Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ba ba Ipedisang Pelo ya ga Jehofa

Basha ba ba Ipedisang Pelo ya ga Jehofa

Basha ba ba Ipedisang Pelo ya ga Jehofa

Ditlhogo tseno tse di ithutiwang di diretswe basha ba Basupi ba ga Jehofa segolobogolo. Ka jalo, re kgothatsa basha gore ba di bale ka kelotlhoko le gore ba arabe ba gololesegile, fa di ithutiwa kwa Thutong ya phuthego ya Tora ya Tebelo.

“Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”—Diane 27:11.

1, 2. (a) Tlhalosa gore a go kgatlhegela dilo tsa lefatshe ka bogone fela go raya gore ga o tshwanele go nna Mokeresete. (Baroma 7:21) (b) O ithuta eng mo sekaong sa ga Asafe? (Bona lebokose, tsebe 13.)

A RE re o batla go reka diaparo. Fa o ntse o di leba o bona seaparo sengwe se gone fela foo se go kgatlhang thata. Mmala wa sone le tsela e se dirilweng ka yone di lebega di go tshwanetse tota, mme ga se ture. Mme jaanong o se tlhatlhoba ka kelotlhoko. Fa o dira jalo o gakgamadiwa ke go bona gore letsela la teng le rafogile kafa thoko mme ga se a rokega sentle. Le fa seaparo seo se le sentle, ga se a dirwa ka matsetseleko. A o ne o ka dirisa madi a gago go reka seaparo se se sa rokwang sentle jalo?

2 Bapisa seno le boemo jo o ka nnang wa lebana le jone jaaka mosha wa Mokeresete. Dilo tsa lefatshe leno—fela jaaka seaparo sele—di ka nna tsa lebega di kgatlha thata fa o di leba fela o fetisa matlho. Ka sekai, bana ba o tsenang sekolo le bone ba ka tswa ba tsamaya diphathi tse di monate, ba dirisa diokobatsi, ba nwa, ba intsha fela e bile ba kopanela dikobo pele ga lenyalo. A ka dinako tse dingwe o kgatlhwa ke mokgwa wa botshelo o o ntseng jalo? A o eletsa go ikutlwisa se ba se bitsang kgololesego? Fa go ntse jalo, o se ka wa potlakela go konela ka gore o motho yo o bosula e bile tota ga o tshwanele go nna Mokeresete. Tota e bile, Baebele e a dumalana gore lefatshe le ka gogela tota—le mo mothong yo o batlang go itumedisa Modimo.—2 Timotheo 4:10.

3. (a) Ke ka ntlha yang fa go latelela dilo tsa lefatshe go se na mosola? (b) Mokeresete mongwe o tlhalosa jang kafa go latelela dilo tsa lefatshe e leng ga lefela ka teng?

3 Jaanong tsweetswee sekaseka ka kelotlhoko, fela jaaka o ne o ka sekaseka seaparo sengwe se o kgatlhegelang go se reka. Ipotse jaana, ‘Tsamaiso eno ya dilo e dirilwe ka letsela la boleng jo bo ntseng jang le gone e rokilwe jang?’ Baebele ya re “lefatshe le a feta.” (1 Johane 2:17) Monate le fa e ka nna ofe o le nang le one, ke wa nakwana. Mo godimo ga moo, boitsholo jo e seng jwa bomodimo bo na le diphelelo tse di maswe thata. Ga bo solegele molemo le e seng. Mokeresete mongwe, yo o ileng a tshwanelwa ke go itshokela se a se bitsang “bohutsana jo ke nnileng le jone ka ntlha ya go sa dirise nako ya me ya bosha sentle,” a re: “Lefatshe le ka lebega le kgatlha thata e bile le gogela. Mme le batla o dumela gore o ka ja monate mo go lone o sa utlwe botlhoko. Mme seno ga se kgonege gotlhelele. Lefatshe le tla go dirisa, mme fa le feditse ka wena le tla go latlha.” * Ke ka ntlha yang fa o ka senya nako ya gago ya bosha ka go tshela botshelo jwa boleng jo bo kwa tlase jalo?

Go Sirelediwa Mo go “Yo o Boikepo”

4, 5. (a) Pelenyana ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a kopa Jehofa eng mo thapelong? (b) Ke eng fa kopo eno e ne e tshwanela?

4 E re ka basha ba Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore tsamaiso eno ya dilo ga e ka ke ya ba naya sepe se se mosola, ba leka go tila go nna le botsalano le lefatshe leno. (Jakobe 4:4) A o mongwe wa basha ba ba ikanyegang bano? Fa go ntse jalo, o tshwanelwa ke go akgolwa. Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go gana kgatelelo ya balekane le go nna o farologane, mme le fa go ntse jalo, go na le yo o ka go thusang.

5 Pelenyana fela ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a rapela Jehofa gore a “tlhokomele” barutwa ba gagwe “ka ntlha ya yo o boikepo.” (Johane 17:15) Jesu o ne a na le lebaka le le utlwalang la go kopa jalo. O ne a itse gore go ne go se kitla go nna motlhofo gore balatedi ba gagwe ba nne ba ikanyega, go sa kgathalesege gore ba na le dingwaga tse kae. Ka ntlha yang? Lengwe la mabaka e ne e le gore, jaaka Jesu a ne a bolela, barutwa ba gagwe ba ne ba tla lebana le mmaba yo o maatla yo o sa bonaleng—“yo o boikepo,” Satane Diabolo. Baebele ya re sebopiwa seno se se boikepo se “tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.”—1 Petere 5:8.

6. Re itse jang gore Satane ga a tlhomogele basha pelo?

6 Mo hisitoring yotlhe, Satane o ntse a itumelela go tlisetsa batho bosetlhogo jo bo feteletseng. Akanya ka masetlapelo a a boitshegang a Satane a ileng a a tlisetsa Jobe le ba lelapa la gagwe. (Jobe 1:13-19; 2:7) Gongwe o gakologelwa ditiragalo dingwe tse di diragetseng mo motlheng wa gago tse di bontshang moya wa ga Satane wa thubakanyo. Diabolo o ntse a tsamayatsamaya mme fa a ntse a batla yo a ka mo kometsang, ga a tlhomogele basha pelo. Ka sekai, mo tshimologong ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Herode o ne a loga maano a go bolaya basimane botlhe kwa Bethelehema ba dingwaga di le pedi kgotsa ba babotlana go na le moo. (Mathaio 2:16) Gongwe Satane ke ene yo o neng a tlhotlheletsa Herode—a dira seno ka gonne a batla go bolaya ngwana yo ka letsatsi lengwe e neng e tla nna Mesia yo Modimo a mo solofeditseng, yo o tla diragatsang katlholo ya Modimo mo go Satane! (Genesise 3:15) Ga go na pelaelo gore Satane ga a na sepe le basha. Maikaelelo a gagwe a magolo ke go kometsa batho ba bantsi ka mo a ka kgonang ka teng. Go ntse jalo segolobogolo gone jaanong ka gonne Satane o ile a latlhelwa mo lefatsheng go tswa kwa legodimong, “a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:9, 12.

7. (a) Jehofa o farologana thata jang le Satane? (b) Jehofa o ikutlwa jang malebana le gore o itumelele botshelo?

7 Go farologana thata le Satane yo o nang le “bogale jo bogolo,” Jehofa o “bopelotlhomogi jo bo pelonomi.” (Luke 1:78) Ke sekao sa lorato ka bolone. Tota e bile, Mmopi wa rona o bontsha nonofo eno ka tsela e kgolo thata mo e leng gore Baebele ya re: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) A bo go na le pharologano e kgolo jang ne fa gare ga modimo wa tsamaiso eno ya dilo le Modimo yo wena o nang le tshiamelo ya go mo obamela! Fa Satane ene a batla go kometsa batho, Jehofa ene ga “a eletse gore ope a senngwe.” (2 Petere 3:9) O tsaya botshelo jwa mongwe le mongwe bo le botlhokwa—go akaretsa le jwa gago. Fa Jehofa mo Lefokong la gagwe a go gakolola gore o se ka wa nna karolo ya lefatshe, ga a leke go go thibela gore o se ka wa itumelela botshelo kgotsa go go kgoreletsa gore o se ka wa gololesega. (Johane 15:19) Go na le moo, o go tlhokomela ka ntlha ya yo o boikepo. Rrago yo o kwa legodimong o batla gore o nne le sengwe se se botoka thata go na le menate e e fetang ya lefatshe leno. O batla gore o bone “botshelo jwa mmatota”—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (1 Timotheo 6:17-19) Jehofa o batla gore o atlege mme o go rotloeletsa gore o kgone go dira fela jalo. (1 Timotheo 2:4) Mo godimo ga moo, Jehofa o go kopa gore o dire sengwe se se kgethegileng. Ke eng seo?

“Ipedise Pelo ya Me”

8, 9. (a) O ka naya Jehofa mpho ya mofuta mang? (b) Jaaka go bontshitswe mo kgannyeng ya ga Jobe, Satane o kgoba Jehofa jang?

8 A o kile wa rekela tsala nngwe ya gago mpho mme wa bona kafa a nyenyang ka teng ka ntlha ya go gakgamala le ka ntlha ya kanaanelo fa a e amogela? O tshwanetse wa bo o ile wa akanya thata ka gore ke mpho e e ntseng jang e e tla tshwanelang motho yoo. Jaanong akanya ka potso eno: O ka naya Mmopi wa gago, Jehofa Modimo, mpho e e ntseng jang? Kwa tshimologong, go akanya fela ka gone go ka lebega go sa utlwale. Mothatayotlhe a ka tlhoka eng mo mothong fela? Tota ke eng se a se nang naso se o ka se mo nayang? Baebele e araba jaana mo go Diane 27:11: “Tlhalefa morwaaka, mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.”

9 Jaaka o ka tswa o setse o itse go ya ka se o se ithutileng mo Baebeleng, Satane Diabolo ke ene a kgobang Jehofa. O bolela gore batho ba ba direlang Modimo, ga ba mo direle ka go bo ba mo rata, mme ba dira jalo ka ntlha ya mabaka a bopelotshetlha. Satane a re, fa ba ka nna le mathata, ba tla tlogela kobamelo ya boammaaruri ka bonako. Ka sekai, akanya ka se Satane a ileng a se raya Jehofa malebana le monna yo o siameng Jobe: “A wena ka bowena ga wa tlhoma legora go mo dikologa le go dikologa ntlo ya gagwe le go dikologa sengwe le sengwe se a nang le sone gotlhe fela? O segofaditse tiro ya diatla tsa gagwe, le diruiwa tsa gagwe di anametse kgakala mo lefatsheng. Mme, go na le moo, ntsha seatla sa gago, tsweetswee, o ame sengwe le sengwe se a nang le sone mme o bone gore a ga a na go go tlhapatsa fa pele ga gago.”—Jobe 1:10, 11.

10. (a) Re itse jang gore Satane o ne a sa belaele boikanyegi jwa ga Jobe fela mme o ne a belaela le jwa batho ba bangwe? (b) O amega jang mo kgannyeng ya bolaodi?

10 Jaaka go senotswe mo pegong eo ya Baebele, Satane o ne a sa belaele boikanyegi jwa ga Jobe fela, mme gape o ne a belaela le jwa botlhe ba bangwe ba ba direlang Modimo—go akaretsa le wena. Tota e bile, fa Satane a ne a bua ka batho ka kakaretso, o ne a raya Jehofa a re: “Sengwe le sengwe se monna [e seng Jobe fela mme mongwe le mongwe] a nang le sone o tla se ntsha mo boemong jwa moya wa gagwe.” (Jobe 2:4) A o bona seabe se o nang le sone mo kgannyeng e e botlhokwa eno? Jaaka go bontshitswe mo go Diane 27:11, Jehofa a re go na le sengwe se o ka se mo nayang—se se ka dirang gore a kgone go araba motho yo o mo kgobang, e leng Satane. Akanya fela—Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe o go kopa gore o nne le seabe go araba kgang e kgolo go di gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna teng. A bo o na le boikarabelo jo bogolo le tshiamelo e kgolo jang ne! A o ka dira se Jehofa a kopang gore o se dire? Jobe o ne a dira jalo. (Jobe 2:9, 10) Jesu le batho ba bangwe ba bantsintsi mo hisitoring, mmogo le basha ba bantsi le bone ba dirile fela jalo. (Bafilipi 2:8; Tshenolo 6:9) Le wena o ka dira se se tshwanang. Le fa go ntse jalo, o se ka wa iphora, ga go kgonege gore o se ka wa tsaya letlhakore mo kgannyeng eno. Tsela e o dirang dilo ka yone e tla bontsha gore a o dumalana le go kgoba Modimo ga ga Satane kgotsa o dumalana le phetolo ya ga Jehofa. O tla tlhopha efe?

Jehofa O a Go Kgathalela!

11, 12. A Jehofa o a amega fa o tlhopha go mo direla kgotsa nnyaa? Tlhalosa.

11 A Jehofa o amiwa ke dilo tse o di tlhophang mo botshelong? A batho ba ba setseng ba itshupile ba ikanyega ga ba a lekana gore a ka kgona go fetola Satane? Ke boammaaruri gore Diabolo o rile ga go na ope yo o direlang Jehofa ka go bo a mo rata, e leng tatofatso e go setseng go supilwe gore ke maaka. Le fa go ntse jalo, Jehofa o batla gore o nne mo letlhakoreng la gagwe mo kgannyeng eno ya bolaodi ka gonne o a go kgathalela. Jesu o ne a re: “Ga se selo se se eletsegang mo go Rre yo o kwa legodimong gore mongwe wa ba bannye bano a nyelele.”—Mathaio 18:14.

12 Eleruri Jehofa o kgatlhegela tsela e o e tlhophang. Sa botlhokwa le go feta ke gore se o se tlhophang se a mo ama. Baebele e tlhalosa sentle gore Jehofa o na le maikutlo a a amiwang ke ditiro tse di molemo kgotsa tse di bosula tse batho ba di dirang. Ka sekai, fa Baiseraele ba ne ba tsuologa gantsintsi, Jehofa o ne a ‘utlwa botlhoko.’ (Pesalema 78:40, 41) Pele ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, fa “bosula jwa motho bo ne bo le bogolo,” Jehofa o ne a “utlwa botlhoko mo pelong.” (Genesise 6:5, 6) Akanya fela gore seno se kayang. Fa o tlhophile tsela e e sa siamang, o ka utlwisa Mmopi wa gago botlhoko. Seno ga se reye gore Modimo o bokoa kgotsa o laolwa ke maikutlo. Se raya gore o a go rata e bile o amegile ka se se tla diragalang ka wena. Mme fa o dira se se siameng, pelo ya ga Jehofa e a ipela. Ga a itumelele fela gore o tla kgona go fetola Satane, mme o itumelela gape le gore jaanong o ka kgona nna Moduedi wa gago. Mme ke sone se a batlang go nna sone. (Bahebera 11:6) A bo Jehofa Modimo e le Rre yo o go ratang jang ne!

Masego a Magolo Gone Jaanong

13. Go direla Jehofa go lere masego jang gone jaanong?

13 Masego a motho a nnang le one fa a direla Jehofa ga a na go nna teng fela mo isagweng. Basha ba bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba itumetse e bile ba kgotsofetse gone jaanong, mme ba na le lebaka la go bo ba ikutlwa jalo. Mopesalema o ne a re: “Ditaelo tse di tswang kwa go Jehofa di thokgame, di dira gore pelo e ipele.” (Pesalema 19:8) Jehofa o itse se se re siametseng go feta motho le fa e le ofe. Jehofa o ne a bua jaana ka moporofeti Isaia: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.”—Isaia 48:17, 18.

14. Melaometheo ya Baebele e ka re thusa jang go tila bohutsana jwa go nna le dikoloto?

14 Go latela melaometheo ya Baebele go tla go thusa gore o se ka wa utlwa botlhoko le go nna le mahutsana. Ka sekai Baebele ya re batho ba ba ratang madi “ba itlhabakakile ka ditlhabi di le dintsi.” (1 Timotheo 6:9, 10) A go na le bangwe ba balekane ba gago ba ba diragaletsweng ke se se botlhoko se go buiwang ka sone mo lekwalong leno? Makau mangwe le makgarebe ba mo dikolotong tse dikgolo fela ka gonne ba tsaya gore ba tshwanetse go nna le diaparo tsa maina le didirisiwa tsa tegeniki tsa moragorago. Go ikimetsa ka dituelo tse di kwa godimo tse di tsayang nako e telele tsa dilo tse tota o se nang madi a tsone, ke bokgoba jo bo botlhoko!—Diane 22:7.

15. Melaometheo ya Baebele e go sireletsa jang mo bohutsaneng jo bo bakwang ke boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

15 Gape akanyetsa kgang ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Ngwaga le ngwaga mo lefatsheng lotlhe, basha ba bantsintsi ba ba sa nyalwang ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba nna baimana. Bangwe ba tshola bana ba ba neng ba sa ba batle e bile ba se na le bokgoni jwa go ba godisa. Ba bangwe ba senya mpa mme ba bo ba tshwenngwa ke segakolodi morago. Go tswa foo go na le makau le makgarebe a a tsenwang ke malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, a a tshwanang le AIDS. Mme gone, mo mothong yo o itseng Jehofa, phelelo e e maswe go di gaisa tsotlhe e ka nna go senyegelwa ke kamano e e molemo le Jehofa. * (Bagalatia 5:19-21) Go a utlwala gore Baebele e bo e re: “Tshabang kgokafalo.”—1 Bakorintha 6:18.

Go Direla “Modimo yo o Itumetseng”

16. (a) Re itse jang gore Jehofa o batla gore o ipelele bosha jwa gago? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a go beela dikaelo tse o tshwanetseng go di latela?

16 Baebele e tlhalosa Jehofa e re ke “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) O batla gore le wena o itumele. E bile tota, lone Lefoko la gagwe la re: “Ipelele bosha jwa gago. Itumele fa o sa le mosha.” (Moreri 11:9, Today’s English Version) Mme Jehofa o kgona go bonela kwa pele e bile o kgona go bona ditlamorago tse di nnelang ruri tsa boitshwaro jo bo siameng le jo bo sa siamang. Ke gone ka moo a go gakololang jaana: “Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago, pele ga malatsi a masetlapelo a goroga, kgotsa dingwaga di goroga tsa fa o tla bo o re: ‘Ga ke na kgatlhego mo go tsone.’”—Moreri 12:1.

17, 18. Mokeresete mongwe yo mmotlana o ne a bontsha jang kafa a itumelelang go direla Jehofa ka teng, mme le wena o ka dira jang gore o ipele jalo?

17 Gompieno, basha ba le bantsi ba itumedisiwa thata ke go direla Jehofa. Ka sekai, Lina wa dingwaga tse 15 a re: “Ke a itlotla. Ke na le mmele o o itekanetseng ka gonne ke sa goge e bile ke sa dirise diokobatsi. Ke na le kaelo e e mosola e ke e newang ka phuthego, e e nthusang go emelana le kgatelelo e e bosula ya ga Satane. Ke nna ke itumetse ka ntlha ya botsalano jo bo molemo jo ke bo bonang kwa Holong ya Bogosi. Se se molemo le go feta, ke na le tebelelo e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go tshelela ruri mo lefatsheng.”

18 Fela jaaka Lina, basha ba le bantsi ba Bakeresete ba lwa ka thata ba lwela tumelo, mme seno se a ba itumedisa. Ba lemoga gore le fa botshelo jwa bone bo a tle bo nne le mathata, mme bo na le bokao tota e bile bo na le isagwe ya mmatota. Ka jalo tswelela pele o direla Modimo yo o amegang thata ka wena. Ipedise pelo ya gagwe, mme o tla dira gore o ipele gone jaanong le ka bosakhutleng!—Pesalema 5:11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Bona setlhogo se se reng “Boammaaruri bo Mpuseditse Botshelo Jwa Me,” se se tlhagang mo makasineng wa Tsogang! ya October 22, 1996 (ka Seesemane).

^ ser. 15 Go a gomotsa go itse gore fa motho a ikwatlhaya, a tlogela go dira se se phoso, mme a ipolela maleo a gagwe, Jehofa “o tla itshwarela ka tsela e kgolo.”—Isaia 55:7.

A o A Gakologelwa?

• O lebane le kotsi efe e e tswang mo go “yo o boikepo” e bong Satane?

• O ka ipedisa pelo ya ga Jehofa jang?

• Baebele e bontsha jang gore Jehofa o amega ka wena?

• Mangwe a masego a o nnang le one ka ntlha ya go direla Jehofa ke afe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 13]

Motho yo o Siameng o Batlile go Wa

Asafe e ne e le moopedi wa Molefi wa maemo a a kwa godimo kwa tempeleng ya ga Jehofa kwa Iseraeleng ya bogologolo. O bile a kwala dipina tse di neng di dirisiwa mo kobamelong. Le fa go ntse jalo, le mororo Asafe a ne a na le ditshiamelo tse di tlhomologileng jalo, nako nngwe o kile a iphitlhela a kgatlhegela boitshwaro jo e seng jwa bomodimo jwa balekane ba gagwe, ba go neng go bonala ba tlola melao ya Modimo mme ba sa diragalelwe ke sepe. Moragonyana Asafe o ne a dumela jaana: “Dinao tsa me di ne di batlile di fapoga, dikgato tsa me di ne di batlile di reledisiwa. . . . Ke ne ka tswela baipelafatsi pelo, fa ke ne ke bona kagiso ya baikepi.”—Pesalema 73:2, 3.

Moragonyana Asafe o ne a ya kwa lefelong le le boitshepo la Modimo mme a rapela ka kgang eno. E re ka a ne a kgona go boa a leba dilo ka tsela ya semoya gape, o ne a tlhaloganya gore Jehofa o ila bosula le gore go ise go ye kae, batho ba ba boikepo le ba ba siameng ba tla roba se ba se jetseng. (Pesalema 73:17-20; Bagalatia 6:7, 8) Ee ruri, baikepi ba mo lefelong le le boreledi. Mme kgabagare, ba tla wa fa Jehofa a senya tsamaiso eno e e boikepo.—Tshenolo 21:8.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Jehofa o amega thata ka wena, mme Satane ene o batla go go kometsa

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Basha ba le bantsi ba itumedisiwa thata ke go direla Jehofa ba na le Bakeresete ka bone