Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Tlwaelo Fela Kgotsa ke Pipamolomo?

A ke Tlwaelo Fela Kgotsa ke Pipamolomo?

A ke Tlwaelo Fela Kgotsa ke Pipamolomo?

WA dikholetšheng dingwe tsa kwa Poland, baithuti ba tlwaetse go kokoanya madi gore ba rekele barutabana ba bone dimpho, ba dira seo ka gonne ba batla go bona maduo a a botoka mo ditlhatlhobong. Ga go gakgamatse go bo Mokeresete mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Katarzyna a kile a lebana le boemo jo bo thata. O ne a ipotsa a re: “A ke ntshe madi kgotsa ke se ka ka a ntsha?” Baithuti ka ene ba ne ba re: “Ke mokgwa o o tlwaelegileng. Ke ka ntlha yang fa o na le dipelaelo ka gonne ga o na go senyegelwa ke sepe mme go na le moo o tla go solegelwa molemo thata?

Katarzyna a re: “Ke a dumela gore mo ngwageng wa me wa ntlha kwa sekolong ke ne ka ntsha madi. Ke ne ka lemoga morago fela gore ka go dira jalo ke ne ke dumalana le go dirisa pipamolomo, e e kgalwang mo Baebeleng.” O ne a gakologelwa ditemana tse di bontshang gore Jehofa o kgala go dirisa pipamolomo fela thata. (Duteronome 10:17; 16:19; 2 Ditiragalo 19:7) Katarzyna a re: “Ke ne ka tlhaloganya gore go motlhofo tota go ineela mo kgatelelong ya balekane. Ke ne ka akanyetsa kgang eno gape ka kelotlhoko mme fa e sa le ka nako eo ga ke ise ke tlhole ke kopanela mo mokgweng ono ka tsela epe.” Mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, le fa baithuti ba bangwe ba ne ba mo sotla, o ne a kgona go tlhalosetsa bangwe ba bone gore ga a kopanele mo go kokoanyeng madi a “dimpho” ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e theilweng mo Baebeleng.

Bangwe ba bone ba ne ba latofatsa Katarzyna ka gore o ikakanyetsa a le nosi e bile ga a botsalano. A re: “Bangwe ba bone ba ntse ba se botsalano mo go nna le gone jaanong. Mme le fa go ntse jalo, ba bantsi ba tlotla tsela e ke lebang dilo ka yone, mme seo se a intumedisa.” Katarzyna o ne a itsiwe e le Mosupi wa ga Jehofa, yo o dirisang melaometheo e e mo Baebeleng mo botshelong jwa gagwe jwa letsatsi le letsatsi.