Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Bangwe ba Boneng Dikarabo ka Teng

Kafa Bangwe ba Boneng Dikarabo ka Teng

Kafa Bangwe ba Boneng Dikarabo ka Teng

BATHO ba le dimilione ba a rapela. Bangwe ba tlhomamisega gore dithapelo tsa bone di a arabiwa. Bangwe ba ipotsa gore a dithapelo tsa bone di a tle di utlwiwe. Ba bangwe bone ba batla dikarabo mme ga ba ise ba ko ba akanye ka go bolelela Modimo dilo tse ba batlang go di itse ka go mo rapela.

Baebele e tlhalosa Modimo wa boammaaruri e le “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) Fa o rapela, a o tlhomamisega gore dithapelo tsa gago di ya kwa Modimong wa boammaaruri? A dithapelo tsa gago ke tse a tla di arabang?

Mo bathong ba le bantsi mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, karabo e nnile ee! Ba ile ba bona jang dikarabo? Ba ile ba ithuta eng?

Modimo ke Mang?

Morutabana mongwe wa kwa Portugal yo o neng a rutilwe ke baitlami le baruti, o ne a tlhoafetse mo tumelong ya gagwe. Fa kereke e ne e fetola le go tlogela dilo tse a neng a rutilwe gore di botlhokwa, o ne a tlhakana tlhogo. Go etela mafelo go ile ga dira gore a itse ka ditsela tsa kobamelo tsa kwa Botlhaba mme o ne a simolola go ipotsa gore a go na le Modimo yo o esi wa boammaaruri. Ene o tshwanetse go obamela jang? Fa a ne a botsa moruti wa gagwe ka dilo dingwe mo Baebeleng, moruti o ne a itlhokomolosa dipotso tsa gagwe mme seo se ile sa mo swabisa.

Kereke ya Katoliki e ne ya anamisa pampitshana mo motseng wa morutabana yono e tlhagisa batsenakereke gore ba se ka ba buisana le Basupi ba ga Jehofa. Mme o ne a nna a ntse a na le dipotso. Letsatsi lengwe fa Basupi ba mo etela, o ne a ba reetsa mme a kgatlhegela se a neng a se utlwa. E ne e le lekgetlho la ntlha a bua le bone.

Mosadi yono o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi gore a bone dikarabo tsa dipotso tsa gagwe tse dintsi. Beke le beke, o ne a na le dipotso tse dintsi tse a neng a batla go di ba botsa. O ne a batla go itse leina la Modimo, gore a go na le Modimo o le esi fela wa boammaaruri, gore a o amogela go dirisiwa ga ditshwantsho mo kobamelong le dilo tse dingwe tse dintsi. O ne a lemoga gore dikarabo tsotlhe tse a di bonang di tswa mo Baebeleng, ga se megopolo ya batho, mme se a neng a se ithuta se ne sa mo gakgamatsa sa bo sa mo itumedisa. Fa nako e ntse e tsamaya, dipotso tsa gagwe tse dintsi di ne tsa arabiwa. Gompieno, o obamela Jehofa ka moya le ka boammaaruri, jaaka Jesu Keresete a ne a bolela gore “baobamedi ba boammaaruri” ba tla dira.—Johane 4:23.

Kwa Sri Lanka, go na le lelapa le le neng le bala Baebele mmogo, mme ba sa bone dikarabo tsa dipotso tse dintsi tse ba neng ba batla go di itse. Le fa gone ba ne ba tlhoka thuso, moruti wa bone o ne a sa kgone go ba thusa. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etela lelapa leo mme ba ba tlogelela dibuka tsa Baebele tse di ka ba thusang. Moragonyana fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba naya ba lelapa leo dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa bone tsa Baebele, ba ne ba dumela go ithuta Baebele. Se ba neng ba se ithuta se ne sa ba kgatlha tota.

Le fa go ntse jalo, dilo tse mosadi wa teng a neng a di rutilwe kwa kerekeng fa a ne a sa ntse a le mmotlana di ne tsa dira gore a se ka a tsaya Rraagwe Jesu Keresete e le “Modimo yo o esi wa boammaaruri,” fela jaaka Jesu ka boene a buile. (Johane 17:1, 3) O ne a rutilwe gore Jesu o lekana le Rara le gore “masaitsiweng” ano ga a tshwanela go belaelwa. Ka gonne a ne a batla go itse e bile a tlaletswe, o ne a rapela Jehofa a dirisa leina la gagwe, mme a mo kopa gore a mmontshe gore Jesu ke mang. Go tswa foo o ne a bala ditemana tse di buang ka kgang eo ka kelotlhoko gape. (Johane 14:28; 17:21; 1 Bakorintha 8:5, 6) Go ne ga nna jaaka e kete o bulegile matlho fa jaanong a tlhaloganya sentle gore Jehofa—Mmopi wa legodimo le lefatshe e bile e le Rraagwe Jesu Keresete—ke Modimo wa boammaaruri.—Isaia 42:8; Jeremia 10:10-12.

Ke ka Ntlha Yang fa Batho ba Boga?

Jobe o ne a boga fela thata. Bana ba gagwe botlhe ba ne ba bolawa ke sefefo, mme o ne a sala a le mo lehumeng. Gape o ne a nna le bolwetse jo bo botlhoko a bo a tshwanelwa ke go itshokela kgatelelo ya ditsala tsa maaka. Fa Jobe a ntse a diragalelwa ke dilo tseno tsotlhe, o ne a bua fela a sa akanye. (Jobe 6:3) Mme Modimo o ne a akanyetsa maemo a a neng a le mo go one. (Jobe 35:15) O ne a itse se se neng se le mo pelong ya ga Jobe mme a mo naya kgakololo e a e tlhokang. Le gompieno o direla batho jalo.

Kwa Mozambique, Castro o ne a na le dingwaga di le lesome fela fa mmaagwe a swa. O ne a kgobegile marapo. O ne a botsa gore: “Ke eng fa a ne a swa a re tlogela?” Le fa a ne a godisitswe ke batsadi ba ba boifang Modimo, sengwe le sengwe se ne se mo tlhakanya tlhogo jaanong. Ke eng se se neng se tla ritibatsa mogopolo le pelo ya gagwe? O ne a gomotsega fa a bala Baebele e nnye ya Se-Chichewa a bo a tlotla ka yone le bomogolowe.

Fa nako e ntse e tsamaya, Castro o ne a simolola go tlhaloganya gore mmaagwe o sule ka ntlha ya bosaitekanelang jo a bo ruileng, e seng ka go bo Modimo a se na tshiamiso. (Baroma 5:12; 6:23) Tsholofetso ya Baebele ya gore go tla nna le tsogo ya baswi e ne ya mo gomotsa thata ka gonne e ne ya dira gore a nne le lebaka la go tshepa gore o tla boa a bone mmaagwe gape. (Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15) Ka maswabi, dingwaga di le nnè fela moragonyana ga moo, rraagwe o ne a swa. Mme mo lekgetlhong leno Castro o ne a kgona go lebana botoka le tatlhegelo ya gagwe. Gompieno o rata Jehofa e bile o dirisa botshelo jwa gagwe mo tirelong ya Modimo. Batho botlhe ba ba mo itseng ba kgona go bona gore o itumetse.

Batho ba le bantsi ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone ba gomodiwa ke jone boammaaruri jwa Baebele jo bo ileng jwa gomotsa Castro. Batho bangwe ba ba ileng ba lebana le mathata a magolo ka ntlha ya ditiro tsa batho ba ba boikepo ba botsa jaana jaaka Jobe a ile a botsa: “Ke ka ntlha yang fa baikepi ba tswelela ba tshela?” (Jobe 21:7) Fa batho ba reetsa sentle se Modimo a se bolelang fa a araba mo Lefokong la gagwe, ba ithuta gore tsela e Modimo a dirang dilo ka yone e ba solegela molemo.—2 Petere 3:9.

Barbara, yo o godisitsweng kwa United States, ga a ka a amiwa ke masetlapelo a ntwa ka boone. Le fa go ntse jalo, o ne a gola ka nako ya fa ntwa e ntse e tsweletse. Bosetlhogo jo bo feteletseng jwa ntwa e ne e le selo se se begwang letsatsi le letsatsi mo dikgannyeng. Fa a ntse a ithuta kwa sekolong o ne a tlhakanngwa tlhogo ke go ithuta ka ditiragalo tsa hisitori tse di neng di direga ka ditsela tse di neng di bonala di sa kgone go bonelwa pele. Seno se ne se bakiwa ke eng? A Modimo o ne a amega ka se se neng se direga? O ne a dumela gore Modimo o teng mme o ne a na le maikutlo a a tlhakatlhakaneng ka ene.

Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya tsela e Barbara a lebang botshelo ka yone e ne ya fetoga fa a sena go kopana le Basupi ba ga Jehofa. O ne a ba reetsa a bo a ithuta Baebele le bone. O ne a nna teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. O bile a nna teng kwa go nngwe ya dikopano tsa bone tse dikgolo. Mo godimo ga moo, fa a ne a botsa dipotso, o ne a lemoga gore Basupi ba ba farologaneng ba ne ba sa mo neye dikarabo tse di sa tshwaneng. Mo boemong jwa moo, Basupi ba ne ba bua dilo tse di tshwanang ka gonne tsela e ba akanyang ka yone e theilwe mo Baebeleng.

Basupi ba ne ba mmontsha go tswa mo Baebeleng gore lefatshe le laolwa ke Satane Diabolo, yo e leng mmusi wa lone le gore le na le moya wa gagwe. (Johane 14:30; 2 Bakorintha 4:4; Baefeso 2:1-3; 1 Johane 5:19) Ba ne ba tlhalosa gore ditiragalo tse di neng di tlhakanya Barbara tlhogo di ne di boleletswe pele mo Baebeleng. (Daniele, kgaolo 2, 7 le 8) Modimo o ne a di boleletse pele ka gonne o kgona go bonela isagwe pele fa a batla go dira jalo. Modimo ke ene a dirileng gore dingwe tsa ditiragalo tseo di direge. Dingwe tsa tsone o ne a di letla fela gore di direge. Basupi ba ne ba bontsha Barbara gore gape Baebele e bolelela pele dilo tse di siameng le tse di sa siamang tse di tla diragalang mo motlheng wa rona e bile e tlhalosa se di se kayang. (Mathaio 24:3-14) Ba ne ba mmontsha ditsholofetso tse di mo Baebeleng tse di buang ka lefatshe le lesha le mo go lone go tla nnang le tshiamo mme go boga e le selo sa nako e e fetileng.—2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4.

Fa nako e ntse e tsamaya, Barbara o ne a simolola go tlhaloganya gore le fa Jehofa Modimo e se ene a dirang gore batho ba boge, ga a thibele batho go boga ka go ba pateletsa gore ba utlwe ditaelo tsa gagwe fa ba sa batle. (Duteronome 30:19, 20) Modimo o rulaganyeditse gore re tshelele ruri ka boitumelo mme o re naya sebaka gone jaanong gore re itshupe gore a re tla tshela go ya ka ditsela tsa gagwe tse di siameng. (Tshenolo 14:6, 7) Barbara o ne a ikemisetsa go ithuta ka melao ya Modimo le go tshela ka yone. Gape mo Basuping ba ga Jehofa o ne a bona lorato lo Jesu a neng a re lo tla tlhaola balatedi ba gagwe ba boammaaruri.—Johane 13:34, 35.

Le wena o ka solegelwa molemo ke dilo tse di mo thusitseng.

Botshelo jo bo Nang le Bokao

Batho ba botshelo jwa bone bo lebegang bo tsamaya sentle le bone ba ka nna ba batla dikarabo tsa dipotso tse di ba tlhakanyang tlhogo. Ka sekai, Matthew, lekawana lengwe la kwa Boritane, o ne a sa bolo go eletsa botshelo jwa gagwe jotlhe go itse Modimo wa boammaaruri le go bona gore bokao jwa botshelo ke eng. Rraagwe Matthew o ne a tlhokafala fa Matthew a ne a na le dingwaga di le 17. Morago ga moo, Matthew o ne a nna le dikirii ya yunibesithi ya mmino. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a lemoga sentle gore mokgwa wa gagwe wa go rata dilo tse di bonalang ga o na mosola. O ne a tswa kwa gae a ya go nna kwa Lontone mme fa a le koo o ne a dirisa diokobatsi, a tsamaya ditlelapa tsa bosigo, a dirisa tepodinaledi, a dirisa tirisabadimo, a bo a tsena sekolo sa Bobuda sa Zen mme a dirisa le difilosofi tse dingwe—mme seo sotlhe o ne a se dira ka gonne a batla go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang. Fa a sena go itlhoboga o ne a rapela Modimo gore a mo thuse go bona boammaaruri.

Malatsi a le mabedi morago ga moo Matthew o ne a kopana le tsala nngwe ya gagwe ya bogologolo mme a mo tlhalosetsa mathata a a nang le one. Monna yono o ne a kile a ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Fa Matthew a ne a bontshiwa 2 Timotheo 3:1-5, o ne a gakgamadiwa ke go bona kafa Baebele e tlhalosang sentle ka teng lefatshe le re tshelang mo go lone. Fa a ne a bala Thero ya mo Thabeng, e ne ya mo ama pelo. (Mathaio, kgaolo 5-7) La ntlha o ne a okaoka ka gonne o ne a badile dilo dingwe tse di neng di sa bue sentle ka Basupi ba ga Jehofa, mme kwa bofelong o ne a dira tshwetso ya go ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi e e gaufi.

Matthew o ne a itumelela se a neng a se utlwa mme o ne a simolola go ithuta Baebele le mongwe wa bagolwane ba phuthego. Go ise go ye kae o ne a lemoga gore se a neng a se ithuta ke sone se a neng a ntse a se batla, e ne e le karabo ya thapelo e a neng a e rapetse Modimo pelenyana. O ne a simolola go bona melemo fa a ne a tlogela mekgwa e e sa itumediseng Jehofa. Fa a ntse a leka go boifa Modimo ka tsela e e siameng, seo se ne sa mo tlhotlheletsa go dira gore botshelo jwa gagwe bo tsamaisane le ditaelo tsa Modimo. Matthew o ne a ithuta gore botshelo jo bo ntseng jalo bo na le bokao jwa mmatota.—Moreri 12:13.

Go ne go sa laolelwa e sa le gale gore Matthew kgotsa ba bangwe ba ba umakilweng mo setlhogong seno ba tla bona botshelo jo bo kgotsofatsang. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ithuta gore Jehofa Modimo o na le boikaelelo jo bo lorato jo bo amang botlhe ba ka boitumelo ba tlhophang go utlwa ditaelo tsa gagwe. (Ditiro 10:34, 35) Boikaelelo joo bo akaretsa botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le se nang ntwa, le mo go lone go se kitlang go nna le bolwetse, tlala—le fa e le loso. (Isaia 2:4; 25:6-8; 33:24; Johane 3:16) A seo ke se o se batlang? Fa e le gore go ntse jalo, o ka ithuta mo go oketsegileng malebana le kafa o ka bonang ka teng tsela e e molemolemo ya go bona botshelo jo bo kgotsofatsang ka go nna teng kwa dipokanong tse di theilweng mo Baebeleng kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. O lalediwa ka lorato gore o dire jalo.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Rapela Modimo ka tlhoafalo, o dirisa leina la gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ithute Baebele le batho ba ba rutang se se leng mo go yone

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Nna teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Hiker: Chad Ehlers/Index Stock Photography