Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Anaanela Badumedikawena ba ba Godileng?

A o Anaanela Badumedikawena ba ba Godileng?

A o Anaanela Badumedikawena ba ba Godileng?

FA Modimo a ne a sa ntse a na le kgolagano le batho ba Iseraele wa bogologolo, o ne a ba laela jaana: “O nanoge fa pele ga moriri o mosweu, mme o tlotle motho yo o tsofetseng, o boife Modimo wa gago.” (Lefitiko 19:32) Ka jalo, go tlotla batho ba ba godileng e ne e le tirelo e e boitshepo, e e neng e amana thata le go ineela mo Modimong. Le fa gone Bakeresete gompieno ba se kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, Molao ono o re gakolola kafa Jehofa a lebang batlhanka ba gagwe ba ba godileng ba le botlhokwa ka teng. (Diane 16:31; Bahebera 7:18) A le rona re ba leba kafa Jehofa a ba lebang ka teng? A re anaanela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba godileng ba Bakeresete?

O ne A Anaanela Tsala ya Gagwe e e Godileng

Pego nngwe ya Baebele e e bontshang kafa batho ba ba godileng ba tshwanetseng ba tlotlwa ka teng e fitlhelwa mo bukeng ya Dikgosi wa Bobedi. E tlhalosa kafa moporofeti Elija a ileng a tlhatlhangwa ke moporofeti yo mosha Elisha ka gone. Akanya ka se se neng sa direga ka letsatsi la bofelo la ga Elija la go nna moporofeti mo bogosing jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele.

Ka letsatsi leo, Jehofa o ne a laela moporofeti yoo yo o godileng gore a tswe mo Gilegala a ye Bethele, go tswa Bethele a ye Jeriko, mme go tswa Jeriko a ye kwa Nokeng ya Joredane. (2 Dikgosi 2:1, 2, 4, 6) Fa Elija a le mo mosepeleng wa gagwe wa dikilometara di le 50, o ne a laela Elisha gararo gore a tlogele go mo sala morago. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Ruthe yo mosha a ne a gana go tlogela Naomi makgolokgolo a dingwaga pele ga moo, Elisha le ene o ne a gana go tlogela moporofeti yono yo o godileng. (Ruthe 1:16, 17) Elisha o ne a bua jaana ka makgetlo a le mararo: “Jaaka Jehofa a tshedile le jaaka moya wa gago o tshedile, ga ke na go go tlogela.” (2 Dikgosi 2:2, 4, 6) Ka nako eo, Elisha o ne a setse a na le dingwaga tse thataro a thusa Elija mo tirong ya gagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a eletsa go thusa Elija ka lobaka lo loleele kafa a neng a ka kgona ka gone. Tota e bile, pego eno e oketsa jaana: “Mme ga diragala gore fa ba ntse ba tsamaya, ba bua ba ntse ba tsamaya, bona! . . . Elija a [tlhatloga].” (Temana 11) Elija le Elisha ba ne ba ntse ba tlotla go fitlha motsotsong wa bofelo wa tirelo ya ga Elija mo Iseraele. Go bonala moporofeti yono yo mosha a ne a ikeetleeditse go anya kitso e ntsi le maitemogelo ka mo a ka kgonang ka teng mo moporofeting yono yo o godileng le yo o nang le maitemogelo. Ga go pelaelo gore o ne a anaanela tsala ya gagwe e e godileng.

‘Jaaka Borre le Jaaka Bommè’

Re kgona go bona sentle gore ke ka ntlha yang fa Elisha a ne a rata moporofeti yono yo o godileng jaaka tsala—e bile a mo tsaya e le rragwe wa semoya. (2 Dikgosi 2:12) Pele fela ga kabelo ya ga Elija mo Iseraele e fela, o ne a raya Elisha a re: “Kopa se o batlang gore ke se go direle pele ga ke tlosiwa mo go wena.” (Temana 9) Ka jalo, go fitlha fela kwa bokhutlong, Elija o ne a bontsha fa a amega ka botsogo jwa semoya jwa motho yono yo a neng a tla mo tlhatlhama mo tirong ya gagwe e bile gape a amega ka tsela e tiro ya Modimo e neng e tla tswelela pele ka yone.

Gompieno go a kgothatsa go bona kamego ya botsadi e bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba godileng ba Bakeresete ba e bontshang basha ka go ba abela kitso le botlhale jwa bone. Ka sekai, baithaopi ba ba nang le nako e telele ba direla mo diofising tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa ba thusa maloko a masha a lelapa la Bethele go ithuta bokgoni jo bo tlhokegang go dira ditiro tsa bone. Ka tsela e e tshwanang, balebedi ba ba etang le basadi ba bone ba ba feditseng dingwaga di le dintsi ba etela diphuthego ba abelana maitemogelo a bone a mantsi le bakaulengwe ba ba katisiwang go nna badiredi ba ba etang. Mo godimo ga moo, mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa go dikologa lefatshe, go na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng ba ba ntseng ba direla Jehofa ka boikanyegi ka masomesome a dingwaga, ba ba abelanang botlhale le maitemogelo a bone le batho ba ba sa tswang go kopanela le phuthego.—Diane 2:7; Bafilipi 3:17; Tito 2:3-5.

Tsela eno e Bakeresete bano ba ba rategang ba ba godileng ba amegang go tswa pelong ka yone ka ba bangwe e dira gore re itumelele go ba bontsha tlotlo. Ka jalo, re batla go etsa sekao sa ga Elisha ka go anaanela thata badumedikarona ba ba godileng. Fela jaaka moaposetoloi Paulo a re gakolola, a re tsweleleng go tsaya ‘monna yo mogolwane jaaka rre,’ le ‘basadi ba bagolwane jaaka bommè.’ (1 Timotheo 5:1, 2) Fa re dira jalo, re tla thusa gore phuthego ya Bokeresete e tsamaisiwe sentle le go gatela pele sentle mo lefatsheng lotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Elisha o ne a eletsa go thusa Elija ka lobaka lo loleele kafa a neng a ka kgona ka gone

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Batho ba basha ba ithuta go le gontsi mo Bakereseteng ba ba godileng