O ka Bona Kae Ditekanyetso Tsa Mmatota Tsa Semoya?
O ka Bona Kae Ditekanyetso Tsa Mmatota Tsa Semoya?
RODOLPHE o botsa jaana a sotla: “Fa e le gore o tla latela bodumedi bongwe fela ka go bo e le tlwaelo ya lelapa, ke eng o sa tlhophe bodumedi jwa Ba-Celtic jo bagologolwane ba rona ba neng ba le mo go jone dingwaga di le 2 000 tse di fetileng?” Kgopolo eno e tshegisa moreetsi wa gagwe yo mosha.
Rodolphe a re: “Kamano ya me le Modimo e botlhokwa thata mo go nna. Ga ke dumalane gotlhelele le kgang ya gore ke tshwanetse go patelediwa go dumela dithuto tsa bodumedi, e le fela ka go bo ba lelapa la gaetsho ba ba tshetseng dingwaga di le lesome kgotsa di le lekgolo tse di fetileng ba ne ba le mo bodumeding jo bo rileng.” Rodolphe o ne a akanyetsa dilo ka kelotlhoko; ga a ka a tsaya kgang eno e e botlhokwa e le fela selo se a se filweng boswa.
Le fa gone go fetisetsa bodumedi go tswa mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe go setse go nyelela mo motlheng ono, bontsi bo sa ntse bo ngaparetse bodumedi jwa malapa a bone. Mme a go siame gore ka dinako tsotlhe o nne o ngaparetse ditekanyetso tsa bodumedi tsa batsadi ba gago? Baebele ya reng?
Morago ga dingwaga di le 40 mo sekakeng, Joshua, motlhatlhami wa ga Moshe o ne a dira gore Baiseraele ba itlhophele gare ga dilo tseno: “Jaanong fa go le bosula mo matlhong a lona go direla Jehofa, itlhopheleng gompieno yo lo tla mo direlang, e ka ne e le medimo e borraalonamogologolwane ba ba neng ba le ka kwa letlhakoreng le lengwe la Noka ba neng ba e direla kgotsa medimo ya Baamore ba lo nnang mo lefatsheng la bone. Mme nna le ba ntlo ya me, re tla direla Jehofa.”—Joshua 24:15.
Mongwe wa bagologolwane ba Joshua a neng a bua ka bone e ne e le Tera, rraagwe Aborahame, yo o neng a nna kwa motseng wa Ure, e ka nako eo e neng e le kafa ntlheng ya botlhaba jwa Noka ya Euferatese. Baebele ga e senole go le gontsi kaga Tera, fa e se fela kgang ya gore o ne a obamela medimo e sele. (Joshua 24:2) Morwawe e bong Aborahame, o ne a iketleeditse go tlogela motse wa gagabo fa Jehofa a ne a mo laela go dira jalo, le fa a ne a sa itse maikaelelo a Modimo sentle. Ee, Aborahame o ne a tlhopha bodumedi jo bo farologaneng le jwa ga rraagwe. Ka ntlha ya go dira jalo, Aborahame o ne a amogela masego a Modimo a neng a a mo solofeditse mme a nna motho yo madumedi a le mantsi a mo itseng e le “rre wa botlhe ba ba dumelang mo Modimong.”—Baroma 4:11, Today’s English Version.
Baebele gape e tlhalosa kgang ya ga Ruthe, mmèmogologolwane wa ga Jesu Keresete, ka tsela e ntle. Ruthe, yo e neng e le mosadi wa Moabe yo o neng a nyetswe ke Moiseraele, o ne a nna motlholagadi mme a tshwanelwa ke go tlhopha gore a o tla nna kwa nageng ya gagabo kgotsa o tla boela kwa Iseraele le matsalaagwe. E re ka a ne a lemoga ditekanyetso tse di kwa godimo tsa kobamelo ya ga Jehofa fa a di Ruthe 1:16, 17.
bapisa le kobamelo ya medingwana e batsadi ba gagwe ba neng ba le mo go yone, Ruthe o ne a raya matsalaagwe a re: “Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.”—Fa Dictionnaire de la Bible e akgela ka se pego eno e se dirang mo dibukeng tsa Baebele tse di amogelwang jaaka Dikwalo Tse di Boitshepo e tlhalosa gore pego eno e bontsha “kafa mosadi wa naga e sele, yo o tsholetsweng mo bathong ba baheitane ba ba sa rateng Baiseraele e bile ba ilwa ke Baiseraele, . . . ka lesego a ileng a nna mmèmogologolwane wa ga Kgosi Dafide yo o boitshepo ka ntlha ya go rata setšhaba sa ga Jehofa le kobamelo ya gagwe.” Ruthe ga a ka a okaoka go tlhopha bodumedi jo bo farologaneng le jwa batsadi ba gagwe mme ka ntlha ya tshwetso e a e dirileng, Modimo o ne a mo segofatsa.
Pego e e tlhalosang kafa Bokeresete bo simologileng ka teng e bua ka tsela e e utlwalang sentle fa e tlhalosa mabaka a go bo barutwa ba ga Jesu ba ile ba tlogela bodumedi jwa bagologolwane ba bone. Ka go dirisa mokgwa o o tlhotlheletsang, moaposetoloi Petere o ne a rotloetsa bareetsi ba gagwe gore ba “[bolokwe] mo kokomaneng eno e e kgopameng,” ka go ikwatlhaela maleo a bone le go kolobediwa mo leineng la ga Jesu Keresete. (Ditiro 2:37-41) Sengwe sa dikao tse di tlhomologileng e ne e le sa ga Saulo, Mojuda yo o neng a bogisa Bakeresete. Fa Saulo a ne a le mo tseleng a ya Damaseko, o ne a bona ponatshegelo ya ga Keresete, e a neng a nna Mokeresete fa a sena go e bona mme a simolola go itsiwe e le moaposetoloi Paulo.—Ditiro 9:1-9.
Bontsi jwa Bakeresete ba bogologolo ga ba a ka ba diragalelwa ke selo se se gakgamatsang jalo. Mme botlhe ba ne ba tshwanela gore ba tlogele Tumelo ya Sejuda kgotsa kobamelo ya medimo e e farologaneng ya seheitane. Ba ba neng ba amogela Bokeresete ba ne ba dira jalo ba tlhaloganya mabaka sentle, gantsi e le fa ba sena go tlotla ka boleele ka se Jesu a tla se dirang jaaka Mesia. (Ditiro 8:26-40; 13:16-43; 17:22-34) Bakeresete bao ba bogologolo ba ne ba tlhaloganya sentle gore ba tshwanetse go dira diphetogo mo matshelong a bone. Go ne go lalediwa mongwe le mongwe, Bajuda le ba e seng Bajuda, mme molaetsa o ne o tshwana. Ba ne ba tshwanetse gore ba latele tsela e ntšha ya kobamelo ya Bokeresete gore ba itumedise Modimo.
Re Tshwanetse go Tlhopha
Go ne go tlhokega bopelokgale tota mo lekgolong la ntlha la dingwaga go latlha ditlwaelo tsa bodumedi tsa lelapa—Tumelo ya Sejuda, go obamela mmusimogolo, go obamela medimo ya boheitane—o bo o latela mokgatlho o o neng o kgalwa ke Bajuda mmogo le Baroma. Go ise go ye kae se ba neng ba se tlhopha se ne sa dira gore ba bogisiwe mo go botlhoko. Gompieno, go tlhokega bopelokgale jo bo tshwanang gore motho a gane go “itetla go gapiwa le go komediwa ke moya o o leng teng wa go dira dilo fela ka gonne ba bangwe ba di dira,” jaaka Hippolyte Simon bishopo wa Katoliki wa kwa Clermont-Ferrand a tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya Vers une France païenne? (A Fora e Fetogela Boheitaneng?) Go tlhokega bopelokgale go kopanela le setlhopha se sebotlana sa bodumedi se ka dinako tse dingwe se kgalwang, sa Basupi ba ga Jehofa.
Paul, lekawana lengwe la kwa Bastia, kwa Corsica, yo o godisitsweng e le Mokatoliki, gangwe le gape o ne a nna le seabe mo ditirong tsa kereke, tse di jaaka go rekisa dikuku gore ba kokoanye madi go thusa mokgatlho mongwe wa Katoliki o o abang dimpho. E re ka a ne a batla go tlhaloganya Baebele botoka, o ne a dumela go tlotla ka metlha le Basupi ba ga Jehofa. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a lemoga gore dilo tse a neng a di ithuta di ne di tla mo solegela molemo ka bosakhutleng. Ka ntlha ya seo, Paul o ne a amogela ditekanyetso tsa Baebele ka botlalo mme a nna Mosupi wa ga Jehofa. Batsadi ba gagwe ba ne ba tlotla se a itlhophetseng go se dira, mme seno ga se a ka sa senya kamano e e gaufi e ba nang le yone mo lelapeng.
Amélie o nna kwa borwa jwa Fora. Ba lelapa la gagabo e nnile Basupi ba ga Jehofa go fitlha mo kokomaneng ya bonè. Ke ka ntlha yang fa a ne a tlhopha go amogela ditekanyetso tsa bodumedi tsa batsadi ba gagwe? A re: “Ga o nne Mosupi wa ga Jehofa fela ka gonne batsadi
ba gago kgotsa borremogolo le bommèmogolo e le Basupi ba ga Jehofa kgotsa e kile ya bo e le bone. Ka letsatsi lengwe, o tshwanetse go ipolelela ka bowena gore, ‘Jono ke bodumedi jwa me ka gonne ke dumela dilo tseno.’” Jaaka basha ba bangwe ba bantsi ba Basupi ba ga Jehofa, Amélie o itse gore dilo tse a di dumelang ka pelo yotlhe di dira gore a nne le boikaelelo mo botshelong e bile di dira gore a nne le boitumelo jo bo nnetseng ruri.Lebaka la go Amogela Ditekanyetso Tsa Modimo
Buka ya Diane, kgaolo 6, temana ya 20, e kgothaletsa ba ba batlang go itumedisa Modimo jaana: “Morwaaka, boloka taelo ya ga rrago, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmago.” Go na le gore kgakololo eno e rotloetse basha gore ba ikobele sengwe le sengwe fela le fa ba sa tlhaloganye, e ba rotloetsa gore ba amogele melao ya bomodimo ka go nonotsha tumelo ya bone le ka gore bone ka bobone ba eme mo letlhakoreng la Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa ditsala tsa gagwe gore di “tlhomami[se] dilo tsotlhe” go bona gore a dilo tse ba di rutilweng di tsamaisana le Lefoko la Modimo le thato ya Gagwe, ba bo ba dire tumalanong le se ba se ithutileng.—1 Bathesalonika 5:21.
Basupi ba ga Jehofa ba basha le ba ba godileng ba ba fetang dimilione di le thataro, le fa ba ka tswa ba godisitswe mo lelapeng la Bokeresete kgotsa nnyaa, ba itiretse tshwetso eno ka bobone. Ka go ithuta Baebele ka kelotlhoko, ba bone dikarabo tse di ikanyegang tsa dipotso tsa bone malebana le bokao jwa botshelo mme ba tlhaloganya sentle gore thato ya Modimo ke eng ka batho. Fa ba sena go bona kitso eno, ba ile ba amogela ditekanyetso tsa Modimo mme ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go dira thato ya Modimo.
Le fa o ka tswa o le motho yo o balang makasine ono ka metlha kgotsa nnyaa, ke eng fa o sa dumele gore Basupi ba ga Jehofa ba go thuse go sekaseka Baebele le go bona ditekanyetso tsa yone tsa semoya? Ka tsela eno, o tla kgona ‘go leka mme o bone gore Jehofa o molemo’ o bo o bone kitso e e tla reng fa o e dirisa, e dire gore o bone botshelo jo bo sa khutleng.—Pesalema 34:8; Johane 17:3.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Dikokomana tse nnè tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Fora
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ruthe o ne a tlhopha go direla Jehofa go na le gore a direle medimo ya bagologolwane ba gagwe