Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Direla ba Bangwe go Fokotsa go boga

Go Direla ba Bangwe go Fokotsa go boga

Kgang ya Botshelo

Go Direla ba Bangwe go Fokotsa go boga

JAAKA GO BOLETSE JULIÁN ARIAS

Ka 1988, fa ke ne ke le dingwaga di le 40, go ne go bonala ke atlegile mo botshelong. Ke ne ke le mookamedi wa kgaolo wa ditšhaba tsotlhe mo khampaning e ke neng ke le mo go yone. Khampani e ne ya nnaya koloi e e turang, ya ntuela madi a mantsi ya bo ya nnaya le ofisi e e manobonobo kwa karolong e e fa gare ga Madrid, kwa Spain. Khampani e ile ya bo ya akantsha ka tsela nngwe gore e tla ntira mokaedi wa yone wa kwa dinageng di sele. Ka nako eo, ke ne ke sa lemoge gore botshelo jwa me bo ne bo tla tloga bo fetoga thata.

KA LETSATSI lengwe mo ngwageng oo, ngaka ya me e ne ya mpolelela gore ke na le bolwetse jo bo sa alafegeng jwa go omelela dithishu tsa boboko le tsa mokolela. Ke ne ke kgobegile marapo. Moragonyana, fa ke ne ke bala ka se bolwetse jwa go omelela dithishu tsa boboko le tsa mokolela bo ka se dirang mo mothong, ke ne ka tshoga. * Go ne go bonala ke tla tshwanela go tshela botshelo jwa me jotlhe ke le mo matshwenyegong. Ke ne ke tla tlhokomela jang mosadi wa me e bong Milagros le morwaake wa dingwaga di le tharo e bong Ismael? Re ne re tla lebana jang le seemo seno? Fa ke sa ntse ke batlana le dikarabo tsa dipotso tseno, ke ne ka welwa ke masetlapelo a mangwe gape.

Mo e ka nnang kgwedi ngaka ya me e sena go nkitsise ka bolwetse jwa me, mookamedi wa me o ne a mpiletsa kwa ofising ya gagwe mme a mpolelela gore khampani e tlhoka batho ba ba nang le “botsogo jo bo siameng.” Mme motho yo o nang le bolwetse jo bo mo koafatsang—tota le fa bo simologa—a ka se ka a kgona go nna motho yo o ntseng jalo. Ka jalo, mothapi wa me o ne a ntebogisa tiro gone fela foo. Ka ponyo ya leitlho fela, tiro ya me ya boitshediso e ne ya fela!

Fa ke na le ba lelapa la me ke ne ke leka go nna pelokgale, mme le fa go ntse jalo, ke ne ke eletsa go nna ke le nosi gore ke akanye ka boemo jwa me jo bo fetogileng le go tlhatlhanya ka isagwe ya me. Ke ne ke leka ka natla go lwantshana le boikutlo jo bo neng bo ntse bo gola jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Se se neng se nkutlwisa botlhoko thata e ne e le gore ka bonako fela ke ne ka nna motho yo o se nang mosola mo khampaning ya me.

Go Nonotshiwa ke Bokoa

Se se itumedisang ke gore, mo nakong eno e e hutsafatsang, go ne go na le dilo di le mmalwa tse ke neng ke ka kgona go ikaega ka tsone go nnonotsha. Dingwaga di le 20 pele ga ke lwala, ke ne ka nna Mosupi wa ga Jehofa. Ka jalo, ke ne ka rapela Jehofa ka tlhoafalo ke mmolelela kafa ke ikutlwang ka teng le ka isagwe ya me e e sa tlhomamang. Mosadi wa me, yo o dumelang dilo tse ke di dumelang, o ne a nnonotsha ka metlha mme gape ke ne ke tshegediwa le ke ditsala dingwe tsa me tse dikgolo tse ke sa kgoneng go bapisa bopelonomi le kutlwelobotlhoko ya tsone le sepe.—Diane 17:17.

Go ikutlwa ke na le boikarabelo jwa go thusa ba bangwe le gone go ne ga nthusa. Ke ne ke batla go godisa morwaake sentle, ke mo rute, ke tshameke le ene le go mo thapisa mo tirong ya go rera. Ka jalo ke ne ke se kitla ke ineela. Mo godimo ga moo, ke ne ke le mogolwane mo go nngwe ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba Bakeresete mo phuthegong ba ne ba tlhoka tshegetso ya me. Fa ke ne ke ka letla boemo jo ke neng ke le mo go jone bo koafatsa tumelo ya me, ke ne ke tla nna sekao se se ntseng jang mo go ba bangwe?

Go ne go se na sepe se ke neng ke ka kgona go se dira ka go koafala ga botsogo jwa me le ka seemo sa me sa tsa madi—dingwe tsa diphetogo tseno di ne tsa sulafatsa botshelo jwa me mme ka fa letlhakoreng le lengwe di ne tsa bo tokafatsa. Nako nngwe ke ne ka utlwa ngaka nngwe e re: “Bolwetse ga bo dire gore motho a se ka a kgona go dira sepe; go na le moo, bo fetola fela tsela e a dirang dilo ka yone.” Ka jalo, ke ne ka lemoga gore diphetogo tse di neng tsa ntlela, di ne di se maswe tsotlhe.

Sa ntlha, ‘mutlwa o ke neng ke na le one mo nameng’ o ne wa nthusa go tlhaloganya bothata jwa botsogo jwa batho ba bangwe botoka le go ba utlwela botlhoko. (2 Bakorintha 12:7) Ke ne ka tlhaloganya mafoko ano a Diane 3:5 botoka thata go feta pele: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.” Mo godimo ga moo, boemo jwa me jo bo fetogileng bo ne jwa nthuta gore ke dilo dife tse di leng botlhokwa tota mo botshelong le gore ke eng se se dirang gore motho a nne yo o kgotsofetseng le go ikutlwa a le mosola. Go ne go sa ntse go na le mo gontsi mo ke neng ke ka kgona go go dira mo phuthegong ya ga Jehofa. Ke ne ka lemoga kafa mafoko ano a ga Jesu a leng boammaaruri ka teng: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Botshelo jo Bosha

Moragonyana fela fa bolwetse jwa me bo sena go bonwa, ke ne ka lalediwa go ya kwa seminareng nngwe kwa Madrid kwa baithaopi ba Bakeresete ba neng ba rutiwa gone go leka go dira gore go nne le tirisanommogo fa gare ga dingaka le balwetse ba bone ba e leng Basupi. Moragonyana, baithaopi bao ba ne ba dirwa Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo. Seminara eo e ne e tlile ka nako e e tshwanetseng. Ke ne ka bona tiro e e botoka, e e neng e tla dira gore ke nne le kgotsofalo e kgolo thata go feta e ke neng ke ka e bona mo tirong epe fela ya boitshediso.

Kwa seminareng eo re ne ra utlwa gore Dikomiti tseno Tsa Puisano le Dikokelo tse di neng di sa tswa go tlhomiwa di ne di tshwanetse go etela dikokelo, go botsolotsa dingaka le go buisana le badiri ba tsa kalafi, dilo tseno tsotlhe di dirwa ka boikaelelo jwa go dira gore go dirisanwe mmogo le gore go se ka ga nna le dikgotlhang. Bakaulengwe ba ba leng mo dikomiting tseno ba ne ba thusa Basupi ka bone go bona dingaka tse di iketleeditseng go ara kwantle ga madi. Gone mme, e re ka ke ne ke sa itse sepe ka tsa kalafi, ke ne ka tshwanela go ithuta mo gontsi ka mafoko a tsa kalafi, melao ya kalafi le ka thulaganyo ya kokelo. Le fa go ntse jalo, morago ga seminara eo ke ne ka boela gae ke itumetse ke ya go simolola tiro ya me e ntšha e e neng e intumedisa.

Go Etela Dikokelo—Sengwe sa Dilo Tse di Neng Tsa Nkgothatsa

Le fa bolwetse jwa me bo ne bo nkgolofatsa setlhogo ka iketlo, maikarabelo a ke neng ke na le one mo Komiting ya Puisano ya Dikokelo a ne a oketsega. Ke ne ke filwe madi a a newang batho ba ba golafetseng, ka jalo ke ne ke na le nako ya go etela dikokelo. Le fa ka dinako tse dingwe go ne go na le dilo tse di neng di ntshwabisa, maeto ano a ne a nna motlhofo thata e bile a na le matswela a magolo go na le kafa ke neng ke lebeletse ka teng. Le mororo ke tsamaya ka setulo sa maotwana, seno ga se a ka sa nkgoreletsa thata. Go na le leloko lengwe la komiti le le tsamayang le nna ka metlha. Mo godimo ga moo, dingaka di tlwaetse go bua le batho ba ba tsamayang ka ditulo tsa maotwana mme ka dinako tse dingwe go bonala ba reetsa ka tlotlo e kgolo thata fa ba lemoga maiteko a ke a dirang go ba etela.

Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, ke ile ka etela dingaka di le dintsi thata. Dingwe tsa tsone di ne di ikemiseditse go re thusa fela go tswa kwa tshimologong. Dr. Juan Duarte—ngaka e e arang dipelo kwa Madrid e e ikemiseditseng go tlotla digakolodi tsa balwetse—o ne a ithaopa ka yone nako eo gore o tla re thusa. Fa e sale ka nako eo, o arile balwetse ba Basupi ba ba fetang 200 go tswa kwa dikarolong tse dintsi tsa Spain a sa dirise madi. Mo dingwageng tse di fetileng, go nnile le dingaka tse di oketsegileng tse di simolotseng go ara kwantle ga madi. Maeto a rona a ka metlha a ile a thusa ka tsela nngwe, mme kgatelopele e e dirilweng e nnile teng gape ka ntlha ya go tlhabololwa ga tsa kalafi le matswela a a itumedisang a go ara kwantle ga madi.

Mme re tlhomamisegile gore Jehofa o segofaditse maiteko a rona.

Ke ile ka kgothadiwa thata ke tsela e dingaka dingwe tse di arang dipelo tsa bana di ileng tsa arabela ka teng. Mo dingwageng di le pedi re ne ra etela setlhopha sengwe sa dingaka di le pedi tse di arang le dingaka tse di berekang le tsone tse di dirang ka melemo e e idibatsang. Re ne ra di naya dibuka dingwe tsa kalafi tse di tlhalosang se dingaka tse dingwe tse di dirang tiro eno di se dirang. Maiteko a rona a ile a nna le matswela ka 1999 fa go ne go na le Khonferense ya Kalafi e e Kaga go Ariwa ga Malwetse a Pelo a Masea. Dingaka tse pedi tse di arang—tse di neng di thusiwa thata ke ngaka e e arang e e dirisanang mmogo le rona e e neng e tswa kwa Engelane—di ne tsa dira karo e e thata mo leseeng la Mosupi yo karolo ya gagwe ya pelo e e bidiwang aortic valve e neng e na le bothata. * Ke ne ka itumela le batsadi ba lesea leno fa mongwe wa dingaka tse di arang a tswa mo phaposing ya karo a bolela gore karo e atlegile e bile dingaka di dirile se lelapa le neng le se batla. Gone jaanong dingaka tse pedi tseno di amogela balwetse ba Basupi ka metlha go tswa mo dikarolong tsotlhe tsa Spain.

Se se kgotsofatsang thata ka maemo a a ntseng jalo ke go lemoga gore nka kgona go thusa bakaulengwe ba me ba Bakeresete. Gantsi, fa ba ikgolaganya le Komiti ya Puisano le Dikokelo, ya bo e le nngwe ya dinako tse di thata mo matshelong a bone. Ba tlhoka go ariwa mme dingaka tsa kokelo e ba yang kwa go yone ga di a ikemisetsa kgotsa ga di batle go ba ara kwantle ga madi. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa bakaulengwe ba lemoga gore go na le dingaka tse di alafang malwetse otlhe tse di nang le tirisanommogo mo Madrid, ba ne ba itumela thata. Nkile ka bona sefatlhego se se neng se tlhontse sa mokaulengwe mongwe se fetoga mme se ritibala, e le fela ka go bo re na le ene kwa kokelong.

Baatlhodi le Melao ya Bongaka

Mo dingwageng tsa bosheng jaana, maloko a Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo a ile a etela le baatlhodi. E ne e re fa re ba etela re ne re ba naya kgatiso ya Family Care and Medical Management for Jehovah’s Witnesses, e e neng e diretswe segolobogolo go bolelela badiredi bagolo ba dikgotlatshekelo ka boemo jwa rona malebana le go dirisa madi le ka dilo tse dingwe tse di leng teng tsa kalafi tse di ka dirisiwang mo boemong jwa madi. Go ne go tlhokega thata gore go dirwe maeto ano, ka gonne pele ga moo go ne go tlwaelegile gore baatlhodi kwa Spain ba laele dingaka gore di tshele balwetse madi le fa ba sa batle.

Dikantoro tsa baatlhodi ke mafelo a a tlotlegang, mme mo loetong lwa me lwa ntlha, ke ne ke ikutlwa ke se sepe fa ke ntse ke feta mo diphashiting ka setulo sa me sa maotwana. Se se neng sa gakatsa seemo le go feta, ke fa re ne re nna le kotsinyana mme ke wa ka mangole go tswa mo setulong sa me sa maotwana. Baatlhodi le babueledi ba le mmalwa ba ba neng ba bona bothata jwa me ba ne ba tla go nthusa ka bopelonomi mme ke ne ke tlhabilwe ke ditlhong fa pele ga bone.

Le mororo baatlhodi ba ne ba sa itse sentle gore ke ka ntlha yang fa re ba etetse, bontsi jwa bone ba ne ba re tshwara sentle. Moatlhodi wa ntlha yo ke neng ka mo etela o ne a setse a akantse ka boemo jwa rona, mme o ne a re a ka rata go bua sebakanyana le rona. Mo loetong lwa rona lo lo latelang, o ne a nkisa kwa ofising ya gagwe a kgarametsa setulo sa me sa maotwana a bo a ntheetsa ka kelotlhoko. Ditlamorago tse di itumedisang tsa loeto lono lwa ntlha di ile tsa kgothatsa nna le ditsala tsa me gore re se ka ra tlhola re boifa mme go ise go ye kae re ne ra bona ditlamorago tse dingwe tse di itumedisang.

Mo go one ngwaga oo, re ne ra tlogelela moatlhodi yo mongwe yo a neng a re amogela ka bopelonomi khopi ya buka ya Family Care mme a solofetsa gore o tla e bala. Ke ne ka mo naya nomoro ya me ya thelefouno gore a ikgolaganye le rona fa a tlhoka go bua le rona fa go tlhaga maemo a tshoganyetso. Dibeke tse pedi moragonyana o ne a founa go mpolelela gore ngaka nngwe e e arang mo lefelong la rona e ne e mo kopile gore a laele gore Mosupi mongwe yo o neng a tlhoka go ariwa a tshelwe madi. Moatlhodi yono o ne a re bolelela gore o ne a batla gore re mo thuse go bona tharabololo e e ka diragatsang keletso ya Mosupi yono ya gore a se ka a tshelwa madi. Ga re a ka ra nna le bothata jwa go bona kokelo e nngwe koo dingaka tse di arang di neng tsa kgona go mo ara ka katlego kwantle ga madi. Moatlhodi yono o ne a itumela thata fa a utlwa ditlamorago tsa gone mme o ne a re tlhomamisetsa gore o tla batla ditsela tse di tshwanang le tseo go rarabolola bothata mo nakong e e tlang.

Fa ke ntse ke etela dikokelo, kgang ya melao ya tsa kalafi e ne e tlhaga gangwe le gape, ka gonne re ne re batla gore dingaka di akanyetse ditshwanelo tsa molwetse le se a se dumelang. Kokelo nngwe e e neng e dirisana mmogo le rona kwa Madrid e ne ya ntaletsa gore ke nne le seabe mo khosong e ba neng ba na le yone e e ka ga melao ya bongaka. Khoso eno e ne ya nthusa gore ke tlhalosetse dingaka di le dintsi tse di dirang tiro eno ka tumelo ya rona e e theilweng mo Baebeleng. Gape e ne ya nthusa gore ke tlhaloganye gore ke ditshwetso dife tse di boima tse dingaka di tlhokang go di dira.

Mongwe wa barutisi ba khoso eno e bong Porofesa Diego Gracia ka metlha o ne a rulaganyetsa go tshwara pokano e mo go yone a neng a ruta dingaka tsa kwa Spain ka melao ya bongaka le ka tshwanelo ya rona ya go dira tshwetso ya kalafi e re e batlang mo kgannyeng ya go tshelwa madi. * Go nna re ikgolaganya le ene go ile ga dira gore baemedi ba ofisi ya lekala la Basupi ba ga Jehofa ya Spain ba lalediwe go tla go tlhalosa boemo jwa rona mo baithuting ba ga Porofesa Gracia ba ba setseng ba alogile ba ba bangwe ba bone ba tsewang e le dingaka tse di molemo thata mo nageng.

Go Amogela Boemo Fela Jaaka bo Ntse

Gone ke boammaaruri gore tiro eno e e kgotsofatsang e ke e direlang badumedi ka nna ga e a rarabolola mathata a me otlhe. Bolwetse jwa me bo ntse bo golela pele. Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore tlhaloganyo ya me yone e sa ntse e tlhagafetse. Ka ntlha ya mosadi wa me le morwaake, ba ba se keng ba ngongorega, ke sa ntse ke kgona go diragatsa maikarabelo a me. Fa ba ne ba sa nthuse le go ntshegetsa, ke ne ke se kitla ke kgona. Ga ke kgone le go ikapesa borukgwe kgotsa baki. Ke itumelela segolobogolo go rera ka Matlhatso mangwe le mangwe le morwaake Ismael, yo o nkgorometsang ka setulo sa me sa maotwana gore ke tle ke kgone go bua le beng ba matlo ba ba farologaneng. Mme ke sa ntse ke dira ditiro tsa me jaaka mogolwane mo phuthegong.

Go na le dilo dingwe tse di neng di nkutlwisa botlhoko mo dingwageng tse 12 tse di fetileng. Ka dinako tse dingwe go bona kafa bogole jwa me bo amang lelapa la me ka teng go nkutlwisa botlhoko thata go feta kafa bolwetse bo nkutlwisang botlhoko ka gone. Ke a itse gore ba lelapa le me ba a boga le fa ba sa re sepe. Bosheng jaana, mo sebakeng sa ngwaga, matsale le rre ba ne ba tlhokafala. Mo go one ngwaga oo, ke ne ka iphitlhela ke sa kgone go dira sepe kwantle ga setulo sa me sa maotwana. Rre, yo o neng a nna le rona, o ne a bolawa ke bolwetse jo bongwe jo bo koafatsang. Milagros, yo a neng a mo tlhokomela, o ne a ikutlwa e kete o bona se se tla ntiragalelang mo nakong e tlang.

Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore lelapa la rona le a utlwana fa re ntse re lebana le mathata mmogo. Mo boemong jwa go nna mo setulong sa bokaedi ke ntse mo setulong sa maotwana mme tota botshelo jwa me bo botoka gone jaanong ka gonne ke direla batho ba bangwe. Go aba go ka fokotsa go boga mme Jehofa o diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go re o tla re nonotsha fa re tlhoka thuso. Jaaka Paulo, nka bolela jaana ke sa okaoke: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Bolwetse jwa go omelela dithishu tsa boboko le tsa mokolela ke bolwetse jwa thulaganyo ya ditshika tse dikgolo tsa boboko. Gantsi bo dira gore motho a nne le bothata jo bo golang ka iketlo jwa go sa kgone go itsetsepela, go dirisa ditokololo tsa mmele mme ka dinako tse dingwe a sa kgone go bona, go bua kgotsa a nne le bothata jwa go lebala.

^ ser. 20 Tsela eno ya go ara e bidiwa mokgwa wa go ara wa ga Dr. Ross.

^ ser. 28 Bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1997, ditsebe 19-20.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Kafa Morwa a Ikutlwang ka Teng

Rre o ntlhomela sekao se sentle thata ka go itshoka ga gagwe le go nna le boikutlo jo bo siameng mme ke ikutlwa ke dira sengwe se se mosola fa ke mo tsamaisa gongwe le gongwe ka setulo sa gagwe sa maotwana. Ke a itse gore ga ke kgone go dira se ke ratang go se dira ka metlha. Gone jaanong ke mosha, mme fa ke gola, nka rata go nna leloko la Komiti ya Puisano le Dikokelo. Go ya ka ditsholofetso tse di mo Baebeleng ke a itse gore go boga ke selo sa nakwana fela le gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba boga go feta kafa rona re bogang ka teng.

[Lebokoso mo go tsebe 24]

Kafa Mosadi a Ikutlwang ka Teng

Fa o le mosadi, go a go thatafalela mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo mmeleng fa o nna le molekane yo o nang le bolwetse jwa go omelela dithishu tsa boboko le tsa mokolela. Ke tshwanetse go nna tekatekano mo dilong tse ke batlang go di dira mme ke iketleeletse go tila go tlhobaela ka isagwe go sa tlhokege. (Mathaio 6:34) Le fa go ntse jalo, fa motho a boga go go thusa gore o tlhagise dinonofo tsa gago tse di molemo thata. Lenyalo la rona le nonofile go feta pele mme ke atamalane thata le Jehofa. Dikgang tsa botshelo tsa batho ba bangwe ba le bone ba leng mo maemong a a ngomolang pelo le tsone di ile tsa nnonotsha thata. Le nna ke ikutlwa ke kgotsofetse jaaka Julián ka ntlha ya tiro e e molemo e a e direlang bakaulengwe, mme ke bone gore le ka motlha Jehofa ga a ise a ke a re latlhe, le fa letsatsi lengwe le lengwe le re tlisetsa kgwetlho e nngwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Mosadi wa me o a nnonotsha

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke buisana le ngaka e e arang dipelo Dr. Juan Duarte

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Nna le morwaake re itumelela go dira mmogo mo bodireding