Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Jehofa o ne a letlelela go nyala lefufa mo batlhankeng ba gagwe ba bogologolo ba Baiseraele, mme mo motlheng wa gompieno ga a go letlelele. A melao ya gagwe e a fetofetoga?

Jehofa ga a fetola tsela e a lebang go nyala lefufa ka yone. (Pesalema 19:7; Malaki 3:6) E ne e se thulaganyo ya gagwe go tswa kwa tshimologong mme ga se yone le jaanong. Fa a ne a bopa Efa gore e nne mosadi wa ga Adame, Jehofa o ne a ba bolelela gore molao wa gagwe e ne e le gore monna a nne le mosadi a le mongwe fela. “Ke gone ka moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.”—Genesise 2:24.

Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a umaka molao oo gape fa a ne a araba batho ba ba neng ba mmotsa ka go tlhala le go nyala gape. O ne a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe.” Jesu o ne a oketsa jaana: “Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo, mme a nyala yo mongwe o dira boaka.” (Mathaio 19:4-6, 9) Re bona mo go seno gore go nyala basadi ba ba fetang a le mongwe ke boaka.

Jaanong ke ka ntlha yang fa go nyala lefufa go ne go letleletswe bogologolo? Gakologelwa gore Jehofa ga se ene a simolotseng tlwaelo eno. Motho wa ntlha yo o umakiwang mo Baebeleng yo o neng a nyetse lefufa e ne e le Lameke, setlogolwana sa ga Kaine. (Genesise 4:19-24) Fa Jehofa a ne a tlisa Morwalela wa motlha wa ga Noa, Noa le bomorwawe ba le bararo ba ne ba sa nyala lefufa, mongwe le mongwe wa bone o ne a na le mosadi a le mongwe fela. Batho botlhe ba ba neng ba nyetse lefufa ba ne ba nyelediwa ke Morwalela.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana fa Jehofa a ne a tlhopha Baiseraele gore e nne batho ba gagwe, bangwe ba bone ba ne ba setse ba simolotse go nyala lefufa le fa gone go ne go bonala e le selo se se tlwaelegileng thata gore motho a nne le mosadi a le mongwe. Modimo ga a ka a laela gore malapa a a neng a na le mosadi a feta a le mongwe a kgaogane. Go na le moo, o ne a dira gore go nne le melao e e gagametseng e ba tshwanetseng go e latela fa ba nyetse lefufa.—Ekesodo 21:10, 11; Duteronome 21:15-17.

Ntlha e e bontshang gore go letlelela go nyala lefufa e ne e le selo sa nakwana fela ga e bonwe fela mo go se Jesu a neng a se umaka ka melao ya kwa tshimologong ya ga Jehofa ya lenyalo, mme gape e bonala le mo go se moaposetoloi Paulo a neng a se kwala a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo wa Modimo. O ne a re: “A monna mongwe le mongwe a nne le mosadi wa gagwe le mosadi mongwe le mongwe a nne le monna wa gagwe.” (1 Bakorintha 7:2) Gape Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala gore monna mongwe le mongwe yo o tlhomiwang gore e nne molebedi kgotsa motlhanka wa bodiredi mo phuthegong ya Bokeresete e tshwanetse go nna “monna wa mosadi a le mongwe.”—1 Timotheo 3:2, 12; Tito 1:6.

Ka jalo, go letlelela ga ga Jehofa go nyala lefufa go ne ga fela fa go ne go tlhomiwa phuthego ya Bokeresete dingwaga di le 2 000 tse di fetileng. Ka nako eo molao wa lenyalo o ne wa boela kwa go se o neng o le sone kwa tshimologong fa Modimo a ne a bopa monna wa ntlha le mosadi wa ntlha: monna a nne le mosadi a le mongwe fela. Ke molao o gompieno batlhanka ba Modimo ba o latelang lefatshe ka bophara.—Mareko 10:11, 12; 1 Bakorintha 6:9, 10.