Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa dipalo tse di tshwayang dikgaolo le ditemana tsa Dipesalema di sa tshwane mo dithanolong tse di farologaneng tsa Baebele?

Baebele ya ntlha e e neng e na le mokwalo o o kgaogantsweng ka dikgaolo le ditemana e ne e le thanolo ya Sefora e e gatisitsweng ke Robert Estienne ka 1553. Le fa go ntse jalo, go bonala buka ya Dipesalema e ne e sa bolo go nna le dikarolwana tse di e kgaoganyang le pele ga moo, e re ka e le buka e e dirilweng ka dipesalema kana dipina tse di farologaneng tse di tlhamilweng ke batho ba le bantsinyana.

Go bonala Jehofa a ile a laela Dafide pele gore a kopanye dipesalema dingwe gore di dirisiwe mo kobamelong. (1 Ditiragalo 15:16-24) Go dumelwa gore Esera, yo e neng e le moperesiti e bile e le “mokwalolodi yo o setswerere,” ke ene yo moragonyana a ileng kopanya buka yotlhe ya Dipesalema gore e nne ka tsela e gompieno e leng ka yone. (Esera 7:6) Ka jalo, buka ya Dipesalema e ne ya dirwa ka dipesalema tse di farologaneng fa e ne e kopanngwa.

Fa moaposetoloi Paulo a ne a bua kwa sinagogeng ya kwa Antioka (Pisidia) mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, o ne a nopola go tswa mo bukeng ya Dipesalema a bo a re: “Jaaka go kwadilwe mo pesalemeng ya bobedi go twe, ‘O morwaake, jaanong ke Rrago mo letsatsing leno.’” (Ditiro 13:33) Gompieno mafoko ao mo Dibaebeleng a sa ntse a fitlhelwa mo pesalemeng ya bobedi, temana ya bo7. Le fa go ntse jalo, mo dithanolong tse di farologaneng tsa Baebele dipalo tse di tshwayang dikgaolo le ditemana tsa bontsi jwa dipesalema ga di tshwane. Seno se dirwa ke gore dithanolo dingwe di ranotswe go tswa mo mokwalong wa Sehebera wa Masora, fa tse dingwe tsone di ranotswe go tswa mo Septuagint ya Segerika, e leng thanolo ya mokwalo wa Sehebera e e neng ya wediwa mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. Ka sekai, Vulgate ya Selatine, e bontsi jwa Dibaebele tsa Katoliki di ranotsweng go tswa mo go yone, e dirisa mokgwa wa go kwala dipalo tse di tshwayang dikgaolo le ditemana tsa dipesalema o o fitlhelwang mo Septuagint, fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha le dithanolo tse dingwe tsone di latela mokgwa wa mokwalo wa Sehebera.

Ke kae mo di farologanang teng? Mokwalo wa Sehebera o na le palogotlhe ya dipesalema di le 150. Le fa go ntse jalo, Septuagint yone e kopanya Pesalema ya 9 le ya 10 go nna pesalema e le nngwe le Pesalema ya 114 le ya 115 go nna pesalema e le nngwe. Mo godimo ga moo, e kgaoganya Pesalema ya 116 go nna dipesalema di le pedi le Pesalema ya 147 go nna dipesalema di le pedi. Le fa gone palogotlhe ya tsone e lekana, dikgaolo le ditemana tsa go tloga ka Pesalema ya 10 go ya go Pesalema ya 146 mo thanolong ya Septuagint di dinnye ka kgaolo e le nngwe fa di bapisiwa le tsa mokwalo wa Sehebera. Ke gone ka moo Pesalema ya bo23 e e itsegeng thata e tlhagang e le Pesalema ya bo22 mo thanolong ya Douay Version, e e dirisang mokgwa wa go kwala dipalo tse di tshwayang dikgaolo le ditemana wa Vulgate ya Selatine, e le yone e dirisang mokgwa wa Septuagint.

Gape, dipalo tse di tshwayang ditemana tsa dipesalema dingwe di ka nna tsa farologana mo dithanolong dingwe. Ka ntlha yang? Ka gonne go ya ka Cyclopedia ya ga McClintock le Strong, dithanolo dingwe di latela “mokgwa wa Sejuda wa go tsaya mafoko a a mo godimo ga kgaolo e le temana ya ntlha,” fa tse dingwe tsone di sa dire jalo. Tota e bile fa setlhogo kana mafoko a a mo godimo ga kgaolo a le maleele thata, gantsi a dirwa ditemana tse pedi mme seo se bo se dira gore dipalo tse di tshwayang ditemana tsa dipesalema di oketsege.