Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Diragalang ka Mekgatlho e e Abang Dimpho?

Go Diragalang ka Mekgatlho e e Abang Dimpho?

Go Diragalang ka Mekgatlho e e Abang Dimpho?

MORAGO ga ditlhaselo tsa September 11, 2001, kwa New York City le kwa Washington, D.C., batho ba ba neng ba amilwe ke ditlhaselo tseo ba ne ba thusiwa ka tsela e e tlhomologileng. Mekgatlho e e abang dimpho e ne ya amogela meneelo ya diranta di le dimilione di le dikete di le 23,7 e e neng e ntsheditswe go thusa ba malapa a a swetsweng. Batho gongwe le gongwe ba ne ba batla go thusa ka gonne ba ne ba hutsafaditswe ke tshenyo e e neng e dirilwe.

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ne ba galefa fa go ne go utlwala gore mekgatlho mengwe e e itsegeng e e abang dimpho e ne e sa dirise madi a a ntshitsweng ka tshwanelo. Batho ba ne ba galefile thata fa go ne go begwa gore mokgatlho mongwe o mogolo o o abang dimpho, o o neng o amogetse diranta di le dikete di le dimilione tse nnè, o ne o ikaeletse go beela kwa thoko mo e ka nnang halofo ya madi ao gore o a dirisetse dilo tse dingwe. Le fa mokgatlho oo moragonyana o ile wa fetola maikaelelo a one mme wa ikopa maitshwarelo, mmegadikgang mongwe o ne a re: “Batshwayadiphoso ba tsaya go fetola mogopolo gono go ka se ka ga dira gore batho ba boe ba ikanye mokgatlho oo gape” jaaka ba ne ba o ikanya pele ga ditlhaselo. Wena o ikutlwa jang? A morago jaana ga o tlhole o ikanya mekgatlho e e abang dimpho jaaka o ne o e ikanya pele?

A ke Go Thusa Kana ke go Senya Madi?

Ka kakaretso, go tsewa e le selo se se molemo go abela mekgatlho e e abang dimpho. Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o dumalanang le seo. Dingwaga di feta 200 tse di fetileng, Samuel Johnson, mokwaladitlhamo wa Moesemane, o ne a kwala jaana: “O tlhomamisega gore o dira selo se se molemo fa o duela batho ba ba berekang, o ba duelela tiro e ba e dirileng, go na le gore o abe madi e le mpho fela.” Batho bangwe gompieno ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang, mme dipego tse di tlhalosang gore mekgatlho mengwe e e abang dimpho ga e dirise madi a e a abetsweng sentle di dira gore batho ba felelwe ke tshepo mo go yone. A re sekasekeng dikai dingwe tse pedi tsa bosheng.

Motsamaisi wa mokgatlho mongwe wa bodumedi o o abang dimpho kwa San Francisco o ne a lelekwa mo tirong fa go sena go bolelwa gore o ne a batla gore mokgatlho wa gagwe o duelele karo ya go intlafatsa e a neng a e dirilwe, o bo o duele R4 400 ya beke le beke ya dijo tse a neng a di ja kwa resetšhurenteng mo lobakeng lwa dingwaga tse pedi. Kwa Boritane, barulaganyi ba thulaganyo nngwe e e neng ya gasiwa mo nageng yotlhe ya mokgatlho mongwe o o abang dimpho, ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong fa go ne go lemogiwa gore mo dipontong di le dimilione di le 6,5 (diranta di ka nna dimilione di le 92) tse di neng di ntsheditswe gore go agiwe magae a masha a dikhutsana kwa Romania, go ne ga agiwa matlo a le 12 fela a maemo a a kwa tlase, mme ga go itsiwe gore dimilione tse dingwe tsa diranta di feletse kae. Dipego tse di tshwanang le tseno tse di sa itumediseng di dirile gore batho bangwe ba ba abang madi ba nne kelotlhoko gore ba ntsha bokae le gone ba neela mang madi ao.

O Abe Kana o Tlogele

Le fa go ntse jalo, go tla bo go utlwisa botlhoko go letla ditiro tsa batho bangwe ba le mmalwa kana tsa mekgatlho mengwe di dira gore re se ka ra tlhola re amega go tswa pelong ka ba bangwe kana re ba utlwela botlhoko. Baebele ya re: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone.” (Jakobe 1:27) Ee, go amega o bo o tsaya kgato go thusa bahumanegi le batho ba ba tlhokang ke karolo ya botlhokwa ya go nna Mokeresete.

Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘A ke tswelele ke abela mekgatlho e e abang dimpho, kgotsa ke thuse fela ka go naya batho dimpho ka tlhamalalo?’ Modimo o lebeletse gore re abe ka tsela e e ntseng jang? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.