Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Na le ‘Kereke ya Boammaaruri’ e le Nngwe Fela?

A go Na le ‘Kereke ya Boammaaruri’ e le Nngwe Fela?

A go Na le Kereke ya Boammaaruri’ e le Nngwe Fela?

“FELA jaaka go na le Keresete a le mongwe fela, go na le mmele o le mongwe fela wa ga Keresete, Monyadiwa a le mongwe wa ga Keresete: ‘Kereke e le nngwe ya Katoliki le ya apostola.’”—Dominus Iesus.

Ke kafa Mokadinale wa Roma Katoliki, e bong Joseph Ratzinger, a neng a tlhalosa ka teng thuto ya kereke ya bone ya gore go tshwanetse ga bo go na le kereke e le nngwe fela ya boammaaruri. O ne a re kereke eo ke “Kereke e le nngwe fela ya ga Keresete, e e leng Kereke ya Katoliki.”

“Ga se Dikereke Sentle”

Le fa Mopapa John Paul II a ne a gatelela gore lekwalo la Dominus Iesus le ne le “sa ikgogomosetse madumedi a mangwe e bile le sa a tlontlolole,” baeteledipele ba kereke ya Porotesetanta ba ne ba sa le rata. Ka sekai, kwa Kokoanongkgolo ya Presbyterian kwa Belfast, kwa Ireland Bokone, ka June 2001, moruti mongwe o ne a re lekwalo leo le kwadilwe ke “lekoko le le maatla mo Kerekeng ya Katoliki ya Roma . . . le le neng le tshositswe ke mokgwa wa go amogela megopolo ya batho ba bangwe o o neng o simolotswe ke lekgotla la Vatican II.”

Robin Eames, Bishopomogolo wa Kereke ya Ireland o ne a re “o ne a ka nna maswabi fela thata” fa lekwalo leo le ne le “ema nokeng tsela e Kereke ya Katoliki ya Roma e neng e dira dilo ka yone pele ga lekgotla la Vatican II.” Fa Eames a akgela ka kgang e e buiwang ke Vatican ya gore dikereke tse di sa dumalaneng le dithuto dingwe tsa Katoliki “ga se Dikereke sentle,” o ne a re: “Nna nka tsaya seo e le tlhapa.”

Ke eng se se neng sa dira gore Dominus Iesus e kwalwe? Go lebega Lekgotla le le Laolang la Kereke ya Katoliki ya Roma le ne le tshwentswe ke se se bidiwang kgopolo ya gore bodumedi bo ikaegile ka maikutlo a batho. Go ya ka The Irish Times, ‘Mokadinale Ratzinger o ne a tshwenngwa thata ke go simologa ga thutabodumedi ya gore go na le bodumedi bo feta bo le bongwe fela jo bo siameng—gore tota madumedi a a tshwana.’ Go lebega tsela eno ya go leba dilo e le yone e dirileng gore a bue ka kereke e le nngwe fela ya boammaaruri.

A go Botlhokwa Gore o Tsena Kereke Efe?

Mme gone mo bathong bangwe “kgopolo ya gore bodumedi bo ikaegile ka maikutlo a batho” kgotsa “thutabodumedi ya gore go na le bodumedi bo feta bo le bongwe fela jo bo siameng” di a utlwala e bile di a amogelesega go na le gore go twe go na le kereke e le nngwe fela ya boammaaruri. Go ya ka bone, bodumedi e tshwanetse go nna fela kgang ya gore motho o rata bofe. Ba re, ‘Se se salang ke gore, ga go re sepe tota gore motho o tsena kereke efe.’

Eo e ka lebega e le pono e e siameng—le fa nngwe ya diphelelo tsa yone e nnile gore bodumedi bo kgaogane ka ditlhopha tse dintsintsi. Batho ba bantsi ba re, ‘go nna le madumedi a mantsi jalo ke tsela e e siameng fela ya go dirisa kgololesego ya bodumedi.’ Le fa go ntse jalo, go ya ka mokwadi, Steve Bruce, “go amogela bodumedi jwa ba bangwe” jalo tota ke “go se kgatlhegele bodumedi.”—A House Divided: Protestantism, Schism, and Secularization.

Ka jalo, pono e e siameng ke efe? A go na le kereke e le nngwe fela ya boammaaruri? A kereke eo ke Kereke ya Katoliki ya Roma? A dikereke tse dingwe le tsone di a amogelesega mo Modimong? E re ka dipotso tseno di ama kamano ya rona le Mmopi wa rona, ruri go botlhokwa go itse gore ene o leba jang kgang eno. Re ka dira seo jang? Ka go tlhatlhoba Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, Baebele. (Ditiro 17:11; 2 Timotheo 3:16, 17) A re sekasekeng gore ya reng ka kgang eno ya kereke e le nngwe fela ya boammaaruri.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Mark Gibson/Index Stock Photography