Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhopha Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Tlhopha Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Tlhopha Botshelo Jo bo Sa Khutleng

GOMPIENO batho ba le bantsi ba na le dilo di le dintsi go feta le fa e le leng pele tse ba ka di tlhophang. Ka sekai, gantsi dilo tse di jaaka diaparo, dijo le mafelo a re dirang le a re nnang kwa go one, ke dilo tse motho a ka di itlhophelang. Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, go tlwaelegile gore motho a itlhophele le molekane wa lenyalo. Le fa go ntse jalo, Baebele e bua ka tlhopho nngwe e e di gaisang tsotlhe—e e ka dirwang ke mongwe le mongwe.

Baebele ya re: “Yo o emelang tshiamo a nitame o tla bona botshelo, mme yo o lelekisang se se bosula o tla bona loso lwa gagwe.” (Diane 11:19) Mme Jesu Keresete o ile a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Ee, Mmopi wa rona o re neile tshono ya go tlhopha tsela e e ka dirang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng! Re tshwanetse go dira eng gore re bone botshelo jo bo sa khutleng?

Go ya ka Baebele, “mo tselaneng ya tshiamo go na le botshelo.” (Diane 12:28) Re ka nna bangwe ba batho ba ba mo tselaneng eno e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Jang? Ka go tlhomamisa gore re tshela tumalanong le thato ya Modimo le ditaelo tsa gagwe. (Mathaio 7:13, 14) Ka jalo, a re direng tlhopho e e siameng mme re bone mpho ya Modimo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 6:23.