Lenyalo le go Neng go sa Lebelelwa Gore le Tla Nna Teng la ga Boase le Ruthe
Lenyalo le go Neng go sa Lebelelwa Gore le Tla Nna Teng la ga Boase le Ruthe
GO DIRWA ditiro tse dintsi fa seboaneng se se gaufi le Bethelehema. Go tlhotse go berekilwe thata. Babereki ba utlwa ka monko o o monate wa dijo tsa ditlhaka tse di sa tswang go besiwa gore jaanong ke nako ya dijo. Mongwe le mongwe o tla ja mofufutso wa phatla ya gagwe.
Boase, monna yo o humileng yo o nang le masimo, o ja le go nwa gore a bo a kgore a bo a ikhutsa fa thoko ga mokoa o mogolo wa dijo tsa ditlhaka. Moragonyana, go wediwa tiro ya go roba mme mongwe le mongwe o batla lefelo le le phuthologileng le a ka ikhutsang fa go lone. Boase jaanong o kgotshe mme o a ikhurumetsa a bo a thulamela.
Go Kopana mo Sephiring
Boase o thanya bosigogare a sitilwe e bile a roroma. O fitlhela maoto a gagwe a apotswe mme go na le motho yo o robetseng foo! Ka gonne a sa bone gore motho yo o mo lefifing ke mang, o botsa jaana: “O mang?” Go araba lentswe la mosadi: “Ke nna Ruthe lelata la gago, mme wena tsharololela ntlha ya seaparo sa gago mo godimo ga lelata la gago, ka gonne o morekolodi.”—Ruthe 3:1-9.
Ba tlotla ba le bosi mo lefifing. Basadi ga ba ke ba fitlhelwa jalo fa seboaneng. (Ruthe 3:14) Le fa go ntse jalo, Boase o kopa Ruthe gore a tswelele a rapame fa dinaong tsa gagwe go fitlha pele ga masa fa a ema a tsamaya gore ba se ka ba bonwa molato go sa tlhokege.
A ba ne ba kopane jaaka baratani? A monnamogolo yono yo o humileng o ne a hepisitswe ka botlhajana ke Ruthe yo e neng e le motlholagadi wa mohumanegi yo o tswang kwa nageng ya boheitane? Kgotsa a Boase o ne a dirisa boemo jwa ga Ruthe le go bo a ne a jewa ke bodutu mo bosigong joo? Se se diregileng se ne se amana le go ikanyega le go rata Modimo. Mme mabaka a a dikologileng tiragalo eno le one a ama pelo.
Mme gone Ruthe ke mang? O batla go dirang? Mme monna yono wa mohumi, e bong Boase, ke mang?
“Mosadi yo o Molemo Thata”
Dingwagangwaga pele ga tiragalo eno, Juda e ne ya aparelwa ke leuba. Lelapa lengwe la kwa Iseraele la batho ba banè—Elimeleke; mosadi wa gagwe Naomi; le bana ba bone ba basimane Mahelone le Kilione—ba ne ba fudugela kwa nageng e e nonneng ya Moabe. Basimane bao ba ne ba nyala basadi ba babedi ba Bamoabe, e bong Ruthe le Orepa. Fa banna bao ba bararo ba Moabe ba sena go swa, basadi ba bararo bao ba ne ba utlwa gore maemo a tokafetse kwa Iseraele. Ka jalo Naomi yo jaanong e neng e le motlholagadi, e bile a utlwile botlhoko thata, a se na bana kana ditlogolo, o ne a swetsa ka gore a boele kwa nageng ya gagabo.—Ruthe 1:1-14.
Fa ba le mo tseleng ba ya Iseraele, Naomi o ne a dira gore Orepa a dumele go boela kwa bathong ba gagabo. Go tswa foo Naomi o ne a raya Ruthe a re: “Bona! Mogokao wa motlholagadi o boetse Ruthe 1:15-17) Ka jalo batlholagadi ba babedi bao ba batlhoki ba ne ba boela kwa Bethelehema. Fa ba le koo, tsela e Ruthe a neng a rata matsalaagwe e bile a mo tlhokomela ka yone e ne ya kgatlha baagelani mo e leng gore ba ne ba mo tsaya a le “botoka mo go [Naomi] go na le bana ba basimane ba le supa.” Ba bangwe ba ne ba re ke “mosadi yo o molemo thata.”—Ruthe 3:11; 4:15.
kwa bathong ba gagabo le kwa medimong ya gagwe. Boa le mogokao wa motlholagadi.” Mme Ruthe a re: “O se ka wa nthapela gore ke go tlogele, . . . ka gonne kwa o yang gone ke tla ya gone . . . Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me. Kwa o swelang gone ke tla swela gone, mme ke gone kwa ke tla fitlhelwang gone.” (Kwa Bethelehema fa go ne go simololwa thobo ya barele, Ruthe o ne a raya Naomi a re: “Tsweetswee, mma ke ye kwa tshimong ke ye go ronopa mo gare ga diako tsa mabele ke setse morago le fa e le mang fela yo nka bonang kamogelo mo matlhong a gagwe.”—Ruthe 2:2.
Go ne ga itiragalela fela gore a goroge kwa tshimong ya ga Boase, yo e leng losika lwa ga rraagwe monna wa gagwe, e bong Elimeleke. O kopa molebedi gore a mo neye tetla ya go ronopa. O ronopa ka tlhoafalo mme molebedi o bolelela Boase kafa a berekang ka natla ka teng.—Ruthe 1:22–2:7.
O a Sireletsa e Bile o Direla ba Bangwe Molemo
Boase ke moobamedi yo o ineetseng wa ga Jehofa. Moso le moso, Boase o ne a dumedisa barobi a re: “Jehofa a nne le lona,” ba bo ba araba ba re: “Jehofa a go segofatse.” (Ruthe 2:4) Fa Boase a sena go bona ka fa Ruthe a dirang ka natla ka teng le go utlwa ka fa a ileng a ikanyega mo go Naomi ka teng, o direla Ruthe thulaganyo e e kgethegileng ya go ronopa. Ka bokhutshwane, o ne a mo raya a re: ‘Nna mo masimong a me; ga o tlhoke go ya kwa go a ba bangwe. O nne gaufi le barweetsana ba me; o tla bo o sireletsegile fa o na le bone. Ke laetse makau gore a se ka a go ama. Fa o nyorilwe, a tla go gela metsi a a phepa.’—Ruthe 2:8, 9.
Ruthe o ikobela fa fatshe a bo a re: ‘Go tla jang gore ke bo ke bone kamogelo mo matlhong a gago, mme ke le motswakwa?’ Boase o araba jaana: ‘Ke begetswe ka botlalo ka gotlhe mo o go diretseng matsalaago morago ga loso lwa monna wa gago—kafa o neng wa tlogela rrago, mmago le ba losika lwa gago ka gone, le lefatshe la gaeno gore o ye go nna le batho ba o neng o sa ba itse pele. E kete Jehofa a ka duela tsela e o dirang ka yone. E kete a ka go naya tuelo e e feletseng.’—Ruthe 2:10-12.
Boase ga a leke go dira gore Ruthe a mo rate. O mo akgola go tswa pelong. Ruthe o boikokobetso, mme o mo lebogela go bo a mo gomotsa jalo ka go mo kgothatsa. O tsaya a sa tshwanelwe ke go kgothadiwa jalo mme o tswelela pele a dira ka natla le go feta. Moragonyana, ka nako ya dijo, Boase o bitsa Ruthe: ‘Atamela, o je senkgwe o bo o ine thathana ya gago mo botšarareng.’ O ja gore a bo a kgore mme o ya le dijo tse dingwe gae o di isetsa Naomi.—Ruthe 2:14.
Kwa bokhutlong jwa letsatsi, Ruthe o ronopile dilitara di ka nna 22 tsa barele. O a e tsaya mmogo le dijo tse di neng di setse o di isa gae kwa go Naomi. (Ruthe 2:15-18) Naomi o botsa jaana, ka gonne a itumeletse go bona kafa dijo di leng dintsi ka teng: “O ne o ronopa kae gompieno? . . . A yo o neng a go ela tlhoko a segofale.” Fa Naomi a utlwa gore e ne e le Boase, a re: “A a segofadiwe ke Jehofa, yo o sa tlogelang go nna le bopelonomi jwa gagwe jwa lorato mo batsheding le mo baswing. . . . Monna yono ke wa losika lwa rona. Ke mongwe wa barekolodi ba rona.”—Ruthe 2:19, 20.
Go Bona “Lefelo la Boikhutso”
E re ka Naomi a eletsa gore ngwetsi ya gagwe e bone “lefelo la boikhutso,” o dirisa sebaka seno go rulaganya go kopa gore a rekololwe, go dumalana le Molao wa Modimo. (Lefitiko 25:25; Duteronome 25:5, 6) Jaanong Naomi o laela Ruthe gore a tseye kgato e e ka mo solegelang molemo e bile e kgatlha—e e ka gapang kgatlhego ya ga Boase. Fa Ruthe a sena go ipaakanya e bile a laetswe sentle o ya kwa seboaneng sa ga Boase bosigo. O fitlhela a robetse. O mo apola dinao a bo a emela gore a tsoge.—Ruthe 3:1-7.
Fa Boase a tsoga, kwantle ga pelaelo tiro ya tshwantshetso e Ruthe a e dirang e mo thusa go tlhaloganya bokao jwa kopo ya gagwe fa a ne a re a ‘tsharololele ntlha ya seaparo sa gagwe mo godimo ga lelata la gagwe.’ Se Ruthe a se dirileng se dira gore monna yono yo o godileng wa Mojudea a lemoge gore o na le boikarabelo jwa go nna morekolodi ka gonne e ne e le wa losika lwa monna yo o tlhokafetseng wa ga Ruthe e bong Mahelone.—Ruthe 3:9.
Go ne go sa lebelelwa gore Ruthe a ete jalo go le bosigo. Le fa go ntse jalo, tsela e Boase a ileng a itshwara ka yone e supa gore o ne a sa gakgamala thata fa Ruthe a ne a mo kopa gore a nne morekolodi. Boase o ne a itumelela go dira jaaka Ruthe a kopa.
Tsela e Ruthe a neng a bua ka yone e ka tswa e ne e kaya gore o tshogile, mme seo sa dira gore Boase a mo tlhomamisetse jaana: “Jaanong, morwadiaka, o se ka wa boifa. Sengwe le sengwe se o se buang ke tla se go direla, ka gonne mongwe le mongwe mo motseng wa batho ba gaetsho o a lemoga gore o mosadi yo o molemo thata.”—Ruthe 3:11.
Mafoko ano a ga Boase a bontsha gore o ne a tsaya dilo tse Ruthe a neng a di dira di siame fela: “E kete Jehofa a ka go segofatsa, morwadiaka. O bontshitse bopelonomi jwa gago jwa lorato botoka mo lekgetlhong la bofelo go na le mo go la ntlha.” (Ruthe 3:10) Mo lekgetlhong la ntlha, Ruthe o ne a bontsha Naomi bopelonomi jwa lorato. Lekgetlho la bofelo ke fa a ne a ikitsise Boase, monna yo mogolo thata mo go ene, ka gonne e ne e le ene morekolodi. Ruthe o ne a iketleeditse go godisa bana mo leineng la ga Mahelone, monna wa gagwe yo o tlhokafetseng, e bile a ba godisetsa Naomi.
Morekolodi o Boa ka Morago
Letsatsi le le latelang, Boase o bitsa mongwe wa losika, yo o bidiwang “Mokètè,” yo o gaufi thata ka losika le Naomi go feta Boase. Boase o bolela jaana fa pele ga banni ba motse le banna ba bagolwane: ‘Ke akantse gore ke tshwanetse go go bolelela gore o na le tshwanelo ya go rekolola mo go Naomi sebata sa tshimo se e neng e le sa monna wa gagwe e bong Elimeleke, ka gonne o tshwanetse go se rekisa.’ Boase o tswelela pele jaana: ‘A o tla se rekolola? Fa o sa se rekolole ke tla se rekolola.’ Go tswa foo Mokètè o bolela gore o tla se rekolola.—Ruthe 4:1-4.
Mme Mokètè ga a itse sepe! Jaanong Boase o bolela jaana fa pele ga basupi botlhe: “Ka letsatsi le o rekang tshimo eno mo seatleng sa ga Naomi ka Ruthe 4:5, 6.
lone, o tshwanetse wa e reka le mo go Ruthe wa Momoabe, mosadi wa monna yo o suleng, gore o tsose leina la monna yo o suleng mo bosweng jwa gagwe.” E re ka monna yono wa losika a boifa gore a ka tloga a senya boswa jwa gagwe, o tlogela tshwanelo ya gagwe ya go rekolola, a re: “Ga ke kgone go e ithekololela.”—Go ya kafa tlwaelong, monna yo o ganang go rekolola o ne a tshwanetse go rola mpaatšhane wa gagwe a bo a o naya mongwe ka ene. Ka jalo fa morekolodi a raya Boase a re, “E ithekele,” o rola mpaatšhane. Go tswa foo Boase o raya banna ba bagolwane le batho botlhe a re: “Lo basupi gompieno gore ke reka gotlhe mo e neng e le ga ga Elimeleke le gotlhe mo e neng e le ga ga Kilione le Mahelone mo seatleng sa ga Naomi. Mme le Ruthe wa Momoabe, mosadi wa ga Mahelone, ke a mo ithekela gore e nne mosadi wa me e le go tsosa leina la monna yo o suleng mo bosweng jwa gagwe . . . Lo basupi gompieno.”—Ruthe 4:7-10.
Botlhe ba ba neng ba le fa kgorong ba raya Boase ba re: “E kete Jehofa a ka dira gore mosadi yo o tlang mo ntlong ya gago a tshwane le Ragele le Lea, ba ka bobedi ba agileng ntlo ya Iseraele; mme wena o itshupe o le botlhokwa mo Eferatha o bo o itirele leina mo Bethelehema.”—Ruthe 4:11, 12.
E re ka batho ba ne ba dumetse, Boase o tsaya Ruthe gore a nne mosadi wa gagwe. O mo tsholela ngwana wa mosimane, e bong Obede, mme Ruthe le Boase ba ne ba nna bagologolwane ba ga Kgosi Dafide le ba ga Jesu Keresete ka tsela e e ntseng jalo.—Ruthe 4:13-17; Mathaio 1:5, 6, 16.
“Tuelo e e Feletseng”
Mo pegong eno yotlhe, Boase o itshupa e le monna yo o tlhomologileng, e le monna yo o tsayang kgato le yo o nang le taolo—go simolola fa a ne a dumedisa babereki ka bopelonomi la ntlha, go fitlha fa a ne a amogela boikarabelo jwa go boloka leina la lelapa la ga Elimeleke. Gape, e ne e le monna yo o nang le boikgapo, tumelo le bothokgami. E bile Boase o ne a le pelotshweu, a le pelonomi, a na le boitsholo jo bontle e bile a ikobela ditaelo tsa ga Jehofa ka botlalo.
Ruthe o tlhomologile ka ntlha ya lorato lwa gagwe mo go Jehofa, lorato lwa gagwe lo lo ikanyegang mo go Naomi, le bonatla jwa gagwe le boikokobetso. Ga go gakgamatse go bo batho ba ne ba mo tsaya e le “mosadi yo o molemo thata.” O ne a sa je “senkgwe sa botshwakga,” mme ka ntlha ya bonatla jwa gagwe, o ne a na le sengwe se a ka se nayang matsalaagwe yo o tlhokang. (Diane 31:27, 31) Ruthe o tshwanetse a bo a ne a itumela ka ntlha ya go aba ka gonne a ne a tlhokometse Naomi.—Ditiro 20:35; 1 Timotheo 5:4, 8.
Re fitlhela dikao tse di molemo tota mo bukeng ya Ruthe! Jehofa o gakologelwa Naomi. Ruthe o amogela “tuelo e e feletseng” ka go nna mmaagwemogologolwane wa ga Jesu Keresete. Boase o segofadiwa ka “mosadi yo o molemo thata.” Mme batho ba ba ntseng jalo ke dikao tsa tumelo mo go rona.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
Tlhase ya Tsholofelo
Fa go ka direga gore o nne le maikutlo a gore o tshela mo metlheng e e sa itumediseng, polelo ya ga Ruthe e ka go naya tlhase ya tsholofelo. E itshupa e le konelo ya botlhokwa ya lokwalo lwa Baatlhodi. Lokwalo lwa Ruthe lo bolela kafa Jehofa a neng a dirisa ka teng motlholagadi wa mohumanegi wa setšhaba se sele sa Moabe go dira gore batho ba gagwe ba nne le kgosi. Tumelo ya ga Ruthe e phatsima jaaka lesedi la motlha oo fa e bapisiwa le ditiragalo tsa lokwalo lwa Baatlhodi.
Ka go bala polelo ya ga Ruthe, o ka tlhomamisega gore le fa go ka nna thata jang, Modimo ka metlha o tlhokomela batho ba gagwe e bile o diragatsa maikaelelo a gagwe.