Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Direla Bakaulengwe ba Bakeresete Kwa Dinageng di Sele

Ba Direla Bakaulengwe ba Bakeresete Kwa Dinageng di Sele

Ba Direla Bakaulengwe ba Bakeresete Kwa Dinageng di Sele

A O KILE wa utlwa ka dipolelo tse di reng “batlhanka ba ba direlang kwa dinageng di sele” le “baithaopi ba ba direlang kwa dinageng di sele”? Basupi ba ga Jehofa ba ba mo ditlhopheng tseno ba ithaopela go dirisa nako ya bone le bokgoni jwa bone go thusa go aga mafelo a a dirisediwang go gatisa le go anamisa molaetsa wa Baebele wa Bogosi. Baithaopi bano gape ba thusa go aga Diholo Tsa Dikopano le Diholo Tsa Bogosi, tse go rutelwang Baebele mo go tsone. Gone jaanong, baithaopi bano ba thusa mo tirong ya go aga kwa dinageng di le 34, gantsi e le mo go tse di humanegileng. Badiredi bano ba lebana le mathata afe, mme ke eng se se ba itumedisang fa ba ntse ba direla bakaulengwe ba bone ba Bakeresete mo dinageng di sele? Ba ikutlwa jang ka “tirelo e e boitshepo” e ba e dirang? (Tshenolo 7:9, 15) Gore re itse gore ba ikutlwa jang, a re utlweng gore baithaopi bangwe ba ba neng ba direla kwa Mexico ba reng.

Baithaopi ba ba tswang kwa dinageng di sele ba ne ba goroga la ntlha kwa Mexico ka May 1992. Go ise go ye kae, ba ne ba etelela pele tiro ya go atolosa lekala, le le okametseng tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico. Fa ba ne ba le atolosa ba ne ba aga dikago di le 14 tse disha, go akaretsa mafelo a bonno a baithaopi ba ba direlang kwa ofising ya lekala, bogatisetso le kago ya diofisi.

Baithaopi ba ba fetang 730 ba ba tswang kwa Canada, Great Britain, United States le kwa dinageng tse dingwe, ba ne ba tla go thusa mo kagong ba direla mmogo ka kutlwano le makgolokgolo a baithaopi ba ba tswang mo dikarolong tsotlhe tsa Mexico. Mo godimo ga moo, Basupi ba feta 28 000 ba ba kopanelang mo diphuthegong di ka nna 1 600 tse di gaufi le ofisi ya lekala, ba ne ba thusa mo kagong ka mafelobeke. Botlhe ba ne ba direla ka moya wa go rata e bile ba thusa ka bokgoni jo ba nang le jone ba sa duelwe. Ba ne ba go tsaya e le tshiamelo go direla Jehofa jaana. Fa go ntse go agiwa, ba ne ba nna ba akantse ka mafoko a a tlhotlheleditsweng a a mo go Pesalema 127:1: “Fa Jehofa a sa age ntlo, baagi ba yone ba diretse lefela ka natla mo go yone.”

Mathata a ba Lebanang le One

Baithaopi ba ba direlang kwa dinageng di sele ba lebana le mathata afe fa ba direla kwa go tsone? Dilo dingwe tse ba di buileng ke tseno. Curtis le Sally, banyalani ba ba tswang kwa United States, ba thusitse mo tirong ya go aga kwa India, Jeremane, Mexico, Paraguay, Romania, Russia, Senegal, le Zambia. Curtis a re: “Bothata jwa ntlha jo re neng ra lebana le jone e ne e le go kgaogana le morwadiarona, yo o neng a direla e le mmulatsela [modiredi wa nako e e tletseng], le go tlogela legae la rona le phuthego kwa Minnesota. Nna le mosadi wa me re ne re kopanela le phuthego eo ka dingwaga di le 24, mme re ne re e rata tota.”

Sally a re: “Ga go motlhofo go nna mo maemong a o sa a tlwaelang, bogolo jang fa o le mosadi, mme ke ne ka ithuta gore go ka kgonega gore ke fetofetoge le maemo. Gape ke ne ka ithuta go itshokela ditshenekegi, tse dintsintsi!” Gape a re: “Kwa nageng e nngwe, rona re le baithaopi ba le lesome re ne re nna mmogo mo foleteng e e se nang ntlwana ya boapeelo e bile e na le matlwana a go tlhapela a le mabedi fela. Ke ne ka ithuta go nna pelotelele fa re nna koo.”

Go ithuta puo e ntšha ke kgwetlho e nngwe e e tlhokang gore motho a dire maiteko a bo a nne boikokobetso. Sharon, yo o diretseng le monna wa gagwe mo tirong ya go aga mo dinageng tse di farologaneng, a re: “Ke kgwetlho fa o sa itse puo ya naga e o direlang kwa go yone. Kwa tshimologong, go thata gore o ka atamalana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ba semoya fa o sa kgone go bua le bone o gololesegile. Go kgoba marapo tota. Mme bakaulengwe ba re kopanang le bone mo dinageng tse re direlang kwa go tsone ba pelotelele thata le rona e bile ba amega thata ka rona. Go ise go ye kae, ka tsela nngwe re kgona go buisana.”

Go ya Tshimong go Tlhoka Bopelokgale

Le fa batho bano ba ba ithaopang ka go itima dilo dingwe ba thusa thata gore tiro ya go aga e tswelele pele, ba lemoga gore tiro ya botlhokwa e ba tshwanetseng go e dira ke ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. Ka jalo, ba dira ka natla mo tirong ya go rera e e dirwang mo diphuthegong tse ba kopanelang mo go tsone. Åke le Ing-Mari, banyalani bangwe ba ba neng ba thusa mo tirong ya go aga kwa Guadeloupe, Malawi, Mexico, le Nigeria, ba bolela gore go tlhoka bopelokgale gore motho a dirise puo e e seng ya gagwe fa a rera mo bodireding jwa tshimo.

Ing-Mari a re: “Kwa tshimologong re ne re sa kgone go nna le seabe ka botlalo ka gonne re ne re tlhola re tsamaya le Basupi ba lefelo leo mme gantsi re ba tlogela e nna bone ba buang ka gonne re tlhabiwa ke ditlhong. Le fa go ntse jalo, moso mongwe re ne ra swetsa ka gore re ye tirelong ya tshimo re le rosi. Re ne ra tsamaya mangole a roroma, dipelo di itaya. Re ne ra kopana le mosadi mongwe yo mosha yo o neng a reetsa thero e ke neng ke e baakanyeditse. Ke ne ka mmalela temana mme ka mo tsamaisetsa dibuka dingwe. Go tswa foo mosadi yoo o ne a re: ‘A ko o nthuse. Go na le mongwe wa losika lwa gaetsho yo o ithutang Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Nka dira jang gore le nna ke ithute?’ Ke ne ka tswalega molomo. Mme go tswa foo ke ne ka ithaopa go ithuta Baebele le ene.”

Ing-Mari o tswelela a re: “Akanya fela gore ke ne ka itumela jang ka ba ka leboga Jehofa ka go bo a segofaditse maiteko a re a dirileng le go rata ga rona go abela batho boammaaruri.” Mosadi yono o ne a gatela pele a bo a kolobediwa go nna Mosupi kwa kopanong ya kgaolo kwa Mexico City. Åke le Ing-Mari ba tlhalosa bodiredi jwa bone ba re: “Re rata dikabelo tse re nnileng mo go tsone tsa tiro ya go aga mo mafelong a a farologaneng, mme ga go na sepe se se fetang boitumelo le kgotsofalo ya go thusa motho gore a amogele boammaaruri.”

Ba Itima Dilo Dingwe

Le mororo baithaopi ba ba tlogelang ba malapa a bone le ditsala ba itima dilo dingwe gore ba direle bakaulengwe ba bone kwa dinageng di sele, gape go na le dilo tse di ba itumedisang fela thata. Ke dilo dife tseo?

Howard, yo o ileng a direla le mosadi wa gagwe e bong Pamela kwa Angola, Colombia, Ecuador, El Salvador, Guyana, Mexico, le Puerto Rico o tlhalosa jaana: “Ke tshiamelo go kopana le bakaulengwe le bokgaitsadi ba dinaga tse di farologaneng le go iponela ka matlho ka fa bakaulengwe ba rona ba ditšhabatšhaba ba ratanang ka teng. Re tlhola re bala ka gone, mme fa o bereka e bile o nna le batho ba ditso tse di farologaneng le ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng, o anaanela lorato lwa bakaulengwe ba rona le go feta.”

Gary, yo o ileng a thusa mo tirong ya go aga kwa Colombia, Costa Rica, Ecuador, Mexico, le kwa Zambia, le ene o akanya gore thulaganyo eno e mo solegetse molemo thata. O tlhalosa jaana: “Thapiso e ke ileng ka nna le yone fa dingwaga di ntse di feta ka go dirisana le bakaulengwe ba ba godileng ba ba direlang kwa makaleng a dinaga tse ke neng ke abetswe kwa go tsone, e nthusitse gore ke kgone go lebana botoka le mathata a ke kopanang le one mo dikabelong tsa me. Go ile ga nnonotsha tumelo ka gonne go nnaya sebaka sa gore ke bone kutlwano e e mo phuthegong ya ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe—kutlwano e e sa thibelweng ke gore motho o bua puo efe kgotsa ke wa setso sefe.”

Tiro ya go aga e ile ya wediwa kwa Mexico mme dikago tse di atolositsweng tsa lekala di ne tsa neelwa monongwaga. Batlhanka ba ba direlang kwa dinageng di sele le baithaopi ba ba direlang kwa dinageng di sele ba ile ba tsenya letsogo thata mo go atolosiweng ga kobamelo ya boammaaruri kwa Mexico le kwa mafelong a mangwe, ka gonne ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba anaanela thata moya wa bone wa go dira ka go rata le go itima dilo dingwe gore ba direle bakaulengwe ba bone ba Bakeresete kwa dinageng di sele.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Ecuador

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Colombia

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Angola

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Tiro ya go aga dikago tse disha kwa lekaleng la Mexico e a simologa

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Tshingwana e e kwa lekaleng

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Fa tlase: Maloko mangwe a Lephata la Kago a fa pele ga dikago tse disha

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Baithaopi ba ba dirang mo kagong ba ema nokeng tiro ya go rera mo diphuthegong tsa kwa ba direlang teng