Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kobamelo ya Boammaaruri e Kopanya Lelapa

Kobamelo ya Boammaaruri e Kopanya Lelapa

Kobamelo ya Boammaaruri e Kopanya Lelapa

MARIA o ne a na le dingwaga di le 13 fa ene le monnawe e bong Lucy ba ne ba utlwa ka Jehofa mo go mongwe wa losika yo gape a neng a ba tlhalosetsa ka tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la Paradaise. E re ka ba ne ba kgatlhilwe thata ke se ba se utlwileng, ba ne ba ya le ene kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Maria o ne a kgatlhiwa thata ke thuto e e utlwalang sentle e a neng a e utlwa koo. Go ne go farologane thata le kwa kerekeng kwa ba neng ba sa dire sepe fa e se go opela fela! Go ise go ye kae, bana bano ba ne ba setse ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.

Mogoloabone e bong Hugo, o ne a rata dithuto tsa filosofi le thutotlhagelelo. O ne a bolela gore ene ga a dumele gore Modimo o teng. Mme fa a ntse a le kwa bosoleng, o ne a bala buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation?  * O ne a bona dikarabo tsa dipotso tse go seng bodumedi bope jo bo neng bo kgona go di araba. Fa a sena go fetsa kwa bosoleng, o ne a nonotsha tumelo ya gagwe e ntšha mo Modimong ka go ithuta Baebele le go ya dipokanong le bokgaitsadie. Maria le Lucy ba ne ba kolobediwa ka 1992, dingwaga di le pedi ba sena go utlwa boammaaruri la ntlha, mme mogoloabone ene a kolobediwa dingwaga di le pedi morago ga moo.

Mo nakong eo, batsadi ba bone ba ba neng ba ineetse mo dingwaong tsa Sekatoliki, ba ne ba sa kgatlhegele boammaaruri go le kalo. Ba ne ba tsaya Basupi ba ga Jehofa e le batho ba ba letshwenyo le fa gone ba ne ba rata maitsholo a mantle le tsela e e siameng ya go apara ya basha ba Basupi ba ba neng ba etela bana ba bone. Gape ka nako ya dijo, fa bana ba ne ba tlotla ka dilo tse ba di ithutileng kwa dipokanong, seno se ne se dira gore batsadi ba bone ba batle go itse mo go oketsegileng.

Le fa go ntse jalo, batsadi ba bone ba ne ba kgatlhegela thata dilo tse di amanang le boloi. Rraabone e ne e le letagwa le le neng le betsa mmaabone. Lelapa leno le ne le le gaufi thata le go thubega. Rraabone o ne a fetsa dibeke tse pedi kwa kgolegelong ka ntlha ya dilo tse di maswe tse a neng a di dirisiwa ke botagwa. Fa a ntse a le kwa kgolegelong o ne a simolola go bala Baebele. Fa a ntse a e bala, o ne a kopana le mafoko a ga Jesu a a buang ka ditshupo tsa metlha ya bofelo. Rraabone le mmaabone ba ne ba simolola go ipotsa dipotso ka se ba se ithutileng, ba ya kwa Holong ya Bogosi mme ba amogela thuto ya legae ya Baebele. Fa ba ntse ba ithuta boammaaruri, ba ne ba senya dibuka tsa bone tsotlhe tsa boloi mme ba gololesega mo ditlhaselong tsa badimona ka go bitsa leina la ga Jehofa. Ba ne ba simolola go fetola matshelo a bone fela thata.

Akanya fela gore Maria le Lucy ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse jang fa ba bona batsadi ba bone ba kolobediwa ke Hugo kwa go nngwe ya dikopano tsa kgaolo kwa Bolivia ka 1999. Go setse go fetile dingwaga di le robongwe fa e sa le Maria le Lucy ba utlwa ka ga Jehofa le ditsholofetso tsa gagwe. Mme ba mo tirelong ya nako e e tletseng mmogo le Hugo. Ba itumetse tota gore kobamelo ya boammaaruri e kopantse lelapa la bone!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.