Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Banna ba Maemo a a Kwa Tlase ba Ranola Baebele

Banna ba Maemo a a Kwa Tlase ba Ranola Baebele

Banna ba Maemo a a Kwa Tlase ba Ranola Baebele

KA 1835, moagi mongwe wa Moesemane e bong Henry Nott, le monna mongwe wa Mo-Welsh yo o neng a sa ntse a simolola go nna ralebenkele e bong John Davies, ba ne ba wetsa namane e tona ya tiro. Morago ga dingwaga di feta di le 30 ba dira ka natla, ba ne ba wetsa tiro ya go ranola Baebele yotlhe ka Se-Tahiti. Banna bano ba babedi ba maemo a a kwa tlase ba ne ba lebana le dikgwetlho dife, mme tiro ya bone ya boithaopo e ne ya felela ka eng?

“Mokgatlho wa Tsosoloso”

Mo sephatlong sa bobedi sa lekgolo la bo18 la dingwaga, maloko a mokgatlho wa Porotesetanta o o bidiwang Mokgatlho wa Tsosoloso a ne a rera mo mebileng ya metse ya Boritane le kwa meepong le difeketeri tse di fa gaufi le yone. Ba ne ba batla go rerela batho ba ba berekang. Bareri ba mokgatlho wa Tsosoloso ba ne ba kgothaletsa thata go abiwa ga Dibaebele.

Mo-Baptist mongwe yo o neng a simolola mokgatlho ono, e bong William Carey, o ile a nna le seabe mo go thuseng gore go tlhomiwe mokgatlho wa London Missionary Society o o neng wa tlhongwa ka 1795. Mokgatlho ono o ne o thapisa batho ba ba neng ba iketleeleditse go ithuta dipuo di sele e bile ba rata go ya go nna barongwa kwa kgaolong ya South Pacific. Boikaelelo jwa barongwa bano e ne e le go rera mafoko a Efangele ka puo ya batho ba koo.

Setlhaketlhake sa Tahiti, se se neng se sa tswa go lemogiwa, se ile sa nna tshimo ya ntlha ya barongwa bano ba mokgatlho wa London Missionary Society. Maloko a mokgatlho wa Tsosoloso a ne a tsaya ditlhaketlhake tseno e le ‘mafelo a a aparetsweng ke lefifi’ la boheitane, masimo a a siametseng go ka rojwa.

Batho ba Maemo a a Kwa Tlase ba Lebana le Kgwetlho

Barongwa ba ka nna 30 ba ba tlhophilweng ka lepotlapotla le ba ba neng ba sa ipaakanya sentle ba ne ba tsaya mosepele ka sekepe sa Duff se se neng se rekilwe ke mokgatlho wa London Missionary Society, go ya go rerela baagi ba Tahiti. Go ne ga tlhophiwa “baruti ba le banè ba ba tlhomamisitsweng [mme ba sa thapisiwa go le kalo], babetli ba le barataro, bathudi ba le babedi ba ditlhako, baagi ba le babedi, balogi ba le babedi, baroki ba le babedi, ralebenkele a le mongwe, modiri a le mongwe wa disale, a le mongwe yo o thapetsweng tiro ya legae, motlhokomedi a le mongwe wa tshingwana, ngaka e le nngwe, mothudi a le mongwe, mmaakanyi a le mongwe wa difaki, a le mongwe yo o dirang ka katune, modiri a le mongwe wa dihutshe, a le mongwe yo o dirang ka letsela, mmetli a le mongwe wa dikhabote, ba le batlhano ba basadi ba bone le bana ba le bararo.”

Dikgatiso fela tse barongwa bano ba neng ba na le tsone gore ba ithute dipuo tsa ntlhantlha tsa Baebele e ne e le dikishinare ya Segerika le Seesemane le Baebele e e nang le dikishinare ya Sehebera. Mo dikgweding di le supa fa barongwa bano ba ntse ba le mo mosepeleng wa bone ka sekepe ba ne ba tshwara mafoko mangwe ka tlhogo a ba neng ba a newa ke baeng bangwe mo nakong e e fetileng, ba bontsi jwa bone e neng e le batsuolodi ba ba tlileng ka sekepe sa Bounty. Kgabagare, sekepe sa Duff se ne sa fitlha kwa Tahiti, mme ka March 7, 1797, barongwa ba ne ba fologa mo go sone. Le fa go ntse jalo, ngwaga moragonyana ba le bantsi ba ne ba setse ba nyemile moko mme ba tsamaya. Go ne ga sala barongwa ba le supa fela.

Henry Nott, yo pele e neng e le moagi, e ne e le mongwe wa barongwa bao ba le supa. O ne a le dingwaga tse 23 fela. Motho o kgona go bona sentle mo makwalong a ntlha a a neng a a kwala gore o ne a sa rutega go le kalo. Le fa go ntse jalo, go tloga fela kwa tshimologong o ne a supa gore o na le bokgoni jwa go ithuta Se-Tahiti. E ne e le motho yo o tlhoafetseng, yo o ratang batho le yo o itumetseng.

Ka 1801, Nott o ne a tlhophiwa go ruta barongwa ba le robongwe ba ba neng ba sa tswa go goroga Se-Tahiti. Mo gare ga bone go ne go na le monna mongwe wa Mo-Welsh yo o nang le dingwaga tse 28 e bong John Davies, yo e neng e le moithuti yo o nang le bokgoni le yo o dirang ka natla, yo o neng a le bonolo e bile a le pelotshweu. Go ise go ye kae, banna bano ba babedi ba ne ba swetsa ka gore ba ranolele Baebele mo puong ya Se-Tahiti.

Namane e Tona ya Tiro

Gone mme, go ranolela mo puong ya Se-Tahiti e ne e le namane e tona ya tiro, ka gonne go ne go ise go nne le tsela ya go kwala puo eno. Barongwa ba ne ba e ithuta ka go reetsa fa ba bangwe ba bua. Ba ne ba se na dikishinare ya puo eno le fa e le buka ya thutapuo. Ditumakhemo tsa puo eno tse di tlang di kgaosetswa ke ditumakhuetso, ditumanosi tsa yone tse dintsintsi (tse di ka fitlhang go tse tlhano mo lefokong le le lengwe), le ditumammogo tsa yone tse di dirisiwang sewelo, di ne di kgoba barongwa bano marapo tota. Ba ne ba re: “Mafoko a mantsi a tletse ka ditumanosi, mme nngwe le nngwe e tshwanetse go utlwala.” Ba ne ba bolela gore ba ne ba sa kgone “go tshwara sentlentle gore mafoko a teng a bidiwa jang.” Ba ne ba ba ba akanya gore ba utlwa mafoko a a iseng a ko a nne teng!

Selo se se neng se dira gore maemo a nne thata le go feta ke gore gantsi mafoko mangwe a Se-Tahiti a ne a tsewa e le moila go a bitsa mme ka jalo a ne a tshwanelwa ke go emisediwa ka a mangwe. Makaelagongwe le one a ne a baka bothata jo bongwe. Lefoko “thapelo” le ne le ka ranolwa ka dipolelwana tse di fetang 70 ka Se-Tahiti. Kgwetlho e nngwe e ne e bakwa ke gore tsela e mafoko a Se-Tahiti a latelanang ka yone e ne e farologane gotlhelele le ya Seesemane. Le fa barongwa bano ba ne ba lebana le mathata ano, ka iketlo ba ne ba dira lenaane la mafoko a kgabagare Davies a neng a a tsenya mo dikishinaring ya mafoko a le 10 000 e a neng a e gatisa dingwaga di le 50 moragonyana.

Selo se sengwe gape se se neng se baka bothata e ne e le go kwala Se-Tahiti. Barongwa ba ne ba leka go se kwala ka go dirisa tsela e Seesemane se kwalang mafoko ka yone. Le fa go ntse jalo, tsela e Seesemane se neng se dirisa ditlhaka tsa Selatine ka yone e ne e sa tsamaisane le tsela ya go bitsa mafoko ka Se-Tahiti. Seno se ne se dira gore barongwa ba tshware metlotlo e e sa feleng ka difonotiki le kafa mafoko a tshwanetseng go peletwa ka gone. Gantsi barongwa ba ne ba itlhamela tsela e ntšha ya go peleta mafoko, e re ka e ne e le bone batho ba ntlha mo ditlhaketlhakeng tsa South Seas go dira gore puo e e buiwang e nne e e kwalwang. Ba ne ba sa lemoge gore moragonyana tiro ya bone e ne e tlile go thusa dipuo di le dintsi tsa South Pacific.

Ba ne Ba se Na Didirisiwa Tse di Lekaneng Mme Ba na Le Metswedi e Mentsi ya Tshedimosetso

Baranodi ba ne ba na le dibuka di le mmalwa fela tse ba ka bonang tshedimosetso mo go tsone. Mokgatlho wa London Missionary Society o ne wa ba laela gore ba dirise Textus Receptus le King James Version go ranola ka tsone. Nott o ne a kopa mokgatlho wa London Missionary Society gore o mo romelele didikishinare tse dingwe tsa Sehebera le Segerika le Dibaebele tsa dipuo tseno tse pedi. Ga go itsiwe gore a dibuka tseo di ne tsa fitlha kwa go ene kgotsa jang. Davies ene o ne a amogela dibuka tsa bokanoki go tswa kwa ditsaleng dingwe tsa gagwe tsa kwa Wales. Dipego di bontsha gore bobotlana o ne a na le dikishinare ya Segerika, Baebele ya Sehebera, Tesetamente e Ntšha ya Segerika le thanolo ya Septuagint.

Go sa ntse go le jalo, tiro ya barongwa ya go rera e ne e sa ntse e se na matswela. Le mororo barongwa ba ne ba feditse dingwaga di le 12 ba le mo Tahiti, go ne go ise go kolobediwe le fa e le motho a le mongwe mo lefelong leno. Kgabagare dintwa tse di sa feleng tsa selegae di ne tsa pateletsa barongwa botlhe go tshabela kwa Australia kwantle fela ga Nott yo o neng a ema a nitame. O ne a fetsa lobakanyana e le ene morongwa fela kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Windward tse e leng dingwe tsa Ditlhaketlhake Tsa Society. Le fa go ntse jalo, fa Kgosi Pomare II a ne a tshabela kwa setlhaketlhakeng se se fa gaufi sa Moorea, Nott o ne a tshwanelwa ke go mo sala morago.

Mme gone, go fuduga ga ga Nott ga go a ka ga kgaotsa tiro ya go ranola, mme Davies o ne a kopana le Nott gape fa a sena go fetsa dingwaga tse pedi kwa Australia. Go sa ntse go le jalo, Nott o ne a ithutile Segerika le Sehebera mme o ne a setse a tlhaloganya dipuo tseno sentle. Ka gone, o ne a simolola go ranolela dikarolo dingwe tsa Dikwalo Tsa Sehebera mo puong ya Se-Tahiti. O ne a tlhopha ditemana tsa Baebele tse di neng di na le dipego tse batho ba lefelo leno ba neng ba ka di tlhaloganya motlhofo.

Go tswa foo Nott o ne a simolola go ranola Efangele ya ga Luke e e neng ya wediwa ka September 1814, a thusana thata le Davies. O ne a e ranola ka tsela e e neng e dira gore e utlwale e le Se-Tahiti tota, mme Davies ene o ne a bapisa thanolo eo le mekwalo ya ntlhantlha. Ka 1817, Kgosi Pomare II o ne a kopa gore ene ka boene a gatise tsebe ya ntlha ya Efangele ya ga Luke. O ne a e gatisa ka motšhinenyana o o neng o tlile le barongwa bangwe kwa Moorea. Kgang ya go ranolelwa ga Baebele mo puong ya Se-Tahiti ga e ka ke ya wediwa kwantle ga go umaka monna mongwe yo o ikanyegang wa Mo-Tahiti e bong Tuahine, yo o neng a fetsa dingwaga di le dintsi le barongwa a ba thusa go tlhaloganya dintlha tse di rileng tsa puo eno.

Thanolo e Weditswe

Tiro ya go ranola Diefangele le buka ya Ditiro Tsa Baaposetoloi le ya Dipesalema e ne ya wediwa ka 1819, morago ga dingwaga di le thataro go dirwa ka natla. Motšhine wa go gatisa, o o neng wa tla le barongwa ba ba neng ba sa tswa go goroga, o ne wa thusa go gatisa le go anamisa dibuka tseno tsa Baebele.

Go tswa foo go ne ga simololwa namane e tona ya tiro ya go ranola le go leba diphoso tse di ka tswang di le teng mo dithanolong. Ka 1825 ke fa Nott a simolola go lwala, morago ga go fetsa dingwaga tse 28 a nna kwa Tahiti, mme mokgatlho wa London Missionary Society o ne wa mo letlelela go boela kwa Engelane ka sekepe. Se se itumedisang ke gore ka nako eo thanolo ya Dikwalo Tsa Segerika e ne e setse e le gaufi le go wediwa. Nott o ne a tswelela a ranola karolo yotlhe e e setseng ya Baebele fa a ntse a le mo loetong lwa go ya kwa Engelane le fa a fitlha teng. O ne a boela kwa Tahiti ka 1827. Dingwaga di le robedi moragonyana, ka December 1835, o ne a se ka a tlhola a tswelela pele ka tiro ya go ranola. Baebele e ne ya ronolwa yotlhe morago ga dingwaga di feta di le 30 go dirwa ka natla.

Ka 1836, Nott o ne a boela kwa Engelane go ya go gatisa Baebele yotlhe ya Se-Tahiti kwa Lontone. Ka June 8, 1838, Nott yo o neng a itumetse tota o ne a naya Kgosigadi Victoria mpho ya kgatiso ya ntlha ya Baebele ka Se-Tahiti. Ga go pelaelo gore eno e ne e le nako e e itumedisang tota mo monneng yono yo pele e neng e le moagi, yo dingwaga di le 40 pelenyana a neng a tsaya mosepele ka sekepe sa Duff, a bo a tsena ka tlhogo mo setsong sa Ba-Tahiti gore a tle a wetse tiro eno e kgolo e e mo tsereng lobaka lo loleele.

Dikgwedi di le pedi moragonyana, Nott o ne a boela kwa South Pacific a tshotse makase a le 27 a a nang le dikhopi tsa ntlha di le 3 000 tsa Baebele e e feletseng ya Se-Tahiti. Fa a sena go ema kwa Sydney, o ne a lwala gape, mme o ne a gana go kgaoganngwa le makase a gagwe a a neng a a rata thata. Fa a sena go fola, o ne a goroga kwa Tahiti ka 1840, koo baagi ba teng ba neng ba tabogela dithoto tsa gagwe ba batla go itseela dikhopi tsa Baebele ya Se-Tahiti. Nott o ne a swela kwa Tahiti ka May 1844 a na le dingwaga di le 70.

E Nnile le Tlhotlheletso e Kgolo Thata

Mme gone, tiro ya ga Nott e ne ya nnela ruri. Thanolo ya gagwe e ne ya nna le tlhotlheletso e kgolo thata mo dipuong tsa kwa Polynesia. Barongwa ba ne ba boloka puo ya Se-Tahiti ka go dira gore e nne puo e e kwalwang. Mokwadi mongwe o ne a re: “Nott o ne a dira gore re sale re ntse re na le puo ya Se-Tahiti ya kwa tshimologong. Re tlile go nna re tshwanelwa ke go dirisa Baebele go ithuta puo ya Se-Tahiti e e sa tswakanngwang.” Tiro e kgolo ya baranodi bano e dirile gore mafoko a le diketekete a puo eno a se ka a nyelela. Dingwaga di le lekgolo moragonyana, mokwadi mongwe o ne a re: “Baebele e e tlhomologileng ya Se-Tahiti ya ga Nott ke letlotlo la puo ya Se-Tahiti—mongwe le mongwe o tla go bolelela jalo.”

Thanolo eno ya botlhokwa ga e a ka ya solegela Ba-Tahiti molemo fela mme gape e ile ya thaya motheo wa dithanolo tse dingwe tsa dipuo tsa kwa South Pacific. Ka sekai, baranodi kwa ditlhaketlhakeng tsa Cook Islands le Samoa ba ne ba e dirisa go ranola dibuka tse dingwe. Moranodi mongwe o ne a re: “Ke latetse sekao sa ga Rre Nott, yo ke ileng ka sekaseka thanolo ya gagwe ka kelotlhoko.” Go bolelwa gore moranodi yo mongwe o ne a ‘dirisa buka ya Dipesalema ya Sehebera le thanolo ya yone ya Seesemane le ya Se-Tahiti’ fa a ne a ‘ranolela nngwe ya dipesalema tsa ga Dafide mo puong ya Se-Samoa.’

Barongwa ba Tahiti ba ile ba thusa batho ba le bantsi ka tlhagafalo gore ba itse go bala le go kwala ka go latela sekao sa maloko a mokgatlho wa Tsosoloso wa Engelane. Tota e bile, go fetile lobaka lo lo fetang lwa dingwaga di le lekgolo Baebele e le yone fela buka e Ba-Tahiti ba nang le yone. Ka jalo e ile ya tlhotlheletsa setso sa Ba-Tahiti fela thata.

Selo se se kgatlhang ka thanolo ya Nott Version ke gore leina la Modimo le tlhaga ka makgetlho a le mantsinyana mo go yone mo Dikwalong Tsa Sehebera le Tsa Segerika. Ka gone, gompieno baagi ba Tahiti le ditlhaketlhake tsa yone ba itse leina la ga Jehofa sentle. E bile le dirisiwa le mo dikerekeng dingwe tsa Porotesetanta. Le fa go ntse jalo, gone jaanong leina la Modimo le amanngwa thata le Basupi ba ga Jehofa le tiro ya bone ya go rera, e mo go yone ba dirisang thata Baebele ya Se-Tahiti e e ranotsweng ke Nott le badirikaene. Mme maiteko a magolo a a dirilweng ke baranodi ba ba jaaka Henry Nott a re gakolola kafa re tshwanetseng go leboga thata ka teng gore bontsi jwa batho gompieno ba bo ba kgona go nna le Lefoko la Modimo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Dithanolo tsa ntlha tsa Baebele ya Se-Tahiti, 1815. Leina la ga Jehofa le a tlhaga mo go tsone

Henry Nott (1774-1844), moranodimogolo wa Baebele ya Se-Tahiti

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Tahitian Bible: Copyright the British Library (3070.a.32); Henry Nott and letter: Collection du Musée de Tahiti et de ses Îles, Punaauia, Tahiti; catechism: With permission of the London Missionary Society Papers, Alexander Turnbull Library, Wellington, New Zealand

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Katekesima ya Se-Tahiti le Se-Wales ya 1801, e leina la Modimo le tlhagang mo go yone

[Motswedi wa Setshwantsho]

With permission of the London Missionary Society Papers, Alexander Turnbull Library, Wellington, New Zealand

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Kereke ya Porotesetanta e e kwadilweng leina la ga Jehofa kwa pele ga yone, kwa setlhaketlhakeng sa Huahine, kwa French Polynesia

[Motswedi wa Setshwantsho]

Avec la permission du Pasteur Teoroi Firipa