Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna o Nitame, Mme o Fenye Lobelo Lwa Botshelo

Nna o Nitame, Mme o Fenye Lobelo Lwa Botshelo

Nna o Nitame, Mme o Fenye Lobelo Lwa Botshelo

FA O ne o ka tshwanelwa ke go ralala lewatle le le tletseng difefo, o ne o ka tlhopha go tsamaya ka sekepe se se ntseng jang? A o ne o tla batla go tsamaya ka mokorwana o o sa nonofang kana ka sekepe se segolo se se agegileng sentle? Ga go pelaelo gore o ne o tla batla go tsamaya ka sekepe se segolo ka gonne se ne se tla kgona go ralala makhubu a a bilogang ka katlego.

Fa re ntse re ralala tsamaiso eno ya dilo e e tletseng difefo le dikotsi, re lebana le dikgwetlho tse di tlhobaetsang. Ka sekai, ka dinako tse dingwe basha ba ka kgoberega maikutlo le go ikutlwa ba sa sireletsega ka ntlha ya megopolo le difeshene tsa lefatshe leno tse di tlhakanyang tlhogo. Batho ba ba sa tswang go simolola tsela ya Bokeresete ba ka ikutlwa ba etsaetsega. Tota le ba ba sa bolong go ema ba nitame ka dingwaga tse dintsi ba direla Modimo ka boikanyegi, ba ka tswa ba lebana le teko ya gore dilo tse ba neng ba di lebeletse ga di ise di diragale ka botlalo.

Maikutlo a a ntseng jalo ga a masha. Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba jaaka Moshe, Jobe le Dafide ba ne ba tle ba ikutlwe ba etsaetsega ka dinako tse dingwe. (Dipalo 11:14, 15; Jobe 3:1-4; Pesalema 55:4) Le fa go ntse jalo, ba ne ba direla Jehofa ba nitame mo botshelong jotlhe jwa bone. Sekao sa bone se se molemo se re kgothaletsa gore le rona re nitame, le fa go ntse jalo, Satane Diabolo o batla go re faposa mo lobelong lwa rona lwa botshelo jo bo sa khutleng. (Luke 22:31) Ka gone, ke eng se se ka re thusang go nna re nitame, re “nonofile mo tumelong”? (1 Petere 5:9) Mme re ka nonotsha badumedikarona jang?

Jehofa o Batla Gore re Nitame

Fa re ikanyega mo go Jehofa ka metlha o tla re thusa go nna re nitame. Mopesalema Dafide o ne a lebana le dikgwetlho di le dintsi, le fa go ntse jalo o ne a ikanya Modimo mo a neng a ka opela jaana: “[Jehofa] o ne a ntlhatlosa a nketsha mo kgatamping e e kurutlang, mo lorageng lwa seretse. Mme a tsholeletsa dinao tsa me mo lefikeng le legolo; o ne a tlhomamisa dikgato tsa me ka thata.”—Pesalema 40:2.

Jehofa o a re nonotsha gore re kgone go tlhabana “tlhabano e e molemo ya tumelo” e le gore re ‘tshware botshelo jo bo sa khutleng ka thata.’ (1 Timotheo 6:12) Gape o re tlamela ka dilo tse di ka re thusang go nna re tlhomame mme re kgone go fenya ntwa ya rona ya semoya. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresetekaene go ‘tswelela ba bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe,’ le go ‘apara diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore ba tle ba kgone go ema ba nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.’ (Baefeso 6:10-17) Mme gone, ke dilo dife tse di ka dirang gore re se ka ra nitama? Mme re ka fenya jang dilo tseo tse di kotsi tse di ka re reketlisang?

Ela Tlhoko Dilo Tse di Reketlisang

Re tshwanetse go gakologelwa ntlha eno e e botlhokwa: Ditshwetso tse re di dirang di feleletsa di amile go ema ga rona re nitame mo tseleng ya Bokeresete ka tsela e e molemo kana ka tsela e e sa siamang. Basha ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di amanang le dilo tse di jaaka tiro ya bone ya botshelo jotlhe, go oketsa thutego ya bone le lenyalo. Bagolo bone ba ka tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di malebana le go fudugele kwa lefelong le lengwe kana go senka tiro e e oketsegileng. Letsatsi le letsatsi re dira ditshwetso tse di malebana le tsela e re dirisang nako ya rona ka yone le tse di amang dilo tse dingwe tse dintsi. Ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng tse di tla re thusang go tokafatsa go nitama ga rona mo tirelong ya rona go Modimo? Motho mongwe yo o sa bolong go nna Mokeresete o ne a re: “Ke kopa Jehofa gore a nthuse fa ke dira ditshwetso. Ke dumela gore go botlhokwa go amogela le go dirisa kgakololo e re e newang mo Baebeleng, kwa dipokanong tsa Bokeresete, e re e newang ke bagolwane le e re e fitlhelang mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng.”

Fa re dira ditshwetso, re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Mo dingwageng tse tlhano kana tse di lesome tse di tlang, a ke tla bo ke sa ntse ke kgotsofalela ditshwetso tse ke di dirang gompieno, kgotsa a ke tla di ikwatlhaela? A ke leka ka natla go tlhomamisa gore ditshwetso tsa me ga di kitla di dira gore ke reketle semoyeng go na le moo di nthuse go gatela pele semoyeng?’—Bafilipi 3:16.

Batho bangwe ba ba kolobeditsweng ba ile ba feleletsa ba tshela botshelo jwa go se nitame ka ntlha ya go ineelela dithaelo kana go ipaya mo kotsing ya go tlola melao ya Modimo. Ba se kae ba bone ba ba ileng ba kgaolwa ka ntlha ya go dira boleo ba sa ikwatlhae ba ile ba dira ka natla gore ba busediwe mo phuthegong, mme ka maswabi ba bo ba boa ba kgaolwa gape—ka dinako tse dingwe e le morago fela ga gore ba busediwe—ka ntlha ya jone boleo joo. A seno se ka tswa se bakwa ke gore ga ba a rapela Modimo gore a ba thuse go ‘tlhoa se se boikepo le go ngaparela se se molemo’? (Baroma 12:9; Pesalema 97:10) Rotlhe re tshwanetse go ‘nna re direla dinao tsa rona ditselana tse di tlhamaletseng.’ (Bahebera 12:13) Ka gone, a re sekasekeng dingwe tsa dilo tse di ka re thusang go nna re nitame semoyeng.

Nna o Nitame ka go Thusiwa ke Ditiro Tsa Bokeresete

Tsela nngwe e re ka nnang re nitame ka yone mo lobelong lwa botshelo ke ka go nna le mo gontsi go go dira mo tirong ya go rera ka Bogosi. Ee, bodiredi jwa rona jwa Bokeresete ke selo se se botlhokwa thata se se ka re thusang go boloka dipelo le megopolo ya rona e tlhomame mo go direng thato ya Modimo le go tsepamisa matlho a rona mo sekgeleng sa botshelo jo bo sa khutleng. Paulo o ne a kgothatsa Bakorintha jaana ka ga seno: “Bakaulengwe ba me ba ba rategang, nitamang, lo sa tshikhinyege, ka metlha lo na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena, ka lo itse gore tiro ya lona e lo e dirang ka natla ga se ya lefela mo Moreneng.” (1 Bakorintha 15:58) ‘Go nitama’ go kaya ‘go ema o tlhomame.’ ‘Go se tshikhinyege’ go ka kaya ‘go se itetle go somoga mo o itshetlegileng gone.’ Ka gone, go nna re semeletse mo bodireding jwa rona go ka re thusa gore re nne re nitame mo tseleng ya rona ya Bokeresete. Go thusa batho ba bangwe go itse Jehofa go dira gore re nne le se re se tshelelang le gore botshelo jwa rona e nne jo bo itumedisang.— Ditiro 20:35.

Pauline, Mokeresete yo o feditseng dingwaga tse 30 mo tirong ya borongwa le mo ditirong tse dingwe tsa bodiredi jwa nako e e tletseng, a re: “Bodiredi bo a ntshireletsa ka gonne fa ke rerela batho ba bangwe seo se dira gore ke ikutlwe ke tlhomamisegile gore ke mo boammaaruring.” O tla ikutlwa o tlhatswegile pelo jalo le fa o nna le seabe ka metlha mo ditirong tse dingwe tsa Bokeresete, tse di jaaka go nna gone kwa dipokanong le go ithuta Baebele ka tlhagafalo.

Nitamisiwa ke Bokaulengwe jo bo Lorato

Go nna mongwe wa phuthego ya lefatshe lotlhe ya baobamedi ba boammaaruri go ka re thusa thata gore re nitame. A bo re le lesego jang go nna bontlhanngwe jwa bokaulengwe joo jo bo lorato jwa lefatshe lotlhe! (1 Petere 2:17) Mme le rona re ka thusa badumedikarona go nitama.

Akanya ka ditiro tse di molemo tsa monna yo o neng a siame e bong Jobe. Tota le Elifase yo e neng e le mogomotsi wa maaka o ne a patelesega go dumela jaana: “Mafoko a gago, a ne a tsosa ope fela yo o kgotšwang; le mangole a a kgwetlhang o ne o a nonotsha.” (Jobe 4:4) A le rona re thusa batho ba bangwe jalo? Mongwe le mongwe wa rona o na le boikarabelo jwa go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya go itshoka mo tirong ya Modimo. Fa re na le bone, re ka dira dilo go dumalana le mafoko ano: “Nonotshang diatla tse di bokoa, lo nitamise mangole a a kgwetlhang.” (Isaia 35:3) Ka gone, ke eng fa o sa ipeele mokgele wa gore o nonotshe le go kgothatsa Mokeresetekawena a le mongwe kana ba le babedi nako le nako fa o kopana le bone? (Bahebera 10:24, 25) Fa re ka anaanela le go ba akgolela maiteko a ba a dirang go itumedisa Jehofa, seo se ka ba thusa go nna ba nitame ka tsholofelo ya gore ba tla fenya lobelo lwa botshelo.

Bagolwane ba Bakeresete ba ka dira go ka tlala seatla ka go kgothatsa batho ba basha. Ba ka dira jalo ka go ba neela dikakantsho tse di molemo le go ba naya kgakololo ya Dikwalo le go dira le bone mo bodireding jwa tshimo. Ka metlha moaposetoloi Paulo o ne a dirisa tshono nngwe le nngwe go nonotsha ba bangwe. O ne a tlhoafalela go bona Bakeresete ba kwa Roma e le gore a ke a ba nonotshe semoyeng. (Baroma 1:11) O ne a tsaya bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba ba rategang ba Bafilipi e le ‘boipelo le serwalo’ sa gagwe mme a ba kgothaletsa go ‘ema ba nitame ka tsela eno mo Moreneng.’ (Bafilipi 4:1) Fa Paulo a utlwa ka mathata a bakaulengwe ba gagwe ba kwa Thesalonika, o ne a romela Timotheo go ya go ‘ba nitamisa le go ba gomotsa gore ope a se ka a akgaakgiwa ke dipitlagano.’—1 Bathesalonika 3:1-3.

Moaposetoloi Paulo le Petere ba ne ba anaanela maiteko a baobamedikabone a a neng a supa gore ba a ikanyega. (Bakolosa 2:5; 1 Bathesalonika 3:7, 8; 2 Petere 1:12) A le rona re tlhomeng mogopolo mo dinonofong tse di molemo le mo tseleng e bakaulengwe ba rona ba lwang ka katlego ka yone gore ba nne ba nitame le go tlotla Jehofa, e seng go tlhoma mogopolo mo makoeng a bone.

Fa re rata go tshwayatshwaya ba bangwe diphoso, re ka nna ra dira gore go nne thata gore ba kgone go nna ba nitame mo tumelong, re dira jalo re sa lemoge. Ruri ga re a tshwanela go lebala gore bakaulengwe ba rona ba “sotlegile e bile ba gasame” mo tsamaisong eno ya dilo! (Mathaio 9:36) Ba na le lebaka le le utlwalang la go lebelela gore ba gomotsege le go lapologa mo phuthegong ya Bokeresete. Ka gone, e kete rotlhe re ka leka ka natla go nonotsha badumedikarona le go ba thusa go nna ba nitame.

Batho ba bangwe ba ka nna ba re tshwara ka tsela e e ka nnang ya koafatsa go nitama ga rona. A re tla letla gore mafoko a a tlhabang kana go tshwarwa ka tsela e e sa siamang go dire gore re repise diatla mo tirelong ya ga Jehofa? A le ka motlha re se letle ope a reketlisa go nitama ga rona!—2 Petere 3:17.

Ditsholofetso Tsa Modimo Di ka Re Nitamisa

Tsholofetso ya ga Jehofa ya gore re tla nna le isagwe e e itumedisang mo pusong ya gagwe ya Bogosi e re naya tsholofelo e e re thusang go nna re nitame. (Bahebera 6:19) Mme go dumela ga rona re sa belaele gore ka metlha Modimo o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe go re rotloetsa go ‘nna re tsogile le go ema re nitame mo tumelong.’ (1 Bakorintha 16:13; Bahebera 3:6) Re ka nna ra lekwa tumelo ke fa go bonala e kete dingwe tsa ditsholofetso tsa Modimo di a diega. Ka gone, go botlhokwa thata gore re ele tlhoko gore re se ka ra tsiediwa ke dithuto tsa maaka mme ra tloga ra katogela kgakala le tsholofelo ya rona.—Bakolosa 1:23; Bahebera 13:9.

Sekao se se sa siamang sa Baiseraele ba ba neng ba fedisiwa ka gonne ba ne ba sa bontshe go dumela ditsholofetso tsa ga Jehofa se tshwanetse sa re tlhagisa. (Pesalema 78:37) Go na le gore re tshwane le bone, a re nneng re nitame, re direla Modimo re na le moya wa go potlaka mo malatsing ano a bofelo. Mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo o ile a re: “Ke tshela letsatsi lengwe le lengwe la botshelo jwa me jaaka e kete letsatsi le legolo la ga Jehofa le tla tla ka moso.”—Joele 1:15.

Ee, letsatsi le legolo la ga Jehofa le atametse. Le fa go ntse jalo, ga re na lebaka la go boifa sepe fa fela re dula re atamalane le Modimo. Fa re kgomarela melao ya gagwe e e siameng mme re nna re nitame, re ka kgona go siana lobelo lwa botshelo jo bo sa khutleng ka katlego!—Diane 11:19; 1 Timotheo 6:12, 17-19.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

A o dira sotlhe se o ka se kgonang go thusa Bakeresetekawena go nna ba nitame?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

The Complete Encyclopedia of Illustration/J. G. Heck