda. Bajuda ba ne ba sa dirisane le Basamarea. (Johane 4:9) Mme Baditšhaba, kgotsa batho ba e seng Bajuda le bone ba ne ba sotlwa ke Bajuda. Le fa go ntse jalo, kgabagare tsela ya kobamelo e Jesu a neng a e simolola e ne e tla akaretsa batho ba ditšhaba tsotlhe. (Ditiro 10:34, 35; Bagalatia 3:28) Ka jalo, o ne a bontsha barutwa ba gagwe lorato ka go ba naya sengwe se sesha.

Jesu o ne a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane.” Ba ne ba tshwanetse go ithuta go bontsha lorato lono, ka gonne o ne a tswelela jaana: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:34, 35) Taelo eo e ne e le ntšha ka gonne e ne e akaretsa se se fetang go rata “mongwe ka wena jaaka o ithata.” (Lefitiko 19:18) Ka tsela efe? Jesu o ne a bolela jaana fa a ne a tlhalosa se a se kayang: “Eno ke taelo ya me, gore lo ratane fela jaaka ke lo ratile. Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:12, 13) Ba ne ba tshwanetse go ikemisetsa go swelana le go swela ba bangwe.

Batho ba ba sa itekanelang ba ka fedisa jang letlhoo la bopelompe mo matshelong a bone? Ka go le emisetsa ka lorato lwa go intsha setlhabelo. Dimilione tsa batho ba ba peloephepa ba ba tswang mo mefuteng yotlhe ya ditso, ya bodumedi le ya sepolotiki ba dira fela jalo. Gone jaanong ba kopanngwa gore e nne setšhaba se le sengwe se se utlwanang, se se se nang letlhoo—bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa Basupi ba ga Jehofa. Ba tsaya tsia mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a ga moaposetoloi Johane: “Mongwe le mongwe yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe ke mmolai, mme lo a itse gore ga go na mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.” (1 Johane 3:15) Bakeresete ba boammaaruri ga ba gane fela go lwa mo ntweng le fa e ka nna efe mme gape ba dira ka natla gore ba bontshane lorato.

Mme re tshwanetse go ikutlwa jang ka batho ba e seng badumedi ka rona mme gongwe ba re tlhoile? Fa Jesu a ntse a akgega mo koteng, o ne a rapelela babolai ba gagwe jaana: “Rara, ba itshwarele, gonne ga ba itse se ba se dirang.” (Luke 23:34) Fa banna ba ba tletseng letlhoo ba ne ba kgobotletsa morutwa Setefane ka maje go fitlha a swa, mafoko a gagwe a bofelo e ne ya nna: “Jehofa, o se ka wa ba balela boleo jono.” (Ditiro 7:60) Jesu le Setefane ba ne ba sa batle gore batho ba ba ba tlhoileng ba diragalelwe ke sepe se se bosula. Ba ne ba se na letlhoo mo dipelong tsa bone. Baebele e re kgothatsa jaana: “A re direng se se molemo mo go botlhe.”—Bagalatia 6:10.

‘Mothusi ka Bosaengkae’

Fa pokano ya ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 e ntse e tsweletse, o ne a ba itsise gore go ise go ye kae o ne a se kitla a tlhola a nna le bone e le motho wa senama. (Johane 14:28; 16:28) Mme o ne a ba tlhomamisetsa jaana: “Ke tla kopa Rara mme o tla lo naya mothusi yo mongwe gore a nne le lona ka bosaengkae.” (Johane 14:16) Mothusi yo o solofeditsweng yono ke moya o o boitshepo wa Modimo. O ne o tla ba ruta dilo tse di boteng tsa Dikwalo o bo o ba gopotse se Jesu a neng a se ba rutile mo bodireding jwa gagwe jwa mo lefatsheng.—Johane 14:26.

Moya o o boitshepo o ka re thusa jang gompieno? Baebele ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Banna ba ba neng ba dirisiwa go bolela boporofeti le go kwala Baebele ba ne ba “tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” (2 Petere 1:20, 21; 2 Timotheo 3:16) Fa re ithuta Dikwalo re bo re dirisa se re se ithutang mo go tsone re tla nna le kitso, botlhale, tlhaloganyo, kitso, temogo le bokgoni jwa go akanya. Mme fa re dira jalo, ruri re tla kgona go lebana le dikgatelelo tsa lefatshe leno le le boikepo.

Moya o o boitshepo o thusa ka tsela e nngwe gape. Moya o o boitshepo wa Modimo ke maatla a a siameng, a a thusang batho ba a ba tlhotlheletsang gore ba nne le dinonofo tse di siameng. Baebele ya re: “Maungo a moya ke lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” A tseno ga se tsone dinonofo tse re di tlhokang gore re fenye maikutlo a boleo a a sekametseng mo boitsholong jo bo sa siamang, mo dikgogakgoganong, mo lefufeng, mo go phatlogeng ka bogale le mo dilong tse dingwe tse di ntseng jalo?—Bagalatia 5:19-23.

Fa re ikaega ka moya wa Modimo, gape re ka amogela “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore re emelane le bothata bope fela kgotsa matshwenyego. (2 Bakorintha 4:7) Le fa moya o o boitshepo o ka se ka wa tlosa diteko kgotsa dithaelo, ruri o ka re thusa go di itshokela. (1 Bakorintha 10:13) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafilipi 4:13) Modimo o naya maatla a a ntseng jalo ka moya wa gagwe o o boitshepo. Ruri re tshwanetse ra anaanela moya o o boitshepo! Batho ba ba ‘ratang Jesu e bile ba boloka ditaelo tsa gagwe’ ba solofeditswe gore ba tla o newa.—Johane 14:15.

“Nnelang Ruri mo Loratong Lwa Me”

Mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo e le motho, Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Yo o nang le ditaelo tsa me e bile a di boloka, ene yoo ke yo o nthatang. Le yo o nthatang o tla ratwa ke Rre.” (Johane 14:21) O ne a ba rotloetsa jaana: “Nnelang ruri mo loratong lwa me.” (Johane 15:9) Go nnela ruri mo loratong lwa ga Rara le lwa Morwa go re thusa jang fa re ntse re lwantsha lefatshe le le boikepo le mekgwa ya boleo e e mo go rona?

Mme gone, a ruri re ka kgona go lwantsha mekgwa ya boleo fa go se na sepe se se re rotloetsang go dira jalo? Ga go na sepe se se ka re rotloetsang go feta go eletsa go nna le kamano e e molemo le Jehofa Modimo le Morwawe. Ernesto, * e leng lekawana lengwe le le neng la goga bokete gore le tlogele boitsholo jo bo sa siamang jo le neng le sa le le nna le jone go tloga bosheng, le tlhalosa jaana: “Ke ne ke batla go itumedisa Modimo, mme ke ne ka ithuta go tswa mo Baebeleng gore ga a amogele tsela e ke neng ke tshela ka yone. Ka jalo, ke ne ka dira tshwetso ya gore ke nne motho wa mofuta o sele, ke tshele ka melaometheo ya Modimo. Letsatsi le letsatsi, ke ne ke tshwanelwa ke go lwantsha dikakanyo tse di sa siamang, tse di leswe tse di neng di sa ntse di tla ka bontsi mo mogopolong wa me. Mme ke ne ke ikemiseditse go fenya ntwa eno, ka jalo ke ne ka rapela Modimo ke sa kgaotse gore a nthuse. Morago ga dingwaga di le pedi ke ne ke batla ke fentse bothata jwa me, mme gone ke sa ntse ke iketse tlhoko thata.”

Malebana le go lwantsha lefatshe, akanya ka thapelo e e konelang e Jesu a neng a e rapela pele a tswa mo phaposing ele e e kwa godimo kwa Jerusalema. O ne a rapelela barutwa ba gagwe mo go Rraagwe a kopa jaana: “Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo. Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:15, 16) A bo seo se kgothatsa jang ne! Jehofa o tlhokomela batho ba a ba ratang e bile o a ba nonotsha fa ba ntse ba nna ba se karolo ya lefatshe.

“Dumelang”

Go latela ditaelo tsa ga Jesu ruri go ka re thusa gore re fenye mo ntweng ya rona kgatlhanong le lefatshe le le boikepo le mekgwa ya rona ya boleo. Mme le fa go fenya dilo tseno go le botlhokwa jaana, ga go ka ke ga tlosa lefatshe le fa e le boleo jo re bo ruileng. Mme ga re a tshwanela go kgobega marapo.

Baebele ya re: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Jesu o ne a swela “mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene” gore a ba golole mo boleong le mo losong. (Johane 3:16) Ka jalo, fa re ntse re nna le kitso e e oketsegileng ka thato le boikaelelo jwa Modimo, a re tseyeng tsia mafoko ano a ga Jesu: “Dumelang mo Modimong, dumelang le mo go nna.”—Johane 14:1.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 22 Go dirisitswe leina le e seng la gagwe fano.

[Setshwantsho mo go tsebe 6, 7]

Jesu o ne a rotloetsa baaposetoloi ba gagwe a re: “Nnelang ruri mo loratong lwa me”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go ise go ye kae re tla gololwa mo boleong le mo ditlamoragong tsa jone