Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lorato lo Botlhokwa Thata

Lorato lo Botlhokwa Thata

Lorato lo Botlhokwa Thata

BATHO botlhe ba tlhoka lorato thata, go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe, puo efe kgotsa morafe ofe. Fa keletso eo e sa kgotsofadiwe, ga ba itumele. Mmatlisisi wa tsa kalafi o ne a kwala jaana: “Lorato le botsalano ke dilo tsa botlhokwa thata tse di laolang tsela e re ikutlwang ka yone. Go tlhokega kana go nna teng ga tsone go ka dira gore re lwale kgotsa re tsoge sentle, go ka baka bohutsana kgotsa ga dira gore re itumele, go ka re utlwisa botlhoko kgotsa ga re fodisa. Fa go ne go na le molemo mongwe o mosha o o neng o ka dira jalo, ngaka nngwe le nngwe mo lefatsheng e ne e ka o naya balwetse ba yone. E ne e tla bo e le tlolomolao mo go tsa kalafi fa e ne e ka se neye balwetse molemo oo.”

Le fa go ntse jalo, setšhaba sa gompieno, segolobogolo metswedi ya tshedimosetso le batho ba ba itsegeng ba go latelwang sekao sa bone, gantsi ba gatelela botlhokwa jwa khumo, maatla, botumo le tlhakanelodikobo, go na le go gatelela botlhokwa jwa go nna le botsalano jo bo lorato jo batho ba bo tlhokang. Barutisi ba bantsi ba gatelela gore batho ba ipeele mekgele mme ba nne le ditiro tse di gatetseng pele, ba tlhalosa gore go atlega go bonwa fela mo dilong tse motho a di fitlheletseng. Ke boammaaruri gore thuto le go tokafatsa bokgoni jo motho a nang le jone di botlhokwa, mme a di tshwanetse go latelelwa thata jalo mo motho a tla tlhokang nako ya go nna le ba lelapa le ditsala? Mokwadi mongwe yo o rutegileng wa bogologolo yo o neng a ithuta mekgwa ya batho ka kelotlhoko o ne a tshwantsha motho yo o nang le bokgoni mme a se na lorato le “kapetla ya kgotlho e e tsosang modumo kgotsa semebala e e opanngwang.” (1 Bakorintha 13:1) Batho ba ba ntseng jalo ba ka nna ba huma ba bo ba tuma, le fa go ntse jalo, ba ka se nne le boitumelo jwa mmatota.

Jesu Keresete, yo o neng a tlhaloganya batho sentle e bile a ba rata thata, o ne a ruta gore go rata Modimo le moagelani go botlhokwa tota. O ne a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago. . . . O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:37-39) Batho ba ba neng ba latela mafoko ano ke bone fela ba ba neng ba tla nna balatedi ba mmatota ba ga Jesu. Ke sone se a neng a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Johane 13:35.

Ka jalo, motho a ka nna jang le lorato mo lefatsheng la gompieno? Mme batsadi ba ka ruta bana ba bone lorato jang? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Ga go motlhofo go nna le lorato mo lefatsheng le le laolwang ke bopelotshetlha