Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gomotsa ba ba Goang ba Kopa Thuso

Go Gomotsa ba ba Goang ba Kopa Thuso

Go Gomotsa ba ba Goang ba Kopa Thuso

BAEBELE ga se buka ya botsogo jwa tlhaloganyo. Le fa go ntse jalo, e re naya kgomotso mme e re thusa go itumelela botshelo le fa re kopana le mathata. Dikwalo di bua boammaaruri fa di re: “Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Go bo re sa itekanela go baka mangwe a mathata a re nnang le one. Mme ke mang yo tota a dirang gore batho ba boge?

Baebele ya re ke moya o o boikepo o o bidiwang Diabolo le Satane. O ‘tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ mme o baka bontsi jwa mathata a a tshwenyang batho. Mme le fa go ntse jalo, Baebele gape e re bolelela gore o felelwa ke nako. (Tshenolo 12:9, 12) Go ise go ye kae, tlalelo yotlhe e Satane a e tliseditseng banni ba lefatshe e tla fela fa Modimo a tsenelela. Go ya ka Baebele, lefatshe le lesha la tshiamo le Modimo a le solofeditseng le tla fedisa go itlhoboga le go tlalelwa ga batho.—2 Petere 3:13.

Go gomotsa tota go itse gore go boga ga batho ke selo sa nakwana fela! Mo pusong ya Bogosi Jwa Modimo ya kwa legodimong e Jesu Keresete a tla busang mo go yone, go tlhoka tshiamiso le go boga di tla fela. Dikwalo di bolela jaana ka Kgosi e Modimo a e tlhomileng: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong, mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.”—Pesalema 72:12-14.

Nako ya gore mafoko ano a boporofeti a diragadiwe e gaufi thata. Re tla itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise mo maemong a a molemolemo. (Luke 23:43; Johane 17:3) Go itse ditsholofetso tseno tse di gomotsang tse di tswang mo Dikwalong go naya tsholofelo e bile go gomotsa ba ba goang ba kopa thuso.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Depressed girl: Photo ILO/J. Maillard