Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Selalelo sa Morena ke Eng?

Selalelo sa Morena ke Eng?

Selalelo sa Morena ke Eng?

OAKANYA eng fa o utlwa mafoko a a reng “selalelo sa Morena”? Batho ba le bantsi ba ka akanya ka setshwantsho se se ratiwang thata se se takilweng ke Leonardo da Vinci (1452-1519) se se kwa Milan, Italy. Ke boammaaruri gore Selalelo sa Morena ga se bolo go nna kgang e e ratiwang thata ke bataki, bakwadi le diopedi ka makgolokgolo a dingwaga.

Selalelo sa Morena ke eng, mme se na le bokao bofe mo bathong ba lekgolo leno la bo21 la dingwaga? Disaetlopedia le didikishinare di tla go tlhalosetsa gore Selalelo sa Morena ke sejo se Jesu Keresete a ileng a se ja le baaposetoloi ba gagwe mo maitseboeng a pele ga loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo. E re ka e ne e le sejo sa maitseboa se Jesu a ileng a se ja le balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang, ke gone ka moo gantsi se bidiwang Selalelo sa Morena. Mme e re ka se simolotswe ke Morena Jesu Keresete ka boene, leina leno la Sejo sa Morena le a tshwanela.

Go ralala dingwaga batho ba le bantsi ba ile ba intsha setlhabelo ka ntlha ya maikaelelo mangwe a ba neng ba a tsaya a le botlhokwa. Loso lwa bangwe ba batho bano lo ile lwa solegela batho bangwe molemo ka nako e e rileng. Le fa batho bano ba tshwanelwa ke go akgolwa, ga go ope wa bone yo loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo lo leng botlhokwa go feta lwa ga Jesu Keresete. Mo godimo ga moo, ga go motho ope mo lefatsheng leno le le tletseng mathata yo loso lwa gagwe lo ka amang batho botlhe fela, jaaka lwa ga Jesu. Ka ntlha yang?

Go bona karabo ya potso eno le go go thusa go lemoga gore Selalelo sa Morena se na le bokao bofe mo go wena, re go kopa gore o bale setlhogo se se latelang.