Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Amega ka Batho Fela

Jehofa o Amega ka Batho Fela

Jehofa o Amega ka Batho Fela

ARE tshwanetse go nna batho ba ba sa tlwaelegang kgotsa ba ba tlhomologileng ka tsela nngwe gore Modimo a re amogele? Abraham Lincoln, yo e neng e le poresidente ya bo16 ya United States, o nopolwa a bolela jaana: “Morena o rata batho ba ba tlwaelegileng. Ke gone ka moo a ba dirang ba le bantsi jaana.” Batho ba le bantsi ba akanya gore ke batho fela ba ba sa reng sepe. Go nna motho fela go ka nna ga kaya go “humanega, go nna motho wa maemo a a kwa tlase.” Ka mo go tshwanang, lefoko “tlwaelega” le ka kaya “go tlhoka tshiamelo kgotsa maemo a a kgethegileng,” “go nna motho wa maemo a a kwa tlase thata go feta a a tlwaelegileng,” kgotsa le e leng “go nna motho wa boleng jo bo kwa tlase thata.” O ka rata go nna gare ga batho ba ba ntseng jang? Batho ba ba ikgodisang, ba ba itshepang thata, ba ba boikgogomoso? A o ne o se kitla bogolo o rata go nna gare ga batho ba ba botsalano, ba ba boikokobetso, ba ba sa itimokanyeng, ba ba amegang tota ka ba bangwe?

E re ka go tlwaelegile gompieno mo lefatsheng go tshwenya ba bangwe mo maikutlong le go ba sotla, bangwe ba fitlhela go le thata go dumela gore Modimo o ba kgatlhegela ka namana. Mmadi mongwe wa makasine ono o ne a kwala jaana: “Ke tswa mo lelapeng le le neng le se na lorato. Ke ne ke nyenyefadiwa, ke sotliwa e bile ke tshegwa. Ka jalo, ke ne ka simolola go ikutlwa ke se na mosola ke sa ntse ke le monnye. Ke sa ntse ke na le boikutlo jo bo nonofileng jo bo amanang le botshelo jwa me jwa mo nakong e e fetileng jo bo nkgobang marapo fa ke le mo tlalelong.” Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a go dumela gore Modimo o kgatlhegela ka namana batho fela.

Kafa Modimo a Kgatlhegelang Batho ba ba Tlwaelegileng ka Teng

Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “Jehofa o mogolo e bile o tshwanelwa thata ke go bakwa, mme bogolo jwa gagwe ke jo bo sa ka keng jwa hukutsega.” (Pesalema 145:3) Le fa go ntse jalo, seno ga se dire gore Jehofa a se ka a amega ka rona ka tsela e e lorato le ya bopelotlhomogi. (1 Petere 5:7) Ka sekai, mopesalema o ne a re: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.

Dilo tse di kgatlhang batho mo lefatsheng, tse di jaaka bontle, maemo, kgotsa khumo ga se dilo tse Modimo a di tsayang di le botlhokwa. Molao o Modimo a neng a o naya Baiseraele o ne o bontsha kafa a tlhomogelang pelo ka teng batho ba ba humanegileng, dikhutsana, batlholagadi le batswakwa. Modimo o ne a raya Baiseraele ba bone ka bobone ba kileng ba sotliwa kwa Egepeto a re: “O se ka wa tshwara moagi wa moeng setlhogo kgotsa wa mo gatelela . . . Lo se ka lwa bogisa motlholagadi ope kgotsa mosimane yo o se nang rre. Ruri fa lo ka mmogisa, e tla re fa a lelela kwa go nna, ruri ke tla utlwa selelo sa gagwe.” (Ekesodo 22:21-24) Mo godimo ga moo, moporofeti Isaia o ne a bontsha gore o tlhomamisegile gore Modimo o amega ka batho ba maemo a a kwa tlase: “O fetogile kago e e thata mo mothong wa maemo a a kwa tlase, o kago e e thata mo go yo o humanegileng mo matshwenyegong ao a nang le one, botshabelo mo puleng ya matsubutsubu, moriti mo mogoteng, fa go tsubutla ga ba ba patikang go ntse jaaka pula ya matsubutsubu mo loboteng.”—Isaia 25:4.

Mo bodireding jwa gagwe jotlhe, Jesu Keresete, yo e leng “setshwano totatota” sa Modimo o ne a tlhomela barutwa ba gagwe sekao sa go kgatlhegela batho ba ba tlwaelegileng. (Bahebera 1:3) Fa Jesu a ne a bona boidiidi jwa batho ba ba neng ba “sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa,” o ne a “ba tlhomogela pelo.”—Mathaio 9:36.

Ela tlhoko gape gore Jesu o ne a tlhopha batho ba ba ntseng jang go nna baaposetoloi ba gagwe—banna ba ba neng ba tlhalosiwa e le “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela.” (Ditiro 4:13) Fa Jesu a sena go swa, balatedi ba gagwe ba ne ba laletsa batho ba mefuta yotlhe gore ba reetse Lefoko la Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a re “yo o sa dumeleng kgotsa yo e leng motho fela” a ka tsena mo phuthegong ya Bokeresete mme a nna modumedi. (1 Bakorintha 14:24, 25) Go na le gore Modimo a tlhophe fela batho ba ba ratiwang go ya ka ditekanyetso tsa lefatshe, o ne a tlhopha batho ba bantsi ba ba tlwaelegileng, ba e leng batho fela go mo direla. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Lo bona go lo bitsa ga gagwe, bakaulengwe, gore go ne ga se ka ga bidiwa ba bantsi ba ba botlhale ka tsela ya senama, ba bantsi ba ba nang le maatla, ba bantsi ba ba tshotsweng ke batlotlegi; mme Modimo o ne a tlhopha dilo tsa boeleele tsa lefatshe, gore a tle a tlhabise batho ba ba botlhale ditlhong; gape Modimo o ne a tlhopha dilo tse di bokoa tsa lefatshe, gore a tle a tlhabise dilo tse di nonofileng ditlhong; gape Modimo o ne a tlhopha dilo tse di sa tlotlegeng tsa lefatshe le dilo tse di lebelwang kwa tlase, dilo tse di seyong, gore a tle a nyeletse dilo tse di leng gone, gore go se ka ga nna le nama epe e e ka ipelafatsang mo ponong ya Modimo.”—1 Bakorintha 1:26-29.

Gompieno ka tsela e e tshwanang Modimo o re kgatlhegela tota. Go rata ga Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Fa e le gore Modimo o ratile batho mo go kalo mo a bileng a romela Morwawe gore a re swele, ga re na lebaka lepe la go ikutlwa re sa ratiwe kgotsa re se na mosola. (Johane 3:16) Jesu Keresete o ne a bontsha balatedi ba gagwe botlhokwa jwa go tshwara le e leng yo mmotlana thata wa bomorwarraagwe ba semoya ka tsela e e keteng ba tshwara ene ka namana ka yone. O ne a re: “Go ya bokgakaleng jo lo neng lwa go dira mo go mongwe wa ba babotlana thata wa bomorwarre bano, lo ne lwa go dira mo go nna.” (Mathaio 25:40) Le fa lefatshe le ka tswa le re leba jang, fa re rata boammaaruri, re batho ba ba kgethegileng mo matlhong a Modimo.

Francisco, * mosimane yo o se nang rraagwe wa kwa Brazil, o ne a ikutlwa jalo fa a sena go nna le kamano le Modimo. O tlhalosa jaana: “Go itse Jehofa le phuthego ya gagwe go ile ga nthusa gore ke fenye go ikutlwa ke sa babalesega le ditlhong. Ke ne ka ithuta gore Jehofa o kgatlhegela mongwe le mongwe wa rona ka namana.” Jehofa o ne a nna Rre wa mmatota mo go Francisco.

Go Amega ka Basha

Jehofa o kgatlhegela basha tota, e seng fela jaaka setlhopha mme o ba kgatlhegela motho ka namana. Ke boammaaruri gore re le basha kgotsa bagolo, ga re a tshwanela go akanya gore re botoka go feta kafa tota re ntseng ka teng. Le fa go ntse jalo, re ka tswa re na le ditalenta le dinonofo tse Modimo a ka di dirisang mo isagweng. Jehofa o itse gore re tlhoka go tokafatsa kae le gore re tlhoka thapiso e e ntseng jang gore re dirise bokgoni jwa rona ka mo go feletseng. Ka sekai, ela tlhoko pego e e mo go 1 Samuele kgaolo 16. E re ka batho ba bangwe ba ba neng ba ka nna dikgosi tsa Iseraele ba ne ba bonala ba tshwanelega thata mo go moporofeti Samuele, Jehofa o ne a tlhalosa jaana mabaka a go bo A ne a tlhopha Dafide, morwa wa ga Jese yo mmotlana mo go botlhe, gore e nne ene kgosi ya Iseraele ya isagwe: “O se ka wa leba ponalo ya gagwe le boleele jwa gagwe, gonne ke mo ganne [mogolowe Dafide]. Gonne Modimo ga a bone kafa motho a bonang ka gone, ka gonne motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.”—1 Samuele 16:7.

A basha ba ka tlhomamisega gompieno gore Jehofa o ba kgatlhegela tota? Akanya ka Ana, lekgarebe lengwe la kwa Brazil. Fela jaaka basha ba bangwe ba le bantsi, o ne a tshwenngwa ke go bona boferefere le tshiamololo. Morago ga foo rraagwe o ne a simolola go ya le ene le bomonnawe kwa dipokanong tsa Bokeresete. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a simolola go itumelela se a neng a se ithuta mo Lefokong la Modimo. Ana o ne a simolola go bala Baebele mmogo le dikgatiso tsa Bokeresete le go rapela Jehofa Modimo. Ka bonya ka bonya, o ne a simolola go nna le kamano e e atamalaneng le Modimo. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke itumelela go palama baesekele ya me ke ya kwa thotaneng e e gaufi le legae la gaetsho koo ke neng ke kgona go leba phirimo ya letsatsi e ntle. Ke ne ke rapela Jehofa ke mo lebogela bopelonomi le bopelotshweu jwa gagwe, ke leka go tlhalosa kafa ke mo ratang ka teng. Go itse Jehofa Modimo le maikaelelo a gagwe go dirile gore ke nne le kagiso ya mogopolo le gore ke ikutlwe ke babalesegile.” A le wena o leka go ipha nako ya go tlhatlhanya ka tsela e ka yone Jehofa a amegang ka rona ka lorato?

Gone ke boammaaruri gore tsela e re godisitsweng ka yone e ka nna ya dira gore re se ka ra kgona go nna le kamano e e atamalaneng le Jehofa. Ka sekai, akanya ka Lidia. Fa a ne a bulela rraagwe mafatlha a gagwe malebana le sengwe se se neng se mo tshwentse thata, o ne a mo kgaosetsa fela a re: “O bua dilo di sele.” Le fa gone a ne a tlhaloganya gore rraagwe o ne a batla gore a lebale ka bothata joo, Lidia a re: “Go ithuta Baebele go dirile gore ke nne le sengwe le sengwe se ke neng ke se eletsa le se se fetang seo. Botho jwa ga Jehofa jo bo kgatlhang bo dirile gore a nne tsala ya me e kgolo. Jaanong ke na le Rre yo o lorato, yo o tlhaloganyang yo nka kgonang go mmulela mafatlha a me le go mmolelela ka dilo tse ke di boifang. Ke kgona go bua diura di le dintsi le Motho yo o botlhokwa go gaisa botlhe mo lobopong, ke tlhomamisegile gore o tla ntheetsa.” Ditemana tsa Baebele tse di jaaka Bafilipi 4:6, 7 di ile tsa mo thusa gore a bone kafa Jehofa a amegang ka teng ka tsela e e lorato ka ene. Temana eo ya re: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”

Go Thusiwa go Nna le Dilo Tse o di Tlhokang

Jehofa o bontsha gore o amega ka batlhanka ba gagwe ka namana le ka phuthego ya gagwe ya lefatshe lotlhe. Re ka bontsha gore re rata Rraarona wa kwa legodimong ka go ipha nako ya go bua le ene. Ga re a tshwanela le ka motlha go tsaya kamano ya rona le ene motlhofo. Dafide o ne a nna a ntse a amega ka kamano ya gagwe le Jehofa. O ne a re: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa; nthute ditselana tsa gago. Ntsamaise mo boammaaruring jwa gago mme o nthute, gonne o Modimo wa me wa poloko. Ke solofetse mo go wena letsatsi lotlhe.”—Pesalema 25:4, 5.

Kgopolo ya go nna le kamano e e atamalaneng le Modimo e ka tswa e le selo se sesha mo go wena. Le fa o ka tswa o na le mathata a a ntseng jang, o ka tlhomamisega gore Mogodimodimo o tla kgona go go thusa, go ya kafa thatong ya gagwe. (1 Johane 5:14, 15) Ka jalo, ithute go dira gore dithapelo tsa gago di tlhamalale, o akanya ka maemo a gago le dilo tse o di tlhokang.

Botlhokwa jwa go dumela gore re na le dilo tse re di tlhokang bo gatelelwa ke thapelo eno e Kgosi Solomone a neng a e rapela fa tempele e ne e kgakolwa: “Fa go ka direga gore go nne le leuba mo lefatsheng, fa go ka direga gore go nne le bolwetse jwa leroborobo, fa go ka direga gore go nne le mogote le mouta, tsie le mafele; fa go ka direga gore baba ba bone ba ba dikanyetse mo lefatsheng la dikgoro tsa bone—sebetso sa mofuta ope le botlhoko jwa mofuta ope—thapelo le fa e le efe, kopo le fa e le efe ya go utlwelwa botlhoko e e ka nnang ya dirwa ke motho ope . . . E kete o ka utlwa o le kwa magodimong, . . . mme o itshwarele le go naya mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsotlhe tsa gagwe.” (2 Ditiragalo 6:28-30) Ee, ke wena fela yo o itseng ‘sebetso sa gago le botlhoko jwa gago.’ Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne go dumela gore go na le dilo tse o di tlhokang le tse o di eletsang tota. Fa o dira jalo, “[Jehofa] o tla go naya dikopo tsa pelo ya gago.”—Pesalema 37:4.

Nonotsha Kamano ya Gago le Jehofa

Jehofa o itumelela go dira gore batho fela ba nne le kamano e e atamalaneng le ene. Lefoko la gagwe le re tlhomamisetsa jaana: “‘Ke tla nna rraalona, mme lona lo tla nna bomorwaake le bomorwadiake,’ go bua Jehofa Mothatayotlhe.” (2 Bakorintha 6:18) Ee ruri, Jehofa le Morwawe ba batla gore re atlege le gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. A bo go kgothatsa jang ne go itse gore Jehofa o tla re thusa gore re diragatse maikarabelo a rona mo lelapeng, kwa tirong le mo phuthegong ya Bokeresete!

Le fa go ntse jalo, rotlhe re lebane le dinako tse di thata. Botsogo jo bo bokoa, mathata a lelapa, lotseno lo lo kwa tlase, kgotsa sengwe se sele se ka re utlwisa botlhoko. Re ka tswa re sa itse gore re ka itshokela jang teko. Dikgatelelo tse di ntseng di oketsega di bakiwa ke Satane Diabolo, yo o lwang ntwa ya semoya le batho ba Modimo ka tlhamalalo kgotsa e se ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, go na le mongwe yo o re tlhaloganyang le go re thusa go nna le kamano e e molemo le Jehofa. Ga se ope fa e se Jesu Keresete yo o nang le maemo a a kwa godimo kwa magodimong. Re bala jaana: “Yo re nang le ene e le moperesiti yo mogolo, ga se yo o ka se kang a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo. Jalo, a re atameleng kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka kgololesego ya go bua, gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng.”—Bahebera 4:15, 16.

A bo go kgothatsa jang ne go itse gore ga re tlhoke go nna batho ba ba tumileng kgotsa ba ba humileng gore re amogelwe ke Modimo! Tota le fa o le mo tlalelong, etsa mopesalema yo o neng a rapela jaana: “Ke bogisitswe e bile ke humanegile. Jehofa o a ntlhokomela. O thuso ya me le Mofalotsi wa me.” (Pesalema 31:9-14; 40:17) Tlhomamisega gore Jehofa o rata batho ba ba ikokobeditseng, ba e leng batho fela. Ee, ‘re ka latlhela tlhobaelo yotlhe ya rona mo go ene, ka gonne o a re kgathalela.’—1 Petere 5:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Maina mangwe a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Bontsi jwa balatedi ba ga Jesu e ne e le batho ba ba sa rutegang e bile e le batho fela

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Bakeresete ba leka go nna le tumelo e e nonofileng

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Ga re tlhoke go nna batho ba maemo a a kwa godimo gore re amogelwe ke Modimo