Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla Setlhopha sa Puo E e Sa Tshwaneng le Tse Dingwe Kwa Korea

Go Direla Setlhopha sa Puo E e Sa Tshwaneng le Tse Dingwe Kwa Korea

Go Direla Setlhopha sa Puo E e Sa Tshwaneng le Tse Dingwe Kwa Korea

SETLHOPHA sengwe se se matlhagatlhaga mme se didimetse thata se ne se kopane mmogo kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ka selemo sa 1997. Eno e ne e le kopano ya ntlha ya mofuta ono kwa Korea e e neng e tshwaretswe batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng le ba ba sa kgoneng go utlwa sentle. E ne e na le tlhora ya batho ba le 1 174 ba ba ileng ba nna teng. Thulaganyo yotlhe—go akaretsa dipuo, dipotsolotso le terama—e ne e neelwa ka Puo ya Diatla ya kwa Korea mme go dirisiwa ditshwantsho tse di bontshiwang mo sekirining se segolo se se bonalang mo Holong yotlhe ya Dikopano. Eno e ne e le nako e e botlhokwa thata ya tiro ya bonatla ya dingwaga di le dintsi e baithaopi ba le bantsi ba e dirileng.

Go tla tla nako e ‘ditsebe tsa bosusu di tla thibololwang,’ ka yone mo lefatsheng la paradaise. (Isaia 35:5) Go bona botshelo mo Paradaiseng eo, mongwe le mongwe, go akaretsa le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng, ba tshwanetse go tsena pele mo paradaiseng ya semoya, seemo se sentle sa batho ba ba itumetseng ba Modimo. Ba tshwanetse go nna Basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng, ba ba kolobeditsweng, ba ba rutiwang ke ene.—Mika 4:1-4.

Ba Simolotse ba le Babotlana

Le fa go ne go rerelwa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ka bo1960, e nnile fela ka bo1970 fa ba sekae ba bone ba simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Seoul, motsemogolo wa Korea. Mokaulengwe mongwe wa Mokeresete yo o neng a kgona go kwala ka bonako o ne a dirisa lomati lwa bokwalelo go kwala dintlhakgolo tsa dipuo, go akaretsa le ditemana tsa Baebele tse di neng di dirisiwa.

Ka 1971 kwa motseng wa Taejon, Mosupi mongwe yo o neng a na le morwa yo o sa utlweng mo ditsebeng o ne a simolola go ruta morwawe le ditsala tsa gagwe molaetsa wa Bogosi. Go tswa mo setlhopheng seno go ne ga nna le batho bangwe ba ba tlhoafetseng ba gone jaanong ba tshegetsang thata mo tshimong ya puo ya diatla.—Sekarea 4:10.

Basha ba Ithaopa ka go Rata

Fa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ne ba ka bona kitso ka ga Jehofa le Jesu mme ka go dira jalo ba tsene mo tseleng e e isang botshelong, go ne go tla tlhokega gore baithaopi ba bangwe ba dire maiteko a magolo. (Johane 17:3) Ka ntlha ya seno, ba le mmalwa ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ithuta puo ya diatla mme ba ile ba duelwa ka go nna le maitemogelo a a itumedisang.

Mosha mongwe wa dingwaga di le 15 e bong Park In-sun, o ne a itirela mokgele wa go ithuta puo ya diatla. Gore a kgone go dira jalo, o ne a ithuta tiro kwa madirelong mangwe a mo go one go neng go hirilwe setlhopha sa batho ba le 20 ba ba sa utlweng mo ditsebeng. O ne a bereka le bone dikgwedi di le robedi gore a kgone go ithuta puo ya batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng le go ithuta kafa ba akanyang ka teng. Mo ngwageng o o latelang, o ne a nna mmulatsela wa ka metlha, kgotsa mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng, a dira le setlhopha sa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba neng ba kgatlhegela boammaaruri jwa Baebele. Setlhopha seno se ne sa gola ka bonako, mme go ise go ye kae ba ba fetang 35 mo go sone ba ne ba nna teng kwa dipokanong ka Sontaga.—Pesalema 110:3.

Morago ga moo, ka lekgetlho la ntlha kwa Seoul, go ne ga rulaganngwa gore go nne le dipokano tsa Bokeresete tse di tshwarwang ka puo ya diatla fela. Mokaulengwe Park In-sun e ne e le mmulatsela yo o kgethegileng mo setlhopheng seno se se ntseng se gola. Ka nako eo o ne a setse a le setswerere mo puong ya diatla. Mo dikgweding dingwe, o ne a tshwara dithuto tsa Baebele tsa magae di le 28 le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Ba le bantsi ba bone ba ne ba gatela pele mme ba nna Basupi ba ga Jehofa.

Ka ntlha ya tiro eno ya go ithaopa e e neng e dirwa ka tlhoafalo, go ne ga tlhomiwa phuthego ya ntlha ya puo ya diatla kwa Seoul ka October 1976, e na le baboledi ba le 40 le babulatsela ba ka metlha ba le 2. Seno se ne sa dira gore tiro eno e anamele kwa metseng e mengwe ya Korea. Go ne go na le batho ba bantsi ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba neng ba nyoretswe dikgang tse di molemo mme ba letetse gore ba etelwe.

Go Rerela Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng

O ka nna wa ipotsa gore batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ne ba bonwa jang. Ba le bantsi ba bone ba ne ba bonwa ka go ba itsisiwe ke ba bangwe. Gape go ne go iwa kwa go beng ba mabenkele a raese ba bo ba bolela maina le diaterese tsa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Diofisi dingwe tsa puso di ne di thusa ka go naya tshedimosetso e e ntseng jalo. Tshimo e batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba nnang mo go yone e ne e dirwa ka tlhoafalo mme e ne ya atlega mo e leng gore, fa nako e ntse e ya, go ne ga tlhomiwa diphuthego di le nnè tsa puo ya diatla. Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba ne ba kgothalediwa gore ba ithute puo ya diatla.

Badiredi ba e leng babulatsela ba ba kgethegileng ba ba neng ba ithutile puo ya diatla ba ne ba abelwa ke ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa gore ba dire mo diphuthegong tseo. Bosheng fela jaana, baalogi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi ba ne ba abelwa mo diphuthegong tseno mme ba di nonotsha semoyeng.

Go na le mathata a a tshwanetseng go fenngwa. Go direla mo tshimong eno go tlhoka maiteko a magolo gore motho a tlhaloganye mekgwa ya batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Ke batho ba ba akanyang le go dira dilo ba sa okaoke. Seno se a tle se gakgamatse batho mme se bake kgotlhang. Mo godimo ga moo, fa Basupi ba tshwara thuto ya legae ya Baebele le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng, ba tshwanetse ba ba thusa gore ba bue puo ya bone ka botswerere ba bo ba ba kgothaletse go atolosa thulaganyo ya bone ya go bala le go ithuta.

Mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi, batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba nna le mathata a gantsi batho ba sa a itseng. Go buisana le badiri ba kwa diofising tsa puso le kwa dikokelong mmogo le go dira ditiro tse di tlwaelegileng tsa kgwebo gantsi e nna mathata a magolo mo go bone. E re ka Basupi ba diphuthego tse di gaufi ba ile ba thusa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ka lorato, ba ile ba bona bokaulengwe jwa mmatota mo phuthegong ya Bokeresete.—Johane 13:34, 35.

Bosupi jo e Seng Jwa ka Tlwaelo bo Nna le Matswela

Kwa Pusan, motse o e leng one o mogolo o o fa boemakepeng kwa borwa jwa Korea, Mosupi mongwe o ne a kopana le batho ba le babedi ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba neng ba kwala jaana mo pampitshaneng: “Re rata Paradaise. Re batla go itse ditemana tse di buang ka botshelo jo bo sa khutleng.” Mokaulengwe o ne a kwala aterese ya bone mme a rulaganya gore a ba etele. E rile a ba etela, a fitlhela phaposi e tletse ka batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba neng ba emetse go utlwa molaetsa wa Bogosi. Tiragalo eno e ne ya mo kgothaletsa gore a simolole go ithuta puo ya diatla. Go ise go ye kae, go ne ga tlhomiwa phuthego ya puo ya diatla kwa Pusan.

Mokaulengwe mongwe wa phuthego eo o ne a bona batho ba le babedi ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba buisana ka puo ya diatla mme a ya fa go bone. O ne a utlwa gore e ne e le gone ba tswang kwa pokanong nngwe ya bodumedi mme a ba laletsa kwa Holong ya Bogosi ka ura ya bobedi mo tshokologong ya lone letsatsi leo. Ba ne ba ya mme ba simolola go ithuta Baebele. Nakwana fela morago ga moo, batho bano ba babedi ba ne ba ya kwa kopanong ya kgaolo ba na le ditsala tsa bone di le 20 tsa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Ba le bantsi mo setlhopheng seno ba ile ba ineela mo go Jehofa. Ba le babedi ba ne ba nna bagolwane ba phuthego mme yo mongwe a nna motlhanka wa bodiredi mo diphuthegong tsa puo ya diatla.

Boikemisetso bo a Duelwa

E re ka batho bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba nna kgakala thata le phuthego epe ya puo ya diatla, gantsi go tlhoka boiteko jo bogolo le boikemisetso gore ba newe dijo tsa semoya ka metlha go tswa mo Baebeleng. Ka sekai, monna mongwe wa dingwaga tse 31 o ne a itshedisa ka go tshwara ditlhapi fa lotshitshing lwa setlhaketlhake. Monnawe, yo o neng a kile a kopana le Basupi ba ga Jehofa, ke ene a neng a mmolelela ka molaetsa wa Baebele. E re ka motshwaraditlhapi yono yo o sa utlweng mo ditsebeng a ne a batla go fedisa tlala ya gagwe ya semoya, o ne a tsamaya dikilometara di le 16 ka mokoro go ya kwa Tongyoung City, e e mo lotshitshing lo lo kwa borwa jwa Korea. O ne a tsaya mosepele oo gore a kopane le mmulatsela yo o kgethegileng yo o tswang kwa phuthegong ya puo ya diatla e e kwa Masan City. Mantaga mongwe le mongwe, mmulatsela yono yo o kgethegileng o ne a tsaya mosepele wa dikilometara di le 65 e le fela gore a ye go tshwara thuto ya Baebele le motshwaraditlhapi yono yo o sa utlweng mo ditsebeng.

Moithuti yono wa Baebele yo o sa utlweng mo ditsebeng o ne a tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara di le 16 ka mokoro a bo a tsamaya ka bese dikilometara tse dingwe gape di le 65 gore a kgone go nna teng kwa pokanong ya Sontaga kwa Masan City. Boikemisetso jwa gagwe bo ne jwa nna le matswela a a molemo. Mo dikgweding di sekae fela, o ne a setse a tokafaditse puo ya gagwe ya diatla, a ithutile ditlhaka tse dingwe tsa Se-Korea, mme sa botlhokwa le go feta, o ne a ithutile tsela e e yosi fela ya go nna le kamano le Jehofa. E re ka a ne a lemoga botlhokwa jwa go ya dipokanong le go rera ka metlha, o ne a fudugela kwa tshimong ya phuthego ya puo ya diatla. A go ne go le motlhofo gore a dire jalo? Nnyaa. O ne a tshwanelwa ke go tlogela tiro ya gagwe ya go tshwara ditlhapi e e neng e mmusetsa diranta di ka nna 32 400 ka kgwedi, mme boikemisetso jwa gagwe bo ne jwa duelwa. Fa a sena go gatela pele mo boammaaruring, o ne a kolobediwa mme jaanong o direla Jehofa ka boitumelo le lelapa la gagwe.

Go Ranolela Batho Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng

Gantsi dikgang tse di molemo tsa Bogosi di bolelwa ka molomo. Le fa go ntse jalo, gore molaetsa wa Lefoko la Modimo o bolelwe ka tsela e e tlhomameng, go botlhokwa gore dithuto tsa Baebele di tlhalosiwe ka tsela e e tla nnelang ruri. Ka gone, mo lekgolong la ntlha la dingwaga, banna ba bagolwane ba ne ba kwala dibuka le makwalo. (Ditiro 15:22-31; Baefeso 3:4; Bakolosa 1:2; 4:16) Mo motlheng wa rona, go na le dijo tse dintsi tsa semoya mo dibukeng le mo dikgatisong tse dingwe tsa Bokeresete. Di ranoletswe mo makgolong a dipuo go akaretsa le dipuo tse di farologaneng tsa diatla. Ofisi ya lekala la kwa Korea e na le lephata la thanolo ya puo ya diatla le le ranolelang mo Puong ya Diatla ya Se-Korea. Lephata la dibidio le dira dibidio tsa puo ya diatla. Seno se thusa gore baboledi ba dikgang tse di molemo ba ba sa utlweng mo ditsebeng le batho ba ba kgatlhegang ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba mo diphuthegong tsa Korea ba kgone go nna le dijo tsa semoya.

Le fa batho ba le bantsi ba setse ba kgona puo ya diatla e bile ba thusitse mo go direng dibidio, gantsi baranodi ba ba nang le bokgoni thata ke bana ba batsadi ba bone ba sa utlweng mo ditsebeng. Ba ithutile puo ya diatla go tswa boseeng. Ga se fela gore ba kgona go bua puo ya diatla sentle, mme gape ba kgona go fitlhelela megopolo le dipelo tsa batho ka gonne ba dirisa boitshikinyo jwa mmele le tebego ya sefatlhego go naya molaetsa bokao go tswa pelong le go o gatelela.

Jaaka go bontshitswe, jaanong go tshwarwa dikopano tse dikgolo le tse dinnye ka metlha go dirisiwa puo ya diatla kwa Korea. Gore seno se diragale go tlhokega gore go dirwe tiro e ntsi, go dirisiwe madi mme go dirwe maiteko. Le fa go ntse jalo, ba ba nnang teng ba itumelela thulaganyo eno. Fa kopano e fela, ba le bantsi ba a emaema, ba batla go tswelela pele le botsalano jo bo molemo le go tlotla ka dijo tse di molemo tsa semoya tse ba di neilweng. Ee ruri, go direla mo setlhopheng seno se se buang puo e e sa tshwaneng le tse dingwe go na le dikgwetlho, mme masego a semoya a dira gore go nne botlhokwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Dibidio tse di dirilweng kwa Korea tsa puo ya diatla: “Modimo o Batla Gore re Direng?,” “Appreciating Our Spiritual Heritage,” “Warning Examples for Our Day,” le “Respect Jehovah’s Authority”

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Go tswa kafa molemeng go ya kwa mojeng go simolola mo setshwantshong se se fa tlase: Go dirwa bidio ya puo ya diatla kwa lekaleng la Korea; ba tlhama mafoko a dilo tsa puso ya Modimo ka puo ya diatla; setlhopha se se ranolelang mo puong ya diatla; go kaelwa yo o tshwanetseng go bua ka puo ya diatla fa go dirwa bidio