Utlwa se Moya o se Buang!
Utlwa se Moya o se Buang!
“A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego.”—TSHENOLO 3:22.
1, 2. Ke kgakololo efe e e boelediwang mo melaetseng ya ga Jesu e a e kwaletseng diphuthego tse supa tse di umakiwang mo bukeng ya Tshenolo?
BATLHANKA ba ga Jehofa ba tshwanetse go sekegela tsebe mafoko a ga Jesu Keresete a a tlhotlheleditsweng ka moya a a a kwaletseng diphuthego tse supa tse di umakilweng mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo. Melaetsa eno yotlhe e na le kgakololo e e reng: “A yo o nang le tsebe a utlwe se moya o se buang le diphuthego.”—Tshenolo 2:7, 11, 17, 29; 3:6, 13, 22.
2 Re setse re sekasekile melaetsa ya ga Jesu e a e kwaletseng baengele kgotsa balebedi ba phuthego ya Efeso, Semerena le Peregamo. Re ka solegelwa molemo jang ke se a se buileng le diphuthego tse dingwe tse nnè, a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo?
Go Moengele wa Thiatira
3. Motse wa Thiatira o ne o le fa kae, mme o ne o itsege thata ka eng?
3 “Morwa Modimo” o akgola phuthego ya Thiatira le go e kgalema. (Bala Tshenolo 2:18-29.) Thiatira (e jaanong e leng Akhisar) e ne e agilwe go ipapatha le molatswana wa Noka ya Gediz (e bogologolo e neng e le Hermus) e e mo bophirima kwa Asia Minor. Motse ono o ne o itsege thata ka ditiro tse dintsinyana tsa botaki. Bafetolamebala ba teng ba ne ba dirisa medi ya setlhatsana sa madder go dira matsela a teng a a tumileng a mmala o o bobududu jo bo mokgona kana phepole. Lidia, yo o neng a nna Mokeresete ka nako ya fa Paulo a ne a etetse Filipi kwa Gerika, e ne e le “morekisi wa letsela le le bobududu jo bo mokgona, wa motse wa Thiatira.”—Ditiro 16:12-15.
4. Phuthego ya Thiatira e ne ya akgolelwa eng?
4 Jesu o akgolela phuthego ya Thiatira ditiro tsa yone tse di molemo, lorato lwa yone, tumelo, boitshoko le bodiredi jwa yone. Tota e bile, ‘ditiro tsa bone tsa morago di ne di feta tsa pele.’ Le fa go ntse jalo, tota le fa re ka tswa re itiretse leina le lentle, le ka motlha ga re a tshwanela go tlhokomologa boitsholo jwa rona.
5-7. (a) “Mosadi yoo Jesebele” e ne e le mang, mme go ne go tshwanetse ga dirwa eng ka tlhotlheletso ya gagwe? (b) Molaetsa wa ga Keresete o o kwaletsweng phuthego ya Thiatira o thusa basadi ba ba ratang Modimo go dira eng?
5 Phuthego ya Thiatira e ne e letlelela kobamelo ya medingwana, dithuto tsa maaka le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Mo gare ga bone go ne go na le “mosadi yoo Jesebele”—gongwe e ne e le setlhopha sa basadi ba ba nang le mekgwa e e jaaka ya ga Kgosigadi Jesebele yo o boikepo wa Bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele. Bakanoki bangwe ba akanya gore ‘baporofeti ba sesadi’ ba Thiatira ba ne ba leka go raela Bakeresete gore ba obamele medingwana ya tsa kgwebo le go nna le seabe mo meketeng e mo go yone medingwana e isediwang ditlhabelo tsa dijo. A go se nne le ope yo o itlhomileng go nna moporofeti wa sesadi yo o tlhotlheletsang batho ba bangwe ka tsela e e sa siamang mo phuthegong ya Bokeresete gompieno!
6 Keresete ‘o ne a tla tloga a latlhela Jesebele yoo mo bolaong jwa bolwetse, mme ba ba dirang boaka le ene a ba latlhela mo pitlaganong e kgolo, fa ba sa ikwatlhaele ditiro tsa bone.’ Le ka motlha balebedi ga ba a tshwanela go letlelela dithuto le tlhotlheletso e e ntseng jalo e e boikepo, e bile ga go a tshwanela ga nna le Mokeresete yo o dirang boaka jwa semoya le jwa mmatota kana yo o inaakanyang le kobamelo ya medingwana e le fela gore a ikutlwele gore “dilo tse di boteng tsa ga Satane” di boikepo go le kana kang. Fa re sekegela tsebe kgakololo ya ga Jesu, re tla ‘ngangatlela se re nang le sone,’ mme re ka se ka ra fekeediwa ke boleo. E re ka batlodiwa ba ganne mekgwa, dikeletso le ditiro tse di boikepo, fa ba tsosiwa ba newa “taolo godimo ga ditšhaba” mme ba tla thusa Keresete go di thubaganya. Gompieno diphuthego di na le dinaledi tsa tshwantshetso, mme batlodiwa ba tla newa “naledi ya moso e e phatsimang,” Monyadi, Jesu Keresete, ka nako ya fa ba tsosediwa kwa legodimong.—Tshenolo 22:16.
7 Phuthego ya Thiatira e ne ya kgalemelwa gore e se ka ya letlelela tlhotlheletso e e boikepo ya basadi ba batlhanogi. Molaetsa wa ga Keresete o o tlhotlheleditsweng ka moya o o kwaletsweng phuthego eno o thusa basadi ba ba ratang Modimo gore ba ikobele maemo a Modimo a ba abetseng one gompieno. Ga ba leke go laola banna e bile ga ba raele bakaulengwe bape gore ba dire boaka jwa semoya kana jwa mmatota. (1 Timotheo 2:12) Go na le moo, basadi ba ba ntseng jalo ba baka Modimo ka go tlhoma sekao ka ditiro tse di molemo le ka tirelo ya bone. (Pesalema 68:11; 1 Petere 3:1-6) Fa phuthego e sireletsa se e nang le sone—boitshwaro le thuto e e itshekileng le tirelo e e botlhokwatlhokwa ya Bogosi—Keresete o tla e segofatsa e seng go e nyeletsa.
Go Moengele wa Saredisa
8. (a) Saredisa e ne e le fa kae, mme dilo dingwe tse e itsegeng ka tsone ke dife? (b) Ke eng fa phuthego ya Saredisa e ne e tlhoka thuso?
8 Phuthego ya Saredisa e ne e tlhoka thuso ka bonako ka gonne e ne e sule semoyeng. (Bala Tshenolo 3:1-6.) Saredisa e ne e le motse o o humileng o o neng o le dikilometara di ka nna 50 kwa borwa jwa Thiatira. Motse ono o o kileng wa bo o na le baagi ba le 50 000 o ne wa humisiwa thata ke go bo o ne o eme sentle mo go tsa kgwebo, temothuto le madirelo a letsela le dikhapete tsa boboa. Go ya ka Josephus yo e leng rahisitori, Saredisa e ne e na le baagi ba bantsi ba Bajuda mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Mo maropeng a motse oo go na le sinagoge le tempele tsa modimo wa sesadi wa Baefeso e bong Aretemise.
9. Re tshwanetse go dira eng fa tirelo ya rona e le seomodiro fela?
9 Keresete o ile a raya moengele wa phuthego ya Saredisa a re: “Ke itse ditiro tsa gago, gore o na le leina la gore o a tshela, mme o sule.” Go tweng fa e le gore re itsege re le batho ba ba nonofileng semoyeng mme gone re sa batle go amogela ditshiamelo dingwe mo phuthegong ya Bokeresete, mme tirelo ya rona e le seomodiro fela e bile ‘re le gaufi le go swa’ semoyeng? Fa e le gore go ntse jalo, re tshwanetse go ‘tswelela re ntse re gopola kafa re amogetseng le kafa re neng ra utlwa’ molaetsa wa Bogosi ka gone, mme re tshwanetse go tsosolosa maiteko a rona mo tirelong e e boitshepo. Eleruri re tshwanetse go simolola go nna le seabe ka botlalo mo dipokanong tsa Bokeresete. (Bahebera 10:24, 25) Keresete o ne a tlhagisa phuthego ya Saredisa jaana: “Eleruri fa o sa tsoge, ke tla tla jaaka legodu, mme ga o na go itse ka gope gore ke tla tla mo go wena ka nako efe.” A le rona tlhagiso eno e a re ama gompieno? Go ise go ya kae re tlile go tshwanelwa ke go ikarabelela.
10. Ke eng se Bakeresete bangwe ba boammaaruri ba ka se dirang le fa seemo se ka tshwana le sa kwa Saredisa?
10 Tota le fa seemo se ka tshwana le sa kwa Saredisa, go ka direga gore go nne le batho ba se kae ba ba ‘sa leswafatseng diaparo tsa bone tsa kafa ntle, le ba ba tsamayang le Keresete ba le mo go tse ditshweu, ka gonne ba a tshwanela.’ Ba kgona go lemotshega ka dinako tsotlhe gore ke Bakeresete, ba nna ba sa leswafala, ba se na selabe mo lefatsheng, mo boitsholong le mo kobamelong ya bone. (Jakobe 1:27) Ka gone, Jesu ‘ga a na go phimola leina la bone ka gope mo bukeng ya botshelo, mme o tla itsise leina la bone fa pele ga Rraagwe le fa pele ga baengele.’ E re ka setlhopha sa batlodiwa sa monyadiwa se kaiwa se tshwanela go tsamaya le Keresete se tla apara leloba le le phatsimang, le le phepa, le le boleta le le emelang ditiro tse di siameng tsa baitshepi ba Modimo. (Tshenolo 19:8) Ditshiamelo tse di molemo tse ba tlileng go nna le tsone kwa legodimong di ba tlhotlheletsa go fenya lefatshe leno. Batho ba ba nang le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le bone ba tla segofadiwa. Le bone maina a bone a kwala mo bukeng ya botshelo.
11. Re tshwanetse go dira eng fa re simolola go otsela semoyeng?
11 Ga go ope wa rona yo o batlang go iphitlhela a le mo seemong se se maswe sa semoya se phuthego ya Saredisa e neng e le mo go sone. Mme go tweng fa re lemoga gore re simolola go otsela semoyeng? Re tla thusega fa re ka tsaya kgato ka bonako. Gongwe re raelesega go dira dilo dingwe tse di sa siamang kgotsa ga re tlhole re nna gone ka metlha kwa dipokanong kgotsa mo bodireding. A re kopeng Jehofa ka go rapela ka tlhoafalo gore a re thuse. (Bafilipi 4:6, 7, 13) Go bala Baebele ka metlha le go ithuta Dikwalo le dikgatiso tsa “molebedi yo o boikanyego” go tla re thusa gore re nne re tsogile semoyeng. (Luke 12:42-44) Go tswa foo re tla tshwana le bangwe ba batho ba Saredisa ba ba neng ba amogelwa ke Keresete, e bile re tla kgothatsa badumedikarona.
Go Moengele wa Filadelefia
12. O ka tlhalosa kobamelo ya kwa Filadelefia wa bogologolo jang?
12 Jesu o ile a akgola phuthego ya Filadelefia. (Bala Tshenolo 3:7-13.) Filadelefia (e jaanong e leng Alasehir) e ne e le lefelo le le humileng la madirelo a beine le le mo bophirima kwa Asia Minor. Tota e bile, modimo wa yone o mogolo e ne e le Dionysus, modimo wa beine. Go bonala Bajuda ba kwa Filadelefia ba ile ba palelwa ke go tlhotlheletsa Bakeresete ba Bajuda koo gore ba tswelele pele ba dira dilo dingwe tse di batlwang ke Molao wa ga Moshe kana gore ba boele mo go tsone.
13. Keresete o dirisitse jang “selotlolo sa ga Dafide”?
13 Keresete ‘o na le selotlolo sa ga Dafide,’ mme ka jalo o okametse ba ntlo ya tumelo le dilo tsotlhe tse di direlwang Bogosi. (Isaia 22:22; Luke 1:32) Jesu o ile a dirisa selotlolo seo go bulela Bakeresete ba kwa Filadelefia le kwa mafelong a mangwe tsela ya gore ba bone ditshiamelo tsa Bogosi. Fa e sa le ka 1919 o buletse “molebedi yo o boikanyego” “kgoro e kgolo” ya go rera ka Bogosi, e go se nang moganetsi ope yo o ka e tswalang. (1 Bakorintha 16:9; Bakolosa 4:2-4) Mme gone, kgoro eno ya ditshiamelo tsa Bogosi ga e a bulelwa batho ba ba mo “sinagogeng ya ga Satane,” ka gonne ga se Baiseraele ba moya.
14. (a) Jesu o ne a solofetsa phuthego ya Filadelefia eng? (b) Ke eng se se ka re thusang go bolokwa ka “nako ya teko”?
14 Jesu o ile a solofetsa Bakeresete ba kwa Filadelefia jaana: “Ka gonne o ne wa boloka lefoko kaga boitshoko jwa me, le nna ke tla go boloka mo nakong ya teko, e e tla tlelang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” Tiro ya go rera e tlhoka gore re nne le boitshoko jo Jesu a neng a na le jone. Le ka motlha ga a ka a ineela mo mmabeng wa gagwe, mme o ne a nna a dira thato ya ga Rraagwe. Ka jalo, Keresete o ne a tsosediwa botshelo jwa bosasweng kwa legodimong. Fa re ema re sa fetoge mo tshwetsong e re e dirileng ya go obamela Jehofa e bile re tshegetsa Bogosi ka go rera dikgang tse di molemo, re tla bolokwa mo ‘nakong ya ga jaana ya teko.’ Re tla ‘nna re ngangatletse se Keresete a re neileng sone’ ka go leka ka natla go dira dilo tse di direlwang Bogosi. Seno se tla felela ka gore batlodiwa ba duelwe ka serwalo se se tlhwatlhwakgolo kwa legodimong mme ditsala tsa bone tse di ikanyegang tsone di bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng.
15. Ba ba tlileng go nna ‘dipilara mo tempeleng ya Modimo’ ba tshwanetse go dira eng?
15 Keresete o tswelela a re: “Yo o fenyang—ke tla mo dira pilara mo tempeleng ya Modimo wa me, mme . . . ke tla kwala mo go ene leina la Modimo wa me le leina la motse wa Modimo wa me, Jerusalema yo mosha yo o fologang kwa legodimong a tswa kwa Modimong wa me, le leina le lesha leo la me.” Balebedi ba ba tloditsweng ba tshwanetse go buelela kobamelo ya boammaaruri. Ba tshwanetse go nna ba tshwanelega go nna maloko a “Jerusalema
yo mosha” ka go rera ka Bogosi Jwa Modimo le ka go nna ba le phepa semoyeng. Ba tshwanetse go dira jalo fa e le gore ba batla go nna dipilara mo tempeleng ya maemo a a kwa godimo ya kwa legodimong le fa ba batla go bidiwa ka leina la motse wa Modimo e le baagi ba one ba kwa legodimong le go bidiwa ka leina la ga Keresete e le monyadiwa wa gagwe. Mme gone, ba tshwanetse go nna le ditsebe tse di ‘utlwang se moya o se buang le diphuthego.’Go Moengele wa Laodikia
16. Ke eng se se itsegeng ka Laodikia?
16 Keresete o ile a kgalema phuthego ya Laodikia e e neng e tsaya dilo motlhofo. (Bala Tshenolo 3:14-22.) Laodikia e ne e le motse o o humileng o o nang le madirelo e bile e le lefelo la go bolokela madi le le dikilometara di ka nna 150 kwa botlhaba jwa Efeso mme e le mo marakanelong a ditsela tse dikgolo tsa kgwebo kwa mokgatsheng o o nonneng wa Noka ya Lycus. Le ne le itsege thata ka go dira diaparo tsa boboa jo bontsho. E re ka Laodikia e ne e le boremelelo jwa sekolo se se itsegeng thata sa bongaka, e ka tswa e ne e dira molemo wa matlho o o bidiwang poere ya Feregia. Asclepius, e bong modimo wa kalafi, e ne e le mongwe wa medingwana e megolo ya motse ono. Go lebega go ne go na le Bajuda ba le bantsinyana kwa Laodikia, ba bangwe ba bone go bonalang ba ne ba humile tota.
17. Ke ka ntlha yang fa Balaodikia ba ile ba kgalemelwa?
17 Jesu fa a bua le phuthego ya Laodikia ka “moengele” wa yone, o bua le yone e le “mosupi yo o ikanyegang le yo o boammaaruri, tshimologo ya popo ka Modimo.” (Bakolosa 1:13-16) Balaodikia ba ile ba kgalemelelwa gore ‘ba ne ba se tsididi le gone ba se mogote’ semoyeng. Keresete o ne a tlile go ba tlhatsa ka gonne ba ne ba le mololo. Ba ne ba tlhaloganya seo sentle. Motse o o gaufi le Laodikia wa Hierapolise, o ne o na le metswedi ya metsi a a molelo, mme Kolosa yone e ne e na le a a tsididi. Le fa go ntse jalo, go bonala metsi a ne a fitlha a le mololo kwa Laodikia ka gonne a ne a tsamaya sekgala se seleele ka dipeipi. Mo gongwe a ne a tsamaya ka mosele wa metsi. Mme fa a tloga a tsena mo Laodikia a ne a tsamaya ka mosele o o dirilweng ka ditena tse di borilweng tse di kannweng ka semente.
18, 19. Gompieno Bakeresete ba ka thusiwa jang jaaka ba kwa Laodikia?
18 Gompieno batho ba ba jaaka Balaodikia ga ba tshwane le metsi a a molelo a a ka tsosolosang mmele e bile ga ba tshwane le metsi a a tsididi a a lapolosang. Le bone ba tla kgwelwa kwa ntle fela jaaka metsi a a mololo! Jesu ga a batle gore e nne babueledi ba gagwe, ke gore “baemedi [ba ba tloditsweng] ba ba emetseng Keresete.” (2 Bakorintha 5:20) Fa ba sa ikwatlhaye, ba tla latlhegelwa ke tshiamelo ya bone ya go nna baboledi ba Bogosi. Balaodikia ba ne ba batla dikhumo tsa lefatshe mme ‘ba sa itse gore ba a hutsafatsa, ba tlhomola pelo, ba humanegile, ba foufetse e bile ga ba ikatega.’ Gompieno batho bape fela ba ba tshwanang le bone fa ba sa batle go humanega, go foufala le go nna ba sa ikatega semoyeng, ba tshwanetse go reka mo go Keresete “gouta e e itshekisitsweng” ya tumelo e e lekilweng, ba reke “diaparo tsa kafa ntle tse ditshweu” tsa tshiamo le “molemo o o tshasiwang wa matlho” o o tla ba thusang go bona sentle semoyeng. Balebedi ba Bakeresete ba itumelela go ba thusa go amega ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng gore ba ‘hume mo tumelong.’ (Jakobe 2:5; Mathaio 5:3) Mo godimo ga moo, balebedi ba tshwanetse go ba thusa go tshasa “molemo o o tshasiwang wa matlho”—go amogela le go tshela tumalanong le thuto ya ga Jesu, kgakololo, sekao le boikutlo jwa gagwe jwa mogopolo. Seno se thusa motho go fenya “keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.”—1 Johane 2:15-17.
19 Jesu o kgalema le go otlhaya batho botlhe ba a ba ratang. Balebedi ba a ba okametseng le bone ba tshwanetse go dira jalo ka bonolo. (Ditiro 20:28, 29) Balaodikia ba ne ba tshwanetse go ‘tlhoafala mme ba ikwatlhaye,’ ba fetole botshelo le tsela e ba akanyang ka yone. A go na le bangwe mo go rona ba ba simolotseng go tshela ka tsela e e dirang gore tirelo e e boitshepo e re e direlang Modimo e se ka ya tlhola e tla pele mo botshelong jwa bone? Fa go ntse jalo, a re ‘rekeng mo go Jesu molemo o o tshasiwang wa matlho’ gore re bone botlhokwa jwa go tlhoafalela go batla Bogosi pele.—Mathaio 6:33.
20, 21. Gompieno ke bomang ba ba bulelang Jesu fa a “kokota,” mme ba solofediwa eng?
20 Keresete a re: “Bona! Ke eme fa setswalong Luke 5:29-39; 7:36-50; 14:1-24) Jaanong o kokota mo setswalong sa phuthego epe e e tshwanang le ya Laodikia. A maloko a yone a tla mmulela, ke gore ba tsosolosa lorato lo ba mo ratang ka lone, ba mo amogela ba bo ba letla gore a ba rute? Fa ba ka dira jalo, Keresete o tla ja le bone ka tsela e e tla ba solegelang molemo semoyeng.
mme ke a kokota. Fa motho a utlwa lentswe la me a bo a bula setswalo, ke tla tsena mo ntlong ya gagwe mme ke je sejo sa maitseboa le ene le ene a se je le nna.” Gantsi Jesu o ne a tle a tlotle ka dilo tsa semoya fa a ja le batho. (21 Gompieno “dinku tse dingwe” di bulela Jesu setswalo ka tsela ya tshwantshetso, mme seo se tla dira gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 10:16; Mathaio 25:34-40, 46) Keresete o tla naya mongwe le mongwe wa batlodiwa ba ba fenyang tshiamelo ya go ‘nna mo setulong sa gagwe sa bogosi, fela jaaka a ne a fenya mme a nna le Rraagwe mo setulong sa Gagwe sa bogosi.’ Ee, Jesu o solofetsa batlodiwa ba ba fenyang tuelo e kgolo ya go nna le ene mo setulong sa bogosi ene a le ka fa letsogong la moja la ga Rraagwe kwa legodimong. Mme dinku tse dingwe tse di fenyang tsone di solofetse go tshela mo lefatsheng le lentle mo pusong ya Bogosi.
Se Rotlhe Re ka Se Ithutang
22, 23. (a) Bakeresete botlhe ba ka solegelwa molemo jang ke mafoko a ga Jesu a a a kwaletseng diphuthego tse supa? (b) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?
22 Ga go pelaelo gore Bakeresete botlhe ba ka solegelwa molemo thata ke mafoko a ga Jesu a a a kwaletseng diphuthego tse supa tsa Asia Minor. Ka sekai, e re ka bagolwane ba Bakeresete ba lemoga gore Keresete o ne a akgola fa go tshwanela, ba tlhotlheletsega go akgola batho ba bangwe le diphuthego tse di dirang sentle semoyeng. Ba thusa badumedikabone go dirisa kgakololo ya Dikwalo fa ba na le makoa mangwe. Rotlhe re ka tswelela pele go solegelwa molemo ke dikarolo tse di farologaneng tsa kgakololo e Keresete a neng a e naya diphuthego tseno tse supa, fa fela re sa diege go e dirisa mme re dira jalo ka thapelo. *
23 Metlha eno ya bofelo ga se nako ya gore re tseye dilo motlhofo, re rata dikhumo kgotsa sepe fela se se ka dirang gore tirelo ya rona go Modimo e nne seomodiro fela. Ka jalo, a diphuthego tsotlhe di tswelele pele di phatsima jaaka ditlhomo tsa lobone tse Jesu a di bolokang di le mo lefelong la tsone. Rona Bakeresete ba ba ikanyegang, a ka metlha re ititeyeng sehuba go sekegela Keresete tsebe fa a bua mme re reetse se moya o se buang. Fa re dira jalo, re tla nna le boipelo jo bo nnelang ruri jwa go nna baphatsimise ba kgalalelo ya ga Jehofa.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 22 Tshenolo 2:1–3:22 e tlhalosiwa le mo go kgaolo 7 go ya go 13 ya buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
O ka Araba Jang?
• “Mosadi yoo Jesebele” e ne e le mang, mme ke eng fa basadi ba ba ratang Modimo ba sa tshwanela go mo etsa?
• Ke maemo afe a a neng a le gone mo phuthegong ya Saredisa, mme ke eng se re ka se dirang go tila go tshwana le bontsi jwa Bakeresete ba teng?
• Jesu o ile a solofetsa phuthego ya Filadelefia dilo dife, mme di re ama jang gompieno?
• Ke eng fa Balaodikia ba ile ba kgalemelwa, mme gone ke dilo dife tse Bakeresete ba ba tlhoafetseng ba di solofetseng?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Re tshwanetse go tila ditiro tse di boikepo tsa “mosadi yoo Jesebele”
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
Jesu o buletse balatedi ba gagwe “kgoro e kgolo” ya ditshiamelo tsa Bogosi
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
A o amogela Jesu le go mo reetsa?