Go Aba mo go Itumedisang Modimo
Go Aba mo go Itumedisang Modimo
JESU le barutwa ba gagwe ba ne ba ja dijo tse di monate kwa Bethani le ditsala dingwe tsa bone tse dikgolo go akaretsa Marea, Maratha le Lasaro yo o neng a sa tswa go tsosiwa. Fa Marea a ne a tsaya leokwane le le turang la dikilogerama di le 0,3 a bo a tlotsa dinao tsa ga Jesu, Judase Isekariota o ne a galefa mme a ntsha maikutlo a gagwe. O ne a ngongorega jaana: “Ke ka ntlha yang fa leokwane le le nkgang monate leno le ne le sa rekisiwe ka didenario di le makgolo a mararo [madi a a ka lekanang le tuelo ya ngwaga] mme tsa newa batho ba ba humanegileng?” Ba bangwe le bone ba ne ba ngongorega jalo.—Johane 12:1-6; Mareko 14:3-5.
Le fa go ntse jalo Jesu o ne a araba a re: “Mo leseng. . . . Gonne lona lo na le bahumanegi ka metlha, mme le fa e le leng fela fa lo batla, lo ka ba direla molemo ka nako le fa e le efe fela, mme nna ga lo na le nna ka metlha.” (Mareko 14:6-9) Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba sa rute fela gore go ntsha dikatso ke selo se se siameng mme gape ba ne ba bolela gore go ka duelela maleo. Jesu ene o ne a tlhalosa sentle gore go aba mo go itumedisang Modimo ga se fela go abela bahumanegi dimpho.
Go sekaseka ka bokhutshwane kafa go neng go abiwa ka gone mo phuthegong ya bogologolo ya Bokeresete go tla re thusa go bona ditsela dingwe tse ka tsone re ka bontshang gore re a amega mme ka jalo ra itumedisa Modimo ka go aba ga rona. Gape go tla dira gore re bone tsela e e molemolemo ya go aba e e ka nnang mosola thata.
‘Ntshang Dimpho Tsa Kutlwelobotlhoko’
Mo makgetlhong a le mmalwa Jesu o ne a rotloetsa barutwa ba gagwe go “[ntsha] dimpho tsa kutlwelobotlhoko,” kgotsa jaaka dithanolo tse dingwe di ranola polelwana eno, “go ntsha dikatso” kgotsa “go abela batho dimpho.” (Luke 12:33; Beibele; A Translation in the Language of the People, ya ga Charles B. Williams) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhagisa malebana le mekgwa ya go aba motho a itshupa e e neng e direlwa fela gore motho yo o abang e nne ene yo o tlotlomadiwang go na le gore go galalediwe Modimo. O ne a re: “Fa o simolola go aba dimpho tsa kutlwelobotlhoko, o se ka wa letsa terompeta kwa pele ga gago, fela jaaka baitimokanyi ba dira mo disinagogeng le mo mebileng, gore ba tle ba galalediwe ke batho.” (Mathaio 6:1-4) Ka go dirisa kgakololo eno, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tila mokgwa wa baeteledipele ba bodumedi ba metlha ya bone wa go aba ba itshupa mme ba tlhopha go thusa batho ba ba tlhokang ka go ba direla dilo dingwe kgotsa go ba naya dimpho ba sa bonwe ke batho.
Ka sekai, mo go Luke 8:1-3, re bolelelwa gore Marea Magadalena, Joana, Susana le ba bangwe ba ne ba dirisa “dilo tsa bone” ba direla Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba sa bonwe ke ope. Le fa banna bano ba ne ba sa tlhoke, ba ne ba tlogetse se ba neng ba itshedisa ka sone gore ba tlhome mogopolo ka botlalo mo bodireding. (Mathaio 4:18-22; Luke 5:27, 28) Fa basadi bano ba ne ba ba thusa gore ba diragatse kabelo ya bone e ba e filweng ke Modimo, tota ba ne ba galaletsa Modimo. Modimo o ne a bontsha gore o amogela se ba se dirileng ka go boloka pego ya ditiro tsa bone tsa bopelotshweu le kutlwelobotlhoko mo Baebeleng gore e balwe ke dikokomana tsotlhe mo isagweng.—Diane 19:17; Bahebera 6:10.
Dorekase ke mosadi yo mongwe yo o pelonomi yo o neng “a tota mo ditirong tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko.” O ne a direla batlholagadi ba ba tlhokang ba motse wa gabone wa Jopa o o gaufi le lewatle diaparo. Ga re itse gore a ke ene a neng a reka dilo tsotlhe tse a neng a di dirisa go ba rokela kgotsa ene o ne a ba rokela fela a sa ba duedise. Le fa go ntse jalo, tiro ya gagwe e e molemo e ne ya dira gore a ratwe ke batho ba a neng a kgona go ba thusa, le ke Modimo, mme seo se ile sa dira gore Modimo a mo segofatse ka ntlha ya tiro ya gagwe e e molemo.—Ditiro 9:36-41.
Go Aba ka Maikaelelo a a Siameng go Botlhokwa
Ke eng se se neng se tlhotlheletsa batho bano gore ba abe? Ga se fela gore ba ne ba ikutlwa ba tlhomoga pelo fa batho ba ne ba ikuela mo go bone ba kopa thuso. Letsatsi le letsatsi ba ne ba ikutlwa ba tshwanetse go dira se ba neng ba kgona go se dira go thusa bahumanegi, batho ba ba nang le mathata, ba ba lwalang kgotsa ba ba nang le mathata a mangwe. (Diane 3:27, 28; Jakobe 2:15, 16) Go aba mo go ntseng jalo ke gone mo go itumedisang Modimo. Gore motho a abe jalo o a bo a tlhotlhelediwa ke go rata Modimo thata mme a rata go etsa botho jwa gagwe jwa go nna kutlwelobotlhoko le go nna pelotshweu.—Mathaio 5:44, 45; Jakobe 1:17.
Moaposetoloi Johane o ne a gatelela go aba ka tsela eno fa a ne a botsa jaana: “Le fa e le mang yo o nang le mo go tshegetsang botshelo ga lefatshe leno mme a bona mokaulengwe wa gagwe a tlhoka mme le fa go ntse jalo a mo tswalela setswalo sa mapelotlhomogi, ke ka tsela efe lorato lwa Modimo lo ntseng mo go ene?” (1 Johane 3:17) Karabo ya potso eno e tlhamaletse. Batho ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo gore ba abele ba bangwe. Modimo o rata batho ba ba tshwanang le ene ka go bontsha moya wa bopelotshweu, mme o a ba duela. (Diane 22:9; 2 Bakorintha 9:6-11) A bopelotshweu jo bo ntseng jalo bo teng gompieno? A re sekasekeng se se diragetseng bosheng jaana mo phuthegong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa.
Legae la mosadimogolo mongwe wa Mokeresete le ne le tlhoka go baakanngwa thata. O ne a nna a le nosi mme a se na ba lelapa ba ba ka mo thusang. Ka dingwaga tse dintsi, legae la gagwe le ne le dirisiwa ka metlha go tshwarela dipokano tsa Bokeresete mo go lone, mme gantsi o ne a laletsa batho mo ga gagwe a bo a ba fa dijo. (Ditiro 16:14, 15, 40) Maloko a phuthego a ne a kopana gore a mo thuse fa a bona bothata jo a neng a le mo go jone. Ba bangwe ba ne ba ntsha madi, ba bangwe ba ne ba thusa ka go bereka. Mo mafelobekeng a le mmalwa, baithaopi ba ne ba pega marulelo a masha, ba dira ntlo e ntšha ya go tlhapela, ba polasetara ba bo ba penta boalo jo bo kwa tlase jwa ntlo, mme ba tsenya dikhabote tse disha mo ntlwaneng ya boapeelo. Go aba ka tsela e e ntseng jalo ga go a felela fela ka gore mosadi yono a newe thuso e a neng a e tlhoka mme gape go ne ga dira gore maloko a phuthego a atamalane go feta pele e bile go ne ga kgatlha baagelani jaaka ba ne ba bona sekao sa go aba ga mmatota ga Bokeresete.
Go na le ditsela tse dintsi tse rona ka borona re ka thusang ba bangwe ka tsone. A re ka ipha nako ya go nna le mosimane kgotsa mosetsana yo o se nang rre? A re ka ela motlholagadi mongwe yo o tsofetseng yo re mo itseng kwa mabenkeleng kgotsa ra mo rokela sengwe? A re ka thusa mongwe yo o tlhokang ka go mo apeela dijo kgotsa ka go mo naya madi? Ga go tlhokege gore re bo re humile gore re thuse ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fa go iketleetsa go le teng, go amogelesega segolobogolo go ya ka se motho o nang le sone, e seng go ya ka se motho a se nang sone.” (2 Bakorintha 8:12) Gone mme, a go aba mo go ntseng jalo ga go thusa batho ka tlhamalalo ke gone fela go aba mo Modimo a tla go segofatsang? Nnyaa.
Go Tweng ka Matsholo a go Namola?
Ka dinako tse dingwe maiteko a go thusa ba bangwe o le esi ga a lekana. Tota e bile, Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba dira letlole la go thusa bahumanegi, mme ba ne ba amogela madi a a neng a ntshiwa ke batho ba ba amegang ba ba neng ba kopana le bone mo tirong ya bone. (Johane 12:6; 13:29) Ka tsela e e tshwanang, diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di ne di phutha madi fa go tlhokega mme di rulaganya gore go thusiwe batho ba bantsi ka one.—Ditiro 2:44, 45; 6:1-3; 1 Timotheo 5:9, 10.
Go ne ga diragala sengwe se se ntseng jalo ka 55 C.E. Diphuthego tsa kwa Judea di ne di wetswe ke lehuma, gongwe seno se ne se bakilwe ke leuba le legolo le ba neng ba sa tswa go nna le lone. (Ditiro 11:27-30) Moaposetoloi Paulo, yo ka metlha a neng a tshwenyega ka bahumanegi, o ne a kopa diphuthego tse di kgakala jaaka ya Makedonia gore di ba thuse. Ene ka boene o ne a rulaganya gore go phuthiwe madi mme a dira gore a isiwe ke banna ba ba tshwanelegang. (1 Bakorintha 16:1-4; Bagalatia 2:10) Ene le ba bangwe ba ba neng ba dira tiro eno ga ba a ka ba duelelwa tiro e ba neng ba e dirile.—2 Bakorintha 8:20, 21.
Gompieno Basupi ba ga Jehofa le bone ba nna ba iketleeleditse go thusa fa go nna le masetlapelo. Ka sekai, ka ngwaga wa 2001 dipula tse dikgolo di ne tsa dira gore go nne le merwalela kwa Houston, Texas kwa U.S.A. Ka kakaretso, magae a le 723 a Basupi a ne a senyegile ka selekanyo se se rileng, mme a mantsi a one a ne a senyegile thata. Ka bonako go ne ga tlhongwa komiti ya namolo ya fa go na le masetlapelo, e maloko a yone e leng bagolwane ba ba tshwanelegang ba Bakeresete gore e thuse go bona gore Basupi ba mo lefelong leo ba ne ba tlhoka eng motho ka namana le go ba naya madi a namolo a a neng a tla ba thusa go lebana le boemo joo, le go baakanya magae a bone. Baithaopi ba ba thusang ka go rata ba ba tswang mo diphuthegong tse di gaufi ba ne ba dira tiro yotlhe. Mosupi mongwe o ne a anaanela thuso e a e neilweng thata mo e leng gore e ne ya re fa khampani ya gagwe ya inshorense e mo duela gore a kgone go baakanya ntlo ya gagwe, gone fela foo o ne a isa madi ao kwa letloleng la namolo
gore go thusiwe ba bangwe ba ba tlhokang thuso.Le fa go ntse jalo, fa go tliwa mo kgannyeng ya go abela mekgatlho e megolo madi, re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re ntse re sekaseka dikopo tse dintsi tse di dirwang. Mekgatlho mengwe e megolo e e abang dimpho e dirisa madi a mantsi go duela batsamaisi ba yone kgotsa go duelela ditshenyegelo tsa phasalatso, mo go dirang gore mo mading a a kokoantsweng go sale a le mannye fela a a ka dirisediwang maikaelelo a one. Diane 14:15 ya re: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” Ka jalo, go tla bo go le botlhale go sekaseka ka kelotlhoko se se akarediwang.
Go Aba mo go Molemo go Gaisa
Go na le go aba mo go botlhokwa le go feta go aba dimpho. Jesu o ne a umaka seno fa mmusi mongwe yo o humileng wa lekawana a ne a mmotsa se a tshwanetseng go se dira gore a bone botshelo jo bo sa khutleng. Jesu o ne a mo raya a re: “Tsamaya o ye go rekisa dilo tsa gago o bo o abele bahumanegi mme o tla nna le letlotlo kwa legodimong, mme o tle o nne molatedi wa me.” (Mathaio 19:16-22) Ela tlhoko gore Jesu ga a ka a re, ‘Abela bahumanegi mme o tla bona botshelo.’ Go na le moo, o ne a oketsa ka gore, “O tle o nne molatedi wa me.” Ka mafoko a mangwe, le fa go abela batho dimpho go ka tswa go le molemo jang, go nna morutwa wa Mokeresete go akaretsa se se fetang seo.
Se Jesu a neng a se rata thata e ne e le go thusa batho ba bangwe semoyeng. Pelenyana fela ga loso lwa gagwe, o ne a raya Pilato a re: “Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” (Johane 18:37) Le fa Jesu a ne a thusa bahumanegi, a fodisa balwetse, a fepa ba ba tshwerweng ke tlala, tiro ya gagwe ya botlhokwa e ne e le go thapisa barutwa ba gagwe mo tirong ya go rera. (Mathaio 10:7, 8) Tota e bile, nngwe ya ditaelo tsa gagwe tsa bofelo e ne e re: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.”—Mathaio 28:19, 20.
Ee, go rera ga go na go rarabolola mathata otlhe a lefatshe. Mme le fa go ntse jalo, go rerela batho ba mefuta yotlhe dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo go galaletsa Modimo ka gonne go diragatsa thato ya gagwe mme go dira gore batho ba ba amogelang molaetsa wa Modimo ba bone melemo e e tla nnelang ruri. (Johane 17:3; 1 Timotheo 2:3, 4) A o ka ipha nako ya go reetsa molaetsa wa Basupi ba ga Jehofa mo lekgetlhong le le latelang fa ba go etetse? Ba go tlisetsa mpho ya semoya. Mme ba itse gore ga ba ka ke ba go abela sepe se se botoka go gaisa seo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 6]
Go na le ditsela di le dintsi tse re ka bontshang ka tsone gore re amega ka ba bangwe
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go rera dikgang tse di molemo go itumedisa Modimo mme go dira gore batho ba bone melemo e e tla nnelang ruri