Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batlhanka ba ga Jehofa Ba na Le Tsholofelo ya Boammaaruri

Batlhanka ba ga Jehofa Ba na Le Tsholofelo ya Boammaaruri

Batlhanka ba ga Jehofa Ba na Le Tsholofelo ya Boammaaruri

“Ba ba setseng ba ga Jakobe ba tla nna jaaka monyo o o tswang kwa go Jehofa mo gare ga ditšhaba di le dintsi . . . tse di sa solofeleng mo mothong.”—MIKA 5:7.

1. Iseraele wa semoya o lapolosa batho ka tsela efe?

JEHOFA ke Modiri yo mogolo wa pula le monyo. Ke boeleele go solofela gore batho ba ka dira monyo kana pula. Moporofeti Mika o ile a kwala jaana: “Ba ba setseng ba ga Jakobe ba tla nna jaaka monyo o o tswang kwa go Jehofa mo gare ga ditšhaba di le dintsi, jaaka dipula tse dikgolo mo dimeleng, tse di sa solofeleng mo mothong kgotsa di sa letele bomorwa motho wa mo lefatsheng.” (Mika 5:7) “Ba ba setseng ba ga Jakobe” ke bomang gompieno? Ke Baiseraele ba semoya, masalela a “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16) Mo ‘ditšhabeng di le dintsi’ tsa lefatshe, ba lapolosa jaaka “monyo o o tswang kwa go Jehofa” le jaaka “dipula tse dikgolo mo dimeleng.” Ee, gompieno Bakeresete ba ba tloditsweng ba dirisiwa ke Modimo go lapolosa batho. E re ka e le baboledi ba Bogosi, ba dirisiwa ke Jehofa go bolelela batho molaetsa wa gagwe wa tsholofelo ya boammaaruri.

2. Ke eng fa re na le tsholofelo ya boammaaruri le mororo re tshela mo lefatsheng leno le le tletseng mathata?

2 Ga go gakgamatse go bo lefatshe leno le sena tsholofelo ya boammaaruri. Dikhuduego tsa sepolotiki, go senyega ga boitsholo, bokebekwa, mathata a tsa ikonomi, borukhutlhi, dintwa—ke dilo tse re tshwanetseng go di lebelela mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Batho ba le bantsi ba a boifa, ba ipotsa gore isagwe e tlile go nna jang. Le fa go ntse jalo, rona baobamedi ba ga Jehofa ga re boife, ka gonne re na le tsholofelo e e tlhomameng ka isagwe. Mme tsholofelo eno e boammaaruri ka gonne e theilwe mo Lefokong la Modimo. Re ikanya Jehofa le Lefoko la gagwe ka botlalo ka gonne ka metlha se a se solofetsang se a direga.

3. (a) Ke eng fa Jehofa a ne a tlile go otlhaya Iseraele le Juda? (b) Ke eng fa mafoko a ga Mika a dira le gompieno?

3 Boporofeti jwa ga Mika jo bo tlhotlheleditsweng ke Modimo bo re nonotsha gore re tsamaye mo leineng la ga Jehofa le gore re nne le tsholofelo ya boammaaruri. Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., fa Mika e ne e le moporofeti, batho ba Modimo a neng a dirile kgolagano le bone ba ne ba kgaogantswe go nna ditšhaba tse pedi—sa Iseraele le sa Juda—mme ditšhaba tseno ka bobedi di ne di tlhokomologa kgolagano e Modimo a neng a e dirile le tsone. Seno se ne sa dira gore boitsholo jwa bone bo senyege, ba tlhanogele bodumedi le go gwalalela dikhumo ka tsela e e feteletseng. Ka jalo, Jehofa o ne a ba tlhagisa gore o tlile go ba otlhaya. Ke boammaaruri gore, ditlhagiso tsa ga Jehofa di ne di lebisitswe kwa bathong ba motlha wa ga Mika. Le fa go ntse jalo, maemo a mo motlheng wa rona a tshwana thata jaana le a motlha wa ga Mika mo e leng gore mafoko a ga Mika a a dira le mo motlheng wa rona. Seno se tla bonala sentle fa re ntse re sekaseka dingwe tsa dintlhakgolo tsa dikgaolo tse supa tsa buka ya ga Mika.

Se Tshobokanyo ya Yone e se Senolang

4. Mika kgaolo ya 1 go ya go ya 3 di re naya tshedimosetso efe?

4 A re sekaseke diteng tsa buka ya Mika go se kae. Mo go kgaolo 1, Jehofa o senola botsuolodi jwa Iseraele le Juda. Ka ntlha ya boganana jono, Iseraele o tla senngwa mme kotlhao ya Juda e tla fitlha le e leng kwa dikgorong tsa Jerusalema. Kgaolo ya 2 e senola gore bahumi le batho ba ba nang le maatla ba gatelela ba ba bokoa le ba maemo a a kwa tlase. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se Modimo a se solofetsang. Batho ba Modimo ba tla phuthwa mmogo ba nna seoposengwe. Kgaolo ya 3 e re begela dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le baeteledipele ba setšhaba le boganana jwa baporofeti. Baeteledipele bano ba sokamisa katlholo, mme baporofeti ba porofeta maaka. Le fa go ntse jalo, Mika o nonotshiwa ke moya o o boitshepo go bolela katlholo e e tlang ya ga Jehofa.

5. Mika kgaolo ya 4 le ya 5 di tlhalosa dintlha dife tsa botlhokwa?

5 Kgaolo ya 4 e bolelela pele gore kwa bokhutlong jwa metlha, ditšhaba tsotlhe di tla tla mo thabeng e e goletsegileng ya ntlo ya ga Jehofa go tla go rutwa ke ene. Pele ga seo se direga, Juda o tla isiwa botshwarong kwa Babelona, le fa go ntse jalo, Jehofa o tla mo golola. Kgaolo ya 5 e senola gore Mesia o tla tsholelwa kwa Betlelehema wa Juda. O tla disa batho ba gagwe ka katlego, mme a ba golole mo ditšhabeng tse di ba gatelelang.

6, 7. Ke dintlha dife tse di tlhalosiwang ke kgaolo ya 6 le ya 7 ya boporofeti jwa ga Mika?

6 Kgaolo 6 ya Mika e bega ka ditatofatso tse Jehofa a di dirang kgatlhanong le batho ba gagwe jaaka e kete ke mo kgotlatshekelong. Ke eng se a se dirileng se se bakileng gore batho ba gagwe ba tsuologe? Ga a dira sepe. Tota melao ya gagwe e tekatekano. O batla gore baobamedi ba gagwe ba dire tshiamiso le go nna pelonomi le boingotlo fa ba ntse ba tsamaya le ene. Go na le gore Iseraele le Juda ba dire seo, ba ne ba nna batsuolodi mme ba tshwanelwa ke go otlhaiwa.

7 Mo kgaolong ya bofelo ya boporofeti jono, Mika o kgala batho ba motlha wa gagwe ka ntlha ya boikepo jwa bone. Le fa go ntse jalo, ga a kgobege marapo ka gonne o ikemiseditse go ‘supa boikutlo jwa go letela’ Jehofa. (Mika 7:7) Buka eno e konela ka tsholofetso ya gore Jehofa o tla utlwela batho ba gagwe botlhoko. Hisitori e supa gore tsholofetso eo e ne ya diragadiwa. Ka 537 B.C.E., fa Jehofa a sena go otlhaya batho ba gagwe, o ne a busetsa masalela kwa nagagaeng ya bone ka gonne a ne a ba utlwela botlhoko.

8. O ka sobokanya jang diteng tsa buka ya Mika?

8 A tshedimosetso e e molemo ruri e Jehofa a neng a e senola ka Mika! Buka eno e e tlhotlheleditsweng, e re naya dikai tsa tlhagiso tsa kafa Jehofa a dirisanang ka gone le ba ba reng ba a mo direla mme ba sa ikanyege. E bolelela pele ditiragalo tse di diregang mo motlheng wa rona. E bile e re naya kgakololo e e tswang kwa Modimong ya kafa re tshwanetseng go itshwara ka gone mo metlheng eno e e thata gore re nne re nonofile mo tsholofelong ya rona.

Morena Molaodimogolo Jehofa o a Bua

9. Go ya ka Mika 1:2, Jehofa o ne a tlile go dira eng?

9 Jaanong, mma re sekaseke buka ya Mika ka botlalo. Re bala jaana mo go Mika 1:2: “Utlwang, lona ditšhaba, lotlhe fela; tlhwaya tsebe, wena lefatshe le se se tletseng mo go wena, mme a Morena Molaodimogolo Jehofa a nne mosupi kgatlhanong le wena, Jehofa a le mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo.” Fa o ka bo o ne o tshela mo motlheng wa ga Mika, ga go pelaelo gore mafoko ano a ne a tla gapa mogopolo wa gago. Ee ruri, a gapa mogopolo wa rona gompieno gonne Jehofa o bua a le mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo mme ga a bue le Iseraele le Juda fela, go na le moo, o bua le batho gongwe le gongwe. Mo motlheng wa ga Mika, batho ba ne ba tlhokomologile Morena Molaodimogolo Jehofa ka lobaka lo loleele. Go ise go ye kae, seo se ne se tla fetoga. Jehofa o ne a ikemiseditse go tsaya kgato ya makgaolakgang.

10. Ke eng fa mafoko a Mika 1:2 a le botlhokwa mo go rona?

10 Go ntse fela jalo le mo motlheng wa rona. Tshenolo 14:18-20 e bontsha gore Jehofa o bua gape a le mo tempeleng ya gagwe e e boitshepo. O tla tloga a tsaya kgato ya makgaolakgang, mme ditiragalo tse dikgolo di tla tloga di reketlisa batho gape. Mo lekgetlhong leno, “mofine wa lefatshe” o o boikepo o tla latlhelwa mo segatisetsong se segolo sa bogale jwa ga Jehofa, mme seo se tla felela ka gore tsamaiso ya dilo ya ga Satane e nyelediwe gotlhelele.

11. Mafoko a Mika 1:3, 4 a kaya eng?

11 Reetsa gore Jehofa o tlile go dira eng. Mika 1:3, 4 ya re: “Bonang! Jehofa o tswa mo lefelong la gagwe, mme ruri o tla fologa mme a gate mafelo a a kwa godimo a lefatshe. Mme dithaba di tla gakologa kafa tlase ga gagwe, le mabala a a kwa tlase a tla fatoga, jaaka bonota ka ntlha ya molelo, jaaka metsi a a tshololwang mo lefelong le le fologelang.” A Jehofa o tla tlogela lefelo la gagwe la selegodimo mme a tla ka sebele go tla go gata dithaba le mabala a Naga e e Solofeditsweng? Nnyaa. Ga a tlhoke go dira jalo. Se a tlhokang go se dira fela ke go tlhoma mogopolo wa gagwe mo lefatsheng gore go diragadiwe thato ya gagwe. Mo godimo ga moo, ga se lefatshe la mmatota le le tla tlelwang ke masetlapelo ano, mme ke banni ba lone ba ba tla diragalelwang ke dilo tse di tlhalosiwang fano. Fa Jehofa a tsaya kgato, batho ba ba sa ikanyegeng ba tla tlelwa ke masetlapelo—e kete dithaba di nyerolotswe jaaka mafura le mabala a phatlotswe ke thoromo ya lefatshe.

12, 13. Go ya ka 2 Petere 3:10-12, ke eng se se dirang gore tsholofelo ya rona e tlhomame?

12 Mafoko a boporofeti a a mo go Mika 1:3, 4 a ka nna a go gakolola boporofeti jo bongwe jo bo tlhotlheleditsweng jo bo bolelelang pele masetlapelo a mangwe a a tla tlelang lefatshe. Jaaka go begilwe mo go 2 Petere 3:10, moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu, le mo go lone magodimo a tla fetang ka modumo o o sumang, mme dilo tse di a bopang e re ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologa, mme lefatshe le ditiro tse di mo go lone di tla senolwa.” Fela jaaka boporofeti jwa ga Mika, mafoko ano a ga Petere ga a kaye lefatshe le magodimo a mmatota. A bua ka pitlagano e kgolo e e tla tlelang tsamaiso eno e e boikepo ya dilo.

13 Go sa kgathalesege masetlapelo ao a a tlang, Bakeresete ba ka nna le tsholofelo ka isagwe fela jaaka Mika. Jang? Ka go latela kgakololo e e mo ditemaneng tse di latelang tsa lekwalo la ga Petere. Moaposetoloi a re: “Ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa!” (2 Petere 3:11, 12) Tsholofelo ya rona ka isagwe e tla nna e e tlhomameng fa re lwela go nna kutlo le go tlhomamisa gore boitshwaro jwa rona bo boitshepo le gore botshelo jwa rona bo tletse ka ditiro tsa boineelo jwa bomodimo. Gape re ka dira gore tsholofelo ya rona ka isagwe e tlhomame fa re sa lebale gore ruri letsatsi la ga Jehofa le tla tla.

14. Ke eng fa Iseraele le Juda di ne di tshwanelwa ke go otlhaiwa?

14 Jehofa o tlhalosa lebaka la go bo batho ba gagwe ba bogologolo ba tshwanelwa ke go otlhaiwa. Mika 1:5 ya re: “Ke ka ntlha ya botlhanogi jwa ga Jakobe gore go bo go na le seno sotlhe, ee, ka ntlha ya maleo a ntlo ya Iseraele. Botlhanogi jwa ga Jakobe ke eng? A ga se Samarea? Mme mafelo a a kwa godimo a Juda ke eng? A ga se Jerusalema?” Setšhaba sa Iseraele le sa Juda di ne di le gone ka ntlha ya ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, di mo tsuologetse, mme botsuolodi jwa tsone bo bonwa le mo metsemegolong ya tsone ya Samarea le Jerusalema.

Boikepo bo Aname

15, 16. Batho ba motlha wa ga Mika ba ne ba dira ditiro dife tse di boikepo?

15 Sekai sa boikepo jwa batho ba motlha wa ga Mika se tlhalosiwa sentle mo go Mika 2:1, 2: “A bo go latlhega ba ba logang leano la se se utlwisang botlhoko, le ba ba dirang se se bosula, mo malaong a bone! Ba bo dira go le lesedi la moso, ka gonne go le mo maatleng a seatla sa bone. Ba eleditse masimo mme ba a gapile; le matlo, mme ba a tsere; gape ba tsieditse monna yo o nonofileng le ba ntlo ya gagwe, motho le sa gagwe se a se ruileng boswa.”

16 Batho ba ba pelotshetlha, ga ba robale bosigo, ba nnela go loga maano a gore ba ka gapa jang masimo le matlo a baagisani ba bone. Mo mosong ba itlhaganelela go ya go diragatsa maano ao a bone. Ba ne ba se kitla ba dira ditiro tseo tse di boikepo fa ba ne ba sa lebala kgolagano e ba neng ba e dirile le Jehofa. Molao wa ga Moshe o ne o na le dithulaganyo tsa go sireletsa bahumanegi. Mo thulaganyong ya molao oo, go ne go se na lelapa lepe le le neng le tshwanelwa ke go latlhegelwa ke boswa jwa lone go ya go ile. Le fa go ntse jalo, seo se ne se sa tshwenye batho bao ba ba pelotshetlha ka gope. Ba ne ba itlhokomolosa mafoko a Lefitiko 19:18 a a reng: “O rate mongwe ka wena jaaka o ithata.”

17. Go ka direga eng fa batho ba ba reng ba direla Modimo ba dira gore dikhumo e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa bone?

17 Seno se bontsha se se ka diregang fa batho ba ba reng ba direla Modimo ba tlhokomologa dilo tsa semoya mme ba dira gore dikhumo e nne tsone di tlang pele. Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba motlha wa gagwe jaana: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong.” (1 Timotheo 6:9) Fa motho a dira gore go nna le madi e nne mokgele o mogolo mo botshelong jwa gagwe, o a bo a obamela modingwana wa maaka—Dikhumo. Modimo oo wa maaka ga o ka ke wa naya batho isagwe epe e e tlhomameng.—Mathaio 6:24.

18. Go ne go tlile go direga eng ka batho ba ba ratang dikhumo mo motlheng wa ga Mika?

18 Batho ba le bantsi mo motlheng wa ga Mika ba ne ba ithuta ka tsela e e botlhoko gore go ikanya dikhumo ga go thuse sepe. Go ya ka Mika 2:4, Jehofa a re: “Mo letsatsing leo mongwe o tla bua polelo ya seane ka ga lona mme ruri o tla lela selelo sa khutsafalo, ee, selelo sa khutsafalo. Mongwe o tla re: ‘Ruri re thopilwe! O fetola karolo ya batho ba me. A bo a e tlosa mo go nna jang ne! O kgaoganyetsa yo o seng boikanngo masimo a rona.’” Ee, magodu ao a matlo le masimo a tla latlhegelwa ke boswa jwa malapa a bone. Ba tla tseelwa ka dikgoka kwa nageng e sele mme dithoto tsa bone di tla gapiwa ke “yo o seng boikanngo,” kana batho ba ditšhaba di sele. Tsholofelo yotlhe ya go nna le isagwe e e itumedisang e tla nyelela.

19, 20. Bajuda ba ba neng ba ikanya Jehofa ba ne ba diragalelwa ke eng?

19 Le fa go ntse jalo, tsholofelo ya ba ba ikanyang Jehofa e tla diragadiwa. Jehofa o ne a diragatsa dikgolagano tse a neng a di dira le Aborahame le Dafide, mme o utlwela botlhoko batho ba ba jaaka Mika ba ba mo ratang e bile ba hutsafadiwa ke go furalela Modimo ga batho ba naga ya gabone. Ka ntlha ya batho ba ba siameng, Modimo o tla tsosolosa naga ka nako ya gagwe e e tshwanetseng.

20 Seno se ne sa direga ka 537 B.C.E., fa Babelona e sena go wa le fa masalela a Bajuda a sena go boela gae. Ka nako eo, mafoko a Mika 2:12 a ne a diragadiwa lekgetlho la ntlha. Jehofa o ne a re: “Ruri ke tla phutha Jakobe, lotlhe fela; ruri ke tla phutha mmogo ba ba setseng ba Iseraele. Ke tla ba baya mo kutlwanong, jaaka letsomane mo lesakeng, jaaka motlhape mo gare ga mafulo a one; a tla tlala modumo wa batho.” Ruri Jehofa o lorato! Fa a sena go otlhaya batho ba gagwe, o letlelela masalela go boa le go mo direla mo nageng e a neng a e neile borraabonemogologolwane.

Go Tshwana go Gogolo mo Motlheng wa Rona

21. Maemo a gompieno a tshwana jang le a motlha wa ga Mika?

21 Fa re ntse re sekaseka dikgaolo tseno tsa ntlha tse pedi tsa Mika, a ga o a kgatlhwa ke tsela e bontsi jwa dilo tsa motlha oo di tshwanang ka teng le tsa motlha wa rona? Fela jaaka mo motlheng wa ga Mika, batho ba le bantsi gompieno ba ipolela fa ba direla Modimo. Mme gone, fela jaaka batho ba Juda le ba Iseraele, ga ba utlwane e bile ba ile ba lwantshana mo dintweng. Bahumi ba le bantsi ba Labokeresete ba ile ba gatelela bahumanegi. Baeteledipele ba le bantsi ba bodumedi ba buelela mekgwa e e kgalwang ke Baebele ka tlhamalalo. Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a porofeta gore Labokeresete e tloga e senngwa mmogo le dikarolo tsotlhe tsa “Babelona o Mogolo,” mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka! (Tshenolo 18:1-5) Le fa go ntse jalo, fela jaaka mo motlheng wa ga Mika, Jehofa o tla nna le batlhanka ba ba ikanyegang ba ba setseng mo lefatsheng.

22. Ke ditlhopha dife tse pedi tse di ileng tsa baya tsholofelo ya tsone mo Bogosing Jwa Modimo?

22 Ka 1919, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba ne ba kgaogana gotlhelele le Labokeresete mme ba itsise ditšhaba tsotlhe dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Mathaio 24:14) Ba ne ba simolola pele ka go senka masalela a Iseraele wa semoya. Morago ga moo, go ne ga phuthiwa “dinku tse dingwe,” mme ditlhopha tseno ka bobedi di ne tsa nna “letsomane le le lengwe, modisa a le mongwe.” (Johane 10:16) Jaanong baobamedi bano botlhe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba dirilwe gore ba nne “seoposengwe” le mororo ba mo direla mo mafatsheng a le 234. Gone jaanong, lesaka la dinku tseno le ‘tletse modumo wa banna,’ mmogo le basadi le bana. Tsholofelo ya bone ga e mo tsamaisong eno ya dilo mme e mo Bogosing Jwa Modimo, jo bo tla tlogang bo fetola lefatshe go nna paradaise.

23. Ke eng fa o tlhomamisega gore tsholofelo e o nang le yone e tla direga?

23 Fa temana ya bofelo ya Mika kgaolo 2 e bua ka baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, ya re: “Kgosi ya bone e tla feta fa pele ga bone, Jehofa a le kwa tlhogong ya bone.” A o ipona o le mo mokolokong oo wa phenyo o setse Kgosi ya gago Jesu Keresete morago, mme Jehofa e le ene a di gogang kwa pele? Fa e le gore go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore phenyo e gaufi le gore tsholofelo e o nang le yone e tla direga. Seno se tla bonala le e leng go feta fa re sekaseka dintlhakgolo tse dingwe tsa boporofeti jwa ga Mika.

O ne O ka Araba Jang?

• Mo motlheng wa ga Mika ke eng fa Jehofa a ile a tsaya tshwetso ya gore a otlhaye Juda le Iseraele?

• Go ka direga eng fa batho ba ba ipolelang gore ba direla Modimo ba dira gore dikhumo e nne tsone di tlang pele mo botshelong jwa bone?

• Morago ga go sekaseka Mika kgaolo ya 1 le ya 2, ke eng fa o tlhomamisega gore tsholofelo e o nang le yone e tla direga?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Boporofeti jwa ga Mika bo ka re nonotsha semoyeng

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Jaaka masalela a Bajuda ka 537 B.C.E., Baiseraele ba semoya le ditsala tsa bone ba ema kobamelo ya boammaaruri nokeng