Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Gomotsa ba ba Hutsafetseng

Gomotsa ba ba Hutsafetseng

Gomotsa ba ba Hutsafetseng

“Jehofa o ntloleditse . . . go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.”—ISAIA 61:1, 2.

1, 2. Ke bomang ba re tshwanetseng go ba gomotsa, mme ka ntlha yang?

JEHOFA, Modimo wa kgomotso yotlhe o re ruta gore re amege fa ba bangwe ba welwa ke mathata. O re ruta go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo’ le go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng. (1 Bathesalonika 5:14) Fa baobamedi ka rona ba tlhoka thuso e e ntseng jalo, re a ba thusa. Gape re bontsha ba ba kwa ntle ga phuthego lorato, tota le ba ba iseng ba ke ba re bontshe lorato mo nakong e e fetileng.—Mathaio 5:43-48; Bagalatia 6:10.

2 Jesu Keresete o ne a bala taelo eno ya boporofeti mme a lebisa mafoko a yone kwa go ene: “Moya wa Morena Molaodimogolo Jehofa o mo go nna, ka lebaka la gore Jehofa o ntloleditse go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo. O nthomile go tla go hapa ba ba dipelo di phatlogileng, . . . go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.” (Isaia 61:1, 2; Luke 4:16-19) Bakeresete ba batlodiwa ba motlha wa segompieno ga ba bolo go lemoga gore le bone taelo eno e a ba ama, mme ba “dinku tse dingwe” ba kopanela mmogo le bone ka boitumelo mo tirong eno.—Johane 10:16.

3. Fa batho ba botsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela masetlapelo?,” re ka ba thusa jang?

3 Fa batho ba welwa ke masetlapelo mme ba utlwa botlhoko thata, gantsi ba botsa jaana, “Ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela masetlapelo a a ntseng jaana gore a direge?” Baebele e araba potso eo sentle. Le fa go ntse jalo, go ka nna ga tsaya nako gore motho yo o iseng a ithute Baebele a tlhaloganye karabo ka botlalo. Dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa di ka thusa. * Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ile ba gomodiwa fela ke go bona temana e e mo Baebeleng e e jaaka Isaia 61:1, 2, e re ka e bolela gore Modimo o rata gore batho ba gomodiwe.

4. Mosupi mongwe wa kwa Poland o ne a kgona jang go thusa mosetsana mongwe wa sekolo yo o neng a tshwenyegile, mme maitemogelo ao a ka go thusa jang gore o kgone go thusa ba bangwe?

4 Basha mmogo le bagolo ba tlhoka kgomotso. Mosha mongwe wa kwa Poland yo o tshwenyegileng mo maikutlong o ne a kopa tsala nngwe ya gagwe gore e mo neye kgakololo. Fa tsala eo e e leng Mosupi wa ga Jehofa, e sena go mmotsa gore bothata ke eng, e ne ya lemoga gore mosetsana yoo o ne a tshwentswe thata ke dipotso le dipelaelo tseno: “Ke ka ntlha yang fa go na le bosula jo bontsi jaana? Ke ka ntlha yang fa batho ba boga? Ke ka ntlha yang fa nnake yo o suleng mhama a boga? Ke ka ntlha yang fa ke na le bolwetse jwa pelo? Kereke ya re Modimo o batla gore go nne fela jalo. Mme fa e le gore go ntse jalo, ga ke tlhole ke tla dumela mo go ene!” Mosupi yoo o ne a rapela Jehofa mo pelong a bo a re: “Ke itumelela go bo o mpoditse ka seno. Ke tla leka go go thusa.” O ne a mmolelela gore le ene o ne a na le dipelaelo fa a sa ntse a le ngwana mme Basupi ba ga Jehofa ba ne ba mo thusa. O ne a re: “Ke ne ka ithuta gore Modimo ga a dire gore batho ba boge. O a ba rata, o batla gore ba diragalelwe ke dilo tse di molemo, mme go ise go ye kae o tla dira diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng. Bolwetse, mathata a botsofe, le loso di tla bo di fedile, mme batho ba ba kutlo ba tla tshelela ruri—teng mo lefatsheng.” O ne a bontsha mosetsana yoo Tshenolo 21:3, 4; Jobe 33:25; Isaia 35:5-7 le 65:21-25. Fa ba sena go tlotla ka boleele, mosetsana yoo o ne a bua jaana a nametsegile: “Jaanong botshelo jwa me bo na le bokao. A nka tla kwa go wena gape?” O ne a tshwarelwa thuto ya Baebele gabedi ka beke.

Gomotsa ka Kgomotso e e Tswang Kwa Modimong

5. Fa re bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko, ke eng se tota se ka ba gomotsang?

5 Fa re batla go gomotsa ba bangwe, go ka nna molemo gore re dirise mafoko a kutlwelobotlhoko. Re leka go bontsha motho yo o hutsafetseng gore re amegile thata ka seemo sa gagwe, re dira jalo ka se re se buang le ka tsela e re buang ka yone. Re ka se ka ra dira jalo ka go bua mafoko fela a a se nang bokao. Baebele e re bolelela gore “ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re [ka nna] le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Ka jalo, re ka tlhalosetsa motho ka nako e e tshwanetseng gore Bogosi Jwa Modimo ke eng re bo re mmontshe mo Baebeleng gore bo tla rarabolola jang mathata a a leng teng gone jaanong. Go tswa foo re ka tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa tsholofelo eo e le e e ka ikanngwang. Fa re dira jalo, re tla kgona go gomotsa ba bangwe.

6. Re tshwanetse ra thusa batho go tlhaloganya eng gore ba solegelwe molemo thata ke kgomotso e e mo Dikwalong?

6 E le gore motho a tle a solegelwe molemo thata ke kgomotso e re mo e nayang, o tshwanetse a bo a itse Modimo wa boammaaruri, gore ke Motho wa mofuta mang le gore ditsholofetso tsa gagwe di ka ikanngwa. Fa re batla go thusa motho yo o iseng a nne moobamedi wa ga Jehofa, go molemo go tlhalosa dintlha tse di latelang. (1) Kgomotso e e mo Baebeleng e tswa kwa go Jehofa, Modimo wa boammaaruri. (2) Jehofa ke Mothatayotlhe, Mmopi wa legodimo le lefatshe. Ke Modimo yo o lorato e bile o tletse bopelonomi jwa lorato le boammaaruri. (3) Re ka newa maatla gore re kgone go itshokela mathata fa re atamalana le Modimo ka go bona kitso e e tlhomameng mo Lefokong la gagwe. (4) Baebele e na le ditemana tse di amanang le diteko tse batho ba ba farologaneng ba lebanang le tsone.

7. (a) Re ka fitlhelela eng ka go gatelela gore kgomotso e e tswang kwa Modimong “e tota ka Keresete”? (b) O ka gomotsa jang motho yo o lemogang gore boitshwaro jwa gagwe bo ntse bo le bosula?

7 Bangwe ba ile ba kgothatsa semoyeng batho ba ba hutsafetseng ba ba tlwaelaneng le Baebele ka go ba balela 2 Bakorintha 1:3-7. Fa ba ntse ba e bala, ba ne ba gatelela mafoko a a reng “kgomotso e re e bonang le yone e tota ka Keresete.” Temana eno e ka thusa motho go lemoga gore Baebele e a gomotsa mme o tshwanetse go e sekaseka thata. Gape ba ka tsweledisa pele motlotlo wa bone, gongwe e le ka makgetlho a mangwe moragonyana. Fa motho a akanya gore mathata a gagwe a bakwa ke dilo dingwe tse di bosula tse a di dirileng, re ka nna ra mmolelela re sa mo tshwaye phoso gore go a gomotsa go itse se se kwadilweng mo go 1 Johane 2:1, 2 le mo go Pesalema 103:11-14. Ka go dira jalo ruri re ka gomotsa ba bangwe ka kgomotso e e tswang kwa Modimong.

Go Gomotsa ba ba Lebaneng le Ntwa le Mathata a Itsholelo

8, 9. Batho ba ba ileng ba boga ka ntlha ya thubakanyo ba ka gomodiwa sentle jang?

8 Batho ba le bantsintsi ba amilwe thata ke bokebekwa jwa mo ba nnang teng kgotsa ke ntwa. Re ka ba gomotsa jang?

9 Bakeresete ba boammaaruri ba nna kelotlhoko thata gore ba se ka ba tsaya letlhakore lepe mo dintweng tsa lefatshe ka se ba se buang kgotsa se ba se dirang. (Johane 17:16) Mme ba dirisa Baebele sentle go bontsha gore maemo a a botlhoko a a leng teng gompieno ga a kitla a nnela ruri. Ba ka nna ba bala Pesalema 11:5 go bontsha kafa Jehofa a ikutlwang ka teng ka batho ba ba ratang thubakanyo kgotsa Pesalema 37:1-4 go bontsha gore Modimo o re kgothaletsa gore re se ka ra ipusolosetsa mme re ikanye ene. Mafoko a Pesalema 72:12-14 a bontsha kafa Solomone yo Mogolwane, Jesu Keresete, yo jaanong a busang e le Kgosi kwa legodimong a ikutlwang ka teng ka batho ba ba se nang molato ba ba bogang ka ntlha ya thubakanyo.

10. Fa e le gore o kile wa tshelela mo dintweng ka dingwaga di le dintsi, ditemana tse di umakilweng fa godimo di ka go gomotsa jang?

10 Batho bangwe ba ile ba tshelela mo dintweng tse dintsi fa matlhakore a a lwantshanang a ntse a lwela go laola. Ba setse ba tsaya fela gore ntwa le ditlamorago tsa yone ke karolo ya botshelo. Ba bona kgoro ya botso e le fela gore ba tshabele kwa nageng e sele. Mme bontsi jwa bone ga ba ke ba kgona go dira jalo, mme ba le mmalwa ba ba ileng ba leka go go dira ba ne ba swa. Ba ba kgonang go tsena kwa nageng e nngwe ba fitlhela gore ba tlogetse mathata a mangwe mme ba tsena mo go a mangwe. Pesalema 146:3-6 e ka dirisiwa go thusa batho bano gore ba ikanye sengwe se se botoka go na le go fudugela kwa nageng e sele. Boporofeti jo bo mo go Mathaio 24:3, 7, 14 kgotsa 2 Timotheo 3:1-5 bo ka ba thusa go tlhaloganya seemo botoka le bokao jwa maemo a ba a itshoketseng, e leng gore re tshela mo bofelong jwa tsamaiso e kgologolo ya dilo. Ditemana tse di jaaka Pesalema 46:1-3, 8, 9 le Isaia 2:2-4 di ka ba thusa go lemoga gore ruri re ka solofela gore go tla nna le isagwe e e nang le kagiso.

11. Mosadi mongwe wa kwa Afrika Bophirima o ne a gomodiwa ke ditemana dife, mme ka ntlha yang?

11 Fa go ne go na le ntwa e e tsayang nako e telele kwa Afrika Bophirima, mosadi mongwe o ne a tshaba kwa legaeng la gagwe marumo a fofa fa godimo ga tlhogo ya gagwe. O ne a tshelela mo poifong, a nna a hutsafetse e bile a kgobegile marapo ka tsela e e utlwisang botlhoko. Moragonyana, fa lelapa la gagwe le ne le nna kwa nageng e sele, monna wa gagwe o ne a fisa setlankana sa bone sa lenyalo mme a mo leleka le fa a ne a le moimana mmogo le morwa wa bone wa dingwaga tse di lesome mme ene a nna moruti. Fa a sena go balelwa Bafilipi 4:6, 7 le Pesalema 55:22 le ditlhogo tse di theilweng mo Dikwalong tsa makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang!, e ne ya nna gone a gomotsegang mme botshelo jwa gagwe jwa nna le bokao.

12. (a) Dikwalo di gomotsa jang batho ba ba nang le mathata a ikonomi? (b) Mosupi mongwe wa kwa Asia o ne a kgona go thusa moreki jang?

12 Mathata a ikonomi a ile a ama matshelo a batho ba le bantsi ka tsela e e setlhogo. Ka dinako tse dingwe seno se bakwa ke ntwa le ditlamorago tsa yone. Mo makgetlhong a mangwe, batho ba ile ba latlhegelwa ke madi otlhe a ba a bolokileng mme bangwe ba tseelwa dithoto tsa bone ka ntlha ya dithulaganyo tsa puso tse di sa siamang, le go nna pelotshetlha le go sa ikanyege ga batho ba ba nang le taolo. Ba bangwe ga ba ise ba ko ba nne le dilo tse dintsi tsa lefatshe leno. Batho bano botlhe ba ka gomodiwa ke go itse gore Modimo o solofetsa gore o tla golola botlhe ba ba mo ikanyang, e bile o re tlhomamisetsa gore go tla nna le lefatshe la tshiamo le mo go lone batho ba tla itumelelang tiro ya diatla tsa bone. (Pesalema 146:6, 7; Isaia 65:17, 21-23; 2 Petere 3:13) Fa Mosupi mongwe kwa nageng nngwe ya kwa Asia a ne a utlwa moreki mongwe a bolela kafa a tshwenyegileng ka teng ka seemo sa ikonomi sa koo, o ne a tlhalosa gore se se neng se direga koo ke karolo ya ditiragalo tse di diregang mo lefatsheng lotlhe. Go tlotla ga bone ka Mathaio 24:3-14 le Pesalema 37:9-11 go ile ga felela ka gore ba simolole go ithuta Baebele ka metlha.

13. (a) Fa batho ba swabisitswe ke ditsholofetso tsa maaka, re ka dirisa Baebele jang go ba thusa? (b) Fa batho ba akanya gore maemo a a bosula ke bosupi jwa gore ga go na Modimo, o ka leka go ba thusa jang?

13 Fa batho ba ile ba boga ka dingwaga di le dintsi kgotsa ba swabisitswe ke ditsholofetso tsa maaka, ba ka nna ba tshwana le Baiseraele ba ba neng ba le kwa Egepeto ba “ka ntlha ya go kgobega marapo” ba neng ba se ka ba reetsa. (Ekesodo 6:9) Mo mabakeng a a ntseng jalo, go ka nna molemo go ba bontsha ditsela tse Baebele e ka ba thusang ka tsone go itshokela mathata a ba nang le one gone jaanong le kafa ba ka tilang ka teng diru tse di dirang gore batho ba le bantsi ba sulafalelwe ke botshelo go sa tlhokege. (1 Timotheo 4:8b) Bangwe ba ka nna ba tsaya gore maemo a a bosula a ba leng mo go one ke bosupi jwa gore ga go na Modimo kgotsa gore ga a amege ka bone. O ka nna wa tlotla le bone ka ditemana tse di tshwanelang go ba thusa go lemoga gore Modimo o naya batho thuso mme ba le bantsi ga ba e amogele.—Isaia 48:17, 18.

Go Gomotsa ba ba Tlhasetsweng ke Matsubutsubu le Dithoromo Tsa Lefatshe

14, 15. Fa batho ba le bantsi ba ne ba gamaregisitswe ke masetlapelo mangwe, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bontsha jang gore ba a amega?

14 Matsubutsubu, thoromo ya lefatshe, molelo kgotsa go thunya ga sengwe di ka baka masetlapelo. Go ka tswa go hutsafetse batho ba le bantsi. Ke eng se se ka dirwang go gomotsa batho ba ba falotseng?

15 Batho ba tlhoka go itse gore go na le mongwe yo o amegang ka bone. Morago ga tlhaselo ya borukhutlhi kwa nageng nngwe, batho ba le bantsi ba ne ba sala ba gamaregile. Bontsi jwa bone ba ne ba latlhegelwa ke ba malapa a bone, batho ba ba ba tlamelang mo lelapeng, ditsala, tiro kgotsa le fa e ka tswa e le eng se ba neng ba se ikantse. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba ya kwa bathong ba ba mo tikologong ya bone ba ba bontsha gore ba ba utlwela botlhoko ka tatlhegelo ya bone, ba bo ba ba gomotsa ka Baebele. Ba le bantsi ba ne ba anaanela tsela e ba amegang ka yone ka bone.

16. Fa lefelo lengwe le ne le welwa ke masetlapelo kwa El Salvador, ke ka ntlha yang fa Basupi ba mo lefelong leo ba ne ba nna le matswela a a molemo mo tirelong ya tshimo?

16 Kwa El Salvador morago ga thoromo ya lefatshe e e maatla ka 2001, seretse se ne sa gosomana mme sa bolaya batho ba le bantsi. Morwa wa dingwaga di le 25 wa Mosupi mongwe le bomonnawe kgarebe ya morwa yono ba le babedi ba ne ba swa. Mmaagwe lekawana leno le kgarebe ya lone ba ne ba tshwarega ka bonako mo tirelong ya tshimo. Ba le bantsi ba ne ba ba raya ba re Modimo ke ene yo o tsereng batho ba ba suleng kgotsa ba re e ne e le thato ya Modimo gore ba swe. Basupi bao ba ne ba nopola Diane 10:22 go bontsha gore Modimo ga a batle gore re utlwe botlhoko. Ba ne ba bala Baroma 5:12 go bontsha gore loso lo tlile ka boleo jwa motho e seng ka gore ke thato ya Modimo. Gape ba ile ba tlhalosa molaetsa wa kgomotso o o mo go Pesalema 34:18, Pesalema 37:29, Isaia 25:8 le Tshenolo 21:3, 4. Batho ba ne ba ba reetsa, segolobogolo ka gonne basadi ba babedi bano ba ne ba swetswe ke ba lelapa mo masetlapelong ao, mme ba ne ba simolola dithuto tse dintsi tsa Baebele.

17. Fa go na le masetlapelo, re ka thusa ka ditsela dife?

17 Fa go nna le masetlapelo, o ka nna wa kopana le mongwe yo o tlhokang thuso ka bonako. O ka nna wa tshwanelwa ke go bitsa ngaka, go thusa motho go ya kokelong, kgotsa go dira le fa e le eng fela se o ka se kgonang go thusa ka dijo le bonno. Ka 1998 fa go ne go na le masetlapelo a a ntseng jalo kwa Italy, mmegadikgang mongwe o ne a re Basupi ba ga Jehofa “ba tsaya kgato go thusa batho ba ba mo matshwenyegong, ba sa leba gore batho bao ke ba bodumedi bofe.” Mo mafelong a mangwe, ditiragalo tsa metlha ya bofelo tse di ileng tsa bolelelwa pele di dira gore batho ba boge thata. Mo mafelong ao, Basupi ba ga Jehofa ba tlhalosa boporofeti jwa Baebele, mme ba gomotsa batho ka molaetsa wa Baebele o o re tlhomamisetsang gore Bogosi Jwa Modimo bo tla tlisetsa batho polokesego ya mmatota.—Diane 1:33; Mika 4:4.

Go Gomotsa ba ba Tlhokafaletsweng ke Mongwe wa Lelapa

18-20. Fa go na le loso mo lelapeng, ke eng se o ka se buang kgotsa wa se dira go gomotsa ba ba swetsweng?

18 Letsatsi le letsatsi batho ba le bantsi ba hutsafadiwa ke go tlhokafalelwa ke mongwe yo ba mo ratang. O ka nna wa kopana le batho ba ba hutsafetseng fa o le mo bodireding jwa Bokeresete kgotsa fa o dira ditiro tse dingwe fela. Ke eng se o ka se buang kgotsa wa se dira go ba gomotsa?

19 A motho yoo o bonala a huduegile maikutlo? A mo ntlong go tletse ba losika ba ba hutsafetseng? Go ka tswa go na le dilo tse dintsi tse o batlang go di bua, mme go tlhokega gore o nne botlhale. (Moreri 3:1, 7) Gongwe go tla bo go siame fela gore o tshedise, o ba tlogelele kgatiso nngwe e e theilweng mo Baebeleng (boroutšhara, makasine, kgotsa pampitshana), mme o bo o ba tlhola morago ga malatsinyana go bona gore a go na le sengwe gape se o ka thusang ka sone. Ka nako e e tshwanetseng, ba kgothatse ka mafoko a a tswang mo Baebeleng. Seno se ka ba ritibatsa le go ba gomotsa. (Diane 16:24; 25:11) O ka se kgone go tsosa baswi, jaaka Jesu. Mme o ka kgona go ba bolelela se Baebele e se buang ka boemo jwa baswi, le fa eno e tla bo e se nako ya go ganetsa dikgopolo tsa bone tse di phoso. (Pesalema 146:4; Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4) O ka bala mmogo le bone ditsholofetso tse di mo Baebeleng malebana le tsogo. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) O ka nna wa ba tlhalosetsa se ditsholofetso tseno di se kayang, gongwe o dirisa pego e e mo Baebeleng ya mongwe yo o kileng a tsosiwa. (Luke 8:49-56; Johane 11:39-44) Gape o bue ka dinonofo tsa Modimo yo o lorato yo o re nayang tsholofelo e e ntseng jalo. (Jobe 14:14, 15; Johane 3:16) Tlhalosa kafa dithuto tseno di go thusitseng ka teng o bo o tlhalose lebaka la go bo o di ikanya.

20 Fa o laletsa motho yo o hutsafetseng kwa Holong ya Bogosi, o ka mo thusa gore a tlwaelane le batho ba ba ratang baagelani ba bone tota e bile ba itse go kgothatsana. Fa mosadi mongwe wa kwa Sweden a sena go ya kwa Holong ya Bogosi, o ne a bona gore ke sone se a neng a ntse a se batla botshelo jwa gagwe jotlhe.—Johane 13:35; 1 Bathesalonika 5:11.

21, 22. (a) Re tshwanetse ra dirang gore re gomotse ba bangwe? (b) O ka gomotsa jang motho yo o setseng a itse Dikwalo sentle?

21 Fa o itse gore motho mongwe o hutsafetse, e ka tswa e le mo phuthegong ya Bokeresete kgotsa kwa ntle, a ka dinako tse dingwe o ikutlwa o sa itse gore o reng kgotsa o direng? Lefoko la Segerika le gantsi le ranolwang go twe “kgomotso” mo Baebeleng tota le kaya “go biletsa mongwe fa go wena.” Go nna mogomotsi wa boammaaruri ke go ipha nako ya go nna le ba ba hutsafetseng.—Diane 17:17.

22 Go tweng fa motho yo o batlang go mo gomotsa a setse a itse se Baebele e se bolelang ka loso, thekololo le tsogo? Go nna teng fela ga tsala e e dumelang dilo tse le ene a di dumelang go ka mo gomotsa. Fa a batla go bua, reetsa ka kelotlhoko. O se ka wa akanya gore o tshwanetse go bua sengwe se setelele. Fa o bala ditemana, di tlhalose e le mafoko a Modimo a a lo nonotshang ka bobedi jwa lona. Bontsha kafa lona ka bobedi lo dumelang thata ka teng gore se se solofediwang mo ditemaneng tseno ruri se tla diragala. Fa o akanya ka bopelotlhomogi jwa Modimo o bo o tlhalosetsa ba bangwe dithuto tsa boammaaruri tse di mo Lefokong la Modimo, o ka thusa batho ba ba hutsafetseng gore ba gomodiwe le go nonotshiwa ke “Modimo wa kgomotso yotlhe,” Jehofa.—2 Bakorintha 1:3.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Bona dibuka tse di reng Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, kgaolo 8; Go Fetolana ka Dikwalo, ditsebe 91-95, 323-329; Is There a Creator Who Cares About You?, kgaolo 10; le boroutšhara jwa A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?

O ka Akgela Jang?

• Batho ba le bantsi ba akanya gore masetlapelo a bakwa ke mang, mme re ka ba thusa jang?

• Re ka dirang go thusa batho ba bangwe gore ba solegelwe molemo ka botlalo ke kgomotso e e mo Baebeleng?

• Ke maemo afe a a hutsafatsang batho ba le bantsi ba lefelo la lona mme o ka ba gomotsa jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Go bolelela ba bangwe molaetsa wa kgomotso ya mmatota fa ba le mo mathateng

[Motswedi wa Setshwantsho]

Refugee camp: UN PHOTO 186811/J. Isaac

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Motho a ka gomodiwa fela ke gore tsala ya gagwe e teng