Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Temang Fela mme lo Bone Poloko ya ga Jehofa!

Temang Fela mme lo Bone Poloko ya ga Jehofa!

Temang Fela mme lo Bone Poloko ya ga Jehofa!

“Emang mo maemong a lona, emang fela mme lo bone poloko ya ga Jehofa mo boemong jwa lona.”—2 DITIRAGALO 20:17.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa tlhaselo e e tlang ya ga “Gogo wa lefatshe la Magogo” e le masisi thata go feta matshosetsi a borukhutlhi jo bo gomagomelang ditšhaba?

BANGWE ba ile ba tlhalosa borukhutlhi e le go tlhaselwa ga batho ba ba mo lefatsheng, le mokgwa wa bone wa go tshela tota. Go a utlwala gore matshosetsi ano a bo a tshwanetse go tsewa masisi. Mme go na le tlhaselo e nngwe gape e e masisi le go feta, e batho ba ba mo lefatsheng ba sa e eleng tlhoko. Ke efe?

2 Ke tlhaselo ya ga “Gogo wa lefatshe la Magogo,” e Baebele e buang ka yone mo go Esekiele kgaolo 38. A e tla bo e le go feteletsa dilo go bolela gore tlhaselo eno e masisi go feta matshosetsi a borukhutlhi jo bo gomagomelang ditšhaba? Nnyaa le e seng, ka gonne Gogo ga a ne a tlhasela dipuso tsa batho fela. O tla tlhasela puso ya Modimo e e kwa legodimong! Le fa go ntse jalo, Mmopi ene o kgona go emelana le tlhaselo e e bogale ya ga Gogo ka gonne ga a tshwane le batho ba ba sa atlegeng go le kalo fa dipuso tsa bone di tlhaselwa.

Go Tlhaselwa ga Puso ya Modimo

3. Babusi ba lefatshe ba ne ba kopiwa gore ba dire eng fa e sale ka 1914, mme ba ile ba arabela jang?

3 Go ntse go na le kgotlhang fa gare ga Kgosi e e busang ya Modimo le tsamaiso e e boikepo ya ga Satane fa e sa le Bogosi Jwa Modimo bo tlhomiwa kwa magodimong ka 1914. Ka nako eo, babusi ba batho ba ne ba bolelelwa gore ba ikobele Mmusi yo o tlhophilweng ke Modimo. Mme ba ganne go dira jalo, jaaka go boleletswe pele jaana: “Dikgosi tsa lefatshe di a ema le badiredi ba ba kwa godimo ba phuthegile go nna seoposengwe kgatlhanong le Jehofa le motlodiwa wa gagwe, ba re: ‘A re kgaoleng dibofo tsa bone re bo re latlhele megala ya bone kgakala le rona!’” (Pesalema 2:1-3) Go ganediwa ga puso ya Bogosi go tla fitlha kwa setlhoeng ka nako ya tlhaselo ya ga Gogo wa Magogo.

4, 5. Batho ba ka lwa jang le puso ya Modimo e e sa bonaleng, e e kwa legodimong?

4 Re ka nna ra ipotsa gore batho ba ka lwa jang le puso e e sa bonaleng e e kwa legodimong. Baebele e senola gore puso eno e bopilwe ka batho “ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè, ba ba rekilweng mo lefatsheng,” mmogo le “Kwana,” Keresete Jesu. (Tshenolo 14:1, 3; Johane 1:29) E re ka puso eno e le kwa legodimong, e tlhalosiwa e le “magodimo a masha,” mme babusiwa ba yone ba ba mo lefatsheng bone ba bidiwa sentle go twe ke “lefatshe le lesha.” (Isaia 65:17; 2 Petere 3:13) Bontsi jwa babusimmogo le Keresete ba ba 144 000 ba setse ba weditse botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng ka boikanyegi. Ka jalo ba itshupile ba tshwanela go simolola tirelo ya bone e ntšha kwa legodimong.

5 Le fa go ntse jalo, go sa ntse go na le masalela a se kae a ba ba 144 000 mo lefatsheng. Mo bathong ba ba fetang 15 000 000 ba ba neng ba le teng kwa moketeng wa Sejo sa Morena sa Maitseboa ka 2002, ke ba le 8 760 fela ba ba neng ba supa gore ba na le tsholofelo ya gore ba tlhophetswe tirelo eno ya kwa legodimong. Ope fela yo o nnang le sebete sa go tlhasela ba ba setseng bano ba e tla nnang maloko a Bogosi, tota o a bo a tlhasela Bogosi Jwa Modimo.—Tshenolo 12:17.

Kgosi e Digela Phenyo ya Yone

6. Jehofa le Keresete ba leba jang kganetso e e lebagantsweng batho ba Modimo?

6 Tsela e Jehofa a arabelang ka yone fa Bogosi jwa gagwe jo bo tlhomilweng bo ganediwa e ne ya bolelelwa pele jaana: “Yo o ntseng kwa magodimong o tla tshega; Jehofa ka boene o tla ba sotla. Ka nako eo o tla bua le bone ka bogale jwa gagwe gape o tla ba fudua ka go sa itumela ga gagwe mo gogolo, a re: ‘Nna, e leng nna, ke tlhomile kgosi ya me mo Siona, thaba ya me e e boitshepo.’” (Pesalema 2:4-6) Jaanong nako ya gore Keresete a ‘digele phenyo ya gagwe’ a kaelwa ke Jehofa e gorogile. (Tshenolo 6:2) Jehofa o leba jang kganetso e e lebagantsweng batho ba gagwe ka nako ya fa a digela phenyo ya gagwe? O e tsaya e lebagantswe ene le Kgosi ya gagwe e e busang. Jehofa a re: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la me.” (Sekarea 2:8) Le Jesu o ne a gatelela gore fa batho ba direla bomonnawe ba batlodiwa sengwe kgotsa ba sa se ba direle, o tsaya gore ba a bo ba direla ene kgotsa ba sa mo direle.—Mathaio 25:40, 45.

7. Ke ka ntlha yang fa ba “boidiidi jo bogolo,” ba ba tlhalosiwang mo go Tshenolo 7:9, ba galefelwa ke Gogo?

7 Gone ke boammaaruri gore ba ba tshegetsang masalela a batlodiwa ka matlhagatlhaga le bone ba tla galefelwa ke Gogo. Bano ba e tla nnang maloko a “lefatshe le lesha” la Modimo ke “boidiidi jo bogolo” jo bo bidiwang go tswa “mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” (Tshenolo 7:9) Ga twe ba “eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana, ba apere diaparo tse di telele tse ditshweu.” Ka gone ba mo seemong se se siameng fa pele ga Modimo le Keresete Jesu. Ba tshotse “dikala tsa mokolane mo diatleng tsa bone,” ba baka Jehofa jaaka ene Molaodimogolo yo o tshwanetseng wa lobopo, yo o busang ka Kgosi ya gagwe e a e tlhomileng, Jesu Keresete, “Kwana ya Modimo.”—Johane 1:29, 36.

8. Tlhaselo ya ga Gogo e tla dira gore Keresete a dire eng, mme go tla felela ka eng?

8 Tlhaselo ya ga Gogo e tla dira gore Kgosi ya Modimo e e tlhomilweng e tseye kgato mme e simolole ntwa ya Haramagedona. (Tshenolo 16:14, 16) Ba ba ganneng go amogela bolaodi jwa ga Jehofa ba tla senngwa. Mme ba ba itshoketseng go bogisiwa ka ntlha ya go bo ba ikanyega mo Bogosing Jwa Modimo bone ba tla gololesega ka bosakhutleng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le seno: “Seno ke bosupi jwa katlholo e e siameng ya Modimo, e e isang kwa go reng lo kaiwe lo tshwanela bogosi jwa Modimo, jo eleruri lo bogang ka ntlha ya jone. Seno se kopanyeletsa le gore go siame mo Modimong go duela ka pitlagano ba ba lo pitlaganyang, mme, lona ba lo bogang pitlagano, go lo duela ka go lo golola mmogo le rona fa Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla mo molelong o o tutumang, jaaka a tlisa pusoloso mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu.”—2 Bathesalonika 1:5-8.

9, 10. (a) Jehofa o ne a dira jang gore Juda a fenye mmaba wa gagwe yo o boifisang? (b) Bakeresete ba tshwanetse go tswelela ba dirang gompieno?

9 Keresete o tla lwantsha bosula jotlhe mo pitlaganong e kgolo e e tlang, e e tla felelang ka Haramagedona. Mme ga go ne go tlhokega gore balatedi ba gagwe ba lwe, fela jaaka go sa ka ga tlhokega gore banni ba bogosi jwa ditso tse pedi jwa Juda ba lwe dikete tsa dingwaga tse di fetileng. E ne e le ntwa ya ga Jehofa, mme ke ene a neng a dira gore ba fenye. Pego e balega jaana: “Jehofa a baya banna gore ba lalele bomorwa Amona, Moabe le kgaolo e e dithaba ya Seire ba ba neng ba tla mo Juda, mme ba kgemethana. Mme bomorwa Amona le Moabe ba tsogologela banni ba kgaolo e e dithaba ya Seire gore ba ba senye le go ba nyeletsa; mme fela fa ba sena go fetsa ka banni ba Seire, ba thusana gore mongwe le mongwe a senye mongwe ka ene. Mme fa e le Juda yone, e ne ya tla mo toreng ya tebelo ya naga. E rile ba lebisa difatlhego tsa bone kwa boidiiding, bona, ditopo tsa bone tsa bo di wetse fa fatshe go se na ope yo o falotseng.”—2 Ditiragalo 20:22-24.

10 Go nnile fela jaaka Jehofa a ne a boleletse pele: “Ga lo kitla lo tlhoka go lwa.” (2 Ditiragalo 20:17) Seno ke sekao se Bakeresete ba tshwanetseng go se latela fa Jesu Keresete a “digela phenyo ya gagwe.” Fa ba ntse ba letile nako eo, ba tswelela pele ba lwantsha bosula, ba dirisa di­betsa tsa semoya e seng tsa mmatota. Ka go dira jalo ba ‘nna ba fenya bosula ka molemo.’—Baroma 6:13; 12:17-21; 13:12; 2 Bakorintha 10:3-5.

Ke Mang yo o Tla Etelelang Pele mo Tlhaselong ya ga Gogo?

11. (a) Gogo o tla tlhasela a dirisa baemedi bafe? (b) Go nna re tsogile semoyeng go akaretsa eng?

11 Gogo wa Magogo o tlhalosiwa e le Satane Diabolo yo o mo seemong se se maswe fa e sa le ka 1914. E re ka e le sebopiwa sa semoya, ga a kgone go tlhasela ka boene, mme o tla dirisa baemedi ba batho gore ba dire ditiro tsa gagwe. Baemedi bano ba batho e tla nna bomang? Baebele ga e re tlhalosetse ka botlalo, le fa go ntse jalo, e re bolelela dilo dingwe tse di ka re thusang go bona gore e tla nna bomang. Fa ditiragalo tsa lefatshe di ntse di diragatsa boporofeti jwa Baebele, kgabagare re tla tlhaloganya dilo botoka thata. Batho ba ga Jehofa ba tila go fopholetsa dilo mme ba nna ba tsogile semoyeng, ba lemoga ditiragalo tsa bopolotiki le tsa bodumedi tse di tsamaisanang le go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele.

12, 13. Moporofeti Daniele o ne a bolelela pele jang kafa batho ba Modimo ba tla tlhaselwang ka teng la bofelo?

12 Moporofeti Daniele o kwala jaana fa a re naya tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa batho ba Modimo ba tla tlhaselwang ka teng la bofelo: “[Kgosi ya bokone] e tla tswa ka tšararego e kgolo gore e tle e nyeletse le go neelela ba le bantsi tshenyego. Mme e tla tlhoma megope ya yone ya segosi fa gare ga lewatle le legolo le thaba e e boitshepo ya Mokgabiso.”—Daniele 11:44, 45.

13 Mo nakong e Baebele e kwadilweng ka yone “lewatle le legolo” e ne e le Lewatle la Mediterranean mme “thaba e e boitshepo” e ne e le Siona, e Jehofa a neng a bolela jaana ka yone: “Nna, e leng nna, ke tlhomile kgosi ya me mo Siona, thaba ya me e e boitshepo.” (Pesalema 2:6; Joshua 1:4) Ka jalo, ka tsela ya semoya, lefatshe le le “fa gare ga lewatle le legolo le thaba e e boitshepo” le emela lefelo la semoya la Bakeresete ba ba tloditsweng le ba atlegang mo go lone. Ga ba tlhole ba amanngwa le lewatle la batho ba ba itlhobogantseng le Modimo mme ba lebeletse pele go busa le Keresete Jesu mo Bogosing jwa legodimo. Ga go na pelaelo gore batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng le balekane ba bone ba ba ikanyegang ba boidiidi jo bogolo, e tla nna bone ba ba tlhaselwang ke kgosi ya bokone fa e simolola tlhaselo ya yone e e bogale e e boleletsweng pele mo boporofeting jwa ga Daniele.—Isaia 57:20; Bahebera 12:22; Tshenolo 14:1.

Batlhanka ba Modimo ba Tla Itshwara Jang?

14. Ke dilo dife tse tharo tse batho ba Modimo ba tla di dirang fa ba tlhaselwa?

14 Go tla lebelelwa gore batlhanka ba Modimo ba direng fa ba setse ba tlhaselwa? Fano le gone ba tla latela tsela e setšhaba sa Modimo sa bogologolo se neng sa itshwara ka yone mo motlheng wa ga Jehoshafate. Ela tlhoko gore baagi ba setšhaba seno ba ne ba laetswe gore ba dire dilo tse tharo tseno: (1) ba eme mo maemong a bone, (2) ba eme fela, mme (3) ba bone poloko ya ga Jehofa. Batho ba Modimo ba tla itshwara jang gompieno ba dira go ya ka mafoko ano?—2 Ditiragalo 20:17.

15. Ke eng se se kaiwang ke gore batho ba ga Jehofa ba ema mo maemong a bone?

15 Ba ema mo maemong a bone: Batho ba Modimo ba tla tswelela ba ntse ba ema Bogosi Jwa Modimo nokeng ba sa tshikhinyege. Ba tla nna ba bolokile boemo jwa bone jwa boitlhaodi jwa Bokeresete. Ba tla ‘nitama ba sa tshikhinyege’ fa ba ntse ba direla Jehofa ka boikanyegi mme ba tla tswelela ba baka Jehofa phatlalatsa ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jwa lorato. (1 Bakorintha 15:58; Pesalema 118:28, 29) Ga go na kgatelelo epe gone jaanong kgotsa mo nakong e e tlang e e ka ba tshikhinyang mo boemong jono jwa bone jwa go amogelwa ke Modimo.

16. Batlhanka ba ga Jehofa ba tla ema fela ka tsela efe?

16 Ba ema fela: Batlhanka ba ga Jehofa ga ba na go leka go ipoloka mme ba tla ikanya Jehofa ka botlalo. Ke ene fela a ka kgonang go ntsha batlhanka ba gagwe mo tlhakatlhakanong ya lefatshe, e bile o solofeditse gore o tla dira jalo. (Isaia 43:10, 11; 54:15; Dikhutsafalo 3:26) Go ikanya Jehofa go akaretsa go ikanya mosele o o bonalang wa motlha wa gompieno o a ntseng a o dirisa ka dingwagangwaga go diragatsa maikaelelo a gagwe. Bakeresete ba boammaaruri ba tla tshwanelwa ke gore, go feta le fa e le leng pele, ba tshepe baobamedi mmogo le bone ba ba tlhomilweng ke Jehofa le Kgosi ya gagwe e e busang gore ba etelele pele. Banna bano ba ba ikanyegang ba tla kaela batho ba Modimo. Go tlhokomologa kaelo ya bone go ka felela ka masetlapelo.—Mathaio 24:45-47; Bahebera 13:7, 17.

17. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba tla bona poloko ya ga Jehofa?

17 Ba bona poloko ya ga Jehofa: Botlhe ba ba emang mo maemong a bone a boikanyego jwa Bokeresete le ba ba ikanyang Jehofa gore a ba golole, ba tla duelwa ka poloko. Ba tla dira ka mo ba ka kgonang ka teng, go itsise go goroga ga letsatsi la ga Jehofa la katlholo—go fitlha ka ura ya bofelo. Popo yotlhe e tshwanetse go itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le gore o na le batlhanka ba ba ikanyegang mo lefatsheng. Go ka se tlhole go tlhokega gape gore go nne le kgang e e nnelang ruri ya gore a Jehofa ke ene a tshwanetseng go nna molaodimogolo.—Esekiele 33:33; 36:23.

18, 19. (a) Pina ya phenyo e e mo go Ekesodo kgaolo 15 e bontsha jang gore batho ba ba tla falolang tlhaselo ya ga Gogo ba tla ikutlwa jang? (b) Ke eng se batho ba Modimo ba tshwanetseng go se dira gone jaanong?

18 Batho ba Modimo ba tla tsena mo lefatsheng le lesha, ba le matlhagatlhaga, ba tlhoafaletse go opela pina ya phenyo, fela jaaka Baiseraele ba bogologolo ba ne ba dira fa ba sena go gololwa kwa Lewatleng le Lehibidu. E le batho ka bongwe le jaaka setlhopha, ba tla bua mafoko a a tshwanang le a a builweng bogologolo, ka gonne ba leboga Jehofa go bo a ba sireleditse: “Mma ke opelele Jehofa, gonne o goletsegile thata. . . . Jehofa ke motho yo o nonofileng wa ntwa. Jehofa ke leina la gagwe. . . . Seatla sa gago sa moja, wena Jehofa, se ka tšhwetlakanya mmaba. Mme ka bogolo jwa tlotlomalo ya gago o ka kgona go latlhela fa fatshe ba ba go tsogologelang; o romela bogale jwa gago jo bo tukang, bo ba laila jaaka serite. . . . Wena mo bopelonoming jwa gago jwa lorato o eteletse pele batho ba o ba golotseng; wena mo nonofong ya gago ruri o tla ba isa kwa lefelong la gago la bonno le le boitshepo. . . . O tla ba tlisa o bo o ba jala mo thabeng ya boswa jwa gago, lefelo le le tlhomameng le o le baakanyeditseng go nna mo go lone, wena Jehofa, lefelo le le boitshepo, wena Jehofa, le diatla tsa gago di le tlhomamisitseng. Jehofa o tla busa e le kgosi ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”—Ekesodo 15:1-19.

19 E re ka tsholofelo ya batlhanka ba Modimo ya gore ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng e nonofile go feta le fa e le leng pele, eno ke nako e e molemo go di gaisa tsotlhe ya gore ba bontshe boineelo jwa bone mo go Jehofa mme ba ititeye sehuba go feta pele gore ba tla mo direla jaaka Kgosi ya bone ya bosakhutleng!—1 Ditiragalo 29:11-13.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke ka ntlha yang fa Gogo a tla tlhasela batlodiwa le ba dinku tse dingwe?

• Batho ba Modimo ba tla ema jang mo maemong a bone?

• Go ema fela go raya eng?

• Batho ba Modimo ba tla bona jang poloko ya ga Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Jehofa o ne a thusa Jehoshafate le batho ba gagwe gore ba fenye, go sa tlhokege gore ba lwe

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Batlodiwa le ba dinku tse dingwe ba dira mmogo go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Jaaka Baiseraele ba bogologolo, mo bogautshwaneng batho ba Modimo ba tla opela pina ya phenyo