Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Jehofa o Ela Tlhoko Se o Se Dirang?

A Jehofa o Ela Tlhoko Se o Se Dirang?

A Jehofa o Ela Tlhoko Se o Se Dirang?

O NE o ka araba potso eo jang? Batho ba bantsi ba ka re: ‘Ke dumela gore Modimo o ne a ela tlhoko ditiro tsa banna ba ba jaaka Moshe, Gideone le Dafide mme ke belaela gore tota o kgatlhegela sepe se ke se dirang. Ruri nka se tshwane le Moshe, Gideone kgotsa Dafide.’

Ke boammaaruri gore banna bangwe ba ba ikanyegang ba metlha e Baebele e kwadilweng ka yone ba ne ba dira ditiro dingwe tse di gakgamatsang tsa tumelo. Ba ne ba ‘fenya magosi, ba thiba melomo ya ditau, ba itshokela maatla a molelo, mme ba falola bogale jwa tšhaka.’ (Bahebera 11:33, 34) Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ile ba bontsha tumelo ya bone ka ditsela tse dingwe tse di sa tlhomologang go le kalo, mme Baebele e re tlhomamisetsa gore le bone Modimo o ne a ela tlhoko ditiro tsa bone tsa tumelo. Ka sekai, sekaseka dikai tse di mo Dikwalong tsa modisa, moporofeti le motlholagadi.

Modisa o Ntsha Setlhabelo

Ke eng se o se gakologelwang ka Abele, morwa wa bobedi wa ga Adame le Efa? O ka nna wa gakologelwa gore o swetse tumelo, e leng selo se se ka diragalelang ba sekae fela mo go rona. Mme Modimo o ne a simolola go ela Abele tlhoko ka ntlha ya lebaka le lengwe.

Letsatsi lengwe, Abele o ne a tsaya dingwe tsa diphologolo tse di nonneng go gaisa tsotlhe mo motlhapeng wa gagwe mme a di isetsa Modimo setlhabelo. Mpho ya gagwe e ka tsewa e le ya maemo a a kwa tlase gompieno, mme Jehofa o ne a e ela tlhoko mme a e amogela. Le fa go ntse jalo, ga go felele foo. Dingwaga di ka nna dikete tse nnè morago ga moo, Jehofa o ne a tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo gore a kwale ka kgang eo mo lokwalong lwa Bahebera. Morago ga dingwaga di le dintsi jaana, Modimo o ne a ise a lebale setlhabelo seo sa maemo a a kwa tlase!—Bahebera 6:10; 11:4.

Abele o ne a dira jang tshwetso ya gore a ntshe eng setlhabelo? Baebele ga e re sepe ka gone, mme o tshwanetse a bo a ne a akanyetsa kgang eo ka tsela e e masisi. E ne e le modisa, ka jalo o ne a ka ntsha dingwe tsa diphologolo tsa motlhape wa gagwe setlhabelo. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko gore o ne a ntsha tse di molemo go gaisa—‘dinama tse di mafura.’ (Genesise 4:4) Gape go ka direga gore o ne a tlhatlhanya ka mafoko a Jehofa a neng a a raya noga kwa tshimong ya Edene: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Genesise 3:15; Tshenolo 12:9) Le fa Abele a ne a sa itse gore “mosadi” le “losika” lwa gagwe ke bomang, o ka tswa a ne a lemoga gore go ‘gobatsa serethe’ sa losika lwa mosadi go ne go tla akaretsa tshololo ya madi. O tshwanetse a bo a ne a lemoga gore ga go na sepe se se ka nnang tlhwatlhwakgolo go feta setshedi se se hemang. Sa botlhokwa le go feta, setlhabelo se a se isitseng se ne se tshwanela tota.

Jaaka Abele, Bakeresete gompieno ba ntshetsa Modimo ditlhabelo. Ga ba ntshe maitibolo a letsomane, mme ba ntsha ‘setlhabelo sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la Modimo phatlalatsa.’ (Bahebera 13:15) Dipounama tsa rona di bolela phatlalatsa fa re bolelela ba bangwe se re se dumelang.

A o ka rata go tokafatsa boleng jwa setlhabelo sa gago? Fa go ntse jalo, akanya ka dilo tse batho ba ba mo tshimong ya lona ba di tlhokang. Ba tshwenyegile ka dilo dife? Ke dilo dife tse ba di kgatlhegelang? Ke dintlha dife tse di ka ba kgatlhang mo molaetseng wa Baebele? Nako le nako fa o rera, sekaseka maeto a o a dirileng, ka maikaelelo a go tokafatsa matswela a o nnang le one. Mme fa o bua ka Jehofa, o bue o tlhomamisegile, e bile o bua go tswa pelong. Dira gore setlhabelo sa gago e nne ‘setlhabelo sa mmatota sa pako.’

Moporofeti o Rerela Batho Ba ba Sa Reetseng

Jaanong akanya ka moporofeti Enoke. E ka tswa e ne e le ene fela mosupi wa ga Jehofa Modimo. A o tshwana le Enoke, ka go bo e le wena fela mo lelapeng la gaeno o direlang Jehofa ka boikanyego? A ke wena fela moithuti mo tlelaseng ya lona kgotsa modiri a le esi kwa o berekang teng yo o dirisang melaometheo ya Baebele? Fa go ntse jalo, o ka nna wa lebana le mathata. Ditsala, ba losika, kgotsa batho ba o berekang le bone ba ka nna ba go tlhotlheletsa gore o tlole melao ya Modimo. Ba ka nna ba re, “Ga go na ope yo o tla itseng se o se dirileng. E tla nna khupamarama.” Ba ka nna ba go raya ba re ke boeleele go tshwenyega ka melao ya Baebele ya boitsholo ka gonne Modimo ga a tshwenyege ka se o se dirang. Ba ka nna ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go go faposa ka gonne ba galefisiwa ke go bo o sa akanye le go dira dilo jaaka bone.

Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go lebana le kgatelelo e e ntseng jalo, mme go ka kgonega. Akanya ka Enoke, motho wa bosupa morago ga Adame. (Jude 14) Fa Enoke a ne a tsholwa, batho ba bantsi ba ne ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro. Puo ya bone e ne e tlhabisa ditlhong; boitshwaro jwa bone bo ne bo ‘tsitsibanya’ mmele. (Jude 15) Ba ne ba itshwara ka tsela e batho ba bantsi ba itshwarang ka yone gompieno.

Enoke o ne a lebana jang le seemo seo? Re kgatlhegela karabo ya potso eo gompieno. Le fa Enoke e ka tswa e ne e le ene fela monna yo o neng a obamela Jehofa mo lefatsheng ka nako eo, tota o ne a se esi. Enoke o ne a tsamaya le Modimo.—Genesise 5:22.

Selo sa botlhokwa mo botshelong jwa ga Enoke e ne e le go itumedisa Modimo. O ne a itse gore go tsamaya le Modimo go ne go raya se se fetang fela go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo phepa. Jehofa o ne a lebeletse gore a rere. (Jude 14, 15) Batho ba ne ba tshwanetse go tlhagisiwa gore ditiro tsa bone tse di bosula di ne di etswe tlhoko. Enoke o ne a tswelela a tsamaya le Modimo ka dingwaga tse di fetang 300—ka lobaka lo lo fetang lo ope wa rona a itshokileng ka lone. O ne a tswelela a tsamaya le Modimo go fitlha a swa.—Genesise 5:23, 24.

Jaaka Enoke, le rona re laetswe gore re rere. (Mathaio 24:14) Mo godimo ga go rera ka ntlo le ntlo, re leka go bolelela ba masika a rona, ba re dirang kgwebo le bone, le ba re tsenang sekolo le bone dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, re ka nna ra tshaba go rera ka bopelokgale. A seo se a tle se go diragalele? O se ka wa itlhoboga. Etsa Bakeresete ba bogologolo, mme o rapele Modimo gore a go neye bopelokgale. (Ditiro 4:29) Le ka motlha o se ka wa lebala gore fa fela o tsamaya le Modimo, ga o esi.

Motlholagadi o Apaya Dijo

Akanya fela, motlholagadi mongwe yo o sa umakiweng ka leina o ne a segofadiwa ka makgetlho a mabedi ka gonne a ne a apeile dijo! E ne e se Moiseraele, mme e ne e le motswakwa yo o neng a tshela mo lekgolong la bolesome la dingwaga B.C.E., kwa motseng wa Sarepata. Go ne ga nna leuba ka lobaka lo loleele, mme fa le ela go fela dijo tsa motlholagadi di ne di setse di fela. O ne a setse fela ka bupi le leokwane tse di lekaneng gore a apeele ene le morwawe.

Go ne ga goroga moeng ka yone nako eo. E ne e le moporofeti wa Modimo Elija, yo o neng a kopa motlholagadi gore a mo tsholele mo dijong tsa gagwe tse dinnye. Dijo tsa teng di ne di sa ba lekana, ene le morwawe, ka jalo ruri go ne go se na sepe se a neng a ka se naya moeng. Mme Elija o ne a mo tlhomamisetsa ka lefoko la ga Jehofa gore fa a ka mo tsholela mo dijong tsa gagwe, ene le morwawe ba ne ba ka se bolawe ke tlala. O ne a tlhoka tumelo go dumela gore Modimo wa Iseraele o ne a tla mo tlhokomela, e le motlholagadi wa motswakwa. Le fa go ntse jalo, o ne a dumela Elija, mme Jehofa o ne a mo duela. “Nkgo e kgolo ya bupi ga e a ka ya kgaritlhega, le nkgo e nnye ya leokwane ga e a ka ya kgaritlhega, go ya ka lefoko la ga Jehofa le a neng a le buile ka Elija.” Mosadi yoo le morwawe ba ne ba nna ba na le dijo go fitlha leuba le fela.—1 Dikgosi 17:8-16.

Le fa go ntse jalo, motlholagadi yoo o ne a sa ntse a tlile go segofadiwa gape. Nakonyana morago ga kgakgamatso eo, morwawe yo o rategang o ne a lwala mme a swa. Ka gonne Elija o ne a tlhomoga pelo, o ne a kopa Jehofa gore a tsose mosimane yoo. (1 Dikgosi 17:17-24) Go ne go tla tshwanelwa ke gore go dirwe kgakgamatso e e neng e ise e ko e dirwe. Go ne go se na ope yo o kileng a tsosiwa pele ga foo! A Jehofa o ne a tla tlhomogela motlholagadi yono wa motswakwa pelo gape? O ne a mo tlhomogela pelo. Jehofa o ne a naya Elija maatla a go tsosa mosimane yoo. Moragonyana Jesu o ne a bua jaana ka mosadi yono yo o sego: “Go ne go na le batlholagadi ba le bantsi mo Iseraele . . . Le fa go ntse jalo Elija [o ne a] romelwa . . . kwa Sarepata mo lefatsheng la Sidona kwa motlholagading mongwe.”—Luke 4:25, 26.

Boemo jwa gompieno jwa tsa itsholelo ga bo a tlhomama, le mo dinageng tse di tlhabologileng tota. Dikhampani dingwe tse dikgolo di ntshitse mo tirong babereki ba ba sa bolong go di berekela ka dingwagangwaga. Mokeresete a ka nna a raelesega go dirisa nako e ntsi thata kwa tirong, ka tsholofelo ya gore khampani ya gagwe e ka se mo ntshe mo tirong, fela ka gonne a tshaba go tlhoka tiro. Fa a dira jalo, a ka nna a se ka a nna le nako ya go ya dipokanong tsa Bokeresete, go ya tirelong ya tshimo, kgotsa go tlhokomela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong le mo semoyeng. Le fa go ntse jalo, a ka nna a akanya gore o tshwanetse go leka go ngaparela tiro ya gagwe go sa kgathalesege gore diphelelo e tla nna eng.

Mokeresete yo o mo boemong jo bo thata jalo jwa itsholelo o na le lebaka la go tshwenyega. Go thata go bona tiro mo malatsing ano. Bontsi jwa rona ga re leke go huma, mme jaaka motlholagadi wa Sarepata, re batla fela go nna le se re ka se jang. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o re gakolola gore Modimo o rile: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” Re ka bua jaana ka bopelokgale: “Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?” (Bahebera 13:5, 6) Paulo o ne a ikanya tsholofetso eo ka botlalo, mme ka metlha Jehofa o ne a mo tlhokomela. Le rona Modimo o tla re tlhokomela fa re sa mo latlhe.

Re ka nna ra akanya gore re ka se dire ditiro tse di tlhomologileng tse di tshwanang le tse di dirilweng ke batho ba semoya ba ba jaaka Moshe, Gideone le Dafide, mme gone re ka etsa tumelo ya bone. E bile re ka gakologelwa ditiro tsa tumelo tse di dirilweng ke Abele, Enoke, le motlholagadi wa kwa Sarepata. Jehofa o kgatlhegela ditiro tsotlhe tsa tumelo—le tse dinnye tota. Fa moithuti wa sekolo yo o boifang Modimo a gana go amogela diokobatsi tse a di newang ke molekane wa gagwe, fa Mokeresete a gana fa mongwe yo a berekang le ene a leka go dira boitsholo jo bo sa siamang le ene, kgotsa fa Mosupi yo o godileng a nna a le teng kwa dipokanong tsa phuthego le fa a na le letsapa e bile a lwala, Jehofa o a bona. Mme o a itumela!—Diane 27:11.

A o Ela Tlhoko se ba Bangwe ba se Dirang?

Ee, Jehofa o ela tlhoko se re se dirang. Ka jalo, jaaka baetsi ba Modimo, re tshwanetse go ela tlhoko maiteko a ba bangwe ba a dirang. (Baefeso 5:1) Ela tlhoko mathata a Bakeresete ka wena ba lebanang le one gore ba kgone go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego, go ya tirelong ya tshimo, le go dira ditiro tse dingwe tsa letsatsi le letsatsi.

Go tswa foo o bolelele baobamedi mmogo le wena ba ga Jehofa gore o anaanela maiteko a ba a dirang. Ba tla itumelela gore o lemogile gore ba dira maiteko mme tsela e o amegileng ka bone ka yone e tla ba tlhomamisetsa gore Jehofa le ene o ela tlhoko se ba se dirang.