Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—A lo Gatela Pele Semoyeng?

Basha—A lo Gatela Pele Semoyeng?

Basha—A lo Gatela Pele Semoyeng?

HIDEO o bolela jaana fa a gakologelwa nako ya fa a sa ntse a tsena sekolo: “Le mororo ke ne ke ya dipokanong tsa Bokeresete, ke ne ke se na keletso e kalo ya go direla Jehofa. Gantsi ke ne ke eletsa go ipona ke ratwa thata ke ba ke tsenang sekolo le bone le go tsamaya ke kokoroga mo mmileng le lekgarebe la me. Ke ne ke se na mekgele e ke ipeetseng yone, mme ke ne ke se na keletso ya go gatela pele semoyeng.” Fela jaaka Hideo, go bonala basha ba le bantsi ba se na maikaelelo mo botshelong, ga ba batle go ipeela mekgele epe e e molemo kgotsa go gatela pele.

Fa o le mosha, o ka tswa o itumelela go tshameka kgotsa go dira sengwe go itlosa bodutu. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o sa ikutlwe ka tsela eo fa o tshwanelwa ke go dira dilo tsa semoya. A o ka kgona go itumelela mekgele ya semoya? Akanya ka mafoko ano a mopesalema: “Kgakololo ya ga Jehofa e a ikanyega, e tlhalefisa yo o se nang maitemogelo. . . . Taelo ya ga Jehofa e phepa, e phatsimisa matlho.” (Pesalema 19:7, 8) Lefoko la Modimo le ka kgona go kaela motho “yo o se nang maitemogelo” gore a dire dilo ka botlhale, go “phatsimisa matlho” a gagwe. Ee, o ka kgona go itumelela dilo tsa semoya. Mme o tshwanetse go dira eng gore o ikutlwe ka tsela eo? O tshwanetse go simolola ka go dira eng pele?

Tlhotlheletsega go Direla Modimo

Sa ntlha, o tshwanetse go nna le sengwe se se go tlhotlheletsang. Akanya ka Kgosi Josia yo mmotlana wa Juda. Fa buka ya Molao wa ga Jehofa e sena go bonwa kwa tempeleng, Josia o ne a dira gore e balwe mme o ne a amiwa thata ke se a neng a se utlwa. Ka ntlha ya moo, “Josia [o ne] a tlosa dilo tsotlhe tse di makgapha mo mafatsheng otlhe a bomorwa Iseraele.” (2 Ditiragalo 34:14-21, 33) Josia o ne a tlhotlhelediwa ke go bala Lefoko la Modimo gore a dire go ka tlala seatla go tsweledisetsa kobamelo e e itshekileng pele.

Le wena o ka godisa keletso ya go direla Jehofa fa o bala Baebele ka metlha le go tlhatlhanya ka se o se balang. Ke sone se se neng sa tlhotlheletsa Hideo. O ne a simolola go tsalana thata le mmulatsela mongwe yo o godileng, ke gore modiredi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Mmulatsela yono e ne e le motho yo o tlhagafaletseng go ithuta Baebele e bile a leka go dirisa dilo tse a di ithutang mo go yone mo botshelong jwa gagwe. E re ka Hideo a ne a kgothaditswe thata ke sekao sa mmulatsela yono, o ne a simolola go mo etsa a bo a simolola go nna le keletso e kgolo ya go direla Modimo le go thusa batho ba bangwe. Go gatela pele ga gagwe semoyeng go ne ga mo thusa gore a tshele botshelo jo bo itumedisang.

Basha ba ka tlhotlhelediwa ke go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Takahiro o tlhalosa jaana: “Nako le nako fa ke ne ke ya go robala ke bo ke lemoga gore ga ke ise ke bale mmalo wa me wa Baebele wa letsatsi leo, ke ne ke tsoga ke bo ke ya go o bala. Seno se ne sa dira gore ke ikutlwe ke kaelwa ke Jehofa. Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go ne ga nthusa thata gore ke gatele pele semoyeng. E re ka ke ne ke iketleeleditse go nna le seabe se segolwane mo tirelong ya ga Jehofa, ke ile ka simolola tiro ya bobulatsela jwa ka metlha nakwana fela morago ga gore ke fetse sekolo se segolo. Mme ke itumelela tiro eno tota.”

Mo godimo ga go bala Baebele, ke eng gape se se ka go thusang gore o tlhotlheletsege go baka Jehofa? Tomohiro o ne a rutiwa boammaaruri jwa Baebele ke mmaagwe. A re: “E ne ya nna fela morago ga gore ke ithute buka ya Life Does Have a Purpose ka tlhoafalo, ke le dingwaga tse 19, ke ileng ka ikutlwa ke amiwa thata ke lorato lwa ga Jehofa le ke setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Go anaanela lorato lwa Modimo ka tsela e e ntseng jalo go ne ga ntlhotlheletsa gore ke dire go le gontsi mo tirelong ya ga Jehofa.” (2 Bakorintha 5:14, 15) Basha ba le bantsi fela jaaka Tomohiro ba tlhotlheletsega go gatela pele semoyeng ka go ithuta Baebele ka tlhoafalo.

Go tweng fa e le gore o sa ntse o se na keletso e kgolo ya go direla Jehofa le fa o setse o dirile dilo tseno? A go na le mongwe yo o ka kopang thuso mo go ene? Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Gonne Modimo ke ene yo o dirang mo teng ga lona, . . . gore lo rate lo bo lo dire.” (Bafilipi 2:13) Fa o kopa Jehofa thuso ka thapelo, o tla go naya moya wa gagwe o o boitshepo, o o tla go tlhotlheletsang gore o se ka ‘wa dira’ fela mme gape ‘o rate’ se o se dirang. Seno se raya gore moya o o boitshepo wa Modimo o tla go thusa gore o nne le keletso ya go dira bojotlhe jwa gago mo tirelong ya ga Jehofa mme o tla go thusa go gola semoyeng. Ikanye maatla a ga Jehofa o sa belaele sepe mme o nonotshe pelo ya gago!

Ipeele Mekgele

Fa o setse o iketleeleditse go direla Jehofa ka botlalo, o tlhoka go ipeela mekgele gore o kgone go gatela pele semoyeng. Mosetsana mongwe wa Mokeresete e bong Mana, o ne a re: “Selo se se ileng sa nthusa thata ke go ipeela mekgele. Go na le gore ke boele morago, ke ne ka kgona go gatela pele ka bopelokgale. Fa ke ntse ke akantse ka mekgele ya me, ke ne ka kopa Jehofa ka thapelo gore a nkaele mme ke ne ka kgona go gatela pele kwantle ga go kgorelediwa ke sepe.”

O tshwanetse go ipeela mekgele e e utlwalang le e o ka kgonang go e fitlhelela. Mokgele o o utlwalang o o ka ipeelang one e ka nna wa go bala kgaolo e le nngwe ya Baebele letsatsi le letsatsi. Gape o ka nna wa simolola go dira dipatlisiso. Go bontsha kafa o ka dirang seno ka gone ka kgatiso e e leng gone ka Seesemane, o ka nna wa ithuta dinonofo tsa ga Jehofa tse di tlhomagantsweng mo setlhogwaneng se se reng “Qualities by Name” kafa tlase ga karolo e e reng “Jehovah” mo bukeng ya Watch Tower Publications Index. Go na le ditlhogwana di ka nna 40 tse o ka di sekasekang, mme ga go pelaelo gore go dira patlisiso e e ntseng jalo go tla go thusa go atamalana le Jehofa le go go tlhotlheletsa go mo direla ka tsela e e oketsegileng. (Tshedimosetso e e tshwanang e ka bonwa mo bukeng e ntšha ya Atamalana le Jehofa.) Mekgele e mengwe e o ka kgonang go e fitlhelela e akaretsa gore o akgele bobotlana gangwe mo pokanong nngwe le nngwe ya Bokeresete e bareetsi ba akgelang mo go yone, le gore o dire boiteko jwa gore bobotlana mo pokanong nngwe le nngwe o itsane le motho a le mongwe mo phuthegong, le go dira gore letsatsi le se ka la feta o ise o rapele Jehofa le go bolelela ba bangwe ka ene.

Fa e le gore ga o ise o ikwadise mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, oo e ka nna mokgele o o molemo o o ka ipeelang one. A o na le seabe mo bodireding jwa phatlalatsa? Fa go se jalo, o ka nna wa batla go dira ka natla gore o tshwanelege go nna mmoledi yo o sa kolobediwang. Go tswa foo, o tla rata go akanya ka kelotlhoko ka kamano ya gago le Jehofa le gore o ineele mo go ene. Basha ba le bantsi ba leka ka natla go tshela tumalanong le boineelo jwa bone ka go tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng.

Le fa gone go le molemo go ipeela mekgele mo botshelong, nna kelotlhoko gore o se ka wa nna le moya wa kgaisano. O tla itumelela thata se o se dirang fa o sa ipapise le ba bangwe.—Bagalatia 5:26; 6:4.

Gongwe o ikutlwa o se na maitemogelo e bile o fitlhela go le thata go ipeela mekgele e e utlwalang. Fa go le jalo, latela kgakololo ya Baebele e e reng: “Sekega tsebe ya gago mme o utlwe mafoko a ba ba botlhale.” (Diane 22:17) Kopa batsadi ba gago kana Bakeresete ba bangwe ba ba godileng gore ba go thuse. Gone mme, batsadi le Bakeresete bano ba bangwe ba tshwanetse go nna tekatekano mo kgannyeng eno e bile ba tshwanetse go go kgothatsa. Fa basha ba ikutlwa ba patelediwa go fitlhelela mokgele o ba o beetsweng ke batho ba bangwe seo se ka dira gore ba se ka ba itumela e bile se ka nna sa senya boikaelelo jwa se go ipeela mekgele e leng sone. Ke se se neng sa diragalela mosetsana mongwe yo o neng a re: “Batsadi ba me ba ne ba mpeela mekgele e le mentsi, e e jaaka go ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, go nna le seabe mo tirelong ya tshimo, go kolobediwa le go nna mmulatsela. Ke ne ke dira maiteko a magolo gore ke fitlhelele mekgele eno yotlhe. Fa ke sena go fitlhelela mokgele mongwe, batsadi ba me ba ne ba sa nkakgole, go na le moo, ba ne ba mpeela o mongwe. Seno se ne sa dira gore ka metlha ke ikutlwe ke patelediwa go fitlhelela mekgele. Seno se ne se ntapisa e bile se dira gore ke ikutlwe ke direla lefela.” Bothata e ne e le eng? Mekgele eno yotlhe e ne e le molemo, le fa go ntse jalo, e ne e se e ene a ipeetseng yone. Gore o atlege, wena ka bowena o tshwanetse go tlhotlheletsega go ipeela mekgele!

Akanya ka Jesu Keresete. Fa a tla mo lefatsheng, o ne a itse se Rraagwe Jehofa, a neng a se lebeletse mo go ene. Jesu o ne a sa tseye go dira thato ya ga Jehofa e le mokgele fela, go na le moo, o ne a go tsaya e le thomo e a tshwanetseng go e diragatsa. Jesu o ne a ikutlwa jang ka kabelo ya gagwe? O ne a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” (Johane 4:34) Jesu o ne a itumelela go dira thato ya ga Jehofa e bile o ne a dira se Rraagwe a neng a se lebeletse mo go ene. Go ne go tshwana le dijo mo go ene—o ne a itumelela e bile a kgotsofadiwa ke go wetsa tiro e go neng go lebeletswe gore a e dire. (Bahebera 10:5-10) Le wena o ka itumela fa o tlhotlheletsega ka tsela e e siameng go dira se batsadi ba gago ba go kgothaletsang go se dira.

O se Ka wa Lesa go Dira se se Molemo

Fa go na le mokgele mongwe o o ipeetseng one, dira ka natla gore o o fitlhelele. Bagalatia 6:9 ya re: “A re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.” O se ka wa ikaega fela ka maatla a gago kana bokgoni. Go ka direga gore o lebane le dikgoreletsi mme ka dinako tse dingwe o ka nna wa bo wa ikutlwa o sa atlega. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “[Tsaya Modimo] tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Diane 3:6) Jehofa o tla go nonotsha fa o ntse o dira ka natla go fitlhelela mekgele ya gago ya semoya.

Ee, o tla kgona go dira gore “botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe,” fa o godisa keletso ya go direla Jehofa le go kgaratlhela go fitlhelela mekgele ya semoya. (1 Timotheo 4:15) Fa o dira jalo, o tla kgona go direla Modimo ka boitumelo.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Go bala Baebele le go tlhatlhanya ka se o se badileng go tla go tlhotlheletsa gore o direle Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jesu o ne a dira dilo tse Rraagwe a neng a di lebeletse mo go ene