Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bonolo—Nonofo e e Botlhokwa mo Bakereseteng

Bonolo—Nonofo e e Botlhokwa mo Bakereseteng

Bonolo—Nonofo e e Botlhokwa mo Bakereseteng

“Aparang . . . bonolo.”—BAKOLOSA 3:12.

1. Ke eng se se dirang gore bonolo e nne nonofo e e gakgamatsang?

FA MOTHO a le bonolo, go a itumedisa go nna le ene. Le fa go ntse jalo, Kgosi Solomone o ile a re: “Loleme lo lo bonolo lo ka roba lerapo.” (Diane 25:15) Bonolo ke nonofo e e gakgamatsang ka gonne e a itumedisa e bile e maatla.

2, 3. Bonolo bo amana jang le moya o o boitshepo, mme re tlile go sekaseka eng mo setlhogong seno?

2 Moaposetoloi Paulo o ne a akaretsa bonolo fa a ne a umaka “maungo a moya” mo go Bagalatia 5:22, 23. Gantsi lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “bonolo” mo temaneng ya 23 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha le ranolwa e le “bopelonolo” kgotsa “bopelontle” mo dithanolong tse dingwe tsa Baebele. Ke boammaaruri gore mo dipuong tse dingwe tse dintsi ga go motlhofo go bona lefoko le le tshwanelang sentle go ka ranola lefoko leno la Segerika ka gonne mo Segerikeng sa ntlhantlha lefoko leno le kaya go nna bonolo le go nna pelontle go tswa pelong, e seng fela go nna pelonamagadi le go nna pelonomi ka fa ntle; ga le kaye go nna le boitshwaro jo bo rileng, go na le moo, le kaya go nna le tsela e e rileng ya go akanya le maikutlo a a rileng.

3 A re sekasekeng dikai di le nnè go tswa mo Baebeleng tse di tla re thusang go tlhaloganya ka botlalo bokao le botlhokwa jwa go nna bonolo. (Baroma 15:4) Go dira jalo ga go kitla go re thusa fela go itse bokao jwa nonofo eno mme gape go tla re thusa go bona gore re ka lwela jang go nna le yone le go e bontsha fa re dirisana le batho ba bangwe.

‘Bo Botlhokwa jo Bogolo mo Matlhong a Modimo’

4. Re itse jang gore Jehofa o tsaya bonolo e le nonofo ya botlhokwa?

4 E re ka bonolo e le lengwe la maungo a moya wa Modimo, go a utlwala go bo bo amanngwa thata le botho jo bo molemo jwa Modimo. Moaposetoloi Petere o ne a bolela gore “moya o o didimetseng le o o bonolo” o “botlhokwa jo bogolo mo matlhong a Modimo.” (1 Petere 3:4) Ee ruri, Jehofa o bonolo; o tsaya nonofo eno e le botlhokwa thata. Ga go pelaelo gore seno ka bosone se tshwanetse go dira gore batlhanka botlhe ba Modimo ba lwele go nna bonolo. Mme gone, Modimo Mothatayotlhe, Molaodi yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong, o bontsha bonolo jang?

5. Ke tsholofelo efe e re nang le yone ka ntlha ya go bo Jehofa a le bonolo?

5 Fa batho ba ntlha ba babedi, e bong Adame le Efa ba ne ba tlola taelo e e tlhamaletseng ya Modimo ya gore ba se ka ba ja setlhare sa kitso ya molemo le bosula, ba ne ba dira jalo ka boomo. (Genesise 2:16, 17) Go tlhoka kutlo goo ga bone go ne ga dira gore bone le bana ba ba neng ba tlile go nna le bone ba nne le boleo, ba tlhobogane le Modimo, ba bo ba swe. (Baroma 5:12) Le fa Jehofa a ne a na le lebaka le le utlwalang la go atlhola batho, ga a ka a ba latlha e bile ga a ka a ba tlhoboga le go ba tsaya e le ba ba ka se kang ba fetoga le go ka rekololwa. (Pesalema 130:3) Go na le moo, e re ka Jehofa a le pelontle e bile a sa batle batho dilo tse ba ka se kang ba di kgona—tsela e nngwe ya go supa bonolo—o ne a rulaganya tsela e batho ba ba nang le boleo ba neng ba ka kgona go mo atamela le go amogelwa ke ene ka yone. Ee, Jehofa ka mpho ya setlhabelo sa thekololo sa Morwawe e bong Jesu Keresete, o dira gore re kgone go atamela setulo sa gagwe se se kwa godimo sa bogosi re sa boife sepe.—Baroma 6:23; Bahebera 4:14-16; 1 Johane 4:9, 10, 18.

6. Modimo o ne a bontsha bonolo jang fa a ne a dirisana le Kaine?

6 Dingwaga di le dintsi pele Jesu a tla mo lefatsheng, Jehofa o ne a bontsha gore o bonolo fa barwa ba ga Adame e bong Kaine le Abele ba ne ba mo isetsa ditlhabelo. E re ka Jehofa a ne a lemoga dipelo tsa bone, o ne a gana tshupelo ya ga Kaine mme a ‘leba’ Abele le tshupelo ya gagwe ‘ka kamogelo.’ Tsela e e molemo e Modimo a neng a leba Abele yo ikanyegang le setlhabelo sa gagwe ka yone e ne ya dira gore Kaine a itshware ka tsela nngwe e e sa itumediseng. Baebele ya re: “Kaine a tuka bogale jo bogolo, mme sefatlhego sa gagwe sa tlhonya.” Jehofa o ne a ikutlwa jang ka seno? A o ne a kgopisiwa ke boikutlo jo bo sa siamang jwa ga Kaine? Nnyaa. O ne a botsa Kaine ka bonolo gore ke eng fa a galefile jaana. Jehofa o ile a ba a tlhalosa se Kaine a ka se dirang gore ‘a godisiwe.’ (Genesise 4:3-7) Ruri Jehofa o bonolo ka botlalo.—Ekesodo 34:6.

Bonolo bo a Gogela e Bile bo a Lapolosa

7, 8. (a) Ke eng se se ka re thusang go tlhaloganya tsela e Jehofa a leng bonolo ka yone? (b) Mafoko a a mo go Mathaio 11:27-29 a senola eng ka Jehofa le Jesu?

7 Tsela nngwe e e molemo go gaisa tsotlhe ya go tlhaloganya dinonofo tsa maemo a a kwa godimo tsa ga Jehofa ke go ithuta botshelo le bodiredi jwa ga Jesu Keresete. (Johane 1:18; 14:6-9) Fa Jesu a ne a le kwa Galalea mo ngwageng wa bobedi wa tiro ya gagwe ya go rera, o ne a dira dikgakgamatso di le dintsi kwa Korasina, Bethesaida, Kaperenama le kwa kgaolong e e gaufi le metse eo. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ne ba le mabela e bile ba sa kgatlhege, mme ba ne ba gana go dumela. Jesu o ne a itshwara jang? Le mororo a ne a ba gakolola a sa okaoke ka ditlamorago tsa go tlhoka tumelo ga bone, o ne a tlhomolwa pelo ke boemo jo bo utlwisang botlhoko jwa semoya jwa ba-am ha·aʹrets, e leng batho fela ba maemo a a kwa tlase ba ba neng ba tshela le bone.—Mathaio 9:35, 36; 11:20-24.

8 Se Jesu a neng a se dira moragonyana se ne se bontsha gore ruri ‘o itse Rara ka botlalo’ le gore o ne a mo etsa. Jesu o ne a laletsa batho fela ba e seng ba maemo jaana ka lorato: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” A bo mafoko ao a ile a gomotsa le go lapolosa batho ba ba neng ba imetswe e bile ba gateletswe jang ne! A sa ntse a le jalo le gompieno. Fa ruri re lwela go nna bonolo, re tla nna bangwe ba batho ba ‘Morwa a ratang go ba senolela’ Rraagwe.—Mathaio 11:27-29.

9. Bonolo bo amanngwa le nonofo efe, mme Jesu o re tlhomela sekao sefe se se molemo mo kgannyeng eno?

9 Bonolo bo amana thata le boikobo, e leng go nna “boikokobetso mo pelong.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, boikgogomoso bo dira gore motho a itlotlomatse e bile gantsi bo dira gore a tshware batho ba bangwe makgwakgwa a sa ba akanyetse. (Diane 16:18, 19) Jesu o ne a bontsha boikokobetso mo bodireding jotlhe jwa gagwe jwa mo lefatsheng. Tota le fa Jesu a ne a tsena kwa Jerusalema malatsi a le marataro pele ga loso lwa gagwe a palame eselana le batho ba mo amogela jaaka Kgosi ya Bajuda, o ne a farologane thata le babusi ba lefatshe. O ne a diragatsa boporofeti jono jwa ga Sekarea jo bo ka ga Mesia: “Bona! Kgosi ya gago e tla kwa go wena, e le bonolo, e bile e palame esele, ee, eselana, ngwana wa pelesa.” (Mathaio 21:5; Sekarea 9:9) Moporofeti yo o ikanyegang e bong Daniele o ne a bona ponatshegelo e mo go yone Jehofa a neng a abela Morwawe maatla a go busa. Le fa go ntse jalo, mo boporofeting jo bo tlang pele ga joo, o tlhalosa Jesu e le motho wa “maemo a a kwa tlase thata mo bathong.” Ee ruri, bonolo le boikokobetso ke di ya thoteng di bapile.—Daniele 4:17; 7:13, 14.

10. Ke eng fa go nna bonolo ka tsela ya Bokeresete go sa kaye gore motho o bokoa?

10 Tsela e e itumedisang e Jehofa le Jesu ba bontshang bonolo ka yone e re thusa go atamalana le bone. (Jakobe 4:8) Gone mme, a go nna bonolo go kaya gore motho o bokoa? Le e seng! Jehofa, Modimo Mothatayotlhe o na le maatla a a boitshegang le nonofo e kgolo. O galefisiwa ke ditiro tse di sa siamang. (Isaia 30:27; 40:26) Jesu le ene ga a ka a ineela le fa a ne a tlhaselwa ke Satane Diabolo. O ne a se ka a letlelela mekgwa e e sa siamang ya kgwebo ya baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe. (Mathaio 4:1-11; 21:12, 13; Johane 2:13-17) Le fa go ntse jalo, o ne a le bonolo fa a dirisana le makoa a barutwa ba gagwe mme o ne a ba itshokela ka bopelotelele. (Mathaio 20:20-28) Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a tlhalosa bonolo jaana: “Bonolo bo tle bo nonofe fela jaaka tshipi.” E kete le rona re ka nna le nonofo eno ya Bokeresete, e leng bonolo.

Motho yo o Neng a le Bonolo go Gaisa Botlhe mo Motlheng wa Gagwe

11, 12. Fa o akanya ka tsela e Moshe a godisitsweng ka yone, ke eng se se neng sa dira gore bonolo jwa gagwe bo tlhomologe?

11 Sekai sa boraro se re tlileng go se sekaseka ke sa ga Moshe. Baebele e mo tlhalosa e le “motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe.” (Dipalo 12:3) Mafoko ano a kwadilwe ka tlhotlheletso ya Modimo. Tsela e e tlhomologileng e Moshe a neng a le bonolo ka yone e ne ya dira gore a amogele kaelo ya ga Jehofa.

12 Moshe o godisitswe ka tsela e e sa tlwaelegang. Jehofa o ne a tlhomamisa gore morwa yono wa batsadi ba ba ikanyegang ba Bahebera a namolwe ka nako ya fa bana ba ne ba bolawa. Fa Moshe a ne a le monnye o ne a godisiwa ke mmaagwe, yo ka kelotlhoko a neng a mo ruta ka Jehofa, Modimo wa boammaaruri. Moragonyana, Moshe o ne a tsewa mo legaeng la gaabo go ya go nna mo maemong a a farologaneng gotlhelele. Mokeresete mongwe wa bogologolo e bong Setefane yo o neng a nna moswelatumelo o ile a re: “Moshe o ne a rutiwa ka botlhale jotlhe jwa Baegepeto. Tota e bile, o ne a le maatla mo mafokong a gagwe le mo ditirong.” (Ditiro 7:22) O ne a supa tumelo ya gagwe fa a ne a bona kafa bakaulengwe ba gagwe ba neng ba tshwarwa makgwakgwa ka gone ke baokamedi ba batlhanka ba ga Faro. E re ka Moshe a ile a bolaya Moegepeto mongwe yo o neng a itaya Mohebera, o ne a tshwanelwa ke go tswa mo Egepeto mme a tshabela kwa nageng ya Midiana.—Ekesodo 1:15, 16; 2:1-15; Bahebera 11:24, 25.

13. Dingwaga tse 40 tse Moshe a di feditseng a nna kwa Midiana di ile tsa mo ama jang?

13 Fa Moshe a le dingwaga tse 40, o ne a tshwanelwa ke go itlamela kwa nageng. Fa a le kwa Midiana o ne a kopana le bomorwadia Reuele ba le supa mme a ba thusa go ga metsi gore ba nose letsomane la ga rraabone. Fa makgarebana ano a boela gae a ne a fitlha a tlhalosetsa Reuele ka boitumelo gore “Moegepeto mongwe” o ba namotse mo badiseng ba ba neng ba ba tshwenya. Reuele o ne a kopa Moshe gore a tle go nna le lelapa la gagwe. Moshe ga a ka a letla mathata a a neng a mo diragaletse gore a mo dire gore a nne ka pelo e e lefuto; e bile ga a ka a letla gore a mo kgoreletse go itlwaetsa maemo a masha a a neng a tshela mo go one. Keletso ya gagwe ya go dira thato ya ga Jehofa e ne ya se ka ya fokotsega. Mo lobakeng lo loleele lwa dingwaga tse 40 lo Moshe a lo feditseng koo, o ne a tlhokomela letsomane la ga Reuele, a nyalana le Siphora le go godisa barwa ba gagwe, mme mo nakong eo a ithuta a bo a godisa nonofo e a neng a itsege thata ka yone. Ee, Moshe o ne a ithuta go nna bonolo ka go itshokela mathata.—Ekesodo 2:16-22; Ditiro 7:29, 30.

14. Tlhalosa tiragalo e e neng ya direga fa Moshe e le moeteledipele wa Iseraele e e bontshang gore o ne a le bonolo.

14 Moshe o ne a sa ntse a le bonolo le fa Jehofa a sena go mo tlhoma go nna moeteledipele wa setšhaba sa Iseraele. Lekawana lengwe le ne la begela Moshe gore Eledade le Medade ba ne ba itira baporofeti mo bothibelelong—le mororo e ne e se bangwe ba banna ba bagolwane ba le 70 ba Jehofa a neng a tshololela moya wa gagwe mo go bone gore ba nne bathusi ba ga Moshe. Joshua o ne a re: “Moshe morena wa me, ba thibele!” Moshe o ne a araba jaana a le bonolo: “A lo a mphufegela? Nnyaa, ke eletsa e kete batho botlhe ba ga Jehofa e ka bo e le baporofeti, ka gonne Jehofa o ne a tla baya moya wa gagwe mo go bone!” (Dipalo 11:26-29) Go nna bonolo go ne ga mo thusa go ritibatsa seemo seo.

15. Le fa Moshe a ne a sa itekanela, ke eng fa go le molemo go etsa sekao sa gagwe?

15 Go bonala nako nngwe Moshe a ile a palelwa ke go nna bonolo. Kwa Meriba gaufi le Kadeshe, o ne a se ka a galaletsa Jehofa, Modiradikgakgamatso. (Dipalo 20:1, 9-13) Le fa Moshe a ne a sa itekanela, tumelo ya gagwe e e nonofileng e ne ya mo thusa mo botshelong jotlhe jwa gagwe, mme le gompieno re sa ntse re kgatlhiwa ke tsela e a neng a le bonolo ka yone.—Bahebera 11:23-28.

Go Fenya Bogale ka Bonolo

16, 17. Ke tlhagiso efe e re ithutang yone mo go se se neng sa diragalela Nabale le Abigaile?

16 Sekai se se sa siamang ke sa mo motlheng wa ga Dafide, se se diregileng morago fela ga loso lwa ga Samuele moporofeti wa Modimo. Ke sa ga Nabale le Abigaile mosadi wa gagwe. Bobedi jono bo ne bo farologane tota! Le fa Abigaile e ne e le mosadi yo o “botlhale,” mogatse ene o ne a le “bogale e bile a le bosula mo ditirong tsa gagwe.” Nabale ka mabela o ne a gana go abela banna ba ga Dafide dijo le mororo ba ile ba thusa go sireletsa letsomane le legolo la gagwe mo magodung. Dafide o ne a na le lebaka le le utlwalang la go galefa, ka jalo ene le lesomo la gagwe la banna ba ne ba gatlha ditšhaka tsa bone go ya go tlhasela Nabale.—1 Samuele 25:2-13.

17 Fa Abigaile a utlwa se se diragetseng, o ne a itlhaganelela go baakanya senkgwe, beine, nama le dikuku tsa morara o o swabisitsweng le tsa difeige mme a ya go kgatlhantsha Dafide. O ne a lopa Dafide jaana: “A tlolo e nne mo go nna tlhe morena wa me; mme tsweetswee, a lelata la gago le bue mo ditsebeng tsa gago, mme o reetse mafoko a lelata la gago.” Kopo e e bonolo ya ga Abigaile e ne ya reba Dafide bogale. Dafide o ne a bua jaana fa a sena go reetsa tlhaloso ya ga Abigaile: “A go bakwe Jehofa Modimo wa Iseraele, yo o go rometseng mo letsatsing leno gore o tle go nkgatlhantsha! Mme a go bakwe tlhaloganyo ya gago, mme go bakwe wena yo o nthibetseng mo letsatsing leno gore ke se ka ka tsena mo molatong wa madi.” (1 Samuele 25:18, 24, 32, 33) Bogale jwa ga Nabale bo ne jwa felela ka gore a swe. Dinonofo tse di molemo tsa ga Abigaile di ne tsa felela ka gore a nne le boipelo jwa go nna mosadi wa ga Dafide. Bonolo jwa gagwe ke sekao se se molemo mo go botlhe ba ba direlang Jehofa gompieno.—1 Samuele 25:36-42.

Latelela Bonolo

18, 19. (a) Ke diphetogo dife tse di lemotshegang mo go rona fa re lwela go nna bonolo? (b) Ke eng se se ka re thusang go itshekatsheka ka tsela e e molemo?

18 Ga go pelaelo gore bonolo ke nonofo e e botlhokwa. Ga e akaretse go nna pelonomi fela; ke nonofo e e molemo e e amanang le maikutlo le e e lapolosang batho ba bangwe. Gongwe mo nakong e e fetileng re ne re tle re bue ka bogale le go tshwara batho ba bangwe makgwakgwa. Le fa go ntse jalo, fa re sena go ithuta Baebele re ne ra fetoga mme ra nna batho ba ba itumedisang. Paulo o ile a bua ka phetogo eno fa a ne a kgothatsa Bakeresetekaene jaana: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) Baebele e tshwantsha phetogo e e ntseng jalo le go fetoga ga diphologolo tse di tlhaga—phiri, lengau, tau, bera le kake—di fetoga go nna diruiwa tse di bonolo—kwanyana, potsane, namane le kgomo. (Isaia 11:6-9; 65:25) Phetogo eo e nna kgolo thata jaana mo batho ba bangwe ba gakgamalang. Le fa go ntse jalo, rona re a itse gore phetogo e e ntseng jalo e nna gone ka ntlha ya go thusiwa ke moya wa Modimo ka gonne lengwe la maungo a one a a gakgamatsang ke bonolo.

19 A seno se kaya gore fa re setse re dirile diphetogo tse di batlegang e bile re ineetse mo go Jehofa ga re tlhole re tlhoka go lwela go nna bonolo? Nnyaa. Ka sekai, diaparo tse disha di tlhoka go tlhokomelwa ka metlha gore di nne di lebege di le phepa e bile di kgatlha. Go tlhodumela Lefoko la Modimo le go etsa dikao tse di mo go lone go re thusa go itshekatsheka sesha. Seipone sa Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng se senola eng ka wena fa o itshekatsheka ka sone?—Jakobe 1:23-25.

20. Ke eng se se ka re thusang go nna bonolo?

20 Ka tlholego fela botho jwa rona ga bo tshwane. Bangwe ba batlhanka ba Modimo ba fitlhela go le motlhofo go nna bonolo mme ba bangwe ba fitlhela go se motlhofo. Le fa go ntse jalo, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go lwela go nna le maungo a moya wa Modimo, go akaretsa le bonolo. Paulo o ne a gakolola Timotheo jaana ka lorato: “Latelela tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko, bonolo.” (1 Timotheo 6:11) Lefoko “latelela” le naya kgopolo ya gore go tlhokega matsapa. Thanolo nngwe ya Baebele e ranola kgakololo eno e re, ‘tlhoma pelo ya gago.’ (New Testament in Modern English, ya ga J. B. Phillips) Fa o tsaya matsapa a go tlhatlhanya ka dikao tse di molemo tse di mo Lefokong la Modimo, ga o kitla o di lebala, go tla nna jaaka e kete di jaleletswe mo go wena. Di tla go aga le go go kaela.—Jakobe 1:21.

21. (a) Ke eng fa re tshwanetse go latelela bonolo? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Tsela e re itshwarang ka yone fa re dirisana le batho ba bangwe e senola gore re bonolo go le kana kang. Morutwa Jakobe o ile a botsa jaana: “Ke mang yo o botlhale le yo o tlhaloganyang mo go lona? A a bontshe ka boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo ditiro tsa gagwe ka bori jo e leng jwa botlhale.” (Jakobe 3:13) Re ka bontsha nonofo eno ya Bokeresete jang, mo lelapeng, mo bodireding, le mo phuthegong? Setlhogo se se latelang se tla re naya kaelo e e molemo.

Poeletso

• O ithutile eng ka bonolo mo sekaong sa ga

• Jehofa?

• Jesu?

• Moshe?

• Abigaile?

• Ke eng fa re tshwanetse go latelela bonolo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ke eng fa Jehofa a ile a amogela setlhabelo sa ga Abele?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jesu o ile a bontsha gore bonolo le boikokobetso ke di ya thoteng di bapile

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Moshe o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go nna bonolo