Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri re Tlhoka Batho ba Bangwe?

A Ruri re Tlhoka Batho ba Bangwe?

A Ruri re Tlhoka Batho ba Bangwe?

ALBERT EINSTEIN, moitsesaense yo o itsegeng thata a re: “Fa re tlhatlhoba matshelo a rona le ditiro tsa rona, re lemoga gore mo e ka nnang dilo tsotlhe tse re di dirang le tse re di ratang di amana le go nna teng ga batho ba bangwe.” O ne a tswelela a re: “Re ja dijo tse di lemilweng ke batho ba bangwe, re apara diaparo tse di dirilweng ke batho ba bangwe, re nna mo matlong a a agilweng ke batho ba bangwe. . . . Motho o se a leng sone e bile o botlhokwa, e seng ka bogagagwe fela, mme ka go bo a le karolo ya setšhaba se segolo se se kaelang botshelo jwa gagwe jwa senama le jwa semoya go tloga fa a tsholwa go fitlha a swa.”

Go tlwaelegile go bona kamano ya tlholego mo diphologolong. Ditlou di tsamaya mmogo ka metlhape ya tsone, di tlhokometse bana ba tsone ka kelotlhoko. Ditau tse di namagadi di tsoma mmogo mme go tswa foo di ja mmogo le tse ditonanyana. Didolofine di tshameka mmogo e bile di sireletsa diphologolo tse dingwe kgotsa batho ba ba thumang fa ba le mo bothateng.

Le fa go ntse jalo, baithutaloago ba lemogile gore batho ba na le mokgwa o o tlhobaetsang. Go ya ka lokwalodikgang longwe lo lo gatisitsweng kwa Mexico, baitsesaense bangwe ba re “go itlhaola ga batho ka dingwagangwaga le go sa dirisane mmogo ga batho go amile setšhaba sa U.S. ka tsela e e maswe.” Lokwalodikgang loo lo ne lwa bolela gore “boitekanelo jwa setšhaba bo ikaegile ka go dira diphetogo tse dintsi, tse di akaretsang gore batho ba boe gape ba dirisane mmogo jaaka setšhaba.”

Bothata jono bo aname thata mo bathong ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologileng. Batho ba bantsi ba na le mokgwa o o ntseng o anama thata wa go itlhaola mo go ba bangwe. Batho ba batla go ‘itshelela matshelo a bone’ e bile ba thibela ba bangwe gore ba se ka ba ‘itshunya mo matshelong a bone.’ Bangwe ba akanya gore mokgwa ono o dirile gore setšhaba se tshabelelwe ke malwetse a maikutlo, go gatelelwa thata mo maikutlong le go batla go ipolaya.

Mo kgannyeng eno Dr. Daniel Goleman o ne a re: “Go itlhaola mo bathong—kgopolo ya gore motho ga a na ope yo a ka mmolelelang maikutlo a gagwe kgotsa yo a ka dirisanang le ene—go dira gore go nne motlhofo gore motho a tsenwe ke bolwetse kgotsa a swe.” Pego e e gatisitsweng mo lokwalodikgannyeng lwa Science e ne ya konela ka gore go itlhaola mo bathong ‘go ama palo ya dintsho thata fela jaaka mokgwa wa go goga, haebolate, kholeseterole e e kwa godimo, go nona thata le go sa ikatise mmele.’

Ka mabaka a a farologaneng he, ke boammaaruri gore ruri re tlhoka batho ba bangwe. Re ka se tshele re le nosi. Ka jalo bothata jwa go itlhaola bo ka rarabololwa jang? Ke eng se se dirileng gore matshelo a batho ba bantsi a nne le bokao jwa mmatota? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tse di ntseng jalo.

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

“Mo e ka nnang dilo tsotlhe tse re di dirang le tse re di ratang di amana le go nna teng ga batho ba bangwe.”—Albert Einstein