Go Ithuta Tsela ya go Ritibala
Go Ithuta Tsela ya go Ritibala
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana mo lekwalong le le kgothatsang le a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Filipi: “Ke ithutile go ritibala, mo maemong le fa e le afe a ke leng mo go one. . . . Mo go sengwe le sengwe le mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone le kafa go tlhoka go ntseng ka gone.”—Bafilipi 4:11, 12.
Paulo o ne a dira jang gore a ritibale? Fa re akanyetsa kafa dilo di le dintsi tsa botlhokwa di turang ka teng le kafa seemo sa ikonomi se sa iketlang ka teng mo motlheng wa rona, ruri go ka nna molemo gore Bakeresete ba boammaaruri ba ithute kafa ba ka nnang ba ritibetse ka teng gore ba kgone go tlhoma mogopolo mo go direleng Modimo.
PELENYANA mo lekwalong la gagwe, Paulo o ne a tlhalosa kafa a neng a atlegile ka teng pele. O ne a re: “Fa motho mongwe yo mongwe a akanya gore o na le mabaka a go nna le tshepo mo nameng, nna ke na le one bogolo: ke rupile mo letsatsing la borobedi, ke wa losika lwa lelapa la Iseraele, wa lotso lwa Benjamine, Mohebera yo o tsetsweng ke Bahebera; malebana le molao, ke Mofarasai; ka ga tlhoafalo, ke ne ke bogisa phuthego; ka ga tshiamo e e leng ka molao, ke yo o itshupileng a se na molato.” (Bafilipi 3:4-6) Mo godimo ga moo, e re ka Paulo e ne e le Mojuda yo o tlhoafetseng, o ne a romilwe ke baperesiti ba bagolo kwa Jerusalema e bile ba ne ba mo tshegetsa. Mo tsamaisong ya Sejuda, sotlhe seno se ne se ka dira gore a nne le thata le maemo a bopolotiki, a bodumedi, mme kwantle ga pelaelo le a itsholelo.—Ditiro 26:10, 12.
Le fa go ntse jalo, fa Paulo a nna modiredi yo o tlhoafetseng wa Mokeresete, go ne ga nna le phetogo e kgolo. Ka ntlha ya dikgang tse di molemo, o ne a tlogela ka go rata dilo tsotlhe tse a neng a atlegile mo go tsone le sengwe le sengwe se pele se neng se tsewa se le botlhokwa. (Bafilipi 3:7, 8) Jaanong o ne a tla itshedisa jang? A o ne a tla duelelwa go nna modiredi? O ne a tla dira jang gore a nne le dilo tse a di tlhokang?
Paulo o ne a dira bodiredi jwa gagwe a sa duelwe. E re ka a ne a sa batle go nna morwalo mo bathong ba a neng a ba direla, o ne a dira le Akhwila le Perisila mo tirong ya bone ya go dira ditente fa a ne a le kwa Korintha, mme a dira le dilo tse dingwe gore a itshedise. (Ditiro 18:1-3; 1 Bathesalonika 2:9; 2 Bathesalonika 3:8-10) Paulo o ne a tsaya maeto a maleele a le mararo mo tirong ya borongwa, mme gape o ne a ya kwa diphuthegong tse di neng di tlhoka go etelwa. E re ka a ne a tshwaregile thata a direla Modimo, o ne a se na dithoto tse dintsi. Gantsi bakaulengwe ba ne ba mo naya dilo tse a di tlhokang. Le fa go ntse jalo, o ne a tle a tlhoke ka ntlha ya maemo a a thata. (2 Bakorintha 11:27; Bafilipi 4:15-18) Mme Paulo o ne a se ke a ngongorega ka seemo sa gagwe se se sa itumediseng, e bile o ne a sa tswele pelo dilo tse ba bangwe ba neng ba na le tsone. O ne a rata e bile a itumelela go dira ka thata go thusa Bakeresete ka ene. Tota e bile, Paulo ke ene a neng a nopola mafoko ano a a itsegeng thata a ga Jesu: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” A bo e le sekao se se molemo jang se rotlhe re ka se latelang!—Ditiro 20:33-35.
Se se Kaiwang ke go Ritibala
Sengwe sa botlhokwa se se neng sa dira gore Paulo a nne a itumetse e bile a kgotsofetse ke gore o ne a ritibetse. Mme gone, go ritibala go kayang? Totatota, go kaya go kgotsofalela dilo tsa botlhokwa. Fa Paulo a ne a bua ka seno, o ne a raya Timotheo yo a neng a tsamaya le ene mo bodireding, a re: “Eleruri, boineelo jono jwa bomodimo mmogo le thetebalo ke tsela ya papadi e kgolo. Gonne ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe. Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.”—1 Timotheo 6:6-8.
Ela tlhoko gore Paulo o ne a amanya go ritibala le boineelo jwa bomodimo. O ne a itse gore motho a ka se bone boitumelo jwa boammaaruri ka go nna le dithoto kgotsa khumo mme a ka bo bona ka go nna le boineelo jwa bomodimo, ke gore, go baya tirelo ya Modimo kwa pele. Go nna le “dijo le se [a] ipipang ka sone” e ne e le tsela fela ya gore a kgone go tswelela a ineetse mo Modimong. Ka jalo se se neng se dira gore Paulo a nne a ritibetse e ne e le go ikaega ka Jehofa, go sa kgathalesege maemo.
Batho ba le bantsi gompieno ba nna ba tlhobaetse e bile ba sa itumela ka gonne ba sa itse tsela ya go nna ba ritibetse kgotsa ba e itlhokomolosa. Go na le gore ba ithute go ritibala, ba ikanya madi le dilo tse di ka rekwang ka madi. Ba tsa phasalatso le metswedi ya tshedimosetso ba dira gore batho ba akanye gore ba ka itumela 1 Timotheo 6:9, 10.
fela fa ba ka nna le dilwana le didirisiwa tsa moragorago le tsa maemo a a kwa godimo thata—e bile ba nna le tsone gone jaanong. Seno se felela ka gore batho ba le bantsi ba iphitlhele ba tshwaregile ka go batla madi le dithoto. Go na le gore ba itumele ba bo ba kgotsofale, “ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.”—Ba Ithutile go Ritibala
Mo malatsing ano, a tota go ka kgonega gore motho a ineele mo Modimong a bo a ritibale mme a nne a itumetse e bile a kgotsofetse? Ee, go ka kgonega. Tota e bile, batho ba le dimilione gompieno ba dira fela jalo. Ba ithutile go kgotsofalela dithoto tse ba nang le tsone. Ke Basupi ba ga Jehofa, ba ba ineetseng mo Modimong, ba ba dirang thato ya gagwe e bile ba ruta batho gongwe le gongwe ka maikaelelo a gagwe.
Ka sekai, akanya ka batho ba ba ithaopetseng gore ba thapisiwe Mathaio 24:14) Gantsi, dinaga tse ba romelwang kwa go tsone ga di a tlhabologa jaaka tse ba tswang kwa go tsone. Ka sekai, fa barongwa ba ne ba goroga kwa nageng nngwe ya Asia kwa tshimologong ya 1947, go ne go sa ntse go bonala gore naga eo e ne e ripitlilwe ke ntwa, mme ke magae a le mmalwa fela a a neng a na le dipone tsa motlakase. Mo dinageng tse dintsi, barongwa ba fitlhetse diaparo di tlhatswediwa mo godimo ga lepolanka kgotsa mo majeng fa nokeng, di sa tlhatswiwe ka motšhine wa motlakase wa go tlhatswa. Mme bone ba ne ba tlile go ruta batho boammaaruri jwa Baebele, ka jalo ba ne ba itlwaetsa maemo a mo mafelong a ba leng mo go one mme ba tshwarega mo bodireding.
mme ba romelwe kwa dinageng di sele e le barongwa gore ba ye go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Ba bangwe ba ile ba tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng kgotsa ba fudugela kwa mafelong a go iseng go rerwe dikgang tse di molemo kwa go one. Adulfo o ile a direla jaaka modiredi wa nako e e tletseng ka dingwaga di feta 50 mo dikarolong tse di farologaneng tsa Mexico. A re: “Fela jaaka moaposetoloi Paulo, nna le mosadi wa me re ile ra ithuta go fetofetoga le maemo. Ka sekai, nngwe ya diphuthego tse re neng ra di etela e ne e le kgakala le toropo kgotsa mmaraka. Fa e le nako ya dijo, bakaulengwe ba ne ba kgotsofalela go ja phaphatha e le nngwe fela ka mafuranyana le letswai ba bo ba nwa kopi ya kofi. Ke sone fela se ba neng ba se ja—diphaphatha tse tharo ka letsatsi. Ka jalo re ne ra ithuta go tshela fela jaaka bakaulengwe bano. Ke nnile le maitemogelo a mantsi a a tshwanang le ano mo dingwageng tse 54 tsa fa ke ntse ke direla Jehofa ka nako e e tletseng.”
Florentino o gakologelwa kafa ene le ba lelapa la gabone ba ileng ba fetofetoga ka teng fa maemo a nna thata. O bolela jaana a gakologelwa metlha ya bogologolo: “Rre e ne e le mogwebi yo o humileng. O ne a na le dikago tse dintsi. Ke sa ntse ke gakologelwa khaontara e e neng e le kwa lebenkeleng la rona. Go ne go na le llae e ka nna bophara jwa disentimetara di le 50 le boteng jwa disentimetara di le 20, mme e ne e kgaogantswe ganè mo teng. Re ne re tsenya madi a a amogetsweng ka letsatsi mo go yone. Ka metlha fa letsatsi le wela, e ne e tletse e bile e tshologa ka madi a ditshipi le a dipampiri.
“Mme ka tshoganetso fela re ne ra nna le mathata a madi, khumo ya rona yotlhe ya foforega mme ra sala re humanegile. Re ne ra sala fela ka legae la rona. Mo godimo ga moo, mongwe wa bonkgonne o ne a nna le kotsi mme a nna segole mo maotong. Dilo di ne di fetogile. Ke ne ka bereka ka nakwana ke rekisa maungo le nama. Gape ke ne ke roba katune, morara le bojang e bile ke thusa le go nosetsa masimo. Batho bangwe ba ne ba mpitsa makgonatsotlhe. Mmè o ne a tlhola a re gomotsa ka go re bolelela gore re na le boammaaruri, jo e leng khumo ya semoya e batho ba le bantsi ba se nang nayo. Ka jalo ke ne ka ithuta go nna mo letlepung le go tlhoka. Jaanong ka gore ke ntse ke direla Jehofa ka nako e e tletseng dingwaga di le 25, nka bolela gore ka metlha ke ile ka itumelela go itse gore ke tlhophile tsela e e molemolemo ya botshelo—go direla Jehofa ka nako e e tletseng.”
Baebele e re bolelela ka tlhamalalo gore “seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” Ke gone ka moo e re rotloetsang jaana: “[A] ba ba ipelang [ba nne] jaaka ba ba sa ipeleng, le ba ba rekang jaaka ba ba se nang sepe, le ba ba dirisang lefatshe jaaka ba ba sa le diriseng ka botlalo.”—1 Bakorintha 7:29-31.
Ka jalo eno ke nako ya gore o sekaseke tsela e o tshelang ka yone. Fa e le gore o a tlhoka, ikele tlhoko gore o se ka wa tenega kgotsa wa hutsafala le go tswela ba bangwe pelo ka ntlha ya seo. Kafa letlhakoreng le lengwe, le fa o ka tswa o na le dithoto di le kana kang, go ka nna molemo gore o di lebe ka tsela e e siameng gore di se ka tsa felela di go laola. Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a gakolola, tlhomamisa gore o se ka wa solofela mo “dikhumong tse di sa tlhomamang, mme [o] solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele.” Fa o dira jalo, le wena o ka bolela gore o ithutile tsela ya go ritibala.—1 Timotheo 6:17-19.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Paulo o ne a dira ka diatla gore a se ka a nna morwalo mo bathong ba bangwe
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Batho ba le diketekete ba bona boitumelo ka go tshela ka ‘boineelo jwa bomodimo mmogo le thetebalo’