Pego ya ga Noa ya Ditiragalo—A e Na le Bokao mo go Rona?
Pego ya ga Noa ya Ditiragalo—A e Na le Bokao mo go Rona?
FA Jesu a ne a bua ka boporofeti jo bo malebana le sesupo sa go nna gone ga gagwe le sa bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo, o ile a re: “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.” (Mathaio 24:3, 37) Go bonala sentle gore Jesu o ne a bolelela pele gore se se diregang mo motlheng wa rona se tshwana le se se neng sa direga mo motlheng wa ga Noa. Pego e e ikanyegang ya ditiragalo tsa motlha wa ga Noa e ka re solegela molemo thata.
A ruri re ka solegelwa molemo ke pego ya ga Noa ya ditiragalo? A e ka tsewa e le pego ya boammaaruri ya hisitori? A tota re ka kgona go bona gore Morwalela o nnileng leng?
Morwalela o Nnile Leng?
Baebele e re naya tatelano ya ditiragalo e e ka re thusang go bona gore hisitori ya batho e simologile leng. Mo go Genesise 5:1-29, go na le tatelano ya losika go simolola ka nako ya go bopiwa ga motho wa ntlha e bong Adame go fitlha ka nako ya go tsholwa ga ga Noa. Morwalela o simolotse “mo ngwageng wa bomakgolo a le marataro wa botshelo jwa ga Noa.”—Genesise 7:11.
Go bona nako e Morwalela o nnileng ka yone, re tshwanetse go simolola ka letlha la botlhokwa. Ke gore, re tshwanetse go simolola ka letlha le hisitori ya lefatshe e dumalanang le lone le le le tsamaisanang le tiragalo nngwe mo Baebeleng. Fa re simolola ka letlha leo la botlhokwa, re ka kgona go bona le go supa letlha le Morwalela o nnileng ka lone go ya ka khalendara ya ga Gregory e e dirisiwang gompieno.
Letlha lengwe la botlhokwa ke ngwaga wa 539 B.C.E., o Kgosi Kurose wa Peresia a neng a thankgola Babelona ka one. Metswedi ya tshedimosetso e e buang ka nako ya puso ya gagwe e akaretsa matlapanakwalelo a Babelona le mekwalo ya ga Diodorus, Africanus, Eusebius le Ptolemy. Masalela a Bajuda a ne a tswa kwa Babelona fa Kurose a sena go ntsha taelo ya gore a gololwe, mme a ne a fitlha kwa nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E. Tiragalo eo e ne ya nna bofelo jwa dingwaga tse 70 tsa go swafadiwa ga Juda, tse go ya ka pego ya Baebele di simolotseng ka 607 B.C.E. Fa re akaretsa le motlha wa baatlhodi le nako ya fa go ne go busa dikgosi tsa Iseraele, re ka kgona go bona gore Khudugo ya Baiseraele go tswa kwa Egepeto e diregile ka 1513 B.C.E. Fa re boela morago ka dingwaga tse dingwe tse 430, tatelano ya ditiragalo e e mo Baebeleng e re fitlhisa mo ngwageng wa 1943 B.C.E., ngwaga o go neng ga dirwa kgolagano le Aborahame ka one. Go tswa foo re tshwanetse go akanyetsa nako ya go tsholwa le boleele jwa botshelo jwa ga Tera, Nahore, Seruge, Reu, Pelege, Ebere, Shela le Arepakeshade, yo o ileng a tsholwa “dingwaga di le pedi morago ga morwalela.” (Genesise 11:10-32) Ka gone, re kgona go bona gore Morwalela o nnile ka ngwaga wa 2370 B.C.E. *
Morwalela o a Simologa
Pele ga re boeletsa ditiragalo tsa motlha wa ga Noa, tsweetswee bala Genesise kgaolo 7, temana 11 go ya go kgaolo 8 temana 4. Re bolelelwa jaana malebana le pula eo e kgolo: “Mo ngwageng wa bomakgolo a le marataro wa botshelo jwa ga Noa [2370 B.C.E.], mo kgweding ya bobedi, mo letsatsing la bolesome le bosupa la kgwedi, mo letsatsing leno metswedi yotlhe ya bodiba jo bogolo jo bo boteng jwa metsi e ne ya phunyega le dikgoro tsa morwalela tsa magodimo di ne tsa bulega.”—Genesise 7:11.
Noa o ne a kgaoganya ngwaga ka dikgwedi tse 12 tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le malatsi a le 30. Mo metlheng ya bogologolo, kgwedi ya ntlha e ne e simolola mo e ka nnang mo bogareng
jwa khalendara ya rona, mo kgweding ya September. Pula ya morwalela e ne ya simolola go na “mo kgweding ya bobedi, mo letsatsing la bolesome le bosupa la kgwedi” mme ya tswelela e na ka malatsi a le 40 le masigo a le 40 mo kgweding ya November le ya December 2370 B.C.E.Gape re bolelelwa jaana malebana le Morwalela: “Metsi a tswelela go khurumetsa lefatshe malatsi a le lekgolo le masome a matlhano. . . . Metsi a simolola go ngotlega mo lefatsheng, a tswelela pele a ntse a ngotlega; mme kwa bokhutlong jwa malatsi a le lekgolo le masome a matlhano metsi a ne a fokotsegile. Mme mo kgweding ya bosupa, mo letsatsing la bolesome le bosupa la kgwedi, araka e ne ya nna mo dithabeng tsa Ararata.” (Genesise 7:24–8:4) Ka jalo nako ya go tloga fa metsi a khurumetsa lefatshe go fitlha ka nako ya fa a ngotlega e ne e le malatsi a le 150, kana dikgwedi di le tlhano. Ka gone, araka e ne ya nna mo dithabeng tsa Ararata ka April 2369 B.C.E.
Jaanong o ka bala Genesise 8:5-17. Ditlhoa tsa dithaba tseo di ne tsa bonala dikgwedi di ka nna pedi le halofo (malatsi a le 73) moragonyana, “mo kgweding ya bolesome [June], mo letsatsing la ntlha la kgwedi.” (Genesise 8:5) * Dikgwedi di le tharo morago ga foo (malatsi a le 90)—fa Noa a le “mo ngwageng wa bomakgolo a marataro le bongwe, mo kgweding ya ntlha, mo letsatsing la ntlha la kgwedi,” kana mo bogareng jwa September, 2369 B.C.E.—Noa o ne a tlosa sebipo sa araka. Ka nako eo o ne a kgona go bona gore “lefatshe le ne le omile.” (Genesise 8:13) Mo lobakeng lwa kgwedi le malatsi a le 27 (malatsi a le 57) moragonyana, “mo kgweding ya bobedi, mo letsatsing la bomasome a mabedi le bosupa la kgwedi [mo bogareng jwa November 2369 B.C.E.], lefatshe le ne le omeletse.” Ka nako eo Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tswa mo arakeng mme ba ya mo lefatsheng le le omileng. Ka gone, Noa le lelapa la gagwe ba ne ba fetsa ngwaga le malatsi a le lesome (malatsi a le 370) mo arakeng.—Genesise 8:14.
Dipego tseno tse di tlhomameng tse di akaretsang rekoto ya ditiragalo, dintlha le dinako di supa eng? Di supa fela gore: Moporofeti wa
Mohebera Moshe yo go bonalang a ile a kwala pego ya Genesise go ya ka direkoto tse a neng a di newa, o ne a kwala dintlha tse di boammaaruri, e seng tlhamane fela. Ka gone, Morwalela o na le bokao jo bogolo mo go rona gompieno.Bakwadi ba Bangwe ba Baebele Ba ne Ba Leba Morwalela Jang?
Kwantle ga pego ya Genesise, go na le ditemana di le dintsi mo Baebeleng tse di buang ka Noa kana Morwalela. Ka sekai:
(1) Esera yo e neng e le mmatlisisi o ne a akaretsa Noa le barwa ba gagwe (Sheme, Hame le Jafethe) mo tatelanong ya masika a setšhaba sa Iseraele.—1 Ditiragalo 1:4-17.
(2) Luke yo e neng e le ngaka e bile e le mokwadi wa Efangele o akaretsa Noa mo lenaaneng la bagologolwane ba ga Jesu Keresete.—Luke 3:36.
(3) Moaposetoloi Petere o umaka pego ya Morwalela gangwe le gape fa a kwalela Bakeresetekaene.—2 Petere 2:5; 3:5, 6.
(4) Moaposetoloi Paulo o umaka tumelo e e nonofileng e Noa a e bontshitseng ka go aga araka gore lelapa la gagwe le falole.—Bahebera 11:7.
A go ka nna le pelaelo ya gore bakwadi bano ba ba tlhotlheleditsweng ba Baebele ba ne ba sa dumele pego ya Genesise kaga Morwalela? Ga go pelaelo gore ba ne ba e tsaya e le tiragalo ya mmatota.
Jesu le Morwalela
Jesu Keresete o ne a kile a tshela pele ga a tla mo lefatsheng. (Diane 8:30, 31) Ka nako ya Morwalela e ne e le sebopiwa sa semoya kwa legodimong. Ka gone, e re ka Jesu a bone se se neng se direga, ke ene yo o re nayang bosupi jo bogolo go gaisa jwa Dikwalo kaga Noa le Morwalela. Jesu o ile a re: “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo. Gonne fela jaaka ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga morwalela, baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa a tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.”—Mathaio 24:37-39.
A Jesu o ne a ka dirisa tlhamane go re tlhagisa ka bokhutlo jo bo tlang jwa tsamaiso eno ya dilo? Legoka! Ga re na pelaelo gore o dirisitse sekai sa mmatota se se bontshang kafa Modimo a ileng a atlhola baikepi ka teng. Ee, batho ba le bantsi ba ne ba swa, mme gone re ka namediwa pelo ke go itse gore Noa le lelapa la gagwe ba ne ba namolwa mo Morwaleleng.
“Malatsi a ga Noa” a na le bokao jo bogolo mo bathong ba ba tshelang gompieno mo nakong ya “go nna gone ga Morwa motho,” Jesu Keresete. Fa re ntse re bala pego e e akaretsang dintlha di le dintsi ya Morwalela wa lefatshe lotlhe e e mo rekotong e e kwadilweng ke Noa, re ka dumela re sa belaele gore ke pego ya boammaaruri ya hisitori. Mme pego ya Genesise e e tlhotlheleditsweng ke Modimo ya Morwalela e na le bokao jo bogolo mo go rona. Fela jaaka Noa, bomorwawe le basadi ba bone ba ile ba nna le tumelo mo thulaganyong ya Modimo ya go ba namola, le rona gompieno Jehofa a ka re sireletsa fa re na le tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. (Mathaio 20:28) Mo godimo ga moo, re ka nna le tsholofelo ya go nna bangwe ba batho ba ba tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo fela jaaka pego ya ditiragalo ya ga Noa e bontsha gore ene le lelapa la gagwe ba ile ba falola Morwalela o o neng wa fedisa batho ba ba boikepo ba motlha wa gagwe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 7 Go bona dintlha ka botlalo malebana le letlha le Morwalela o nnileng ka lone, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 1, ditsebe 458-60, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
^ ser. 12 Buka ya Keil-Delitzsch Commentary on the Old Testament, Bolumo 1, tsebe 148, ya re: “Gongwe ditlhoa tsa dithaba di ne tsa bonala malatsi a le 73 morago ga gore araka e nne mo go tsone, ke gore, ditlhoa tsa dithaba tsa Armenia, tse di neng di dikologile araka.”
[Lebokoso mo go tsebe 5]
A ba Tshetse Lobaka lo Loleele go le Kalo?
BAEBELE ya re: “Malatsi otlhe a ga Noa a ne a fitlha go dingwaga di le makgolo a le robongwe le masome a matlhano mme a swa.” (Genesise 9:29) Rremogolo wa ga Noa e bong Methusela o ne a tshela dingwaga di le 969—motho yo go fitlha jaanong a tshetseng lobaka lo loleele go feta botlhe. Palogare ya boleele jwa botshelo jwa dikokomana tse di lesome tsa go tloga ka Adame go fitlha ka Noa ke dingwaga tse di fetang 850. (Genesise 5:5-31) A batho ba nako eo ba ne ba tshela lobaka lo loleele go le kalo?
Boikaelelo jwa Modimo go tloga kwa tshimologong e ne e le gore batho ba tshelele ruri. Motho wa ntlha e bong Adame o ne a bopiwa a na le tshono ya go tshela a sa swe fa a ne a ka ikobela molao wa Modimo. (Genesise 2:15-17) Le fa go ntse jalo, Adame o ne a tlola molao mme a latlhegelwa ke tshono eo. Morago ga gore a fetse dingwaga tse 930 a tshela, botshelo jwa gagwe bo ngotlega ka iketlo go fitlha a swa, o ne a boela mo mmung mo a neng a tswa gone. (Genesise 3:19; 5:5) Motho yono wa ntlha o ne a fetisetsa boleo le loso mo baneng botlhe ba gagwe.—Baroma 5:12.
Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba tshela mo motlheng oo ba ne ba le gaufi thata le boemo jwa go itekanela jo Adame a neng a na le jone pele, mme go bonala seo e le sone se se neng se dira gore ba tshele lobaka lo loleele go feta ba ba neng ba tsholwa moragonyana thata. Ka gone, batho bangwe ba ba tshetseng pele ga morwalela ba ne ba tshela dingwaga tse di batlang di tshwara sekete mme dingwaga tseo di ne tsa fokotsega thata morago ga Morwalela. Ka sekai, Aborahame o ne a tshela dingwaga di le 175 fela. (Genesise 25:7) Mme dingwaga di le 400 morago ga loso lwa tlhogo eo e e ikanyegang ya lotso, moporofeti Moshe o ne a re: “Malatsi a dingwaga tsa rona ka boone ke dingwaga di le masome a supa; mme fa e le ka ntlha ya thata e e kgethegileng ke dingwaga di le masome a le robedi, le fa go ntse jalo di ganelela mo matshwenyegong le mo dilong tse di utlwisang botlhoko.” (Pesalema 90:10) Le gompieno batho ba tshela dingwaga tse kalo.
[Tšhate/Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]
Go Bala re Boela Morago, go Tloga ka Nako ya fa Kurose a Ntsha Taelo ya go Letla Bajuda go Boa Kwa Botshwarong go Fitlha ka Morwalela wa Motlha wa ga Noa
537 Taelo ya ga Kurose *
539 Go thankgolwa ga Babelona
ke Kurose wa Peresia
Dingwaga tse 68
607 Go swafala ga Juda ka dingwaga
tse 70 go a simolola
Dingwaga tse 906
tsa go okamelwa
ke baeteledipele,
baatlhodi le dikgosi
tsa Iseraele
1513 Khudugo ya Iseraele ya go tswa
kwa Egepeto
Dingwaga tse 430 Lobaka lwa dingwaga di le 430
lwa fa bana ba Iseraele ba ne ba
nna kwa Egepeto le kwa Kanana
1943 Go tlhongwa ga kgolagano
ya ga Aborahame
Dingwaga tse 205
2148 Go tsholwa ga ga Tera
Dingwaga tse 222
2370 Go simologa ga Morwalela
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 35 Taelo ya ga Kurose ya gore Bajuda ba gololwe kwa botshwarong e ne ya dirwa “mo ngwageng wa ntlha wa ga Kurose kgosi ya Peresia,” gongwe ka ngwaga wa 538 B.C.E. kana fa 537 B.C.E. e simologa.