Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Batla Jehofa ka Tlhoafalo?

A o Batla Jehofa ka Tlhoafalo?

A o Batla Jehofa ka Tlhoafalo?

MONNA mongwe wa Mokeresete o ne a eletsa thata go bolelela batho ba bangwe ba ba tsamayang le ene mo tereneng dikgang tse di molemo tsa Baebele. (Mareko 13:10) Le fa go ntse jalo, o ne a palelwa ke go bua ka ntlha ya poifo. A o ile a itlhoboga? Nnyaa, go na le moo o ne a rapelela kgang eno ka tlhoafalo mme a dira maiteko a go ithuta go simolola motlotlo. Jehofa Modimo o ne a araba thapelo ya monna yono mme a mo naya maatla a gore a rere.

Go botlhokwa go bontsha tlhoafalo e e ntseng jalo fa re batla Jehofa e bile re batla gore a re segofatse. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Go batla Jehofa fela ga go a lekana. Lediri la Segerika le le ranotsweng e le “go mmatla ka tlhoafalo” le kaya go dira ka natla le go iteka thata. Seno se akaretsa go dira jalo ka pelo ya gago yotlhe, mogopolo wa gago otlhe, moya wa gago otlhe le maatla a gago otlhe. Fa re batla Jehofa ka tlhoafalo, re ka se ka ra nna batho ba ba sa kgathaleng, ba ba gogang dinao kgotsa ba ba itsemeletsang. Go na le moo, re tla mmatla ka tlhoafalo ya mmatota.—Ditiro 15:17.

Batho ba ba Neng ba Batla Jehofa ka Tlhoafalo

Dikwalo di na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba neng ba dira ka natla go batla Jehofa. Mongwe wa batho bao e ne e le Jakobe, yo o neng a sokasokana thata go fitlha bo sa le moengele wa Modimo yo o neng a itirile motho. Ka ntlha ya seo, Jakobe o ne a newa leina la Iseraele (Motho yo o Lwantshanang le Modimo) ka gonne o ne a “lole” kgotsa a kgaratlhile, a itekile ka natla kgatlhanong le Modimo. Moengele o ile a mo segofatsa ka ntlha ya maiteko a gagwe a magolo.—Genesise 32:24-30.

Gape go ne go na le mosadi mongwe wa Mogalalea yo leina la gagwe le sa bolelwang yo ka dingwaga di le 12 a neng a na le bolwetse jwa go elela madi jo bo neng bo mmakela ‘ditlhabi di le dintsi.’ E re ka a ne a le mo seemong seno, o ne a sa tshwanela go ama batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, o ne a ititaya sehuba go ya go bona Jesu. O ne a ntse a re: “Fa nka ama fela diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle ke tla fola.” Akanya kafa a neng a itshukunyetsa ka teng mo gare ga ‘boidiidi jo bo neng bo setse [Jesu] morago e bile bo mo pitlaganyetsa.’ Fa a ama seaparo sa ga Jesu sa kafa ntle o ne a utlwa “motswedi wa gagwe wa madi [o] kgala”—bolwetse jwa gagwe jo bo sa foleng bo ne bo fodile! Fa Jesu a ne a botsa gore, “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me tsa kafa ntle?” o ne a tshoga. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a mo raya ka lorato a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o bo o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.” O ne a duelwa ka ntlha ya maiteko a a a dirileng.—Mareko 5:24-34; Lefitiko 15:25-27.

Mo lekgetlong le lengwe gape, mosadi mongwe wa Mofonikia o ne a kopa Jesu ka tlhoafalo gore a fodise morwadie. Jesu o ne a mo raya a re ga go a tshwanela gore a neele dintšanyana dijo tsa bana. O ne a raya gore a ka se ka a amega ka batho ba e seng Baiseraele mme a itlhokomolosa Bajuda ba a tshwanetseng go ba thusa. Le fa mosadi yono a ne a tlhaloganya se a neng a se kaya ka setshwantsho seo, o ne a tswelela a mo kopa jaana: “Ee, Morena; mme tota dintšanyana ruri di ja matlhotlhora a a wang mo tafoleng ya beng ba tsone.” Tumelo ya gagwe e e nonofileng le bopeloephepa jwa gagwe di ile tsa dira gore Jesu a re: “Mosadi, tumelo ya gago e kgolo; a go go diragalele jaaka o eletsa.”—Mathaio 15:22-28.

Go ka bo go ile ga direga eng ka batho bano fa ba ka bo ba sa tswelela ba iteka thata? A ba ka bo ba ile ba segofala fa ba ka bo ba ile ba itlhoboga fa ba kopana le sekgoreletsi sa ntlha kgotsa ba ganediwa? Nnyaa! Dikai tseno di bontsha sentle ntlha e Jesu a neng a ruta ka yone, ya gore go “emelela ka bopelokgale” go siame, e bile go botlhokwa fa re batla Jehofa.—Luke 11:5-13.

Kafa Thatong ya Gagwe

Mo dipegong tse di umakilweng fa godimo tsa batho ba ba ileng ba fodisiwa ka tsela ya kgakgamatso, a go ne go tlhokega fela gore ba bo ba tlhoafetse gore ba fodisiwe? Nnyaa, dilo tse ba neng ba di kopa di ne di tshwanetse go tsamaisana le thato ya Modimo. Jesu o ne a newa maatla a go dira dikgakgamatso go neela bosupi jo bo tlhomologileng jwa gore e ne e le Morwa Modimo, Mesia yo o solofeditsweng. (Johane 6:14; 9:33; Ditiro 2:22) Mo godimo ga moo, dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira, di ne di bontsha go sekae masego a magolo a a tla tlang mo lefatsheng, a Jehofa a tla a nayang batho ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga di le Sekete.—Tshenolo 21:4; 22:2.

Ga e tlhole e le thato ya Modimo gore batho ba ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri ba nne le dinonofo tsa go dira dikgakgamatso, tse di jaaka go kgona go fodisa le go bua ka diteme. (1 Bakorintha 13:8, 13) Thato ya gagwe mo motlheng wa rona ke go dira gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi di rerwe mo lefatsheng lotlhe gore ‘batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe le go tla mo kitsong e e leng yone ya boammaaruri.’ (1 Timotheo 2:4; Mathaio 24:14; 28:19, 20) Go a tshwanela gore batlhanka ba Modimo ba lebelele gore fa ba dira maiteko a magolo a a tsamaisanang le thato ya gagwe, a ba utlwe fa ba rapela ka tlhoafalo.

Bangwe ba ka nna ba ipotsa gore ‘Ke eng fa re tlhoka go iteka ka natla fa e le gore kgabagare boikaelelo jwa Modimo bo tla diragadiwa?’ Le fa gone e le boammaaruri gore Jehofa o tla diragatsa maikaelelo a gagwe go sa kgathalesege gore batho ba dira maiteko afe, o itumelela go bo go na le batho ba ba thusang mo go diragatseng thato ya gagwe. Re ka tshwantsha Jehofa le monna yo o agang ntlo. Moagi o na le polane e e feletseng ya moago, mme o tlhopha go dirisa dilo tsa go aga tse di leng teng mo lefelong le a leng mo go lone. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o na le tiro e e tshwanetseng go dirwa gompieno mme o itumelela go dirisa batlhanka ba gagwe, ba ba ithaopang ka go rata.—Pesalema 110:3; 1 Bakorintha 9:16, 17.

Akanya ka se se diragaletseng Toshio yo mmotlana. Fa a simolola sekolo se segolwane, o ne a batla go neela bosupi jo bogolo kafa a ka kgonang ka teng kwa sekolong e re ka a ne a se tsaya e le tshimo ya gagwe. O ne a nna a tshotse Baebele mme a dira ka natla go nna Mokeresete yo o tlhomang sekao. Go ya kwa bofelong jwa ngwaga wa gagwe wa ntlha kwa sekolong, o ne a nna le sebaka sa go buisana le tlelase. Toshio o ne a rapela Jehofa gore a mo thuse mme o ne a itumela thata fa a bona tlelase yotlhe e reeditse ka kelotlhoko fa a ne a neela puo ya gagwe e e nang le setlhogo se se reng “Mokgele Wa me Wa go Dira Bobulatsela Tiro Ya me Ya Botshelo Jotlhe.” O ne a tlhalosa gore o ne a batla go nna mongwe wa badiredi ba nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Mongwe wa baithuti o ne a dumela go ithuta Baebele le ene mme a gatela pele go fitlha a kolobediwa. Maiteko a Toshio a neng a a dira ka tlhoafalo a a neng a tsamaisana le dithapelo tsa gagwe a ne a duelwa thata.

O Tlhoafetse go le Kana Kang?

O ka bontsha ka ditsela tse di farologaneng gore o batla Jehofa le masego a gagwe ka tlhoafalo. Sa ntlha, go na le dilo tse o ka simololang go di dira, tse di jaaka go baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete sentle. Fa o neela dikakgelo tse di akanyeditsweng sentle, dipuo tse di tlhotlheletsang le go dira dipontsho tse di nang le matswela, o bontsha kafa o tlhoafetseng ka teng go batla Jehofa. Gape o ka bontsha tsela e o tlhoafetseng ka yone ka go tokafatsa bodiredi jwa gago. Ke eng o sa leke go nna botsalano go feta pele fa o bua le mong wa ntlo le go simolola motlotlo ka tsela e e molemo e e tshwanelang tshimo ya lona? (Bakolosa 3:23) Fa monna wa Mokeresete a dira ka natla, a ka kgona go amogela dikabelo tse di jaaka go nna motlhanka wa bodiredi kgotsa mogolwane. (1 Timotheo 3:1, 2, 12, 13) Fa o ithaopa, o ka itumelela go aba. O ka kgona go ikwadisetsa go ya go thusa mo tirong ya go aga ya lekala lengwe kgotsa go direla kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa. Fa o le mokaulengwe yo o tshwanelegang yo o sa nyalang, o ka nna wa rata go ya kwa Sekolong sa Thapiso sa Bodiredi, se se thapisang banna ba ba godileng semoyeng gore e nne badisa ba ba molemo. Fa o nyetse, tiro ya borongwa e ka nna tsela e o ka bontshang ka yone gore o tlhoafaletse go direla Jehofa ka tsela e kgolwane. Go fudugela kwa go tlhokegang baboledi ba ba oketsegileng ba Bogosi gone e ka nna sengwe se o ka nnang wa kgona go se dira.—1 Bakorintha 16:9.

Se se botlhokwa thata ke tsela e o dirang tiro e o e abetsweng ka yone. Le fa o ka fiwa boikarabelo bofe, bo dire ka tlhoafalo, o le matlhagatlhaga le ka “bopeloephepa jwa pelo.” (Ditiro 2:46; Baroma 12:8) O tla bo o dira sentle fa o ka leba tiro nngwe le nngwe e o e abelwang e le tsela ya go bontsha kafa o tlhoafetseng ka teng go baka Jehofa. Rapela Jehofa ka metlha gore a go thuse mme o dire gotlhe mo o ka go kgonang. Foo o tla bona masego a magolo.

Masego a go Iteka ka Tlhoafalo

A o gakologelwa monna yole wa Mokeresete yo o neng a rapela gore a kgone go fenya poifo ya gagwe ya go rerela batho ba bangwe ba a tsamayang le bone mo tereneng? Jehofa o ne a mo segofatsa ka ntlha ya keletso eo ya gagwe ya bopeloephepa. Mokaulengwe yono o ne a leka go simolola motlotlo ka tsela e e kgatlhang a bo a dirisa ditlhogo tse di farologaneng. O ne a kgona go dirisa Baebele ka tsela e e nang le matswela fa a ne a rerela monna mongwe yo o neng a tshwenyegile ka go sa utlwane ga batho. Go bua ga gagwe ka makgetlo a le mmalwa le monna yono go ile ga felela ka thuto ya Baebele. Jehofa o ne a mo segofatsa tota ka go bo a ne a iteka ka tlhoafalo!

O ka nna le matswela a a ntseng jalo fa o ka tswelela o batla Jehofa ka tlhoafalo. Fa o tswelela o iteka thata ka boikokobetso mme o dira ka pelo yotlhe mo tirong le fa e le efe ya puso ya Modimo, Jehofa o tla go dirisa go ya ka se maikaelelo a gagwe e leng sone mme a bo a go tshololela masego a magolo.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Go ne go tla diragala eng ka mosadi yono fa a ka bo a sa iteka a sa fele pelo?

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

A o nna o kopa Jehofa gore a go segofatse o sa fele pelo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

O ka bontsha jang gore o batla Jehofa ka tlhoafalo?