Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batla se se Molemo mo Bathong Botlhe

Batla se se Molemo mo Bathong Botlhe

Batla se se Molemo mo Bathong Botlhe

“A ko o nkgakologelwe, tlhe Modimo wa me, ka tsela e e molemo.”—NEHEMIA 13:31.

1. Jehofa o molemo jang mo bathong botlhe?

FA GO sena go feta malatsi a mantsi go le maru e bile go le letobo, batho ba itumelela go bona letsatsi gape. Batho ba ikutlwa botoka mme ba a itumela. Ka tsela e e tshwanang, fa letsatsi le fisa mme go omile, mosarasarane wa pula—kgotsa pula ya matsorotsoro—e dira gore batho ba lapologelwe. Mmopi wa rona yo o lorato, Jehofa, o dirile atemosefere ya lefatshe e na le mpho eno e e molemo ya maemo a bosa. Jesu o ne a bua ka bopelotshweu jwa Modimo fa a ne a ruta jaana: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong, e re ka a tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile a nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Mathaio 5:43-45) Ee, Jehofa o direla batho botlhe molemo. Batlhanka ba gagwe ba tshwanetse go leka go mo etsa ka go batla se se molemo mo go ba bangwe.

2. (a) Jehofa o dira molemo ka lebaka lefe? (b) Ke eng se Jehofa a se elang tlhoko malebana le gore re itshwara jang fa a re bontsha molemo?

2 Jehofa o dira molemo ka lebaka lefe? Fa e sale Adame a dira boleo, Jehofa ga a ka a kgaotsa go batla se se molemo mo bathong. (Pesalema 130:3, 4) Maikaelelo a gagwe ke go dira gore batho ba ba kutlo ba boe ba tshele mo Paradaiseng. (Baefeso 1:9, 10) Bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang bo re neile tsholofelo ya gore ka Losika lo lo solofeditsweng re ka gololwa mo boleong mme re itekanele. (Genesise 3:15; Baroma 5:12, 15) Go amogela thulaganyo ya thekololo go bula tsela ya gore kgabagare re itekanele. Jaanong Jehofa o etse mongwe le mongwe wa rona tlhoko go bona gore, mo gare ga dilo tse dingwe, re itshwara jang fa a re bontsha bopelotshweu. (1 Johane 3:16) O ela tlhoko sengwe le sengwe se re se dirang go bontsha gore re anaanela bomolemo jwa gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.”—Bahebera 6:10.

3. Re tshwanetse go ipotsa potso efe?

3 Ka jalo, re ka etsa Jehofa jang ka go batla se se molemo mo go ba bangwe? A re sekasekeng dikarabo tsa potso eno mo dikarolong tse nnè tsa botshelo: (1) mo bodireding jwa Bokeresete, (2) mo lelapeng, (3) mo phuthegong, le (4) fa re dirisana le ba bangwe.

Mo Tirong ya go Rera Le ya Go Dira Barutwa

4. Go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete go bontsha jang gore re batla se se molemo mo go ba bangwe?

4 Fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba botsa gore setshwantsho sa korong le mofero se kaya eng o ne a re “tshimo ke lefatshe.” Jaaka barutwa ba ga Keresete ba motlha wa segompieno, re lemoga gore seno se boammaaruri fa re le mo bodireding jwa rona. (Mathaio 13:36-38; 28:19, 20) Bodiredi jwa rona jwa tshimo bo akaretsa go bolela tumelo ya rona phatlalatsa. Lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba itsege ka bodiredi jwa bone jwa ka ntlo le ntlo le mo mebileng ke bosupi jwa gore re dira tiro ya rona ka tlhoafalo go batla botlhe ba ba tshwanelwang ke go utlwa molaetsa wa Bogosi. Tota e bile, Jesu o ne a laela jaana: “Mo motseng le fa e le ofe o lo tsenang mo go one kgotsa motsana, batlisisang gore ke mang mo go one yo o tshwanetseng.”—Mathaio 10:11; Ditiro 17:17; 20:20.

5, 6. Ke ka ntlha yang fa re tswelela re etela batho gangwe le gape mo magaeng a bone?

5 Fa re etela batho ba sa re lebelela, re ela tlhoko tsela e ba itshwarang ka yone fa ba utlwa molaetsa wa rona. Ka dinako tse dingwe mongwe mo legaeng a ka re reetsa, mme yo mongwe ene mo go lone legae leo o ka nna a re, “Ga re kgatlhegele go reetsa,” mme loeto lwa rona lo bo lo khutla. Go re utlwisa botlhoko gore fa motho a le mongwe a ganetsa kgotsa a sa kgatlhegele molaetsa, seo se ama tsela e yo mongwe a arabelang ka yone! Ka jalo, ke eng se re ka se dirang gore re tswelele pele re batla se se molemo mo bathong botlhe?

6 Mo nakong e e tlang fa re rera kwa lefelong leo re bo re etela legae leo re ka nna ra bulegelwa ke sebaka sa go bua ka tlhamalalo le motho yo o neng a khutshwafatsa loeto lwa rona mo nakong e e fetileng. Go gakologelwa se se diragetseng mo nakong e e fetileng go tla re thusa go baakanyetsa. Motho yo o ganetsang o ka tswa a ne a dira jalo ka maitlhomo a a molemo, a dumela gore o tshwanetse go thibela yo o reeditseng gore a se ka a reetsa molaetsa wa Bogosi. Gongwe tsela e a lebang dilo ka yone e ne e tlhotlheleditswe ke tshedimosetso nngwe ya maaka e a e boleletsweng malebana le maikaelelo a rona. Mme seo ga se re thibele go tswelela re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi kwa legaeng leo, re leka ka botlhale go baakanya dilo tse ba sa di tlhaloganyeng sentle. Re rata go thusa batho botlhe gore ba nne le kitso e e tlhomameng ka Modimo. Gongwe go tswa foo Jehofa o ka gogela motho yoo kwa go ene.—Johane 6:44; 1 Timotheo 2:4.

7. Ke eng se se ka re thusang go nna le maikutlo a a siameng fa re bua le batho?

7 Ditaelo tse Jesu a neng a di naya barutwa ba gagwe di ne di akaretsa le kganetso ya lelapa. A ga a ka a re: “Gonne ke tlile go baka kgaogano, monna kgatlhanong le rraagwe, le morwadi kgatlhanong le mmaagwe, le mosadi yo mmotlana kgatlhanong le matsalaagwe”? Jesu o ne a oketsa ka gore: “Baba ba motho e tla nna batho ba ntlo ya gagabo.” (Mathaio 10:35, 36) Le fa go ntse jalo, maemo a batho le tsela e ba ikutlwang ka yone di a fetoga. Bolwetse jo bo sa lebelelwang, go tlhokafalelwa ke wa losika, masetlapelo, mathata a a amang maikutlo, le mabaka a mangwe a mantsi a ama tsela e batho ba arabelang ka yone fa re ba rerela. Fa re se na tsholofelo—re akanya gore batho ba re ba rerelang ga ba na go arabela—a tota re batla se se molemo mo go bone? Ke ka ntlha yang fa re sa etele magae a bone gape ka boitumelo ka lekgetlho le lengwe? Ba ka nna ba arabela ka tsela e e farologaneng. Ka dinako tse dingwe ga se fela se re se buang mme ke tsela e re se buang ka yone e e dirang gore batho ba arabele ka tsela e e farologaneng. Go rapela Jehofa ka tlhoafalo pele ga re simolola go rera ruri go tla re thusa go nna le maikutlo a a siameng le go bolela molaetsa wa Bogosi ka tsela e e tla kgatlhang botlhe.—Bakolosa 4:6; 1 Bathesalonika 5:17.

8. Go ka felela jang fa Bakeresete ba batla se se molemo mo go ba masika a bone ba ba sa dumeleng?

8 Mo diphuthegong tse dingwe go na le maloko a le mantsi a lelapa le le lengwe a a direlang Jehofa. Gantsi se se ileng sa dira gore ba ba bobotlana ba kgatlhiwe ke mongwe wa losika yo o godileng le go mo tlotla, ke ka go bo a na le kamano e ntle le ba bangwe mo lelapeng le mo lenyalong mme seo sa dira gore ba babotlana ba lebe dilo ka tsela e sele. Go utlwa kgakololo ya ga moaposetoloi Petere go thusitse basadi ba le bantsi ba Bakeresete gore ba gape banna ba bone “kwantle ga lefoko.”—1 Petere 3:1, 2.

Mo Lelapeng

9, 10. Jakobe le Josefa ba ne ba batla jang se se molemo mo go ba lelapa la bone?

9 E re ka maloko a lelapa a atamalane, mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse a batla se se molemo mo go ba bangwe. Sekaseka se re se ithutang mo tseleng e Jakobe a neng a dirisana ka yone le bomorwawe. Mo go Genesise kgaolo 37, temana 3 le 4 Baebele ya re Jakobe o ne a rata Josefa thata. Bomogolowe Josefa ba ne ba nna lefufa, mo ba neng ba feletsa ba loga leano la go bolaya monnaabone. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko boikutlo jwa ga Jakobe le jwa ga Josefa moragonyana mo matshelong a bone. Boobabedi ba ne ba batla se se molemo mo go ba lelapa la bone.

10 Fa Josefa e ne e le molaodi wa kabo ya dijo kwa Egepeto e e neng e tlhasetswe ke leuba, o ne a amogela bomogolowe. Le fa a sa ka a ba itshenolela ka bonako gore ke mang, o ne a tlhomamisa gore ba tlhokomelwa sentle le gore ba nna le dijo tse ba tla di isetsang rraabone yo o tsofalang. Ee, le fa ba ne ba tlhoile Josefa, o ne a ba thusa. (Genesise 41:53–42:8; 45:23) Ka tsela e e tshwanang, fa Jakobe a ne a le gaufi le go swa o ne a segofatsa bomorwawe botlhe ka tsela ya seporofeti. Le fa ditiro tsa bone tse di sa siamang di ile tsa dira gore ba timiwe ditshiamelo dingwe, ga go na ope wa bone yo o neng a se ka a newa boswa jwa naga. (Genesise 49:3-28) Jakobe o ne a bontsha lorato lo lo nnelang ruri ka tsela e e molemo!

11, 12. (a) Ke sekai sefe sa boporofeti se se gatelelang botlhokwa jwa go batla se se molemo mo lelapeng? (b) Re ithuta eng mo sekaing sa rre yo o mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa wa sesinyi?

11 Bopelotelele jwa ga Jehofa fa a ne a dirisana le setšhaba se se se nang tumelo sa Iseraele bo re naya lesedi le le oketsegileng la kafa a dirang gore batho ba gagwe ba solegelwe molemo ka teng. Jehofa o ne a bontsha lorato lwa gagwe lo lo nnelang ruri ka go dirisa maemo a lelapa la ga moporofeti Hosea. Gomere, mosadi wa ga Hosea o ne a dirile boaka gantsi. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a laela Hosea jaana: “Tsamaya gape, o rate mosadi yo o ratiwang ke molekane e bile a dira boaka, fela jaaka go ntse ka lorato lo Jehofa a ratang bomorwa Iseraele ka lone fa ba retologela kwa medimong e mengwe mme ba rata dikuku tsa morara o o swabisitsweng.” (Hosea 3:1) Ke ka ntlha yang fa a ne a newa ditaelo tse di ntseng jalo? Jehofa o ne a itse gore batho bangwe mo setšhabeng se se neng se fapogile mo ditseleng tsa gagwe ba ne ba tla arabela sentle fa a ba bontsha bopelotelele. Hosea o ne a re: “Morago ga moo bomorwa Iseraele ba tla boa mme ruri ba tla batla Jehofa Modimo wa bone, le Dafide kgosi ya bone; mme go ela kwa bokhutlong jwa metlha ba tla tla ba roroma kwa go Jehofa le kwa molemong wa gagwe.” (Hosea 3:5) Eleruri seno ke sekao se se molemo se re tshwanetseng go akanya ka sone fa re lebane le mathata a lelapa. Fa o tswelela o batla se se molemo mo malokong a mangwe a lelapa o tla bo o tlhoma sekao se se molemo sa bopelotelele.

12 Setshwantsho sa ga Jesu sa morwa wa sesinyi le sone se re naya lesedi le le oketsegileng la gore re ka batla jang se se molemo mo go ba malapa a rona. Morwa yo mmotlana o ne a boela gae fa a sena go tlogela botshelo jwa gagwe jwa bosenyi. Rraagwe o ne a mo utlwela botlhoko. Rraagwe o ne a dirang fa morwawe yo mogolwane yo o neng a ise a ko a tlogele lelapa la gabone a ne a ngongorega? O ne a raya morwa yo mogolwane a re: “Ngwanaka, o ntse o na le nna ka metlha, e bile dilo tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago.” O ne a sa mo kgadimole ka bogale mme o ne a mo tlhomamisetsa fela gore jaaka rraagwe, o a mo rata. O ne a tswelela a re: “Re ne re tshwanetse go ijesa monate re bo re ipele, ka gonne yono morwarrago o ne a sule mme a tshela, e bile o ne a latlhegile mme a bonwa.” Le rona ka tsela e e tshwanang re ka tswelela re batla se se molemo mo go ba bangwe.—Luke 15:11-32.

Mo Phuthegong ya Bokeresete

13, 14. Ke tsela efe e nngwe e re ka dirisang ka yone molao wa segosi wa lorato mo phuthegong ya Bokeresete?

13 Jaaka Bakeresete, re batla go dirisa molao wa segosi wa lorato. (Jakobe 2:1-9) Ke boammaaruri gore re ka tswa re amogela maloko a phuthego ya rona a boemo jwa one jwa dithoto tse ba nang le tsone bo farologanang le jwa rona. A mme re “tlhaola batho ka maemo” ka ntlha ya morafe, lotso kgotsa bodumedi jwa bone? Fa go ntse jalo, re ka dirisa jang kgakololo ya ga Jakobe?

14 Go amogela botlhe ba ba nnang teng kwa dipokanong tsa Bokeresete ke bosupi jwa gore re amogela baeng sentle. Fa re simolola metlotlo le batho ba basha ba ba etelang kwa Holong ya Bogosi, letshogo le ba nnang le lone kwa tshimologong le ditlhong di ka fela. Ee, bangwe ba ba nnang teng kwa pokanong ya Bokeresete la ntlha ba akgela jaana: “Mongwe le mongwe o ne a le botsalano. E ne e kete mongwe le mongwe o a nkitse. Ke ne ka ikutlwa ke amogelesegile.”

15. Basha mo phuthegong ba ka thusiwa jang gore ba kgatlhegele batho ba ba godileng?

15 Mo diphuthegong tse dingwe, basha ba le mmalwa ba ka nna ba kokoana mmogo mo teng kgotsa kwa ntle ga Holo ya Bogosi morago ga pokano, ka gonne ba sa batle go kopana le batho ba ba godileng. Go ka dirwa jang sengwe se se molemo go fedisa mokgwa ono? Kgato ya ntlha ke gore batsadi ba thapise bana ba bone kwa gae, ba ba thuse gore ba siamele go ya dipokanong. (Diane 22:6) E bile ba ka newa tiro ya go batla dikgatiso tse di farologaneng gore botlhe ba tle ba nne le tse di tlhokegang gore ba di tseye fa ba ya dipokanong. Gape batsadi ke bone ba ka kgothatsang bana ba bone gore ba tlotle le batho ba ba godileng le ba ba bokoa kwa Holong ya Bogosi. Bana ba ikutlwa ba kgotsofetse fa ba kgona go tlotla ka tsela e e agang le batho ba ba ntseng jalo.

16, 17. Batho ba ba godileng ba ka batla se se molemo jang mo basheng mo phuthegong?

16 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng ba tshwanetse go kgatlhegela basha mo phuthegong. (Bafilipi 2:4) Ba ka simolola metlotlo le basha ka tsela e e kgothatsang. Gantsi go tlhalosiwa dintlha tse di tlhomologileng mo pokanong. Basha ba ka bodiwa gore a ba itumeletse pokano le gore a go ne go na le dintlha tse ba di kgatlhegetseng thata le tse ba ka di dirisang. E re ka basha e le karolo ya botlhokwa ya phuthego, ba tshwanetse go akgolelwa go reetsa ga bone le dikakgelo tse ba di neelang mo pokanong kgotsa dikabelo dipe tse ba nnang le tsone mo thulaganyong ya pokano. Tsela e basha ba dirisanang ka yone le batho ba ba godileng mo phuthegong le tsela e ba dirang ka yone ditiro tse di motlhofo tse ba di newang kwa gae, e tla bontsha gore gongwe ba ka kgona go diragatsa maikarabelo a magolwane sentle moragonyana mo botshelong.—Luke 16:10.

17 Ka go amogela maikarabelo, basha bangwe ba gatela pele mo e leng gore dinonofo tsa bone tsa semoya di dira gore ba kgone go newa dikabelo tse dikgolwane. Fa ba na le sengwe se ba se dirang go ka thusa gore ba se ka ba dira ditiro tsa boeleele. (2 Timotheo 2:22) Dikabelo tse di ntseng jalo di ka ‘leka’ gore a bakaulengwe ba ba gagamalelang go nna batlhanka ba bodiredi “ba a tshwanela.” (1 Timotheo 3:10) Tsela e ba tsayang karolo ka yone ka go rata kwa dipokanong le tsela e ba leng matlhagatlhaga ka yone mo bodireding mmogo le tsela e ba kgatlhegelang batho botlhe ka yone mo phuthegong, di dira gore bagolwane ba kgone go bona bokgoni jo ba nang le jone fa ba akanyetsa go ba naya dikabelo tse di oketsegileng.

Batla se se Molemo mo go Botlhe

18. Ke serai sefe e e tshwanetseng go tilwa fa go atlholwa, mme ka ntlha yang?

18 Diane 24:23 ya re: “Go nna le tlhaolele mo katlholong ga go a siama.” Botlhale jo bo tswang kwa godimo bo tlhoka gore bagolwane ba se ka ba nna le tlhaolele fa ba atlhola dikgang mo phuthegong. Jakobe o ne a re: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso, bo tekatekano, bo iketleeleditse go utlwa, bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, ga bo tseye batho ka go ba tlhaola, ga bo itimokanye.” (Jakobe 3:17) Mme gone, fa bagolwane ba batla se se molemo mo go ba bangwe, ba tshwanetse go tlhomamisa gore katlholo ya bone ga e tlhotlhelediwe ke kamano ya bone le batho bangwe kgotsa ke maikutlo. Mopesalema Asafe o ne a kwala jaana: “Modimo o eme mo phuthegong ya Yo E Leng Modimo; o atlhola mo gare ga medimo [kgotsa ka mafoko a mangwe “ba ba jaaka medimo,” go tewa baatlhodi ba batho]: ‘Lo tla nna lo atlhola ka go tlhoka tshiamiso ka lobaka lo lo kae le go supa tlhaolele mo baikeping?’” (Pesalema 82:1, 2) Ka jalo, bagolwane ba Bakeresete ba tila tshekamelo epe ya go bontsha tlhaolele fa go tliwa mo dikgannyeng tse di amang tsala kgotsa wa losika. Ka tsela e e ntseng jalo ba boloka kutlwano ya phuthego mme ba letla moya wa ga Jehofa gore o dire ka kgololesego.—1 Bathesalonika 5:23.

19. Re ka batla se se molemo mo go ba bangwe ka ditsela dife?

19 Fa re batla se se molemo mo bakaulengweng ba rona le bokgaitsadi, re bontsha boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Paulo fa a ne a bua le phuthego ya Thesalonika. O ne a re: “Mo godimo ga moo, re na le tshepo mo Moreneng ka ga lona, gore lo dira dilo tse re di laelang e bile lo tla tswelela lo di dira.” (2 Bathesalonika 3:4) Re tla iketleeletsa go itlhokomolosa diphoso tsa ba bangwe fa re batla se se molemo mo go bone. Re tla batla ditshono tsa go akgola bakaulengwe ba rona, mme eleruri re tla tila go nna le moya wa go tshwaya diphoso. Paulo o ne a re: “Se se batliwang mo balebeding ke gore motho a fitlhelwe a ikanyega.” (1 Bakorintha 4:2) Boikanyego jwa bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe ba rona ba Bakeresete mo phuthegong, e seng fela jwa balebedi, bo dira gore re ba rate. Ka jalo re atamalana le bone, mme re nonotsha botsalano jwa rona jwa Bokeresete. Re nna le boikutlo jo bo tshwanang le jo Paulo a neng a na le jone ka bakaulengwe ba motlha wa gagwe. Ke ‘badirimmogo ba bogosi jwa Modimo,’ e bile ke ‘thuso e e re nonotshang.’ (Bakolosa 4:11) Fa re dira jalo re tla bo re bontsha boikutlo jwa ga Jehofa.

20. Batho ba ba batlang se se molemo mo go botlhe ba tla bona masego afe?

20 Kwantle ga pelaelo re dumalana le mafoko a thapelo ya ga Nehemia: “A ko o nkgakologelwe, tlhe Modimo wa me, ka tsela e e molemo.” (Nehemia 13:31) A bo re itumelela go bo Jehofa a batla se se molemo mo bathong ba gagwe! (1 Dikgosi 14:13) E kete le rona re ka dira se se tshwanang fa re dirisana le ba bangwe. Go dira jalo go re naya tsholofelo ya gore re tla gololwa mme re bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le jaanong le leng gaufi thata.—Pesalema 130:3-8.

O ka Araba Jang?

Jehofa o direla botlhe molemo ka lebaka lefe?

Re ka batla jang se se molemo mo go ba bangwe

mo bodireding jwa rona?

mo lelapeng la rona?

mo phuthegong ya rona?

fa re dirisana le botlhe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Josefa o ne a batla se se molemo mo go bomogolowe le fa pele ba ne ba mo tlhoile

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Kganetso ga e re thibele go leka go thusa batho botlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Ga go na bape mo go bomorwa Jakobe ba a sa kang a ba segofatsa, go sa kgathalesege se ba se dirileng mo nakong e e fetileng

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Amogela botlhe kwa dipokanong tsa Bokeresete