Keresete o Bua le Diphuthego
Keresete o Bua le Diphuthego
“Tseno ke dilo tse a di buang yo o tshotseng dinaledi tse supa mo seatleng sa gagwe sa moja.”—TSHENOLO 2:1.
1, 2. Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela se Keresete a neng a se bolelela diphuthego tse supa tsa Asia Minor?
MORWA yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa, e bong Jesu, ke Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete. Keresete o supa botlhogo jwa gagwe ka go akgola le go kgalema phuthego ya balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng gore e nne e se na molato. (Baefeso 5:21-27) Dikai tsa seno di fitlhelwa mo go Tshenolo kgaolo 2 le 3, moo re utlwang melaetsa e e maatla le e e lorato e Jesu a neng a e kwalela diphuthego tse supa tsa Asia Minor.
2 Moaposetoloi Johane o ne a bontshiwa “letsatsi la Morena” mo ponatshegelong pele a utlwa se Jesu a neng a se bua le diphuthego tse supa. (Tshenolo 1:10) “Letsatsi” leo le simolotse fa Bogosi Jwa ga Mesia bo ne bo tlhongwa ka 1914. Ka jalo, se Keresete a neng a se bolelela diphuthego tseo se botlhokwa thata mo malatsing ano a bofelo. Tsela e a neng a di kgothatsa le go di gakolola ka yone e re thusa go lebana le dinako tseno tsa mathata.—2 Timotheo 3:1-5.
3. “Dinaledi,” “baengele,” le “ditlhomo tsa lobone tsa gouta” tse moaposetoloi Johane a di boneng di tshwantshetsa eng?
3 Johane o ne a bona Jesu Keresete yo o galaleditsweng yo o “tshotseng dinaledi tse supa mo seatleng sa gagwe sa moja” le yo o “tsamayang mo gare ga ditlhomo tsa lobone tsa gouta tse supa” kgotsa diphuthego. “Dinaledi” ke “baengele ba diphuthego tse supa.” (Tshenolo 1:20; 2:1) Ka dinako tse dingwe dinaledi di tshwantshetsa dibopiwa tsa moya tsa baengele, mme Keresete o ne a ka se ka a dirisa motho go kwalela dibopiwa tsa moya melaetsa. Ka gone, ga go pelaelo gore “dinaledi” tseno di emela balebedi ba ba tloditsweng ka moya, kgotsa ditlhopha tsa bagolwane. Lefoko “baengele” le amana le tiro ya bone ya go nna barongwa. E re ka phuthego ya Modimo e oketsegile, “molebedi yo o boikanyego” o tlhomile le banna ba ba tshwanelegang ba “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu go nna balebedi.—Luke 12:42-44; John 10:16.
4. Bagolwane ba solegelwa molemo jang ke go sekegela tsebe se Keresete a se buang le diphuthego?
4 “Dinaledi” di mo seatleng sa moja sa ga Jesu—o a di laola, o a di kaela e bile o a di sireletsa. Ka jalo, di ikarabelela mo go ene. Gompieno fa bagolwane ba tsaya tsia se Jesu a neng a se kwalela nngwe le nngwe ya diphuthego tse supa, seo se ka ba thusa go bona kafa ba ka lebanang le maemo a a tshwanang ka teng. Mme gone, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go reetsa Morwa Modimo. (Mareko 9:7) Ka jalo, re ka ithuta eng fa re sekegela tsebe se Keresete a se buang le diphuthego?
Go Moengele wa Efeso
5. Efeso e ne e le motse o o ntseng jang?
5 Jesu o ile a akgola phuthego ya Efeso le go e kgalema. (Bala Tshenolo 2:1-7.) Go ne go na le tempele e kgolo ya modimo wa sesadi yo o bidiwang Aretemise mo lefelong leno le e neng e le boremelelo jwa kgwebo le bodumedi le le neng le le mo lobopong lo lo ka fa bophirima lwa Asia Minor. Le fa Efeso e ne e tletse ka boitsholo jo bo sa siamang, bodumedi jwa maaka le boselamose, Modimo o ne a segofatsa bodiredi jwa ga moaposetoloi Paulo le badiredi ba bangwe kwa motseng oo.—Ditiro, kgaolo 19.
6. Gompieno Bakeresete ba ba ikanyegang ba tshwana jang le ba kwa Efeso wa bogologolo?
6 Keresete o ne a akgola phuthego ya Efeso jaana: “Ke itse ditiro tsa gago, le tiro ya gago ya bonatla le boitshoko, le gore ga o ka ke wa itshokela batho ba ba bosula, le gore o leka ba ba reng ke baaposetoloi, mme e se bone, mme o ba fitlhetse e le baaki.” Gompieno, diphuthego tsa balatedi ba boammaaruri ba ga Jesu di itsege jalo ka ditiro tse di molemo, ka go dira ka natla le ka go nna le boitshoko. Ga di letlelele bakaulengwe ba maaka ba ba batlang go tsewa e le baaposetoloi. (2 Bakorintha 11:13, 26) Gompieno Bakeresete ba ba ikanyegang ‘ga ba itshokele batho ba ba bosula’ fela jaaka Baefeso. Ka jalo, ba boloka kobamelo ya ga Jehofa e itshekile e bile ba sireletsa phuthego ka go se ikamanye le batlhanogi ba ba sa ikwatlhaeng.—Bagalatia 2:4, 5; 2 Johane 8-11.
7, 8. Ke bothata bofe jo bo masisi jo bo neng bo le gone mo phuthegong ya Efeso, mme re ka lebana jang le bothata jo bo ntseng jalo?
7 Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba Efeso ba ne ba na le bothata jo bo masisi. Jesu o ile a re: “Ke na le seno se ke se nyatsang ka wena, gore o tlogetse lorato lo o neng o na le lone pele.” Maloko a phuthego eo a ne a tshwanetse go tsosolosa lorato lo ba neng ba rata Jehofa ka lone pele. (Mareko 12:28-30; Baefeso 2:4; 5:1, 2) Le rona re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra felelwa ke lorato lo re neng re rata Modimo ka lone pele. (3 Johane 3) Mme go tweng fa e le gore dilo tse di jaaka go batla dikhumo kana go rata menate e nna tsone tse di tlang pele mo botshelong jwa rona? (1 Timotheo 4:8; 6:9, 10) Fa go le jalo, re tshwanetse go rapela Modimo ka tlhoafalo gore a re thuse gore re se ka ra tlhola re nna le tshekamelo e e ntseng jalo, go na le moo, re rate Jehofa ka lorato lo logolo le go lebogela dilo tsotlhe tse ene le Morwawe ba re diretseng tsone.—1 Johane 4:10, 16.
8 Keresete o ne a kgothatsa Baefeso jaana: “Gakologelwa gore o ole mo go eng, mme o ikwatlhaye o bo o dire ditiro tsa pele.” Go ne go tla direga eng fa ba ne ba se kitla ba dira jalo? Jesu o ne a re: “Fa o sa dire jalo, ke tla kwa go wena, mme ke tla tlosa setlhomo sa gago sa lobone mo lefelong la sone.” Fa letsomane lotlhe le ne le ka felelwa ke lorato lwa lone lwa pele, “ditlhomo tsa lobone,” kana diphuthego, di ne di se kitla di tlhola di nna teng. Ka jalo, rona Bakeresete ba ba tlhoafetseng, a re direng ka natla go boloka phuthego e phatsima semoyeng.—Mathaio 5:14-16.
9. Re tshwanetse go leba makoko jang?
9 Baefeso ba ne ba tshwanelwa ke go akgolelwa go tlhoa “ditiro tsa lekoko la ga Nikolase.” Kwantle ga se se kwadilweng mo go Tshenolo, ga go itsiwe sepe se se kalo ka tshimologo, dithuto le ditiro tsa lekoko leno. Le fa go ntse jalo, e re ka Jesu a ne a kgala kgang ya go nna balatedi ba batho, re tshwanetse go nna re tlhoile makoko, fela jaaka Bakeresete ba Efeso.—Mathaio 23:10.
10. Batho ba ba sekegelang tsebe se moya o se buang ba tla diragalelwa ke eng?
10 Keresete o ile a re: “A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego.” Fa Jesu a le mo lefatsheng o ne a bua dilo ka tlhotlheletso ya moya wa Modimo. (Isaia 61:1; Luke 4:16-21) Ka jalo re tshwanetse go sekegela tsebe se Modimo a se buang ka ene a dirisa moya o o boitshepo. Jesu o ne a solofetsa jaana a kaelwa ke moya: “Yo o fenyang ke tla mo naya gore a je ga setlhare sa botshelo, se se mo paradaiseng ya Modimo.” E re ka batlodiwa ba sekegela tsebe se moya o se buang, ba tla bona botshelo jwa bosasweng mo “paradaiseng ya Modimo” ya selegodimo kana bonno jwa ga Jehofa. “Boidiidi jo bogolo” jo le jone bo sekegelang tsebe se moya o se buang, bo tla bona botshelo mo paradaiseng ya mo lefatsheng e mo go yone ba tla nwang go tswa mo ‘nokeng ya metsi a botshelo’ mme ba tla alafiwa ke “matlhare a ditlhare” tse di fa thoko ga yone.—Tshenolo 7:9; 22:1, 2; Luke 23:43.
11. Re ka godisa jang lorato lo re ratang Jehofa ka lone?
11 Baefeso ba ne ba felelwa ke lorato lwa bone Johane 3:16; Baroma 5:8) Fa go tshwanela, re ka umaka lorato lwa Modimo mo dikakgelong tsa rona le mo dipuong tse re di neelang mo dipokanong. Re ka bontsha tsela e re ratang Jehofa ka yone ka go baka leina la gagwe mo bodireding jwa Bokeresete. (Pesalema 145:10-13) Ee, re ka dira go le gontsi go tsosolosa kana go nonotsha lorato lo phuthego e kileng ya bo e na le lone ka mafoko le ka ditiro.
lwa pele, mme go tweng fa gompieno go ka nna le seemo se se ntseng jalo mo phuthegong? A mongwe le mongwe wa rona a godise lorato lo a ratang Jehofa ka lone ka go bua ka dilo tse di lorato tse a di dirang. Re tshwanetse go bontsha gore re anaanela lorato lo Modimo a re bontshitseng lone ka go re ntshetsa thekololo ka Morwawe yo a mo ratang. (Go Moengele wa Semerena
12. Hisitori e senola eng ka Semerena le kobamelo ya teng?
12 Keresete, yo e leng “‘wa Ntlha le wa Bofelo,’ yo o neng a swa mme a tshela gape” ka go tsosiwa mo baswing, o ne a akgola phuthego ya Semerena. (Bala Tshenolo 2:8-11.) Semerena (e jaanong e leng Izmir, kwa Turkey) e ne e agilwe mo lobopong lo lo ka fa bophirima lwa Asia Minor. Bagerika ba ne ba nna mo motseng oo, le fa go ntse jalo, batho ba Lidia ba ne ba o senya mo e ka nnang ka 580 B.C.E. Batlhatlhami ba ga Alexander yo Mogolo ba ne ba aga Semerena sesha mo lefelong le sele. E ne ya nna karolo ya porofense ya Roma mo Asia mme e ne e le lefelo le le gatetseng pele mo go tsa kgwebo le le itsegeng thata ka dikago tse dintle. Tempele ya lone ya ga Tiberio Kaesara e ne e dira gore e nne boremelelo jwa kobamelo ya babusi. Baobamedi ba ne ba tshwanelwa ke go fisa lerolenyana la maswalo ba bo ba re “Kaesara ke Morena.” Bakeresete ba ne ba ka se dire jalo ka gonne ‘Morena wa bone ke Jesu.’ Ka jalo, ba ne ba bogisiwa.—Baroma 10:9.
13. Ke eng fa go ka twe Bakeresete ba Semerena ba ne ba humile le mororo ba ne ba humanegile ka tsela ya senama?
13 Bakeresete ba Semerena ba ne ba se ka ba itshokela pogiso fela, ba ne ba itshokela le khumanego, e gongwe e neng e bakwa ke go tingwa dilo dingwe ka go bo ba ne ba sa obamele babusi. Le gompieno batlhanka ba ga Jehofa ba lebana le diteko tse di ntseng jalo. (Tshenolo 13:16, 17) Le fa Bakeresete bangwe ba humanegile jaaka ba kwa Semerena, ba humile semoyeng mme seo ke sone se se leng botlhokwa!—Diane 10:22; 3 Johane 2.
14, 15. Batlodiwa ba ka gomodiwa jang ke Tshenolo 2:10?
14 Bontsi jwa Bajuda kwa Semerena e ne e le “sinagoge ya ga Satane” ka gonne ba ne ba tshela ka dingwao tse di sa dumalaneng le Dikwalo, ba gana Morwa Modimo le go tlhapatsa balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ka moya. (Baroma 2:28, 29) Mme gone, a bo mafoko a a latelang a ga Keresete a kgothatsa batlodiwa thata jang ne! A re: “O se ka wa boifa dilo tse o tlogang o di boga. Bona! Diabolo o tla nna a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong gore lo lekwe ka botlalo, le gore lo nne le pitlagano malatsi a le lesome. Itshupe o ikanyega go ya losong, mme ke tla go naya serwalo sa botshelo.”—Tshenolo 2:10.
15 Jesu o ne a sa boife go swela bolaodi jwa ga Jehofa. (Bafilipi 2:5-8) Le fa gone jaanong Satane a tlhasela masalela a batlodiwa, ga ba boife dilo tse ba tshwanelwang ke go di boga—pogiso, kgolegelo kana go bolawa setlhogo. (Tshenolo 12:17) Ba tla fenya lefatshe. Go na le gore Keresete a solofetse batlodiwa ba ba tsositsweng kgare ya dithunya tse di swabang e e rwalwang ke bafenyi mo metshamekong ya baheitane, o ba solofetsa “serwalo sa botshelo” e le dibopiwa tse di sa sweng kwa legodimong. A mpho e e tlhwatlhwakgolo ruri!
16. Fa re le mo phuthegong e e tshwanang le ya Semerena wa bogologolo, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo kgannyeng efe?
16 Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kana go tshela mo lefatsheng, go tweng fa e le gore re mo phuthegong e e tshwanang le ya Semerena wa bogologolo? Fa go le jalo, a re thuseng badumedikarona go tlhoma mogopolo mo lebakeng la konokono la go bo Modimo a letla pogiso—kgang e e amanang le bolaodi jwa lobopo lotlhe. Mosupi mongwe le mongwe yo o ikanyegang wa ga Jehofa o supa fa Satane a le maaka le go bontsha fa motho a ka kgona go ema nokeng tshwanelo ya Modimo ya go nna Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe tota le fa a bogisiwa. (Diane 27:11) A re kgothatseng Bakeresete ba bangwe gore ba itshokele pogiso mme seo se tla dira gore ba tswelele pele ba na le “tshiamelo ya go [direla Jehofa] tirelo e e boitshepo ka go tlhoka poifo ka boikanyegi le ka tshiamo fa pele ga gagwe malatsi otlhe a rona”—ka bosakhutleng.—Luke 1:68, 69, 74, 75.
Go Moengele wa Peregamo
17, 18. Peregamo e ne e le boremelelo jwa kobamelo e e ntseng jang, mme go ne go ka felela ka eng fa motho a ne a ka gana go nna le seabe mo kobamelong e e ntseng jalo ya medingwana?
17 Phuthego ya Peregamo e ne ya akgolwa le go kgalemelwa. (Bala Tshenolo 2:12-17.) Motse wa Peregamo o o neng o le dikilometara di ka nna 80 kwa bokone jwa Semerena, o ne o tletse ka bodumedi jwa boheitane. Go bonala balepadinaledi ba Bakaladia ba ile ba tshabela teng ba tswa kwa Babelona. Balwetse ba ne ba kokoanela kwa tempeleng e e itsegeng thata ya Peregamo ya Asclepius, modimo wa maaka wa phodiso le kalafi. Motse ono, o o neng o na le tempele e e neng e dirisediwa go obamela Kaesara Aguseto, o ile wa bidiwa gore ke “boremelelo jwa konokono jwa kobamelo ya babusi mo pusong ya pele ya mmusomogolo.”—Encyclopædia Britannica, 1959, Bolumo 17, tsebe 507.
18 Kwa Peregamo go ne go na le sebeso se se neng se dirisediwa go obamela Seuse. Gape motse ono e ne e le boremelelo jwa kobamelo e e neng e tlhotlhelediwa ke Diabolo ya go obamela batho. Ga go gakgamatse go bo go ilwe ga twe phuthego ya teng e ne e nna “kwa setulo sa bogosi sa ga Satane” se neng se le gone! Go gana go obamela mmusi go ne go ka felela ka gore motho yo o emang bolaodi jwa ga Jehofa nokeng a bolawe. Lefatshe le sa ntse le namaletse mo maatleng a ga Diabolo, mme gompieno ditshwantsho tsa setšhaba di obamelwa jaaka medingwana. (1 Johane 5:19) Go tloga mo lekgolong la ntlha la dingwaga go fitlha gompieno, Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ile ba bolaelwa tumelo ya bone, fela jaaka mongwe yo Keresete a neng a mmitsa “Antipase, mosupi wa me, yo o ikanyegang, yo o neng a bolaelwa fa thoko ga lona.” Ga go na pelaelo gore Jehofa Modimo le Jesu Keresete ga ba a lebala batlhanka bano ba ba ikanyegang.—1 Johane 5:21.
19. Baalame o ile a dira eng, mme Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ikela tlhoko mo go eng?
19 Keresete o ne a bua le ka “thuto ya ga Balaame.” E re ka moporofeti yono wa maaka Balaame a ne a batla go nna le dikhumo ka bopelotshetlha, o ne a leka go hutsa Iseraele. Fa Modimo a sena go fetola phutso eo go nna tshegofatso, Baalame o ne Dipalo 22:1–25:15; 2 Petere 2:15, 16; Jude 11) Tota re ka re, Bakeresete botlhe ba tshwanetse go ikela tlhoko kgatlhanong le kobamelo ya medingwana le gore boitsholo jo bo sa siamang bo se ka jwa tsenelela mo phuthegong.—Jude 3, 4.
a dirisana le Kgosi Balake wa Moabe go raela Baiseraele ba le bantsi go obamela medingwana le go dira boitsholo jo bo sa siamang. Bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go emela tshiamo fela jaaka Finease, yo o ileng a emelana le ditiro tsa ga Baalame. (20. Mokeresete o tshwanetse go dira eng fa a simolola go nna le dikakanyo tsa botlhanogi?
20 Phuthego ya Peregamo e ne e le mo mathateng a magolo ka gonne e ne e letlile batho “ba ba ngangatletseng thuto ya lekoko la ga Nikolase” mo teng ga yone. Keresete o ne a raya phuthego eno a re: “Ikwatlhaye. Fa o sa dire jalo, ke tla kwa go wena ka bonako, mme ke tla lwa le bone ka tšhaka e telele ya molomo wa me.” Batho ba ba itirang makoko ba batla go gobatsa Bakeresete semoyeng, mme batho ba ba nang le tshekamelo ya go baka dikgaogano le ditlhotswana ga ba na go rua Bogosi Jwa Modimo. (Baroma 16:17, 18; 1 Bakorintha 1:10; Bagalatia 5:19-21) Fa Mokeresete mongwe a simolola go nna le dikakanyo tsa botlhanogi mme a batla go di anamisa, o tshwanetse go sekegela tsebe tlhagiso ya ga Keresete! O tshwanetse go ikwatlhaya mme a senke thuso ya semoya mo bagolwaneng ba phuthego, gore a se ka a welwa ke masetlapelo. (Jakobe 5:13-18) Go botlhokwa gore a tseye kgato ka bonako ka gonne Jesu o tla ka bonako go tla go diragatsa katlholo.
21, 22. Ke bomang ba ba jang “mana a a fitlhilweng,” mme a tshwantshetsa eng?
21 Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang le ditsala tsa bone ga ba a tshwanela go boifa katlholo e e tlang. Batho botlhe ba ba sekegelang tsebe kgakololo ya ga Jesu e a neng a dirisiwa ke moya o o boitshepo wa Modimo go e neela ba tla segofadiwa. Ka sekai, batlodiwa ba ba tla fenyang lefatshe ba tla lalediwa go ja mangwe a “mana a a fitlhilweng” mme ba tla abelwa “letlapana le le borethe le lesweu” le le nang le “leina le lesha.”
22 Modimo o ne a tlamela Baiseraele ka mana mo mosepeleng wa bone wa dingwaga tse 40 fa ba ne ba raletse naga. Bontlhanngwe jwa “senkgwe” seo bo ne bo bolokiwa mo nkgwaneng ya gouta mo teng ga letlole la kgolagano mme ka gone, bo ne bo fitlhilwe mo lefelong la Boitshepo Jwa Maitshepo la motlaagana o o neng o na le lesedi le le gakgamatsang le le neng le tshwantshetsa go nna gone ga ga Jehofa. (Ekesodo 16:14, 15, 23, 26, 33; 26:34; Bahebera 9:3, 4) Go ne go se ope yo o letleletsweng go ja mana ao a a fitlhilweng. Le fa go ntse jalo, fa balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng ba tsosiwa ba tla apara bosasweng, jo bo tshwantshediwang ke go ja “mana a a fitlhilweng.”—1 Bakorintha 15:53-57.
23. “Letlapana le le borethe le lesweu” le “leina le lesha” di kaya eng?
23 Fa motho a ne a newa letlapana le le borethe le lentsho kwa dikgotlatshekelong tsa Roma go ne go bolela gore o bonwa molato, mme fa a newa le lesweu o ne a sa bonwe molato. Fa Jesu a abela Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba fentseng “letlapana le le borethe le lesweu” o bontsha gore o ba tsaya ba se na molato, ba itshekile e bile ba le phepa. E re ka gape Baroma ba ne ba dirisa letlapana le le borethe go tsena kwa ditiragalong tsa botlhokwa, “letlapana le le borethe le lesweu” le ka tswa le kaya go amogelwa ga batlodiwa go tsena kwa legodimong mo lenyalong la ga Kwana. (Tshenolo 19:7-9) Go bonala “leina le lesha” le tshwantshetsa tshiamelo e ba nang le yone ya go kopana le Jesu go nna babusimmogo le ene mo Bogosing jwa kwa legodimong. A bo seno sotlhe se kgothatsa batlodiwa le ditsala tse ba direlang Jehofa le tsone jang ne, tse di nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise!
24. Re tshwanetse go nna le pono efe ka botlhanogi?
24 Ga re a tshwanela go lebala gore phuthego ya Johane 8:32, 44; 3 Johane 4) E re ka barutisi ba maaka kana batho ba ba nang le tshekamelo ya botlhanogi ba ka leswafatsa phuthego yotlhe, re tshwanetse go emelana le botlhanogi re sa okaoke, le ka motlha re sa letle tlhotlheletso e e boikepo go re kgoreletsa go ikobela boammaaruri.—Bagalatia 5:7-12; 2 Johane 8-11.
Peregamo e ne e tlhasetswe ke batlhanogi. Fa go ka direga gore bomoya jwa phuthego ya rona bo tlhaselwe ka tsela e e ntseng jalo, a re se letleleleng moya o o ntseng jalo wa botlhanogi mme re tswelele pele re tsamaya mo boammaaruring. (25. Mo setlhogong se se latelang go tla tlotliwa ka melaetsa ya ga Keresete e e yang kwa diphuthegong dife?
25 A bo Jesu Keresete yo o galaleditsweng a ile a dirisa mafoko a a molemo jang ne go akgola le go kgalema diphuthego tseno tse tharo mo go tse supa tsa Asia Minor tse re tlotlileng ka tsone! Le fa go ntse jalo, go ya kafa moya o o boitshepo o mo kaelang ka teng, o sa ntse a na le dilo tse dintsi go di bua le diphuthego tse di setseng tse nnè. Go tla tlotliwa ka melaetsa eno e e neng e ya kwa phuthegong ya Thiatira, Saredisa, Filadelefia le Laodikia mo setlhogong se se latelang.
O Tla Araba Jang?
• Ke eng fa re tshwanetse go sekegela tsebe se Keresete a se buang le diphuthego?
• Re ka thusa phuthego jang go tsosolosa lorato lwa yone lwa pele?
• Ke eng fa go ka twe Bakeresete ba ba neng ba humanegile ba Semerena tota ba ne ba humile?
• Re tshwanetse go leba jang dikakanyo tsa botlhanogi fa re akanya ka seemo sa phuthego ya Peregamo?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Mmapa mo go tsebe 10]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
GERIKA
ASIA MINOR
Efeso
Semerena
Peregamo
Thiatira
Saredisa
Filadelefia
Laodikia
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
“Boidiidi jo bogolo” bo tla tshela mo lefatsheng la paradaise
[Ditshwantsho mo go tsebe 13]
Bakeresete ba ba bogisiwang ba fenya lefatshe