Kgomotso ya Boammaaruri e ka Bonwa Kae?
Kgomotso ya Boammaaruri e ka Bonwa Kae?
‘Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete o re gomotsa mo pitlaganong yotlhe ya rona.’—2 BAKORINTHA 1:3, 4.
1. Ke maemo afe a a ka dirang gore batho ba ikutlwe ba tlhoka kgomotso thata?
BOLWETSE jo bo dirang motho sekoa bo ka dira gore a ikutlwe e kete botshelo jwa gagwe bo ka se tlhole bo siama gape. Batho ba sala e le bahumanegi morago ga dithoromo tsa lefatshe, dipula tsa matlakadibe le mauba. Dintwa di ka bolaya bangwe mo lapeng, tsa senya matlo kgotsa tsa dira gore beng ba magae ba tshabe ba tlogele dithoto tsa bone. Go tlhaela ga tshiamiso go ka dira gore batho ba akanye gore ga go na gope kwa ba ka bonang tharabololo ya mathata a bone gone. Batho ba ba nang le mathata a a ntseng jaana ba tlhoka kgomotso tota. E ka bonwa kae?
2. Ke ka ntlha yang fa kgomotso e e newang ke Jehofa e sa tshwane le epe e sele?
2 Batho bangwe le mekgatlho mengwe ba leka go gomotsa. Batho ba anaanela mafoko a bopelontle. Maiteko a namolo a thusa go naya batho dilo tse ba di tlhokang ka nako eo fela. Mme ke Jehofa fela, Modimo wa boammaaruri, yo o ka dirololang tshenyo e e dirilweng, mme a thusa ka tsela e e ka dirang gore masetlapelo ao a se ka a tlhola a diragala gape. Baebele e bolela jaana kaga gagwe: “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rara wa mautlwelobotlhoko a manana le Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re kgone go gomotsa ba ba leng mo mofuteng ofe fela wa pitlagano ka kgomotso e rona ka borona re gomodiwang ka yone ke Modimo.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Jehofa o re gomotsa jang?
Go Fedisa se se Bakang Mathata
3. Kgomotso e re e newang ke Modimo e fedisa jang se se bakang mathata a batho?
3 Batho botlhe mo lefatsheng ba ruile go sa itekanelang ka ntlha ya boleo jwa ga Adame, mme seo se dira gore go nne le mathata a mantsi a kgabagare a felelang ka loso. (Baroma 5:12) Seemo seno se dirwa maswe le go feta ke gore Satane Diabolo ke “mmusi wa lefatshe leno.” (Johane 12:31; 1 Johane 5:19) Fa Jehofa a bona seemo se se botlhoko se batho ba leng mo go sone, ga a ka a hutsafala fela. O ne a romela Morwawe e le thekololo gore a tle go re golola, a ba a re bolelela gore re ka dira gore ditlamorago tsa boleo jwa ga Adame di se ka tsa re ama fa re dumela mo go Morwawe. (Johane 3:16; 1 Johane 4:10) Modimo gape o ne a bolelela pele gore Jesu Keresete, yo o neilweng taolo yotlhe kwa legodimong le mo lefatsheng, o tla senya Satane le tsamaiso yotlhe ya gagwe e e boikepo ya dilo.—Mathaio 28:18; 1 Johane 3:8; Tshenolo 6:2; 20:10.
4. (a) Jehofa o re neile eng go nonotsha tumelo e re nang le yone mo ditsholofetsong tsa gagwe tsa gore o tla re namola? (b) Jehofa o re thusa jang go lemoga gore re tla gololwa leng?
4 Modimo o nonotshitse tumelo ya rona mo ditsholofetsong tsa gagwe ka go dira gore go kwalwe bosupi jo bo lekaneng jwa gore sengwe le sengwe se a se bolelelang pele se a diragala. (Joshua 23:14) Mo Baebeleng o akareditse pego ya se a neng a se dira go golola batlhanka ba gagwe fa ba ne ba le mo mathateng a batho ba neng ba bona a ka se rarabologe. (Ekesodo 14:4-31; 2 Dikgosi 18:13–19:37) Mme Jehofa o ne a dirisa Jesu Keresete go bontsha gore boikaelelo jwa gagwe bo akaretsa go fodisa “bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe” mo bathong le gone go tsosa baswi tota. (Mathaio 9:35; 11:3-6) Seno sotlhe se tla diragala leng? Baebele e araba ka go tlhalosa metlha ya bofelo ya tsamaiso eno e kgologolo, e e tlang pele ga magodimo a masha le lefatshe le lesha tsa Modimo. Se Jesu a neng a se tlhalosa se a diragala mo metlheng e re tshelang mo go yone.—Mathaio 24:3-14; 2 Timotheo 3:1-5.
Go Gomotsa Batho ba ba mo Mathateng
5. Fa Jehofa a ne a gomotsa Baiseraele ba bogologolo, o ne a ba tlhokomedisa eng?
5 Fa re tlhatlhoba tsela e Jehofa a neng a dirisana ka yone le batho ba Iseraele wa bogologolo, re bona kafa a neng a ba gomotsa ka teng fa ba ne ba le mo mathateng. O ne a ba gakolola gore ke Modimo wa mofuta mang. Seno se ne sa nonotsha tumelo ya bone mo dilong tse a neng a di solofeditse. Jehofa o ne a dira gore baporofeti ba gagwe ba bontshe pharologanyo sentle fa gare ga gagwe e le Modimo yo o tshelang wa boammaaruri le medingwana, e e neng e ka se ka ya ithusa le fa e le go thusa baobamedi ba yone. (Isaia 41:10; 46:1; Jeremia 10:2-15) Fa Jehofa a ne a raya Isaia a re, “Gomotsang, gomotsang batho ba me,” o ne a tlhotlheletsa moporofeti wa gagwe go dirisa ditshwantsho le ditlhaloso tsa ditiro tsa Gagwe tsa popo go gatelela bogolo jwa ga Jehofa jaaka e le ene fela Modimo wa boammaaruri.—Isaia 40:1-31.
6. Ka dinako tse dingwe Jehofa o ne a bontsha jang gore o ne a tla golola batho ba gagwe leng?
6 Gangwe le gape, Jehofa o ne a gomotsa batho ba gagwe ka go ba naya nako e e rileng, e ka tswa e le gaufi kgotsa e le kgakala, e ba neng ba tla gololwa ka yone. Fa nako ya gore ba gololwe kwa Egepeto e ntse e atamela, o ne a raya Baiseraele ba ba gateletsweng a re: “Ke tlile go tlisetsa Faro le Egepeto petso e nngwe gape. Morago ga moo o tla lo lesa lo tsamaya lo tswa fano.” (Ekesodo 11:1) Fa Juda a ne a tlhaselwa ke ditšhaba tse tharo tse di neng di itirile seoposengwe mo metlheng ya ga Kgosi Jehoshafate, Jehofa o ne a ba bolelela gore o ne a tla ba golola “ka moso.” (2 Ditiragalo 20:1-4, 14-17) Ka fa letlhakoreng le lengwe, Isaia o ne a kwala kaga go gololwa ga bone mo Babelona dingwaga di le 200 pele go diragala, mme ditlhaloso tse dingwe tsa gone di ne tsa newa go dirisiwa Jeremia dingwaga di ka nna lekgolo pele ba gololwa. A bo dipolelelopele tseno di ne di kgothatsa batlhanka ba Modimo jang ne fa nako ya gore ba gololwe e ntse a atamela!—Isaia 44:26–45:3; Jeremia 25:11-14.
7. Ke eng se gantsi se neng se akarediwa mo ditsholofetsong tsa kgololo, mme seno se ne sa ama batho ba ba ikanyegang ba kwa Iseraele jang?
7 Go a kgatlha go lemoga gore ditsholofetso tse di neng di gomotsa batho ba Modimo gantsi di ne di bua kaga Mesia. (Isaia 53:1-12) Fa dikokomana di ntse di feta, seno se ne sa dira gore batho ba ba ikanyegang ba nne le tsholofelo fa ba ntse ba lebana le diteko tse dintsintsi. Re bala jaana mo go Luke 2:25: “Bona! go ne go na le monna mongwe kwa Jerusalema yo o neng a bidiwa Simeone, mme monna yono o ne a siame e bile a na le poifo ya bomodimo, a letetse kgomotso ya Iseraele [ke gore, go tla ga ga Mesia], e bile moya o o boitshepo o ne o le mo go ene.” Simeone o ne a itse ka tsholofetso ya go tla ga ga Mesia e e neng e le mo Dikwalong mme tebelelo ya gore e tla diragala e ne e tlhotlheletsa tsela e a neng a tshela ka yone. O ne a sa tlhaloganye gore e ne e tla diragadiwa jang, mme ga a ka a tshela go fitlha a bona poloko e e neng e boleletswe pele e diragala. Le fa go ntse jalo, o ne a itumela fa a ne a kgona go itse Ene yo e neng e tla nna ‘tsela ya Modimo ya go boloka.’—Luke 2:30.
Kgomotso ka Keresete
8. Thuso e Jesu a neng a e naya e ne e farologana jang le e batho ba le bantsi ba neng ba akanya gore ba a e tlhoka?
8 Fa Jesu Keresete a ntse a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, ga se ka metlha a neng a thusa batho ka se ba neng ba akanya gore ba a se tlhoka. Bangwe ba ne ba eletsa gore go nne le Mesia yo o tla ba gololang mo kgatelelong e e sa rategeng ya Roma. Mme Jesu o ne a sa tshegetse botsuolodi; o ne a ba raya a re ba ‘duele Kaesara dilo tsa ga Kaesara.’ (Mathaio 22:21) Boikaelelo jwa Modimo e ne e se fela go golola batho mo kgatelelong ya puso ya bopolotiki. Batho ba ne ba batla go dira Jesu kgosi, mme o ne a re o tla “ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28; Johane 6:15) E ne e ise e nne nako ya gore a dirwe kgosi, mme Jehofa ke ene a neng a tla mo naya taolo ya gore a buse, e seng boidiidi jwa batho ba ba sa itumelang.
9. (a) Jesu o ne a bolela molaetsa ofe wa kgomotso? (b) Jesu o ne a bontsha jang kafa molaetsa o amanang ka teng le maemo a batho ba neng ba lebane le one? (c) Bodiredi jwa ga Jesu bo ne bo tla thusa ka eng dingwaga moragonyana?
9 Kgomotso e Jesu a neng a e tlisa e ne e tla ka “dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” Ke one molaetsa o Jesu a neng a o bolela gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng. (Luke 4:43) O ne a gatelela kafa molaetsa ono o neng o amana ka teng le mathata a batho a letsatsi le letsatsi ka go bontsha se ene a neng a tla se direla batho e le Mmusi yo e leng Mesia. O ne a dira gore batho ba ba bogang ba boe ba itumelele botshelo gape ka go fodisa difofu le dimumu (Mathaio 12:22; Mareko 10:51, 52), ka go fodisa digole (Mareko 2:3-12), ka go fodisa Baiseraele ka ene ba ba nang le malwetse a a sa rategeng (Luke 5:12, 13), le ka go fodisa malwetse a mangwe a a botlhoko. (Mareko 5:25-29) O ne a gomotsa ba malapa a a hutsafetseng ka go tsosa bana ba bone mo baswing. (Luke 7:11-15; 8:49-56) O ne a bontsha gore o kgona go laola dipula tse di kotsi tsa matsubutsubu le go naya boidiidi jo bogolo jwa batho dijo tse ba di tlhokang. (Mareko 4:37-41; 8:2-9) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a ba ruta ditsela tsa go tshela tse di neng di ka ba thusa gore ba lebane sentle le mathata a ba nang le one le tse di neng di tla dira gore ba nne ba solofetse puso e e siameng ya ga Mesia. Ka gone se Jesu a neng a se dira mo bodireding jwa gagwe, se ne se sa gomotse fela batho ba ba neng ba mo reetsa ka tumelo, mme gape se ne se tla kgothatsa batho ka diketekete tsa dingwaga morago ga moo.
10. Ke eng se se ka kgonegang ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu?
10 Morago ga dingwaga tse di fetang 60 Jesu a sena go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo a bo a tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong, moaposetoloi Johane o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Bana ba me ba bannye, ke lo kwalela dilo tseno gore lo se ka lwa leofa. Mme le fa go ntse jalo, fa mongwe a leofa, re na le mothusi kwa go Rara, e bong Jesu Keresete, mosiami. Mme ene ke setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona, le fa go ntse jalo e seng sa a rona fela mme le sa a lefatshe lotlhe.” (1 Johane 2:1, 2) Re gomodiwa thata ke melemo ya setlhabelo se Jesu a se ntshitsheng e le motho yo o itekanetseng. Re a itse gore re ka itshwarelwa maleo, ra nna le segakolodi se se phepa, kamano e e siameng le Modimo e bile re ka tshelela ruri mo isagweng.—Johane 14:6; Baroma 6:23; Bahebera 9:24-28; 1 Petere 3:21.
Moya o o Boitshepo ke Mogomotsi
11. Pele ga loso lwa gagwe, Jesu o ne a solofetsa baaposetoloi ba gagwe thulaganyo efe gape ya go ba gomotsa?
11 Fa Jesu a ne a na le baaposetoloi ba gagwe mo bosigong jwa bofelo pele ga loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo, o ne a bua le bone ka thulaganyo e nngwe gape e Rraagwe yo o kwa legodimong a neng a e dirile go ba gomotsa. Jesu o ne a re: “Ke tla kopa Rara mme o tla lo naya mothusi [mogomotsi; Segerika, pa·raʹkle·tos] yo mongwe gore a nne le lona ka bosaengkae, e leng moya wa boammaaruri.” Jesu o ne a ba tlhomamisetsa jaana: “Mothusi, e leng moya o o boitshepo . . . o tla lo ruta dilo tsotlhe a bo a busetse mo megopolong ya lona dilo tsotlhe tse ke di lo boleletseng.” (Johane 14:16, 17, 26) Moya o o boitshepo o ne wa ba gomotsa jang?
12. Tsela e moya o o boitshepo o neng wa thusa barutwa ba ga Jesu go gopola dilo ka yone e ile ya thusa ba le bantsi jang go bona kgomotso?
12 Jesu o ne a rutile baaposetoloi tota. Ruri ba ne ba ka se ka ba lebala se se ba diragaletseng, a mme ba ne ba tla lebala se a se buileng? A ba ne ba tla lebala ditaelo tsa botlhokwa ka ntlha ya megopolo ya bone e e sa itekanelang? Jesu o ne a ba tlhomamiseditse gore moya o o boitshepo o ne o tla ‘busetsa mo megopolong ya bone dilo tsotlhe tse a di ba boleletseng.’ Ka jalo, dingwaga di ka nna robedi morago ga loso lwa ga Jesu, Mathaio o ne a kgona go kwala Efangele ya ntlha, e mo go yone a neng a kwala Thero ya ga Jesu e e itumedisang ya kwa Thabeng, ditshwantsho tsa gagwe tse dintsi tse di malebana le Bogosi le sesupo sa go nna gone ga gagwe se a neng a se tlhalosa ka botlalo. Dingwaga di feta 50 moragonyana, moaposetoloi Johane o ne a kgona go kwala pego e e ka ikanngwang, e e neng e na le dintlha tse di oketsegileng kaga malatsi a sekae a bofelo a botshelo jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng. A bo dipego tseno tse di tlhotlheleditsweng di ile tsa kgothatsa jang ne go tla go fitlha mo motlheng wa rona!
13. Moya o o boitshepo e ne e le morutisi jang mo Bakereseteng ba bogologolo?
13 Moya o o boitshepo ga o a ka wa gopotsa barutwa mafoko fela, gape o ne wa ba ruta le go ba kaela gore ba tlhaloganye boikaelelo jwa Modimo ka botlalo. Fa Jesu a ne a sa ntse a na le barutwa ba gagwe, o ne a ba bolelela dilo tse ba neng ba sa di tlhaloganye sentle ka nako eo. Le fa go ntse jalo, moragonyana Johane, Petere, Jakobe, Jude le Paulo ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo gore ba kwale ditlhaloso tsa dilo tse dingwe gape tse di tla diragalang mo boikaelelong jwa Modimo. Ka jalo moya o o boitshepo e ne e le morutisi, o naya barutwa tlhomamisetso e ba neng ba e tlhoka ya gore ba kaelwa ke Modimo.
14. Moya o o boitshepo o ne o thusa batho ba ga Jehofa ka ditsela dife?
14 Dimpho tsa moya tsa kgakgamatso le tsone di ne di thusa go bontsha gore Modimo o ne a sa tlhole a amogela Iseraele wa tlholego mme o ne a amogela phuthego ya Bokeresete. (Bahebera 2:4) Maungo a moya oo mo matshelong a batho le one a ne a le botlhokwa thata mo go tlhaoleng ba ruri e neng e le barutwa ba ga Jesu. (Johane 13:35; Bagalatia 5:22-24) Gape moya o ne o nonotsha maloko a phuthego eo gore e nne basupi ba ba pelokgale e bile ba se na poifo.—Ditiro 4:31.
Go Bona Thuso fa re Gateletswe Thata
15. (a) Bakeresete ba mo nakong e e fetileng le ba motlha wa gompieno ba ile ba lebana le dikgatelelo dife? (b) Ke ka ntlha yang fa batho ba ba kgothatsang ba bangwe le bone ba ka tlhoka go kgothadiwa ka dinako tse dingwe?
15 Batho botlhe ba ba ineetseng mo go Jehofa e bile ba ikanyega mo go ene ba tle ba bogisiwe ka tsela nngwe. (2 Timotheo 3:12) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba le bantsi ba ile ba bogisiwa ka tsela e e setlhogo fela thata. Mo metlheng ya gompieno, bangwe ba ile ba bogisiwa ke digopa tsa batho ba bo ba latlhelwa mo dikampeng tsa pogisetso, mo dikgolegelong le mo dikampeng tse go dirwang tiro e e bokete mo go tsone e bile ba tshwerwe setlhogo. Mebuso e setse e le yone e bogisang ka tlhamalalo, kgotsa e letleletse digopa tsa batho ba ba se nang molao gore ba dire ditiro tsa thubakanyo mme ba sa otlhaiwe. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba ile ba tshwarwa ke malwetse a a botlhoko kgotsa ba nna le mathata a a masisi a lelapa. Mokeresete yo o godileng yo o thusang badumedi ka ene ba le bantsi go lebana le mathata a bone, le ene a ka ikutlwa a gateletswe. Fa go ntse jalo, yo o kgothatsang ba bangwe le ene a ka tlhoka go kgothadiwa.
16. Fa Dafide a ne a gateletswe thata, o ne a thusiwa jang?
16 Fa Kgosi Saulo a ne a leleka Dafide a batla go mmolaya, Dafide o ne a leba kwa Modimong jaaka Mothusi wa gagwe. “Wena Modimo, utlwa thapelo ya me,” o ne a kopa jalo. “Ke tshabela mo moriting wa diphuka tsa gago.” (Pesalema 54:2, 4; 57:1) A Dafide o ne a thusiwa? Ee, o ne a thusiwa. Mo nakong eo, Jehofa o ne a dirisa moporofeti Gada le moperesiti Abiathare go kaela Dafide, mme o ne a dirisa Jonathane morwa Saulo go nonotsha lekawana leno. (1 Samuele 22:1, 5; 23:9-13, 16-18) Gape Jehofa o ne a letla Bafilisitia gore ba tlhasele naga eo, mme seo sa dira gore Saulo a tlogele go leleka Dafide.—1 Samuele 23:27, 28.
17. Fa Jesu a ne a gateletswe thata, o ne a batla thuso kae?
17 Jesu Keresete ka boene o ne a gateletswe thata fa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng bo ela bokhutlong. O ne a lemoga sentle kafa boitshwaro jwa gagwe bo neng bo tla ama leina la ga Rraagwe yo o kwa legodimong ka teng le kafa bo neng bo tla ama isagwe ya batho botlhe ka teng. O ne a rapela ka tlhoafalo a ba “a tsena mo botlhokong jo bo ngomolang pelo.” Modimo o ne a dira gore Jesu a thusiwe ka fa go neng go tlhokega ka gone mo nakong eo e e thata.—Luke 22:41-44.
18. Modimo o ne a gomotsa jang Bakeresete ba bogologolo ba ba neng ba bogisiwa setlhogo?
18 Fa phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga e sena go tlhomiwa, Bakeresete ba ne ba bogisiwa Bahebera 10:34; Baefeso 1:18-20) Fa ba ntse ba tswelela pele ba rera, ba ne ba bona bosupi jwa gore moya wa Modimo o ne o na le bone, le dilo tse di neng di ba diragalela le tsone di ne di dira gore ba itumele.—Mathaio 5:11, 12; Ditiro 8:1-40.
setlhogo thata mo e leng gore botlhe kwantle ga baaposetoloi ba ne ba phatlalala mo Jerusalema. Banna le basadi ba ne ba gogagogwa ba ntshiwa mo magaeng a bone. Modimo o ne a ba gomotsa jang? Ka go ba tlhomamisetsa ka Lefoko la gagwe gore ba ne ba na le “thuo e e botoka le e e nnelang ruri,” boswa jo bo tlhomameng kwa magodimong le Keresete. (19. Le fa Paulo a ne a bogisiwa mo go setlhogo, o ne a ikutlwa jang ka kgomotso e e tswang kwa Modimong?
19 Fa nako e ntse e ya, Saulo (Paulo), yo e neng e kile ya nna mmogisi yo o setlhogo, le ene o ne a bogisiwa ka gonne a ne a nna Mokeresete. Mo setlhaketlhakeng sa Kupero, go ne go na le moloi yo o neng a leka go kgoreletsa bodiredi jwa ga Paulo ka go dirisa tsietso le boferefere. Kwa Galatia, batho ba ne ba kgobotletsa Paulo ka maje mme ba mo tlogela ba akanya gore o sule. (Ditiro 13:8-10; 14:19) Kwa Makedonia o ne a itewa ka dithobane. (Ditiro 16:22, 23) Fa a sena go tlhaselwa ke segopa sa batho kwa Efeso, o ne a kwala jaana: “Re ne re le mo kgatelelong e kgolo e e fetang nonofo ya rona, mo re neng re sa tlhomamisege gotlhelele le ka matshelo a rona. Tota e bile, re ne re ikutlwa gore re ne re amogetse katlholo ya loso.” (2 Bakorintha 1:8, 9) Mme mo go lone lokwalo loo, Paulo o ne a kwala mafoko a a gomotsang a a nopotsweng mo serapeng sa bo2 sa setlhogo seno.—2 Bakorintha 1:3, 4.
20. Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?
20 O ka nna le seabe jang go naya ba bangwe kgomotso e e ntseng jalo? Go na le batho ba le bantsi mo motlheng wa rona ba ba e tlhokang fa ba le mo kutlobotlhokong, e ka tswa e le ka ntlha ya masetlapelo a a amang diketekete tsa batho, kgotsa ka ntlha ya bothata jo bo amang bone fela. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka kafa re ka gomotsang ba bangwe ka teng mo maemong ao ka bobedi.
A o A Gakologelwa?
• Ke ka ntlha yang fa kgomotso e e tswang kwa Modimong e le botlhokwa thata?
• Ke kgomotso efe e re e newang ka Keresete?
• Moya o o boitshepo o nnile mogomotsi jang?
• Naya dikai tsa kafa Modimo a neng a gomotsa batlhanka ba gagwe ka teng fa ba ne ba gateletswe thata.
[Dipotso Tsa Thuto]
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Baebele e bontsha gore Jehofa o ne a gomotsa batho ba gagwe ka go ba golola
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Jesu o ne a gomotsa ka go ruta, ka go fodisa le ka go tsosa baswi
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Jesu o ne a bona thuso go tswa kwa legodimong